Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikokoano Tsa Tlelaemete—A ke Puo Fela?

Dikokoano Tsa Tlelaemete—A ke Puo Fela?

Dikokoano Tsa Tlelaemete—A ke Puo Fela?

“Mebuso e tshwanetse go kopana gore e rarabolole mathata a go fetoga ga tlelaemete. Baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore fa re sa dire sepe, re tla lebana le komelelo e e oketsegileng, leuba le go fuduga ga batho ba le bantsi go go tla dirang gore go nne le dikgotlhang tse di oketsegileng mo dingwageng tse dintsi tse di tlang.”—Moporesidente wa United States, Barack Obama.

GO YA ka baitsesaense bangwe, temperetšhara ya lefatshe e ka tswa e fitlha mo seemong se mo go sone e ka se tlholeng e siama—go ya ka lokwalodikgang lwa Boritane lwa The Guardian, seemo seo se se kotsi se mo go sone temperetšhara e ka tlhatlogang go sekae se ka “baka gore go nne le phetogo e kgolo mo tikologong e e ka dirang gore temperetšhara ya lefatshe lotlhe e oketsege thata.”

Go tlile jang gore re nne mo seemong seno? A se ka fetolwa? A mme gone batho ba ka kgona go rarabolola bothata jwa go gotela ga moya o o mo loaping—re sa bue sepe ka mathata a mangwe a mantsi a batho ba lebaneng le one?

Baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore batho ke bone ba bakang bothata jono, go simolola ka diphetogo tsa madirelo le go dirisiwa thata ga ditukisi tsa tlholego tse di jaaka magala le leokwane. Bothata jo bongwe ke go rengwa thata ga dikgwa. Ditlhare di thusa go laola le go phepafatsa loapi. Ditlhare di monya digase dingwe tse di dirang gore moya wa loapi o gotele. Le fa go ntse jalo, go rengwa ga dikgwa di le dintsi go dira gore go nne le digase tse dintsi mo loaping. E le gore mathata ano a rarabololwe, baeteledipele ba lefatshe ba ile ba kopana gore ba buisane ka kafa ba ka tokafatsang tlelaemete ka teng.

Tumalano ya Kyoto

Ka 1997, Tumalano ya Kyoto e ne ya tlhoma mekgele e mesha e e malebana le go ntshiwa ga khabonetaeokosaete. Ka go saena tumalano eo, Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa le dinaga tse dingwe di le 37 tse di nang le madirelo, di ile tsa itlama gore di tla fokotsa tsela e di ntshang digase tse dikotsi ka yone ka palogare ya diperesente di le tlhano fa go bapisiwa le selekanyo sa ngwaga wa 1990 mme di tla dira seno mo lobakeng lwa dingwaga di le tlhano go tloga ka 2008 go fitlha ka 2012.

Le fa go ntse jalo, Tumalano ya Kyoto e ne e na le diphoso dingwe tse di masisi. Ka sekai, United States ga ya ka ya saena tumalano eo. Gape dinaga tse dikgolo tse di tlhabologang, tse di jaaka China le India, ga di a ka tsa dumela gore di tla ntsha selekanyo se se rileng fela sa gase. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa khabonetaeokosaete ya lefatshe lotlhe di ntshiwa ke United States le China fela.

Kokoano ya Copenhagen

Boikaelelo jwa kokoano ya Copenhagen, e e bidiwang COP 15, e ne e tshwanetse go tsaya boemo jwa Tumalano ya Kyoto le go tlhoma mekgele e mesha e e tlamang ya 2012 go ya pele. * Go rarabolola bothata jwa go fetoga ga tlelaemete, baemedi go tswa kwa dinageng di le 192, go akaretsa baeteledipele ba Dinaga ba le 119, ba ne ba kopana kwa Copenhagen, Denmark, ka December 2009, go tla kopanong eo. COP 15 e ne e lebane le dikgwetlho tse tharo tsa konokono tse di latelang:

1. Go fitlhelela ditumalano tse di kafa molaong tsa go itlama. Go ka direga gore dinaga tse di tlhabologileng di ka tswa di sa batle go amogela selekanyo se se beilweng sa go ntshiwa ga digase mme dinaga tse di tlhabologang thata tsone di ka tswa di sa batle go fokotsa selekanyo sa digase tse di di ntshang.

2. Go duelela tharabololo e e tla nnelang ruri. Dinaga tse di tlhabologang di tla tlhoka dibilione tsa diranta mo dingwageng di le dintsi gore di kgone go lepalepana le ditlamorago tse di ntseng di oketsega tsa go gotela ga moya o o mo loaping le go dira didirisiwa tsa thekenoloji tse di sa kgotleleng tikologo.

3. Go dumalana ka mokgwa wa go tlhokomela tsela e go ntshiwang digase ka yone. Mokgwa o o ntseng jalo o tla thusa dinaga tse di farologaneng gore di se ka tsa feta selekanyo se di se beetsweng sa go ntsha gase. Gape o tla thusa go tlhomamisa gore dinaga tse di tlhabologang di dirisa madi a di a abetsweng sentle.

A dikgwetlho tseno tse tharo di ile tsa rarabololwa? Dipuisano di ile tsa nna le mathata a a masisi jaana mo e leng gore tumalano e e sa tlhokeng sepe se se kalo e ile ya lebega e ka se kgone go diragadiwa. Mo diureng tsa bofelo tsa kopano eo, baeteledipele ba ba tswang kwa dinageng di le 28 ba ne ba feleletsa setlankana se se bidiwang Tumalano ya Copenhagen. Tirelo ya dikgang ya Reuters ya re tumalano eno e ne ya amogelwa semolao ka mafoko ano a a sa bontsheng go itlama: “Batho ba ba tlileng kokoanong . . . ba bona botlhokwa jwa Tumalano ya Copenhagen.” Ka mafoko a mangwe, go ne go tswa mo nageng nngwe le nngwe gore a e tla diragatsa tumalano eo.

Go Latela Eng?

Go tshwarwa dikokoano kgotsa go rulaganngwa dikokoano tse di oketsegileng mme batho ba belaela gore a dikokoano tseo di tla rarabolola mathata a a leng teng. Mokwadi mongwe wa lokwalodikgang lwa New York Times, e bong Paul Krugman, a re: “Bothata jwa go gotela ga moya o o mo loaping bo tla tswelela pele.” Gantsi melemo ya nakwana ya dipolotiki le ya ikonomi e gaisa melemo e e nnelang ruri ya dilo tse di amanang le tikologo, e leng selo se se dirang gore batho ba tlhome mogopolo mo go direng madi fela. Krugman a re: “Go batla go dira lotseno ga madirelo mangwe ke gone go dirang gore bothata jono bo se ka jwa rarabololwa.” Gape o ne a kwala gore go tsaya kgato malebana le bothata jwa go fetoga ga tlelaemete kwa nageng ya gagabo go ne ga kgorelediwa ke “bogagapa le bogatlapa jwa dipolotiki.”

Go gotela ga moya o o mo loaping go lebega go tshwana le kgwanyape. Balepaloapi ba kgona go lekanyetsa maatla a kgwanyape le go dira mmapa o o bontshang ka nepo gore e tla tsamaya jang—seno se tla solegela molemo batho ba ba nnang mo lefelong le e tla fetang mo go lone. Mme baitsesaense, borradipolotiki le baeteledipele ba dikgwebo botlhe ga ba kgone go emisa kgwanyape. Go lebega seno se le boammaaruri le ka go gotela ga moya o o mo loaping. Ntlha eno e re gakolola mafoko a a mo Baebeleng a a mo go Jeremia 10:23: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”

Modimo o Tla Fedisa go Gotela ga Moya O o Mo Loaping

Baebele e re bolelela gore ‘Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone ga a le bopela lefela.’ (Isaia 45:18) Baebele gape ya re: “Lefatshe le nnetse ruri.”—Moreri 1:4, The New English Bible.

Ee, Modimo a ka se letle gore batho ba se ka ba kgona go nna mo lefatsheng. Go na le moo, o tla tsaya kgato mo dikgannyeng tsa batho le go fedisa puso ya batho e e paletsweng le batho ba ba sa kgathaleleng lefatshe. Gape o tla boloka batho ba ba tshelang ka boitsholo jo bo siameng le ba ba batlang go mo itumedisa ka pelo yotlhe. Diane 2:21, 22 ya re: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Conference of the Parties, COP, ka metlha e rulaganngwa ke United Nations Framework Convention on Climate Change.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Gase e e gotetsang loapi (“greenhouse gas”) ke karolo ya loapi e e monyang marang a a tswang mo lefatsheng. Bontsi jwa digase tse di ntshiwang ke madirelo mo lefatsheng tse di yang kwa loaping, ke digase tse di gotetsang loapi. Di akaretsa khabonetaeokosaete, di-chlorofluorocarbon, methane le nitrous oxide. Gone jaanong go ntshiwa ditone tse di fetang dibilione di le 25 tsa khabonetaeokosaete fela mo loaping ngwaga nngwe le nngwe. Dipego di bontsha gore fa e sale go simololwa madirelo, selekanyo sa khabonetaeokosaete mo loaping se oketsegile ka diperesente di le 40.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Earth: NASA/The Visible Earth (http://visibleearth.nasa.gov/); Barack Obama: ATTILA KISBENEDEK/AFP/Getty Images