NSHOLO WE ZWIDIYO 51
Dwililani “Munhwilile”
“Oyu ndiye Nkololo wangu unodika, ndoshatha kwazo nge kukwe. Munhwilile.”—MAT. 17:5.
LUMBO 54 “Tsela ke E”
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *
1-2. (a) Baapostolo ba Jesu batatu ba ka dwiwa kuti ba thameni, ngono ba ka zwibata chini? (b) Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?
MORAGO ga Tlolaganyo ya 32 C.E., baaposetoloi ba ga Jesu e bong Petere, Jakobe le Johane ba ne ba bona ponatshegelo e e gakgamatsang. Jesu o ne a fetolwa ponalo fa pele ga bone ba le kwa thabeng e e goletseng kwa godimo, gongwe e le karolo nngwe ya Thaba ya Heremone. “Sefatlhego sa gagwe se ne sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle di ne tsa tsabakela jaaka lesedi.” (Math. 17:1-4) Pele ponatshegelo eo e fela, baaposetoloi ba ne ba utlwa Modimo a re: “Yono ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo amogetseng. Mo reetseng.” (Math. 17:5) Tsela e baaposetoloi bao ba bararo ba ileng ba tshela ka yone moragonyana, e ne e bontsha gore ba ile ba reetsa Jesu. Re batla go etsa sekao sa bone.
2 Mo setlhogong se se fetileng, re ithutile gore go reetsa lentswe la ga Jesu go kaya gore re tlogele go dira dilo dingwe. Mme mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo tse pedi tse Jesu a neng a re re tshwanetse go di dira.
“NGINANI NGE NKOBA WAKAMANIKANA”
3. Ku yenda na Matewu 7:13, 14, ta ka fanila thamani?
3 Bala Mathaio 7:13, 14. Ela tlhoko gore Jesu o bua ka dikgoro tse pedi tse di sa tshwaneng tse di isang kwa ditseleng tse pedi tse di farologaneng, e leng tsela e e ‘bulegileng’ le tsela e e ‘pitlaganeng.’ Ga go na tsela ya boraro. Re tshwanetse go tlhopha gore re tla tsamaya mo tseleng efe. Eo ke tshwetso ya botlhokwa e mongwe le mongwe a tshwanetseng go e dira ka gonne tsela e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng e nngwe fela.
4. U nga thalusa zila ya ka “zhuka” u tini?
4 Re tshwanetse go nna re gopotse pharologanyo magareng ga ditsela tseno tse pedi. Batho ba le bantsi ba mo tseleng e e ‘bulegileng’ ka gonne go motlhofo go tsamaya mo go yone. Ka maswabi, batho ba le bantsi ba tlhophile go tswelela ba le mo tseleng 1 Bakor. 6:9, 10; 1 Joh. 5:19.
eo le go dira dilo tse batho ba ba mo go yone ba di dirang. Ga ba lemoge gore Satane Diabolo ke ene a tlhotlheletsang batho gore ba tsamaye mo tseleng eo le gore tsela ya gagwe e isa kwa losong.—5. Bangwe ba ka thamani ku bona zila ya ka “manikana” ne ku tangisa ku yenda mu ili?
5 Tsela e e ‘pitlaganeng’ ga e tshwane le tsela e e ‘bulegileng,’ e bile Jesu o ne a re ke batho ba le mmalwa fela ba ba e bonang. Ka ntlha yang? Mo temaneng e e latelang, Jesu o tlhagisa balatedi ba gagwe gore ba itlhokomele mo baporofeting ba maaka. (Math. 7:15) Batho ba le bantsi ba re go na le madumedi a le diketekete e bile bontsi jwa one a bua gore a ruta boammaaruri. Seo se dirile gore batho ba le bantsi ba kgobege marapo kgotsa ba tlhakane tlhogo, e bile se dirile gore ba se ka ba tsaya matsapa a go batla tsela e e isang kwa botshelong. Le fa go ntse jalo, tsela eo e ka bonwa. Jesu o ne a re: “Fa lo ikobela mafoko a me ka metlha, ruri lo barutwa ba me, e bile lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Joh. 8:31, 32) Go a itumedisa gore wena ga o a ka wa batla go dira se bontsi bo se dirang, go na le moo o ne wa batla boammaaruri. O ne wa simolola go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo gore o itse se a batlang gore re se dire e bile o ne wa reetsa dithuto tsa ga Jesu. Gape o ithutile gore Jehofa o lebeletse gore re gane dithuto tsa maaka le gore re kgaotse go keteka meletlo e e tswang mo bodumeding jwa maaka. E bile o ithutile gore go ka se nne motlhofo go dira diphetogo mo botshelong jwa gago gore o itumedise Jehofa. (Math. 10:34-36) Le fa go ne go se motlhofo gore o dire diphetogo tseo, ga o a ka wa kgaotsa go di dira ka gonne o rata Rrago yo o kwa legodimong e bile o batla go mo itumedisa. Ruri Jehofa o itumelela se o se dirileng!—Diane 27:11.
SE KWA U NGA YENDA MU ZILA YA KA MANIKANA
6. Ku yenda ne Pisalema 119:9, 10, 45, 133, ini chi nga ti batsha ku yenda mu zila ya ka manikana?
6 Fa re setse re simolotse go tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng, ke eng se se ka re thusang gore re nne re le mo go yone? Akanya ka setshwantsho seno. Fa motho a kgweetsa mo tseleng e tshesane e e mo thabeng, go na le ditshipi tse di ka fa letlhakoreng la tsela tse di sireletsang mokgweetsi le koloi ya gagwe. Ditshipi tseno di thusa mokgweetsi gore a se ka a tswa mo tseleng kgotsa a wela kwa tlase ga thaba. Ga go na mokgweetsi ope yo o ka ngongoregang a re ditshipi tseo di a mo kgoreletsa! Melao ya ga Jehofa e e mo Baebeleng, e tshwana le ditshipi tseo tse di sireletsang. E re thusa gore re nne re le mo tseleng e e pitlaganeng.—Bala Pesalema 119:9, 10, 45, 133.
7. Bathu bachechena ba nga linga zila ya ka manikana chini?
7 Basha, a ka dinako dingwe lo akanya gore melao ya ga Jehofa e a lo kgoreletsa? Satane o batla gore lo akanye jalo. O batla gore lo tlhome mogopolo mo dilong tse di dirwang ke batho ba ba tsamayang mo tseleng e e bulegileng ba ba lebegang ba itumelela botshelo. E bile o batla gore o akanye gore ga o itumelele botshelo jaaka bana ba o tsenang sekolo le bone kgotsa jaaka batho ba o ba bonang mo Internet. Gape Satane o batla gore o akanye gore melao ya ga Jehofa e dira gore o se ka wa itumelela dilo tse dintsi mo botshelong. * Mme gone gakologelwa seno: Satane ga a batle gore batho ba ba tsamayang mo tseleng ya gagwe ba bone gore tsela eo e ba isa kae. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o batla gore o itse gore o tla itumelela botshelo fa o tswelela o le mo tseleng e e isang kwa botshelong.—Pes. 37:29; Isa. 35:5, 6; 65:21-23.
8. Bathu bachechena ba nga zwidiyani mu chilakidzilo cha Olaf?
8 Akanya ka se o ka se ithutang mo maitemogelong a mokaulengwe mongwe yo mosha yo o bidiwang Olaf. * Bana ba a tsenang sekolo le bone ba ne ba leka go mo tlhotlheletsa gore a tlhakanele dikobo. Fa a ne a ba bolelela gore Basupi ba ga Jehofa ba tshela go dumalana le melao ya boitsholo e e mo Baebeleng, basetsana bangwe ba a tsenang tlelase le bone, ba ne ba leka ditsela tse dingwe tsa go mo pateletsa gore a tlhakanele dikobo le bone. Le fa go ntse jalo, Olaf ga a ka a ineela, go na le moo o ne a emela boammaaruri. Mme eno e ne e se yone fela kgatelelo e a neng a lebana le yone. Olaf a re: “Barutabana le bone ba ne ba ntlhotlheletsa gore ke ye kwa yunibesithing ka gonne ba ne ba re seo se ne se tla dira gore batho ba ntlotle. Ba ne ba re fa ke sa dire jalo, ga nkitla ke atlega.” Ke eng se se thusitseng Olaf gore a emelane le kgatelelo eo? A re: “Ke ne ka nna le ditsala tse ke atamalaneng thata le tsone mo phuthegong. Ba ne ba nna jaaka lelapa la gaetsho. E bile ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka tlhoafalo. Fa ke ntse ke e ithuta, ke ne ka tlhatswega pelo le go feta gore ke mo boammaaruring. Mme seo se ne sa dira gore ke ikemisetse go direla Jehofa.”
9. Ini chi no sheteka mu na ba no shaka dwilila ba li mu zila ya ka manikana?
9 Satane o batla go re ntsha mo tseleng e e isang kwa botshelong. O batla gore re dire se batho ba le bantsi ba se dirang le gore re tsamaye mo tseleng e e bulegileng “e e isang kwa tshenyegong.” (Math. 7:13) Le fa go ntse jalo, re tla tswelela re le mo tseleng e e pitlaganeng fa re nna re reetsa Jesu le fa re leba tsela eo e le sengwe se se re sireletsang. A jaanong re tlotle ka selo se sengwe se Jesu a neng a re re tshwanetse go se dira.
BAKISANA NE NZWALANI UWO
10. Ku yenda na Matewu 5:23, 24, Jesu wa ka ti ta ka fanila thamani?
10 Bala Mathaio 5:23, 24. Mo ditemaneng tseno, Jesu o ne a tlhalosa tiragalo e e neng e le botlhokwa thata mo Bajudeng ba ba neng ba mo reeditse. Akanya mongwe a le kwa tempeleng a ipaakanyetsa go naya moperesiti phologolo gore a e ntshe setlhabelo. Fa ka yone nako eo motho yoo a gopola gore o kgopisitse morwarraagwe, o ne a tshwanetse go tlogela phologolo eo a bo a “tsamaya.” Ka ntlha yang? Ka gonne go ne go na le selo sa botlhokwa thata se a neng a tshwanetse go se dira pele a ntshetsa Jehofa setlhabelo. Jesu o ne a bua mafoko ano a a utlwalang sentle: “Agisanya le morwarrago pele.”
11. Chenesa thambo ya ka togwa na Jakuba ku bakisana na Esau.
11 Re ka ithuta dithuto tsa botlhokwa malebana le go agisana le ba bangwe fa re sekaseka se se diragetseng mo botshelong jwa tlhogo ya lotso e bong Jakobe. Mo e ka nnang dingwaga di le 20 Jakobe a sena go tswa kwa nageng ya gagabo, Modimo o ne a dirisa moengele go mo laela gore a boele teng. (Gen. 31:11, 13, 38) Le fa go ntse jalo, go ne go na le bothata. Mogolowe e bong Esau, o ne a batla go mmolaya. (Gen. 27:41) Jakobe o ne a ‘boifa thata e bile a tlhobaela’ a akanya gore morwarraagwe a ka tswa a sa ntse a mo galefetse. (Gen. 32:7) Jakobe o ne a dira eng gore a agisane le morwarraagwe? Sa ntlha, o ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo a mmolelela kgang eno. Go tswa foo, o ne a romelela Esau mpho. (Gen. 32:9-15) Mme fa Jakobe a kopana le Esau, o ne a mmontsha gore o a mo tlotla. O ne a ikoba fa pele ga gagwe ka makgetlo a le supa! Jakobe o ne a ikokobetsa, a bontsha Esau gore o a mo tlotla a bo a dira kagiso le ene.—Gen. 33:3, 4.
12. To zwidiyani mu chilakidzilo cha Jakuba?
12 Re ithuta thuto ya botlhokwa mo go se Jakobe a neng a se dira pele a ya go kopana le morwarraagwe le se a neng a se dira fa ba kopana. Jakobe o ne a ikokobetsa a bo a kopa Jehofa gore a mo thuse. Go tswa foo, o ne a dira dilo tse di tsamaisanang le thapelo ya gagwe ka go dira sotlhe se a ka se kgonang go agisana le morwarraagwe. Fa Jakobe a kopana le Esau, ga a ka a ngangisana le ene a leka go bontsha gore ke mang yo o phoso. Jakobe o ne a batla go agisana le morwarraagwe. Re ka etsa sekao sa ga Jakobe jang?
SE KWA TI NGA BAKISANA NE BANGWE
13-14. Ha ti hwisa zogwadza nzwalani, ini cha ta ka fanila thama?
13 Fa e le gore re batla go tswelela re tsamaya mo tseleng e e isang kwa botshelong, re tshwanetse go agisana le bakaulengwe ba rona. (Bar. 12:18) Re tshwanetse go dira eng fa re lemoga gore re kgopisitse modumedimmogo le rona? Fela jaaka Jakobe, re tshwanetse go rapela Jehofa ka tlhoafalo re mo kopa gore a re thuse go agisana le mokaulengwe wa rona.
14 Gape re tshwanetse go ipha nako ya go itlhatlhoba. Re ka ipotsa dipotso tse di jaaka tseno: ‘A ke ikemiseditse go dumela gore ke phoso, go kopa maitshwarelo ke ikokobeditse le go agisana le ba bangwe? Jehofa le Jesu ba tla ikutlwa jang fa ke tsaya kgato ya go agisana le mokaulengwe kgotsa le kgaitsadi wa me?’ Tsela e re arabang dipotso tseno ka yone e ka re tlhotlheletsa gore re reetse Jesu, re bo re ye go bua le modumedimmogo le rona re ikokobeditse gore re agisane le ene. Fa re dira jalo, re tla bo re etsa sekao sa ga Jakobe.
15. Ti nga shingisa chini nlawontewo u no wangwa mu na Baefesiya 4:2, 3 kuti batsha ku bakisana ne nzwalani wedu?
15 Akanya gore go ka bo go ile ga direga eng fa Jakobe a ka bo a ile a ngangisana le Esau fa a ne a kopana le ene. Go ka bo go ile ga nkga go sa bola! Fa re ya go agisana le mokaulengwe wa rona, re tshwanetse go ikokobetsa. (Bala Baefeso 4:2, 3.) Diane 18:19 e a re: “Go kokobetsa bogale jwa morwarramotho yo o kgopisegileng go thata go feta go gapa motse o o sireletsegileng, e bile dikgotlhang di kgaoganya batho fela jaaka dikgoro tsa motse.” Fa re kopa maitshwarelo re ikokobeditse, re ka thusa mokaulengwe wa rona gore a agisane le rona.
16. Ini cha ta ka fanila kumbulila, ngono ne kutini?
16 Sengwe gape se re tshwanetseng go akanya ka sone ka kelotlhoko ke gore re tlile go raya mokaulengwe wa rona re reng le gore re tlile go bua le ene jang. Fa re setse re ipaakantse, re tshwanetse go bua le mokaulengwe yoo yo re mo kgopisitseng ka boikaelelo jwa gore re agisane le ene. Kwa tshimologong, a ka nna a re tlhaba ka mafoko. Go ka nna motlhofo gore re galefe kgotsa re leke go ipuelela, mme gone a go dira jalo go tla dira gore re agisane? Nnyaa, le e seng. Gakologelwa gore go agisana le mokaulengwe wa gago go botlhokwa thata go feta go supana ka menwana.—1 Bakor. 6:7.
17. U nga zwidiyani mu chilakidzilo cha Gilbert?
17 Mokaulengwe yo o bidiwang Gilbert o ne a dira ka natla gore a agisane le mongwe. A re: “Go na le mongwe mo lelapeng yo nna le ene re neng re sa nosane metsi. Ke feditse dingwaga di ka nna pedi ke leka go buisana le ene gore re agisane.” Ke eng gape se Gilbert a neng a se dira? A re: “Nako le nako pele ke ya go bua le ene, ke ne ke rapela ke bo ke ipaakanya mogopolo gore ke se ka ka kgopisega fa a ka ntlhaba ka mafoko. Ke ne ke tshwanetse go nna ke ikemiseditse
go mo itshwarela. Ke ne ka ithuta gore ga ke a tshwanela go leka go bontsha gore ga ke molato le gore maikarabelo a me ke go dira gore go nne le kagiso.” Seo se ne sa felela ka eng? Gilbert a re: “Gompieno ke na le kagiso ya mogopolo ka gonne ke utlwana le batho botlhe mo lelapeng la me.”18-19. Ha ta hwisa nngwe zogwadza, ini cha ta ka fanila ku zwimisila ku chi thama, ne kutini?
18 O tshwanetse go dira eng fa o lemoga gore o kgopisitse Mokeresetemmogo le wena? Dirisa kgakololo ya ga Jesu ya gore o agisane le ene. Bua le Jehofa ka kgang eo o bo o ikaege ka moya wa gagwe o o boitshepo gore o go thuse go agisana le motho yoo. Fa o dira jalo, o tla itumela e bile o tla bo o bontsha gore o reetsa Jesu.—Math. 5:9.
19 Re itumelela gore Jehofa o re naya kaelo e e lorato a dirisa “tlhogo ya phuthego” e bong Jesu Keresete. (Baef. 5:23) E kete re ka ikemisetsa go ‘mo reetsa’ fela jaaka baaposetoloi ba ga Jesu e bong Petere, Jakobe le Johane ba ne ba dira. (Math. 17:5) Re bone gore re ka mo reetsa ka go agisana le Mokeresetemmogo le rona yo re mo kgopisitseng. Fa re agisana le bakaulengwe ba rona e bile re tswelela re le mo tseleng e e pitlaganeng e e isang kwa botshelong, re tla nna le masego a mantsi gone jaanong e bile re tla itumela ka bosakhutleng mo nakong e e tlang.
LUMBO 130 Lo Itshwarelane
^ ndi. 5 Jesu o re kgothaletsa gore re tsene ka kgoro e tshesane e e isang kwa tseleng e e yang kwa botshelong. Gape o re laela gore re agisane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Re ka lebana le dikgwetlho dife fa re leka go dirisa kgakololo ya gagwe, mme re ka di fenya jang?
^ ndi. 7 Bona potso 6 mo boroutšhareng jwa Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang, e e reng “Nka Emelana Jang le Kgatelelo ya Balekane le bidio ya ditshwantsho e e reng O se Ka wa Utlwa ka Dithaka Tsa Gago! mo www.dan124.com/tn. (Leba DITHUTO TSA BAEBELE > BASHA.)
^ ndi. 8 Maina mangwe a fetotswe.
^ ndi. 56 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa re nna re le mo tseleng e e ‘pitlaganeng,’ e e sireleditsweng ke melaometheo ya Modimo e e tshwanang le ditshipi tse di sireletsang, re tla tila dikotsi tse di jaaka ditshwantsho tsa thobalano, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le kgatelelo ya go gagamalela thuto ya yunibesithi.
^ ndi. 58 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jakobe o ne a ikoba fa pele ga ga Esau ka makgetlo a le supa gore a agisane le ene.