Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 8

Ti Nga Dwilila ta Shatha Chini Nenguba ta ka Lingisana ne Dzindiko

Ti Nga Dwilila ta Shatha Chini Nenguba ta ka Lingisana ne Dzindiko

“Zwikamu zwangu, shathani ha muzwiwana muli mu ndiko dzakasiyana.”—JAK. 1:2.

LUMBO 111 Mabaka a Rona a go Ipela

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-2. Ku yenda na Matewu 5:11, ta ka fanila linga dzindiko chini?

JESU o ile a bolelela balatedi ba gagwe gore ba ka nna le boitumelo jwa mmatota. Gape o ile a ba bolelela gore ba tlile go lebana le diteko ka gonne ba mo direla. (Math. 10:22, 23; Luke 6:20-23) Re itumelela go nna barutwa ba ga Jesu. Mme gone, re ikutlwa jang fa ba masika ba batla gore re tlogele go direla Jehofa, puso e re bogisa kgotsa batho ba re berekang le bone le ba re tsenang sekolo le bone ba re raela go dira sengwe se se sa siamang? Re ka nna ra tshwenyega fa re akanya ka dilo tseno.

2 Batho ba le bantsi ba akanya gore ga go kgonege gore motho a itumele fa a bogisiwa. Mme gone, Baebele ya re re tshwanetse go itumela le fa re bogisiwa. Ka sekai, Jakobe o ile a re ga re a tshwanela go kgobega marapo fa re lebana le mathata, go na le moo, re tshwanetse go itumela. (Jak. 1:2, 12) Jesu le ene o ile a re re tshwanetse go itumela le fa re bogisiwa. (Bala Mathaio 5:11.) Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re itumetse le fa re lebana le diteko? Re ka thusiwa ke go sekaseka se Jakobe a ileng a se kwalela Bakeresete ba bogologolo. Mma re simolole pele ka go tlotla ka diteko tse Bakeresete bao ba neng ba tlhoka go di itshokela.

BAKIRISITI BE KUTANGA BA KA LINGISANA NE NDIKO DZIPI?

3. Kwa ka shingikalani shule koga Jakubo a sino be ndiyiwa wa Jesu?

3 Bakeresete ba kwa Jerusalema ba ile ba simolola go bogisiwa moragonyana fela fa morwarraagwe Jesu e bong Jakobe a sena go nna morutwa. (Dit. 1:14; 5:17, 18) Mme fa Setefane a sena go bolawa, Bakeresete “ba ne ba gasamela mo dikgaolong tsotlhe tsa Judea le Samarea,” mme bangwe ba ne ba tshabela kwa Kupero le kwa Antioka. (Dit. 7:58–8:1; 11:19) Barutwa ba ile ba lebana le mathata a le mantsi. Mme gone, gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone ba ne ba rera dikgang tse di molemo. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba kwa mafelong ao ba ne ba nna Bakeresete mme go ne ga nna le diphuthego di le dintsi. (1 Pet. 1:1) Mme go ne go na le mathata a le mantsi a ba neng ba sa ntse ba tla lebana le one.

4. Bakirisiti be kutanga ba ka be ba ka fanila ku dzikitadzila ndiko dzingwe dzipi?

4 Bakeresete ba bogologolo ba ile ba lebana le diteko di le dintsi. Ka sekai, ka ngwaga wa bo50 Mmusimogolo wa Roma e bong Kalaudio o ile a laela Bajuda gore ba tswe mo Roma. Ka jalo, Bajuda ba ba neng ba sa tswa go nna Bakeresete ba ne ba tlhoka go tswa mo magaeng a bone ba bo ba fudugela kwa mafelong a mangwe. (Dit. 18:1-3) Ka ngwaga wa bo61 moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore batho ba ile ba tlhapatsa Bakeresetemmogo le ene fa pele ga batho, ba ba tsenya mo kgolegelong le go utswa dilo tsa bone. (Baheb. 10:32-34) Fela jaaka batho ba bangwe, Bakeresete bangwe le bone ba ne ba humanegile e bile ba lwala.—Bar. 15:26; Bafil. 2:25-27.

5. Towo dabila buzo dzipi?

5 Jakobe o ne a itse sentle diteko tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba lebane le tsone fa a ne a kwala lekwalo la gagwe pele ga ngwaga wa bo62. Jehofa o ile a kaela Jakobe ka moya wa gagwe o o boitshepo gore a neye Bakeresete bao kgakololo e e neng e tla ba thusa gore ba tswelele ba itumetse le fa ba lebana le diteko. A re sekasekeng lekwalo la ga Jakobe mme re arabe dipotso tse di latelang: Jakobe o ile a kwala ka boitumelo bofe? Ke eng se se ka dirang gore Mokeresete a se ka a tlhola a itumela? Go nna botlhale, go nna le tumelo le go nna le bopelokgale, go ka re thusa jang gore re tswelele re itumetse le fa re lebana le diteko?

INI CHI NO THAMA KUTI NKIRISITI A SHATHE?

Fela jaaka kgabo ya molelo e tswelela e tuka ka gonne e sireletsegile mo diphefong le mo puleng, boitumelo jo Jehofa a re nayang jone bo re thusa gore re tswelele re nonofile (Bona serapa 6)

6. Ku yenda na Luka 6:22, 23, ini Nkirisiti a nga shatha apa e dziyidziwa ne dzindiko?

6 Batho ba le bantsi ba akanya gore motho a ka itumela fela fa a sa lwale, a na le madi a le mantsi e bile lelapa la gagwe le itumetse. Mme gone, boitumelo jo Jakobe a ileng a kwala ka jone, ke boitumelo jo motho a bo newang ke moya o o boitshepo. Ka jalo, motho yoo o kgona go tswelela a itumetse go sa kgathalasege gore go diragala eng mo botshelong jwa gagwe. (Bagal. 5:22) Mokeresete a ka nna le boitumelo jwa mmatota fa a itse gore o itumedisa Jehofa le gore o latela sekao sa ga Jesu. (Bala Luke 6:22, 23; Bakol. 1:10, 11) Boitumelo jwa rona bo ka tshwantshanngwa le kgabo ya molelo e e mo leboneng la parafene. Galase e e ka fa ntle e sireletsa kgabo eo gore e se ka ya tima, le fa lebone leo le ka bewa mo phefong kgotsa fa pula e nang gone. Le rona re ka tswelela re itumetse go sa kgathalasege gore re diragalelwa ke eng. Ga re kitla re felelwa ke boitumelo ka gonne re lwala kgotsa re sena madi. Gape re tla tswelela re itumetse fa batho ba bangwe ba re sotla kgotsa fa ba malapa a rona le batho ba bangwe ba re ganetsa. Nako le nako fa batho ba re utlwisa botlhoko, boitumelo jwa rona bo tla tswelela bo gola. Fa re lebana le diteko, seo se bontsha gore re barutwa ba ga Jesu. (Math. 10:22; 24:9; Joh. 15:20) Ke lone lebaka la go bo Jakobe a ile a re: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tse di farologaneng.”—Jak. 1:2.

Goreng re ka tshwantsha diteko le molelo o o thusang tšhaka ya tshipi gore e nonofe kgotsa e nne thata? (Bona serapa 7) *

7-8. Ku likiwa ko batsha bugalamoyo gwedu chini?

7 Jakobe o ile a tlhalosa lebaka la go bo Bakeresete ba ikemiseditse go itshokela diteko. O ile a re: “Boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo felela ka boitshoko.” (Jak. 1:3) Diteko di ka tshwantshanngwa le molelo o o dirisiwang fa go dirwa tšhaka ya tshipi. Fa tšhaka eo e sena go gotediwa e bo e tsidifadiwa, e a nonofa kgotsa e nna thata. Le rona tumelo ya rona e a nonofa fa re itshokela diteko. Ke lone lebaka la go bo Jakobe a ile a re: “Letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe.” (Jak. 1:4) Fa re lemoga gore diteko di nonotsha tumelo ya rona, re tla kgona go di itshokela re itumetse.

8 Gape Jakobe o ile a tlhalosa dilo dingwe tse di ka dirang gore re se ka ra tlhola re itumela. Diteko tseo ke dife mme re ka dira eng gore re kgone go di fenya?

KU KUNDA DZIDZIBILIDZI DZI NGA TI TOLELA KU SHATHA

9. Ini ti sheta buchenjedu?

9 Ke eng se se ka dirang gore re se ka ra tlhola re itumela?: Fa re sa itse gore re dire eng. Fa re na le mathata re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse go dira ditshwetso tse di tla mo itumedisang, tse di tla solegelang bakaulengwe le bokgaitsadi molemo le tse di tla re thusang gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa. (Jer. 10:23) Re tlhoka botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa gore re itse gore re tshwanetse go dira eng le go bua eng fa batho ba re ganetsa. Fa re sa itse gore re dire eng, re ka kgobega marapo mme kwa bofelong re bo re sa tlhole re itumela.

10. Jakubo 1:5 i no ti budza kuti ta ka fanila thamani kuti ti be ne buchenjedu?

10 Se re ka se dirang gore re tswelele re itumetse: Kopa Jehofa gore a go neye botlhale. Fa re batla go tswelela re itumetse le fa re lebana le diteko, re tlhoka go kopa Jehofa gore a re neye botlhale gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng. (Bala Jakobe 1:5.) Re tshwanetse go dira eng fa re akanya gore Jehofa ga a arabe dithapelo tsa rona ka yone nako eo? Jakobe a re re tshwanetse ‘go nna re kopa’ Modimo. Jehofa ga a lape fa re nna re mo kopa gore a re neye botlhale. Ga a kitla a re galefela. Fa re mo kopa gore a re neye botlhale gore re kgone go itshokela diteko tse re lebanang le tsone, o re naya jone a gololesegile. (Pes. 25:12, 13) O lemoga diteko tse re lebanang le tsone, o re utlwela botlhoko e bile o batla go re thusa. Seno se dira gore re itumele! Mme gone, Jehofa o re naya botlhale jang?

11. Ini kakale cha ta ka fanila thama kuti ti be ne buchenjedu?

11 Jehofa o re naya botlhale a dirisa Lefoko la gagwe. (Dia. 2:6) Gore re kgone go nna le botlhale joo, re tshwanetse go ithuta Baebele le dikgatiso tsa rona. Mme ga re a tshwanela go ithuta fela. Re tshwanetse go dira se Jehofa a batlang re se dira. Jakobe o ile a re: “Nnang badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela.” (Jak. 1:22) Fa re dirisa kgakololo ya ga Jehofa, re nna batho ba ba ratang kagiso, ba ba tekatekano le ba ba utlwelang ba bangwe botlhoko. (Jak. 3:17) Dilo tseno di tla re thusa go itshokela diteko re itumetse.

12. Ini i li chithu chikulukulu kuti ti zibe Baibili zwibuyanana?

12 Lefoko la Modimo le tshwana le seipone. Le re thusa go bona gore ke eng se re tlhokang go se tokafatsa le gore re ka dira seo jang. (Jak. 1:23-25) Ka sekai, fa re sena go ithuta Lefoko la Modimo, re ka nna ra lemoga gore re tlhoka go nna pelotelele. Jehofa a ka re thusa gore re nne bonolo fa re dirisana le ba bangwe, le fa re lebana le mathata a a ka dirang gore re galefe. Fa re le bonolo, re tla kgona go ritibala fa re lebana le mathata. Re tla kgona go akanya sentle le go dira ditshwetso tse di siameng. (Jak. 3:13) Ruri re tlhoka go tlhaloganya Baebele sentle!

13. Ini ta ka fanila ku zwidiya nekwe zwilakidzilo zwe bathu ba mu Baibili?

13 Ka dinako dingwe re ithuta mo diphosong tsa rona. Mme gone, ga go monate go ithuta mo diphosong tsa gago. Fa re ithuta mo dilong tse di siameng le tse di phoso tse ba bangwe ba ileng ba di dira, seo se tla re thusa gore re nne le botlhale. Ke ka moo Jakobe a re kgothaletsang gore re ithute mo dikaong tsa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba jaaka Aborahame, Rahabe, Jobe le Elija. (Jak. 2:21-26; 5:10, 11, 17, 18) Batlhanka bao ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba kgona go itshokela diteko tse di neng di ka dira gore ba se ka ba tlhola ba itumela. Se se ba diragaletseng se re thusa go bona gore le rona Jehofa a ka re thusa gore re itshoke le go tswelela re itumetse.

14-15. Ini ta ka fanila ku pedzisa mbilayilo dza ti nadzo?

14 Fa re na le dipelaelo ka dilo tse re di dumelang. Fa re ntse re bala Baebele, re ka nna ra kopana le dilo di le dintsi tse re sa di tlhaloganyeng. Kgotsa gongwe Jehofa a ka nna a se ka a araba dithapelo tsa rona ka tsela e re neng re lebeletse ka yone. Dilo tseno di ka dira gore re nne le dipelaelo. Fa re itlhokomolosa dipelaelo tseo, seo se tla koafatsa tumelo ya rona, re bo re tlogela go nna ditsala tsa ga Jehofa. (Jak. 1:7, 8) Mme seo, se ka dira gore re se ka ra tsena kwa lefatsheng le lesha.

15 Moaposetoloi Paulo o tshwantsha tumelo ya rona le tshetledi. (Baheb. 6:19) Fa go na le setsuatsue tshetledi e thusa sekepe gore se eme mo lefelong le le lengwe le gore se se ka sa phailakwa ke diphefo se bo se thula matlapa. Mme gone, tshetledi e ka thusa sekepe mo maemong ano fa fela keetane e e gokeletsweng mo tshetleding le mo sekepeng e sa kgaoge. Fela jaaka rusi e kgona go ja keetane, le rona fa re na le dipelaelo re bo re sa leke go di baakanya, seo se ka koafatsa tumelo ya rona. Mme fa re na le dipelaelo re bo re lebana le diteko, re ka nna ra feleletsa re belaela gore Jehofa o tlile go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Fa re sa tlhole re na le tumelo mo go Jehofa ga re kitla re tsena kwa lefatsheng le lesha. Fela jaaka Jakobe a tlhalosa, motho yo o belaelang “o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo e bile le phailakwa.” (Jak. 1:6) Motho yo o nang le dipelaelo ga a kitla a itumela!

16. Ta ka fanila thamani apa ti na mbilayilo?

16 Baakanya dipelaelo tse o nang le tsone mme o nonotshe tumelo ya gago. O se ka wa diega! Ka nako ya ga moporofeti Elija, batho ba ga Jehofa ba ile ba nna le dipelaelo ka se ba neng ba se dumela. Elija o ile a ba raya a re: “Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae? Fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago; mme fa Baale e le ene, mo saleng morago.” (1 Dikg. 18:21) Le rona fa re na le dipelaelo, re tlhoka go tsaya kgato ka bonako. Re tlhoka go dira dipatlisiso gore re itlhomamisetse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, Baebele ke Lefoko la gagwe le gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba gagwe. (1 Bathes. 5:21) Fa re dira jalo, seo se tla re thusa gore re se ka ra tlhola re nna le dipelaelo mme tumelo ya rona e tla nonofa. Fa e le gore re tlhoka thuso, re ka nna ra kopa bagolwane gore ba re thuse. Re tshwanetse go tsaya kgato ka bonako gore re tswelele re itumetse fa re direla Jehofa!

17. Kowo shingikalani apa ti nga pelegwa ne chibindi?

17 Fa re kgobegile marapo. Baebele ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Dia. 24:10) Lefoko la Sehebera e leng ‘go kgobega marapo’ le ka kaya go felelwa ke bopelokgale. Fa o sa tlhole o na le bopelokgale, seo se tla dira gore o se ka wa tlhola o itumela.

18. Ku dzikitadza kodwani?

18 Kopa Jehofa gore a go neye bopelokgale. Gore re kgone go itshokela diteko, re tlhoka go nna pelokgale. (Jak. 5:11) Lefoko “boitshoko” le Jakobe a le dirisitseng le dira gore re akanye ka motho yo o emeng mo lefelong le le lengwe e bile a sa tshikinyege. Seno se dira gore re akanye ka lesole le le pelokgale, le le emeng le sa tshabe, le fa gone le tlhaselwa.

19. Ti nga zwidiyani mu chilakidzilo cha mpostolo Paulo?

19 Moaposetoloi Paulo o re tlhometse sekao se se molemo sa go nna pelokgale le go nna le boitshoko. Ka dinako dingwe o ne a kgobega marapo. Mme gone, o ile a kgona go itshoka ka gonne o ne a ikaegile ka Jehofa gore a mo neye maatla a a neng a a tlhoka. (2 Bakor. 12:8-10; Bafil. 4:13) Le rona re ka kgona go nna le maatla le bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Paulo, fa re le boikokobetso e bile re lemoga gore re tlhoka thuso ya ga Jehofa.—Jak. 4:10.

SEDZELANA NE NDZIMU NGONO U DWILILE WA KA SHATHA

20-21. Malebeswa api a ti no a ziba zwibuyanana?

20 Re a itse gore fa re kopana le diteko, ga go reye gore Jehofa o a re otlhaya. Jakobe o ile a re: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jak. 1:13) Fa re itse e bile re dumela gore Jehofa ga se ene a re bakelang mathata, botsala jwa rona le ene bo tlile go nonofa.—Jak. 4:8.

21 Jehofa ga a fetoge. (Jak. 1:17) O ile a thusa Bakeresete ba bogologolo go lebana le diteko mme le rona o tla re thusa. Mo kope gore a go thuse gore o nne le botlhale, tumelo le bopelokgale. O tla araba dithapelo tsa gago. Mme seo se tla go thusa gore o tswelele o itumetse le fa o lebane le diteko!

LUMBO 128 Go Itshoka go ya Bokhutlong

^ ndi. 5 Buka ya Baebele ya Jakobe e na le kgakololo e e ka re thusang fa re lebane le mathata. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dingwe tsa dikgakololo tse re di fitlhelang mo bukeng ya Jakobe. Se re tla ithutang sone mo bukeng eo, se tla re thusa gore re tswelele re itumelela go direla Jehofa le fa re lebana le mathata.

^ ndi. 59 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe o tshwarwa ke mapodise mme mosadi wa gagwe le ngwana ba lebile. Fa mokaulengwe a ntse a le kwa kgolegelong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba etetse ba lelapa la gagwe mme ba tshwere kobamelo ya lelapa le bone. Mosadi le ngwana wa gagwe, ba nna ba kopa Jehofa gore a ba thuse go itshoka. Jehofa o ba thusa gore ba nne le kagiso le gore ba kgone go itshoka. Ka ntlha ya seo, tumelo ya bone e a nonofa mme ba kgona go tswelela ba itumetse fa ba ntse ba itshoketse diteko.