Fetela kwa tshedimosetsong

OCTOBER 7, 2015
Austria

Tshirololo ya Mokwalo o o Manegilweng mo Loboteng wa go Gopola Mosupi wa Kwa Austria yo o Neng a Bolawa ke Banasi, Sebuisegolo ke Meiyara wa Kgaolo

Tshirololo ya Mokwalo o o Manegilweng mo Loboteng wa go Gopola Mosupi wa Kwa Austria yo o Neng a Bolawa ke Banasi, Sebuisegolo ke Meiyara wa Kgaolo

Gabriele Votava, meiyara wa Kgaolo ya Meidling kwa Vienna, e le sebui fa go ne go sirololwa mokwalo.

VIENNA—Ka May 13, 2015, batho ba ka nna 400 ba ne ba nna teng kwa tshirololong ya mokwalo o o neng o diretswe Gerhard Steinacher, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa yo o neng a bolawa dingwaga di le 75 tse di fetileng ke Banasi ka ntlha ya go gana go tsenela sesole sa Jeremane. Meiyara wa Kgaolo ya Meidling kwa Vienna e bong Gabriele Votava, e ne e le ene sebuisegolo fa go ne go sirololwa mokwalo o o manegilweng kwa ntle mo loboteng lwa ntlo e boora Steinacher ba neng ba kile ba nna mo go yone kwa Meidling, mo Vienna kwa Lägenfeldgasse 68.

Setlhogo sa thulaganyo eno e ne e le, “Nka se kgone go thuntsha,” e leng mafoko a Mr. Steinacher a neng a a bua fa a ne a kopa gore a se ka a otlhaiwa botlhoko thata. Mafoko ao a bontsha kafa Mr. Steinacher a neng a tseela kwa godimo thata melao e Bakeresete ba tshwanetseng go tshela ka yone, e e jaaka mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mathaio 19:19: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.”

Fa Gerhard a ne a le mosha, o ne a ithuta Baebele. Fa a ne a na le dingwaga di le 17, o ne a swetsa ka gore a nne Mosupi wa ga Jehofa. Ka September 15, 1939, Mr. Steinacher o ne a tshwarelwa go gana go tsenela sesole ka ntlha ya segakolodi le go gana go ikana gore o ema Hitler nokeng. Fa Mr. Steinacher a sena go tsenngwa mo kgolegelong kwa Vienna ka dibeke di le thataro, o ne a isiwa kwa kgolegelong ya Moabit ya batho ba ba letetseng go seka, kwa Berlin, Jeremane.

Ka November 11, 1939, mo letsatsing la ntlha la tsheko ya gagwe, Mr. Steinacher o ne a latofadiwa ka gore ga a batle go ya ntweng mme o ne a atlholelwa loso. O ne a ikopela gore a se ka a otlhaiwa thata ka gonne lebaka la go bo a sa batle go ya bosoleng ke ka ntlha ya se a se dumelang. Le fa go ntse jalo, ka March 2, 1940 Reichskriegsgericht (Reich Military Court) e ne ya dumalana le gore a atlholelwe loso. Dibeke di le nnè morago ga moo ka March 30, Mr. Steinacher o ne a bolawa ka motšhine o o kgaolang batho ditlhogo kwa kgolegelong ya Berlin ya Plötzensee e e neng e itsege ka bosetlhogo. O ne a na le dingwaga di le 19.

Morago ga tshirololo ya mokwalo, tiragalo eo e ne ya tswelediwa kwa lefelong le le gaufi la Volkshochschule Theater. Gareng ga ditiragalo tsa letsatsi leo, go ne go na le dilo tse di neng di bontsha hisitori ya lelapa la boora Steinacher. Mo dilong tse di neng di bontshiwa, go ne go na le lebokose le lennye—le le bonweng ka 1976—le le neng le na le makwalo a le 28 a a tswang kwa go Ignatz le Luise Steinacher a ba neng ba a kwaletse morwaabone e bong Gerhard fa a ne a sa ntse a le kwa kgolegelong, gammogo le dikarata tsa go kwalela di le 25 le makwalo a Gerhard a a kwaletseng batsadi ba gagwe go ba gomotsa le go ba tlhalosetsa gore o tlhatswegile pelo gore ba na le tumelo e e nonofileng.

Fa mmaagwe Gerhard e bong Luise, a ne a tlhokafala ka 1976, lebokose leno la makwalo le dikarata tsa go kwalela di ne tsa fitlhelwa kwa legaeng la boora Steinacher.

Setlhogo sengwe mo lekwalodikgannyeng la beke le beke la Wiener Bezirkszeitung se ne sa tlhalosa tiragalo eo e le “segopotso se se tlhomologileng,” se se neng sa dira gore ditiro tsa bopelokgale tsa ga Mr. Steinacher “di nne mo pontsheng.” Setlhogo seo se ne sa tswelela se tlotlomatsa Mr. Steinacher ka go bua jaana: “O ne a iketleeleditse go swela melaometheo ya gagwe—yone melaometheo e a neng a tshela ka yone.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Austria: Johann Zimmermann, tel. +43 1 804 53 4516

Germany: Wolfram Slupina, tel. +49 6483 41 3110