Fetela kwa tshedimosetsong

JULY 20, 2017
Japan

Dipula Tse di Maatla di Baka Merwalela Kwa Japane

Dipula Tse di Maatla di Baka Merwalela Kwa Japane

Fa Setsuatsue se se bidiwang Nanmadol se sena go itaya karolo e e kwa borwa ya Japane, dipula tsa matlakadibe di ile tsa na kwa setlhaketlhakeng se segolo sa Kyushu ka July 5, 2017 mme puso e ile ya patelesega go laela batho ba feta 430 000 gore ba tswe mo mafelong a a wetsweng ke merwalela. Pula eo e ile ya na diura di feta 12. Go ya ka dipego tsa bosheng, merwalela e bolaile batho ba le 34. Kgaolo ya Fukuoka e e kwa bokone jwa Kyushu e ile ya senyega thata.

Ga go na Mosupi ope yo o tlhokafetseng kgotsa yo o gobetseng thata mme matlo a le mmalwa a bone a ile a senngwa ke morwalela. Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tse di gaufi di thusa badumedi ka bone ka dilo tse ba di tlhokang.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Japane: Ichiki Matsunaga mo nomong ya +81-46-233-0005