Fetela kwa tshedimosetsong

JUNE 17, 2015
NEPAL

Basupi ba ga Jehofa ba Rulaganya Letsholo la go Thusa Batho ba ba Amilweng ke Thoromo ya Lefatshe Kwa Nepal

Basupi ba ga Jehofa ba Rulaganya Letsholo la go Thusa Batho ba ba Amilweng ke Thoromo ya Lefatshe Kwa Nepal

KATHMANDU, Nepal—Basupi ba ga Jehofa ba ba tswang kwa Bangladesh, India, Japane, Jeremane, Switzerland le United States ba dira dithulaganyo tsa go thusa batho ba ba amilweng ke thoromo ya lefatshe e e sentseng naga ya Nepal ka April 25, 2015 mme ya bolaya batho ba le diketekete, go akaretsa le Mosupi a le mongwe le bana ba gagwe ba babedi. Ka May 12, 2015, Nepal e ne ya itewa ke thoromo e nngwe ya lefatshe. Le fa go ntse jalo, Basupi ba bega gore mo thoromong eno ya bobedi, ga go na Basupi bape ba ba gobetseng thata, ba ba senyegetsweng ke dithoto kgotsa ba ba tlhokafetseng.

Basupi ba ga Jehofa ba abela badumedimmogo le bone le batho ba bangwe ba ba amilweng ke masetlapelo dijo gabedi ka letsatsi.

Letsatsi fela morago ga thoromo ya ntlha, baemedi ba ba tswang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Nepal ba ne ba etela phuthego nngwe le nngwe mo Kathmandu Valley, e leng karolo e e neng e amilwe thata ke thoromo, go ya go bona gore batho ba ba amegileng ba tlhoka eng. Thoromo eo e ne e sugakantse magae a Basupi a le 38 mme ya senya a mangwe a le 126. Basupi ba ba senyegetsweng ke matlo ba ne ba ya go nna le badumedimmogo le bone, ba nna mo mafelong a bone a kobamelo a a bidiwang Diholo Tsa Bogosi le mo ditenteng tse di neng di tlhomilwe mo mabaleng. Gape ofisi ya lekala ya kwa Nepal e ne ya simolola go abela batho dijo mme go ise go ye kae dilo tse dingwe di ne tsa goroga go tswa kwa Bangladesh, India, le ditoropo tsa Nepal e leng Birgunj, Damauli, Mahendranagar le Pokhara. Komiti ya Namolo ya Masetlapelo e rulaganya letsholo le le tswelelang la baithaopi ba Basupi ba ba tswang kwa India, Japane le Nepal gore go agiwe magae a nakwana.

Baithaopi ba ba tswang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Nepal ba baya dilo tsa namolo tse di tswang kwa toropong ya Nepal e leng Birgunj.

Mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Nepal e bong Reuben Thapaliya o ne a re: “Ga re a tshwenyega fela ka dilo tsa senama tse batho bano ba ba amilweng ke masetlapelo ba di tlhokang mme gape re amegile ka kamano ya bone le Modimo. Mo godimo ga maiteko a re a dirang go ba abela dijo, metsi le bonno, gape re dirile dithulaganyo tsa go etela batho go ya go ba gomotsa ka Baebele.” Moemedi yo o tswang kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e bong Gary Breaux o ne a tsamaya go ralala kgaolo e e amegileng go tloga ka May 2-5, 2015, a ntse a etela diphuthego le malapa a a farologaneng. Ka May 4, 2015, Mr. Breaux e ne e le sebui ka nako ya thulaganyo e e kgethegileng e e neng e theilwe mo Baebeleng, mme diphuthego tse dingwe mo kgaolong eo di ne tsa golaganngwa ka thulaganyo ya bidio gore di kgone go reetsa thulaganyo eno fa e ntse e tsweletse. Mo godimo ga moo, moemedi yo o tswang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Japane e bong Kenji Chichii, o ne a goroga ka May 5, 2015. Le ene o ne a etela malapa a a mo lefelong le le amegileng e bile o ne a kgothatsa batho ka dipuo tse di theilweng mo Baebeleng.

Moemedi yo o tswang kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e bong Gary Breaux (ka fa mojeng), o lebile ntlo nngwe go bona gore e senyegile go le kana kang.

Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane e ne ya rulaganya setlhopha sa Basupi ba tsa bongaka se se akaretsang ngaka e e idibatsang, ngaka e e arang, mooki le paramedic. Setlhopha seno se se tswang kwa Yuropa se se neng se tshotse melemo e e neng e abilwe ke Basupi ba kwa Bangladesh, India le Japane gammogo le koloi e e nang le didirisiwa tsa go ara le tsa go thusa batho ba ba mo seemong se se masisi, se ne se dira mmogo le Komiti ya Namolo ya Masetlapelo ya kwa Nepal go alafa balwetse kwa Diholong Tsa Bogosi mo lefelong le le amilweng ke thoromo ya lefatshe.

Setlhopha sa namolo se nna mo Holong ya Bogosi kwa Kathmandu kwa Basupi ba ba amilweng ke masetlapelo ba newang dijo le bonno gone.

Mmueledi wa lefatshe lotlhe wa Basupi ba ga Jehofa yo o kwa ntlokgolo ya bone e bong J. R. Brown o ne a re: “Dithulaganyo tsa rona tsa namolo ke selo se se tswelelang, ka gonne re lemoga gore batho ba ba amiwang ke masetlapelo ga ba tlhoke go thusiwa fela gore ba itharabologelwe morago ga tiragalo nngwe e e ba amileng. Badumedimmogo le rona ba kwa Nepal le batho ba bangwe ba ba falotseng thoromo ya lefatshe ba ka tlhomamisega gore re tla nna re ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang le go ba kgothatsa ka Baebele. Re nna re ba gopotse e bile re ba rapelela.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Germany: Wolfram Slupina, tel. +49 6483 41 3110

Japan: Ichiki Matsunaga, tel. +81 46 233 0005

Nepal: Reuben Thapaliya, tel. +977 9813469616