Samuele wa Ntlha 4:1-22

  • Bafilisitia ba gapa Letlole (1-11)

  • Eli le bomorwawe ba a swa (12-22)

4  Mme lefoko la ga Samuele le ne la ya kwa Baiseraeleng botlhe. Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba ya go kgatlhantsha Bafilisitia gore ba tlhabane le bone; ba ne ba kampa fa thoko ga Ebenesere, mme Bafilisitia bone ba kampa kwa Afeke.  Bafilisitia ba ne ba tlhomagana go ya ka thulaganyo ya ntwa ba ya go kgatlhantsha Baiseraele, le fa go ntse jalo, tlhabano e ne ya nna maswe mme Baiseraele ba ne ba fenngwa ke Bafilisitia, ba ba neng ba kgemetha banna ba ka nna 4 000 ka nako ya tlhabano kwa nageng.  E rile batho ba boela kwa kampeng, bagolwane ba Iseraele ba ne ba re: “Goreng Jehofa a letlile gore re fenngwe* ke Bafilisitia gompieno?+ A re yeng go tsaya letlole la kgolagano ya ga Jehofa kwa Shilo+ re tle le lone, gore le nne le rona mme le re boloke mo seatleng sa baba ba rona.”  Ka jalo, batho ba ne ba roma banna kwa Shilo mme ba ya go tsaya letlole la kgolagano ya ga Jehofa wa masomosomo, yo o ntseng fa godimo ga* ditšheruba.+ Bomorwa Eli ba babedi, e bong Hofeni le Finease,+ le bone ba ne ba le koo le letlole la kgolagano ya Modimo wa boammaaruri.  Fela fa letlole la kgolagano ya ga Jehofa le goroga mo kampeng, Baiseraele botlhe ba ne ba goela kwa godimo, mo lefatshe le neng la roroma.  Fa Bafilisitia ba utlwa modumo o mogolo, ba ne ba re: “Goreng go utlwala modumo o mogolo jaana mo kampeng ya Bahebera?” La bofelo ba ne ba lemoga gore Letlole la ga Jehofa le ne le tlile mo kampeng.  Bafilisitia ba ne ba boifa, ka gonne ba ne ba re: “Modimo o tlile mo kampeng!”+ Ka jalo, ba ne ba re: “Ruri re mo mathateng, ka gonne ga go ise go ke go direge selo se se tshwanang le seno!  Ruri re mo mathateng! Ke mang yo o tla re gololang mo seatleng sa Modimo yono yo mogolo? Yono ke ene Modimo yo o neng a otlhaya Egepeto ka dipetso tse di farologaneng kwa nageng.+  Nnang pelokgale jaaka banna, lona Bafilisitia, gore lo se ka lwa direla Bahebera fela jaaka ba ne ba lo direla.+ Nnang pelokgale jaaka banna mme lo tlhabane!” 10  Ka jalo, Bafilisitia ba ne ba tlhabana le Baiseraele mme Baiseraele ba ne ba fenngwa,+ mongwe le mongwe a tshabela kwa tenteng ya gagwe. Ba ne ba bolawa ba le bantsi thata; mo letlhakoreng la Baiseraele go ne ga wa masole a a tsamayang ka dinao a le 30 000. 11  Mo godimo ga moo, Letlole la Modimo le ne la gapiwa, mme bomorwa Eli ba babedi, e bong Hofeni le Finease, ba ne ba swa.+ 12  Monna mongwe wa Benjamine o ne a siana a tswa mo tlhabanong mme o ne a goroga kwa Shilo mo go lone letsatsi leo diaparo tsa gagwe di gagogantswe e bile a le lerole mo tlhogong.+ 13  Fa monna yoo a goroga, Eli o ne a ntse mo setulong fa thoko ga tsela a letile, ka gonne pelo ya gagwe e ne e roroma ka ntlha ya Letlole la Modimo wa boammaaruri.+ Monna yoo o ne a tsena mo motseng a ya go bega dikgang, mme motse otlhe o ne wa simolola go goa o lela. 14  E rile Eli a utlwa modumo wa go goa, a botsa jaana: “Modumo ono wa pheretlhego o kaya eng?” Ene monna yono o ne a itlhaganela mme a begela Eli dikgang tseno. 15  (Jaanong Eli o ne a na le dingwaga di le 98, mme matlho a gagwe a ne a sa tshikinyege e bile o ne a sa kgone go bona.)+ 16  Go tswa foo, monna yono o ne a raya Eli a re: “Ke nna yo ke tswang kwa tlhabanong! Ke tshabile kwa ntweng gompieno.” Foo o ne a mmotsa jaana: “Go diragetse eng, morwaaka?” 17  Ka jalo, mmegi wa dikgang o ne a bega jaana: “Baiseraele ba tshabile Bafilisitia, mme batho ba fentswe mo go botlhoko;+ gape bomorwao ba babedi, Hofeni le Finease, ba sule+ e bile Letlole la Modimo wa boammaaruri le lone le gapilwe.”+ 18  Ka nako ya fa a umaka Letlole la Modimo wa boammaaruri, Eli o ne a wela kwa morago go tswa mo setulong fa thoko ga kgoro ya motse, mme molala wa gagwe o ne wa robega a bo a swa ka gonne o ne a tsofetse e bile a le bokete. O ne a atlhotse Iseraele dingwaga di le 40. 19  Ngwetsi ya gagwe, mosadi wa ga Finease, o ne a le moimana e bile a le gaufi le go belega. Fa a utlwa pego ya gore Letlole la Modimo wa boammaaruri le ne le gapilwe le gore ratsalaagwe le monna wa gagwe ba sule, o ne a obega mme ka tshoganyetso a nna mo ditlhabing a bo a belega. 20  Fa a tloga a swa, basadi ba ba neng ba eme fa go ene ba ne ba re: “O se ka wa boifa, ka gonne o tshotse ngwana wa mosimane.” Ga a ka a araba e bile ga a ka a reetsa seno ka kelotlhoko.* 21  Le fa go ntse jalo, o ne a bitsa mosimane Ikabode,*+ a re: “Kgalalelo e dule mo Iseraele e ile botshwarwa,”+ a bua ka go gapiwa ga Letlole la Modimo wa boammaaruri le ka ga se se diragaletseng ratsalaagwe le monna wa gagwe.+ 22  O ne a re: “Kgalalelo e dule mo Iseraele e ile botshwarwa, ka gonne Letlole la Modimo wa boammaaruri le gapilwe.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Goreng Jehofa a re fentse?”
Kgotsa gongwe “fa gare ga.”
Kgotsa “e bile ga a ka a baya pelo ya gagwe mo go seno.”
Mo go kayang “Kgalalelo e Kae?”