Dipalo 4:1-49

  • Tirelo ya Bakohathe (1-20)

  • Tirelo ya Bagereshone (21-28)

  • Tirelo ya Bamerari (29-33)

  • Palo ya batho e a sobokanngwa (34-49)

4  Jaanong Jehofa o ne a bua le Moshe le Arone a re:  “Go tsewe palo ya bomorwa Kohathe+ go tswa mo go bomorwa Lefi, go ya ka malapa a bone le go ya ka dikgotla tsa bone,  botlhe ba dingwaga tsa bone di simololang ka 30+ go ya go 50,+ ba ba mo setlhopheng se se abetsweng go direla mo tenteng ya bokopanelo.+  “Eno ke tirelo ya bomorwa Kohathe mo tenteng ya bokopanelo.+ Ke selo se se boitshepotshepo:  Fa Baiseraele ba tswa mo lefelong le lengwe ba ya kwa go le lengwe, Arone le bomorwawe ba tla tsena ba bo ba folosa sesiro sa go kgaoganya+ mme ba tla khurumetsa letlole+ la kgolagano ka sone.  Ba beye sekhurumetso sa matlalo a a borethe* mo godimo ga lone ba bo ba apesa letsela le le botala jwa loapi mo godimo ga lone ba bo ba tsenya dikota+ tse letlole le tsholediwang ka tsone.  “Gape ba ale letsela le le botala jwa loapi mo godimo ga tafole ya senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo+ mme ba tla baya dijana, dikopi, dikotlele tse dinnye le dinkgo tsa setlhabelo sa senô+ mo godimo ga yone; senkgwe se se ntshiwang ka metlha+ se tswelele se le mo godimo ga yone.  Ba apese letsela le lehibidu mo godimo ga tsone ba bo ba e khurumetsa ka sekhurumetso sa matlalo a a borethe mme ba tsenye dikota+ tse tafole e tsholediwang ka tsone.  Go tswa foo, ba tseye letsela le le botala jwa loapi ba bo ba khurumetsa setlhomo sa dipone+ tsa go bonesa mmogo le dipone+ tsa sone, ditimalobone* tsa sone, ditsholamolelo+ tsa sone le dilwana tsotlhe tsa sone tsa leokwane tse di dirisediwang go se tlhokomela. 10  Ba se phuthele le dilwana tsotlhe tsa sone mo sekhurumetsong sa matlalo a a borethe ba bo ba se baya mo godimo ga foreimi e go rwalwang dilwana ka yone. 11  Mme ba apese letsela le le botala jwa loapi mo godimo ga sebeso sa gauta,+ ba se khurumetsa ka sekhurumetso sa matlalo a a borethe ba bo ba tsenya dikota+ tse se tsholediwang ka tsone. 12  Go tswa foo, ba tseye dilwana+ tsotlhe tsa go direla tse ba direlang ka tsone ka metlha mo lefelong le le boitshepo ba bo ba di tsenya mo letseleng le le botala jwa loapi ba bo ba di khurumetsa ka sekhurumetso sa matlalo a a borethe ba bo ba di baya mo godimo ga foreimi e go rwalwang dilwana ka yone. 13  “Ba tlose melora* mo sebesong+ mme ba ale letsela la wulu e phepole mo godimo ga sone. 14  Ba tsenye dilwana tsotlhe tsa sone mo go sone tse ba di dirisang fa ba direla mo sebesong: ditsholamolelo, diforoko, digarawe le dikotlele tse dinnye, dilwana tsotlhe tsa sebeso;+ mme ba tla apesa sekhurumetso sa matlalo a a borethe mo godimo ga sone ba bo ba tsenya dikota+ tse se tsholediwang ka tsone. 15  “Fa Baiseraele ba fuduga, Arone le bomorwawe ba tshwanetse go bo ba feditse go khurumetsa lefelo le le boitshepo+ le dilwana tsotlhe tsa lefelo le le boitshepo. Go tswa foo, bomorwa Kohathe ba tsene ba tle go di rwala,+ mme ga ba a tshwanela go kgoma lefelo le le boitshepo, go seng jalo ba tla swa.+ Dilo tseno ke boikarabelo* jwa bomorwa Kohathe jo bo amanang le tente ya bokopanelo. 16  “Eliasare+ morwa moperesiti Arone o na le boikarabelo jwa go tlhokomela leokwane la dipone,+ maswalo a a nkgang monate,+ setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka se se ntshiwang ka metlha le leokwane la go tlotsa.+ Boikarabelo jwa gagwe ke go okamela motlaagana otlhe le sotlhe se se mo go one, go akaretsa lefelo le le boitshepo le dilwana tsa lone.” 17  Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe le Arone a re: 18  “Lo se ka lwa letla gore Bakohathe+ ba ba tswang mo lotsong lwa Lefi ba bolawe. 19  Mme lo ba direle seno gore ba nne ba ntse ba tshela mme ba se ka ba swa ka ntlha ya go atamela dilo tse di boitshepotshepo.+ Arone le bomorwawe ba tla tsena ba bo ba kaela mongwe le mongwe wa bone kwa tirelong ya gagwe le se a tla se rwalang. 20  Ga ba a tshwanela go tsena mme ba bona dilo tse di boitshepo, tota le fa e le ka nako e khutshwane, go seng jalo ba tla swa.”+ 21  Morago ga moo, Jehofa o ne a bua le Moshe a re: 22  “O tseye palo ya bomorwa Gereshone+ go ya ka dikgotla tsa bone le ka malapa a bone. 23  O kwadise botlhe ba dingwaga tsa bone di simololang ka 30 go ya go 50, ba ba mo setlhopheng se se abetsweng go direla mo tenteng ya bokopanelo. 24  Tseno ke dilo tse malapa a Bagereshone a abetsweng go di tlhokomela:+ 25  Ba tla tsaya matsela a tente ya motlaagana,+ tente ya bokopanelo, sekhurumetso sa yone le sekhurumetso sa matlalo a a borethe se se mo godimo ga sone,+ setswalo* sa kgoro ya tente ya bokopanelo,+ 26  matsela a a lepelelang a lolwapa,+ setswalo* sa kgoro ya lolwapa+ lo lo dikologileng motlaagana le sebeso, megala ya tente ya tsone le dilwana tsotlhe tsa tsone le sengwe le sengwe se se dirisiwang mo tirelong ya motlaagana. Eno ke kabelo ya bone. 27  Tirelo yotlhe le merwalo yotlhe ya Bagereshone+ e okamelwe ke Arone le bomorwawe; lo tla ba abela merwalo eno yotlhe e le boikarabelo jwa bone. 28  Eno ke tirelo e malapa a Bagereshone a tla e dirang mo tenteng ya bokopanelo,+ mme maikarabelo a bone a okametswe ke Ithamare+ morwa moperesiti Arone. 29  “Bomorwa Merari+ le bone, o ba kwadise go ya ka malapa a bone le ka dikgotla tsa bone. 30  O ba kwadise go simolola ka ba ba nang le dingwaga di le 30 go ya go di le 50, botlhe ba ba mo setlhopheng se se abetsweng go direla mo tenteng ya bokopanelo. 31  Tseno ke dilo tse ba nang le boikarabelo jwa go di tsaya+ tse di amanang le tiro e ba e dirang mo tenteng ya bokopanelo: diforeimi+ tsa motlaagana, mephakalego+ ya one, dipilara+ tsa one, metheo ya one e e khuti;+ 32  dipilara+ tse di dikologileng lolwapa, metheo ya tsone e e khuti,+ dipekere+ tsa tsone tse ditona le megala ya tsone mmogo le didirisiwa tsotlhe tsa tsone le tirelo yotlhe e e amanang le tsone. O ba abele dilo tse ba abetsweng go di tsaya go ya ka maina a bone. 33  Eo ke tsela e malapa a bomorwa Merari+ a tla direlang ka yone mo tenteng ya bokopanelo a okametswe ke Ithamare morwa moperesiti Arone.”+ 34  Go tswa foo, Moshe le Arone le dikgosana+ tsa phuthego ba ne ba kwadisa bomorwa Bakohathe+ go ya ka malapa a bone le ka dikgotla tsa bone, 35  botlhe ba dingwaga tsa bone di simololang ka 30 go ya go 50, ba ba neng ba le mo setlhopheng se se abetsweng go direla mo tenteng ya bokopanelo.+ 36  Palo ya botlhe ba ba kwadisitsweng go ya ka malapa a bone e ne e le 2 750.+ 37  Bano ba ne ba kwadisiwa go tswa mo malapeng a Bakohathe, botlhe ba ba neng ba direla mo tenteng ya bokopanelo. Moshe le Arone ba ne ba ba kwadisa go ya ka taelo ya ga Jehofa ka Moshe.+ 38  Bomorwa Gereshone+ ba ne ba kwadisiwa go ya ka malapa a bone le ka dikgotla tsa bone, 39  botlhe ba dingwaga tsa bone di simololang ka 30 go ya go 50, ba ba neng ba le mo setlhopheng se se abetsweng go direla kwa tenteng ya bokopanelo. 40  Palo ya botlhe ba ba kwadisitsweng go ya ka malapa a bone le ka dikgotla tsa bone, e ne e le 2 630.+ 41  Eno ke pego ya go kwadisiwa ga malapa a bomorwa Gereshone, botlhe ba ba neng ba direla kwa tenteng ya bokopanelo. Moshe le Arone ba ne ba laela gore ba kwadisiwe go ya ka taelo ya ga Jehofa.+ 42  Bomorwa Merari ba ne ba kwadisiwa go ya ka malapa a bone le ka dikgotla tsa bone, 43  botlhe ba dingwaga tsa bone di simololang ka 30 go ya go 50, ba ba neng ba le mo setlhopheng se se abetsweng go direla kwa tenteng ya bokopanelo.+ 44  Palo ya botlhe ba ba kwadisitsweng mo go bone go ya ka malapa a bone e ne e le 3 200.+ 45  Eno ke pego ya go kwadisiwa ga malapa a bomorwa Merari, ba Moshe le Arone ba neng ba ba kwadisa go ya ka taelo ya ga Jehofa ka Moshe.+ 46  Moshe le Arone le dikgosana tsa Iseraele ba ne ba kwadisa Balefi bano botlhe go ya ka malapa a bone le ka dikgotla tsa bone; 47  dingwaga tsa bone di ne di simolola ka 30 go ya go 50 mme botlhe ba ne ba abetswe go direla le go rwala merwalo e e amanang le tente ya bokopanelo.+ 48  Palo ya botlhe ba ba kwadisitsweng e ne e le 8 580.+ 49  Ba ne ba kwadisiwa go ya ka taelo ya ga Jehofa ka Moshe, mongwe le mongwe go ya ka tirelo e a e abetsweng le morwalo wa gagwe; ba ne ba kwadisiwa fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Kgotsa “ditang.”
Kgotsa “melora e e mafura,” go tewa melora e e kolobeditsweng ke mafura a ditlhabelo.
Seheb., “morwalo.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “garetene.”