Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

2002-2013 Diphetogo Tsa Bosheng (Karolo 1)

2002-2013 Diphetogo Tsa Bosheng (Karolo 1)

“Ke a Leboga, Jehofa!”

Fa maemo a ntse a ritibala, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba boela kwa magaeng a bone a e neng e setse e le matlotla. Go ne ga tlhongwa diphuthego gape kwa mafelong a a neng a na le diphuthego pele ga ntwa, segolobogolo kwa karolong e e kwa botlhaba jwa Sierra Leone e e neng e kgautlhantswe ke ntwa. Babulatsela ba ba kgethegileng go tswa kwa lefelong lengwe ba ne ba bega jaana: “Go ne ga tla batho ba le 16 mo pokanong ya rona ya ntlha, ba le 36 mo go e e latelang, ba le 56 beke morago ga eo mme ba le 77 ba ne ba tla Segopotsong! Re ne re itumetse tota!” Go ne ga tlhongwa diphuthego tse disha di le 9 mme palogotlhe ya nna 24. Go ne ga goroga barongwa ba bangwe ba Gileade ba le lesome, mme ba dira gore tiro ya go rera e oketsege ka bonako. Ka 2004 palo ya batho ba ba nnileng gone mo Segopotsong e ne e le 7 594—palo e e fetang palogotlhe ya baboledi go menagane gatlhano! Go ne ga nna le koketsego e e ntseng jalo le kwa Guinea.

Ka bonako fela Setlhopha se se Laolang se ne sa romela madi go thusa batshabi gore ba simolole matshelo a bone sesha. (Jak. 2:15, 16) Baithaopi ba ba tsamayang ba thusa ka namolo ba ne ba aga kgotsa ba baakanya Diholo Tsa Bogosi di le 12 le go baakanya Holo ya Kopano mo Koindu. Gape ba ne ba aga matlo a a bori a le 42 a a dirilweng ka ditena tsa mmu gore batho ba ba senyegetsweng ke matlo ba nne mo go one le ba malapa a bone. Kgaitsadi mongwe wa motlholagadi yo o mo dingwageng tsa bo70, o ne a goa jaana a eme fa thoko ga ntlo ya gagwe e ntšha e e ruletsweng ka disenke mme a tsholola dikeledi tsa boitumelo: “Ke a leboga, Jehofa! Ke a leboga, Jehofa! Ke a leboga, bakaulengwe!”

Gape ofisi ya lekala e ne ya simolola go aga Diholo Tsa Bogosi ka madi a thulaganyo ya go thusa kwa dinageng tse di humanegileng. Saidu Juanah yo e leng mogolwane e bile e le mmulatsela kwa Phuthegong ya Bo West a re: “Kgaitsadi mongwe o ne a mpolelela jaana, ‘Fa nka utlwa go twe re tlile go nna le Holo ya Bogosi e ntšha, ke tla opa diatla le dinao!’ Fa ke ne ke dira kitsiso ya gore re tlile go nna le holo e ntšha, kgaitsadi yoo o ne a tlola mo setulong sa gagwe a opa diatla e bile a bina—a ‘opa’ diatla le dinao!”

Ka 2010, Phuthego ya Waterloo e ne ya kgakola Holo ya Bogosi e ntšha e e ka atolosiwang go nna Holo ya Dikopano e e tsayang batho ba le 800. Mo letsatsing le phuthego e neng e reka setsha ka lone, motho yo mongwe yo le ene a neng a batla go reka setsha seo o ne a solofetsa mong wa setsha madi a mantsi go feta a rona. Mong wa setsha o ne a re, “Nka mpa ka letla gore go agiwe lefelo la kopano ya bodumedi mo setsheng sa me go na le gore se dirisediwe dilo tsa kgwebo.”

Go ne ga agiwa Diholo Tsa Bogosi di le 17 mo Sierra Leone le di le 6 kwa Guinea go dirisiwa thulaganyo ya go thusa dinaga tse di humanegileng go aga Diholo Tsa Bogosi. Mafelo ano a kobamelo a a seng magasigasi mme a na le seriti a dirile gore batho ba bangwe ba bantsi ba tle dipokanong.

Go Bona Dinku Tsa ga Jehofa Tse di Latlhegileng

Fa batho ba ba oketsegileng ba ntse ba tlhagafala mo tirong ya go rera, ofisi ya lekala e ne ya rulaganya letsholo la dikgwedi di le pedi la go rera kwa tshimong e e dirwang sewelo. Baboledi ba ne ba tsamaisa dibuka di ka nna 15 000 ba bo ba nna le maitemogelo a mantsi a a molemo. Batho bangwe ba ne ba botsa gore a Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla tlhoma diphuthego mo go nngwe ya ditoropo tsa lefelo leo. Ka ntlha ya seo, kgabagare go ne ga tlhongwa diphuthego tse disha di le pedi. Kwa motseng mongwe o o kwa thoko, bakaulengwe ba ne ba bona bokgaitsadi bangwe ba ba ileng ba tshwanelwa ke go tshaba mo magaeng a bone ka nako ya ntwa mme ba se tlhole ba kgona go ikgolaganya le bakaulengwe. Ka bonako fela bakaulengwe ba ne ba rulaganya gore go tshwarwe dipokano ka metlha mme ba simolola dithuto di le mmalwa tsa Baebele mo motseng oo.

Ka 2009, ofisi ya lekala e ne ya utlwalela ka motse mongwe o o kwa tengteng ga sekgwa sa Guinea kwa go neng go na le batho bangwe ba ba neng ba re ke Basupi ba ga Jehofa. Morago ga gore lekala le romele bakaulengwe bangwe go ya go batlisisa ka kgang eno, ba ne ba utlwalela gore mokaulengwe mongwe yo o godileng o ne a boela kwa motseng o a tsholetsweng kwa go one fa a sena go tlogela tiro. O ile a ithuta le banna ba le mmalwa pele a tlhokafala. Mongwe wa banna bao o ne a dumela mo go Jehofa mme a simolola go bolelela batho ba bangwe se a se ithutileng mo Baebeleng. Gape o ne a tshwara dipokano a dirisa dikgatiso tsa mokaulengwe yo o tlhokafetseng. Setlhopha seo se ne se na le dingwaga di le 20 se obamela Jehofa pele mmoledi mongwe a kopana le sone. Ka bonako fela lekala le ne la romela bakaulengwe gore ba thuse setlhopha seno ka dilo tsa semoya. Ka 2012, batho ba le 172 ba ne ba tla Segopotsong sa loso lwa ga Keresete mo motseng ono.

Bosheng jaana, go ntse go bonwa palo e e ntseng e oketsega ya ‘dinku tse di latlhegileng.’ Batho bano ke ba ba neng ba katogetse kgakala le phuthego kgotsa ba tlositswe mo go yone. Batho ba le bantsi ba ba ntseng jalo ba ba tshwanang le morwa wa sesenyi ba ile ba fetoga mme ba boela mo boammaaruring. Batho ba ga Jehofa ba ba amogetse ka diatla tsoopedi.—Luke 15:11-24.

Bamoseleme ba ba Peloephepa ba Amogela Boammaaruri

Fa moaposetoloi Paulo a ne a bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo, o ne a nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.” (1 Bakor. 9:22, 23) Ka tsela e e tshwanang, batlhanka ba ga Jehofa kwa Sierra Leone le Guinea ba fetotse tsela e ba buisanang le batho ka yone gore ba ngoke batho ba ba farologaneng. Ka sekai, akanya kafa baboledi bangwe ba bontshanang mabaka ka gone le batho ba ba sa tatalaleng ba Bamoseleme, setlhopha sa bodumedi se segolo go gaisa mo dinageng tseno ka bobedi.

Saidu Juanah, yo e kileng ya bo e le Momoseleme, o tlhalosa jaana: “Bamoseleme ba dumela gore Adame o dirilwe ka lorole mme gape ba dumela gore o simolotse a tshela kwa paradaiseng e e kwa legodimong. Gore ke ba thuse go tlhaloganya dilo sentle, ke ba botsa go re, ‘Lorole lo tswa kae?’

“Ba araba ka go re, ‘Mo lefatsheng.’

“Ke bo ke tswelela ka go re, ‘Jaanong Adame o tshwanetse a bo a bopilwe kae?’

“Ba araba ka go re, ‘Mo lefatsheng.’

“Gore ba kgone go tlhaloganya ntlha e ke ba e bolelelang, ke bala Genesise 1:27, 28 ke bo ke ba botsa jaana, ‘A batho ba ba nnang kwa legodimong ba na le bana?’

“Ba araba ka go re, ‘Nnyaa. Baengele ga se banna e bile ga se basadi.’

“Ke ba botsa go re, ‘Fa Modimo a ne a raya Adame le Efa a re ba nne le bana, ba tshwanetse ba bo ba ne ba le kae?’

“Ba araba ka go re, ‘Mo lefatsheng.’

“Ke botsa go re, ‘Jaanong fa Modimo a tsosolosa Paradaise, e tshwanetse go nna kae?’

“Ba araba ka go re, ‘Mono mo lefatsheng.’

Saidu o konela ka go re, “Go baya mabaka jalo ka Dikwalo go tlhotlheletsa Bamoseleme ba le bantsi ba ba peloephepa gore ba reetse mo go oketsegileng le go amogela dikgatiso tsa Baebele.”

Akanya ka Momoh, ralebenkele mongwe wa Momoseleme yo o neng a solofetse gore letsatsi lengwe o tla nna Imam (moeteledipele wa bodumedi jwa Bamoseleme). Fa barongwa ba Basupi ba ne ba bontshana mabaka le Momoh ka Dikwalo, o ne a batla go itse mo go oketsegileng. O ne a nna gone mo karolong ya thulaganyo ya kopano ya potologo mme a rata se a neng a se utlwa. Malatsi a le manè moragonyana, ene le mosadi wa gagwe e bong Ramatu le bana ba bone ba batlhano ba ne ba nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu. Go tswa foo Momoh o ne a simolola go ithuta Baebele ka tlhoafalo. Morago ga go ithuta makgetlo a le mmalwa o ne a tlogela go rekisa disekerete. O ne a bolelela batho ba ba rekang mo lebenkeleng la gagwe gore disekerete di kotsi mo bathong le gore Modimo ga a di amogele. Gape o ne a simolola go ithuta le mosadi wa gagwe le bana mo lebenkeleng la gagwe. Fa batho ba tla go reka ka nako ya thuto ya lelapa o ne a ba bolelela gore ba nne ba lete, a ba tlhalosetsa gore thuto eo e botlhokwa thata mo lelapeng la gagwe. Fa ene le Ramatu ba ne ba kwadisa lenyalo la bone kafa molaong, ba malapa a bone ba ne ba simolola go ba ganetsa mo go botlhoko. Momoh le Ramatu ga ba a ka ba kgobega marapo, go na le moo ba ne ba neela ba masika a bone bosupi ka bopelokgale mme kgabagare ba ne ba tlotla boitshwaro jwa bone jo bontle. Momoh o ne a kolobediwa ka 2008 mme Ramatu ene ka 2011.

Go Tsaya Madi a le Boitshepo

Batho ba ga Jehofa ba ngaparela melao ya Modimo ya boitsholo ka bopelokgale, go akaretsa le molao wa gagwe malebana le madi. (Dit. 15:29) Go leba dilo ga bone ka tsela eno go dirile gore ba tlotliwe ke badiredi ba ba ntseng ba oketsega ba tsa kalafi kwa Sierra Leone le Guinea.

Bakaulengwe ba gomotsa kgaitsadi mo bookelong

Ka 1978, bakaulengwe ba ne ba tsamaisa bukana ya Jehovah’s Witnesses and the Question of Blood ba e neela dingaka, baoki, batsamaisi ba dikokelo, babueledi le baatlhodi go ralala Sierra Leone. Ka bonako fela morago ga foo, kgaitsadi mongwe yo o neng a belega o ne a simolola go tshologa madi ka fa gare, mme dingaka di ne tsa gana go mo alafa kwa ntle ga go mo tshela madi. Le fa go ntse jalo, ngaka nngwe e ne ya dumela go mo thusa ka ntlha ya tshedimosetso e e rutang le e e utlwalang e a neng a e badile mo bukaneng ya Blood. Kgaitsadi yoo o ne a belega ngwana yo o itekanetseng wa mosimane mme a kokotlegela sentle.

Mo e ka nnang ka 1991, Dr. Bashiru Koroma, yo e leng ngaka e e arang kwa Kenema Hospital, o ne a bala boroutšhara jwa How Can Blood Save Your Life? E re ka a ne a kgatlhilwe ke se a neng a se bala, o ne a simolola go ithuta Baebele le go tla kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa mosimane mongwe wa Mosupi wa dingwaga di le robongwe a ne a tlhagelwa ke kotsi mme a gagoga lebete, dingaka tse di neng di mo alafa di ne tsa gana go mo ara ntle le madi. Di ne tsa bolelela batsadi ba mosimane jaana, “Tsayang ngwana wa lona a ye go swela kwa gae!” Batsadi ba ne ba ikgolaganya le Dr. Koroma, yo o neng a atlega go dira karo eo.

Go ise go ye kae, Dr. Koroma o ne a nna Mokaulengwe Koroma—mofemedi yo o ikanyegang wa kalafi e e dirwang ntle le madi. Dingaka tse dingwe di ne tsa mo kgaphela kwa thoko ka ntlha ya tsela e a dirang dilo ka yone mme balwetse ba gagwe ba ne ba nna ba fola sentle. Moragonyana, bangwe ba badirikaene ba ne ba simolola go kopa thuso mo go ene fa ba lebane le dikaro tse di raraaneng.

Fa e sale ka 1994, Lephatana la Tshedimosetso Kaga Dikokelo kwa lekaleng la Freetown le tlhomile Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo kwa Sierra Leone le kwa Guinea. Ka lorato dikomiti tseno di thusitse Basupi ba le bantsi ba ba lwalang tsa ba tsa tlhotlheletsa badiredi ba le bantsi ba tsa kalafi go alafa Basupi ba sa dirise madi.