Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Dirisana Sentle le Bana ba Gaetsho?

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Dirisana Sentle le Bana ba Gaetsho?

Kgaolo 6

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Dirisana Sentle le Bana ba Gaetsho?

Kamano ya gago le bana ba gaeno e ntse jang? Fa go ne go ka twe o iphe maduo a gareng ga 1 le 5 go lekanya kamano ya gago le bone, o ne o ka ipha bokae fa e le gore 1 o emela go se “utlwane sentle” mme 5 a emela go “utlwana tota”? ․․․․․

KA DINAKO tse dingwe bana ba motho ba utlwana fela thata. Ka sekai Felicia yo o nang le dingwaga di le 19 a re, “Nnake yo o nang le dingwaga di le 16 e bong Irena ke mongwe wa ditsala tsa me tse dikgolo.” Fa Carly wa dingwaga tse 17 a bua ka mogolowe e bong Eric wa dingwaga tse 20 a re: “Re ntshana seinong. Ga re ke re lwa.”

Le fa go ntse jalo, go na le bangwe ba le bantsi ba kamano ya bone e tshwanang le ya Lauren le Marla. Lauren a re: “Re lwa ka sengwe le sengwe fela. Ga go kgathalesege gore se sennye kgotsa se segolo go le kae.” Kgotsa gongwe o ikutlwa jaaka Alice wa dingwaga tse 12 yo o buang jaana ka kgaitsadie e bong Dennis wa dingwaga tse 14: “O a ntshera! O phasumela fela mo phaposing ya me a bo a itseela dilo tsa me a sa nkopa. Ruri Dennis ga a gole!”

A o na le mogoloo kgotsa monnao yo o go serang? Ke boammaaruri gore batsadi ba gago ba na le boikarabelo jwa go boloka dilo di tsamaya ka thulaganyo mo lapeng. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae o tla tshwanelwa ke go ithuta go dirisana sentle le batho ba bangwe. O ka ithuta seo fa o sa ntse o nna kwa lapeng.

Akanya ka dikgotlhang tse o nnileng le tsone le mogoloo kgotsa le monnao. Ke eng se lo lwang thata ka sone? Leba lenaane le le fa tlase mme o tshwaye ka ✔ go lebagana le tiragalo e e go galefisang thata!

Dilwana tsa me. Nkgonne kgotsa nnake o “ikadima” dilwana tsa me a sa nkopa.

Botho jo bo sa tshwaneng. Nkgonne kgotsa nnake o dira dilo ka bogagapa kgotsa a sa akanye pele kgotsa o leka go laola botshelo jwa me.

Go ntlotla le go tlotla dilo tsa me. Nkgonne kgotsa nnake o tsena fela mo phaposing ya me a sa kokote kgotsa o bala melaetsa ya me ya e-mail le ya founo a sa nkopa.

Tse dingwe ․․․․․

Fa ka metlha mogoloo kgotsa monnao a go sera—a batla go go laola kgotsa a sa tlotle dilo tsa gago—go ka nna thata gore o se ka wa mo galefela. Mme gone seane sa Baebele sa re: “Go tamola nko go ntsha madi, go tlhotlheletsa bogale gone go tlisa komano.” (Diane 30:33) Fela jaaka go tamola nko go ka dira gore e tswe madi, go tshwara sekgopi le gone go tla dira gore o phatloge ka bogale. Mme seo se tla gakatsa bothata. (Diane 26:21) O ka dira eng gore bothata jo bo sa reng sepe bo se ka jwa fetoga komang e e bogale? Kgato ya ntlha ke go itse se tota bothata e leng sone.

A ke Se se Diregang Kgotsa ke se Tota Bothata e Leng Sone?

Mathata fa gare ga bana ba motho a tshwana le dipeisi. Fa o e leba ka fa ntle, ga e lebege sentle, mme gone e bakiwa ke go tshwaediwa ke megare mo teng. Ka tsela e e tshwanang, gantsi komang fa gare ga bana ba motho e bontsha gore go na le sengwe se tota se bakang bothata jono.

O ka nna wa leka go alafa peisi ka go e tamola. Mme gone, o tla bo o alafa fela seso se se fa godimo, o ka nna wa sala o na le lebadi kgotsa wa gakatsa tshwaetso e e mo teng. Tsela e e molemo ya go fodisa peisi eno ke go alafa tshwaetso eno gore o se ka wa tswa dipeisi tse dingwe. Go ntse jalo le ka mathata a o nnang le one le bana ba gaeno. Ithute go batla se tota se bakang bothata, mme o tla kgona go tlodisa matlho se se diregang ka nako eo mme lo lebane le se e leng modi wa bothata. Gape o tla kgona go dirisa kgakololo ya Kgosi e e botlhale e bong Solomone yo o neng a kwala jaana: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.”—Diane 19:11.

Ka sekai, Alice yo o umakilweng kwa godimo o ne a bua jaana ka kgaitsadie e bong Dennis, “O phasumela fela mo phaposing ya me a bo a itseela dilo tsa me a sa nkopa.” Seo ke sone se se diregang. Mme gone o akanya gore tota bothata ke eng? Gongwe bo ka tswa bo amana le tlotlo. Alice a ka nna a leka go rarabolola bothata jono ka go bolelela Dennis gore a se tlhole a tsena mo phaposing ya gagwe kgotsa a dirisa dilo tsa gagwe. Mme gone tsela eno e rarabolola fela matshwao a bothata e bile gongwe e ka gakatsa bothata le go feta. Le fa go ntse jalo, fa Alice a ka leka go tlhatswa Dennis pelo a mmontsha gore o tshwanetse go mo tlotla le go tlotla dilo tsa gagwe, ga go pelaelo gore kamano ya bone e ka tokafala.

Ithute go Rarabolola Mathata Kgotsa Tila Dikgotlhang

Ke boammaaruri gore go lemoga se tota se bakang bothata fa gare ga gago le monnao kgotsa mogoloo ga go rarabolole bothata gotlhelele. O ka dira eng go rarabolola bothata le go dira gore lo se ka lwa nna le kgotlhang gape mo nakong e e tlang? Leka go dirisa dikakantsho tseno tse thataro.

1. Dumalanang ka go baya melao mengwe ya motheo. Batla gore ke eng se o tshwaileng gore ke sone se bakileng kgotlhang fa gare ga gago le monnao kgotsa mogoloo. Lekang go bona gore a ga lo ka ke lwa baya melao mengwe e loobabedi lo dumalanang ka yone le e e tla thusang go rarabolola se tota e leng bothata. Ka sekai, fa e le gore lo lwa ka ntlha ya dilwana tsa gago, Molao 1 e ka nna: “Ka metlha o tshwanetse go kopa pele ga o tsaya selo sa motho yo mongwe.” Molao 2 e ka nna: “Tlotla tshwanelo e monnao kgotsa mogoloo a nang le yone ya go re, ‘Nnyaa ga o ka ke wa dirisa selo seo.’” Fa lo dira melao eno, akanyang ka taelo eno ya ga Jesu: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Fa o dira jalo, o tla baya melao e wena le mogoloo kgotsa monnao lo tla kgonang go e latela. Go tswa foo, tlotlang le batsadi ba lona ka tshwetso eno go tlhomamisa gore ba dumalana le maleo e lo e beileng.—Baefeso 6:1.

2. Le wena tlotla melao eo. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Le fa go ntse jalo, a wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute? Wena, yo o rerang o re ‘O se ka wa utswa,’ a o a utswa?” (Baroma 2:21) O ka dirisa jang molaomotheo oo? Fa o batla gore monnao kgotsa mogoloo a go tlotle a bo a tlotle dilo tsa gago, le wena o tshwanetse go kokota pele ga o tsena mo phaposing ya gagwe kgotsa o mo kope pele ga o bala melaetsa ya gagwe ya e-mail kgotsa ya founo.

3. O se ka wa kgopisega ka bonako. Ke eng fa eno e le kgakololo e e molemo? Ka gonne fela jaaka seane sa Baebele se tlhalosa, “dieleele ke tsone fela di galefang ka bonako le go boloka sekgopi.” (Moreri 7:9, Contemporary English Version) Fa o kgopisega motlhofo, o tla sulafalelwa ke botshelo. Ke boammaaruri gore bana ba gaeno ba tla bua dilo tse di go kgopisang. Mme gone ipotse, ‘A le nna nkile ka mo dira se se tshwanang mo nakong e e fetileng?’ (Mathaio 7:1-5) Jenny a re: “Fa ke ne ke le dingwaga di le 13, ke ne ke akanya gore ke botlhale go gaisa batho botlhe, le gore se ke se akanyang ke sone sa botlhokwa e bile se tshwanetse go reediwa. Ke sone se nnake jaanong a se dirang. Ka jalo, ke leka ka natla gore ke se ka ka kgopisiwa ke dilo tse a di buang.”

4. Itshwarele mme o lebale. Lo tshwanetse go bua ka mathata a a masisi le go a rarabolola. Mme gone, a seno se raya gore o tshwanetse go sekisa monnao kgotsa mogoloo ka phoso nngwe le nngwe e a e dirang? Jehofa Modimo o itumela tota fa o iketleeleditse “go tlhokomologa tlolo.” (Diane 19:11) Alison wa dingwaga tse 19 a re: “Gantsi nna le nnake Rachel re kgona go rarabolola dikgotlhang tsa rona. Roobabedi re kopa maitshwarelo ka bonako mme re tlhalose gore ke eng se re akanyang gore ke sone se se bakileng bothata. Ka dinako tse dingwe, ke ema go fitlha mo letsatsing le le latelang gore ke nne le nako e e lekaneng ya go akanya ka bothata. Gantsi mo letsatsing le le latelang ga ke tlhole ke galefisitswe ke se se diregileng e bile ke bona go sa tlhokege gore re bue ka gone.”

5. Kopa batsadi ba lona gore ba tsereganye. Fa wena le ngwana wa gaeno lo sa kgone go rarabolola kgang nngwe ya botlhokwa, gongwe batsadi ba lona ba ka lo thusa go dira kagiso. (Baroma 14:19) Le fa go ntse jalo, se lebale gore fa lo kgona go rarabolola mathata a lona lo sa tsenye batsadi mo teng, seo se bontsha gore tota lo godile.

6. Anaanela dinonofo tse di molemo tsa bana ba gaeno. Bana ba gaeno ba tshwanetse ba bo ba na le dinonofo dingwe tse o di ratang. Kwala selo se le sengwe se o se ratang ka mongwe le mongwe wa bone.

Leina

․․․․․․

Se ke se ratang

․․․․

Go na le go nna o akantse ka diphoso tsa bana ba gaeno, ke eng fa o sa batle tshono ya go ba bolelela dilo tse o di ratang ka bone?—Pesalema 130:3; Diane 15:23.

Baebele e a dumela gore ga se ka metlha mogoloo kgotsa monnao e ka nnang tsala e o ntshanang seinong le yone. (Diane 18:24) Mme gone, lo ka nonotsha botsala jwa lona fa lo ‘tswelela lo itshokelana’ tota le fa go na le “lebaka la go ngongorega.” (Bakolosa 3:13) Fa o dira jalo, o tla bona bana ba gaeno ba sa go sere go le kalo. Mme gongwe le wena o ka se ba sere go le kalo!

MO KGAOLONG E E LATELANG

O itse jang gore tota o setse o siametse go tswa mo gae?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.”—Bafilipi 4:5

KAKANTSHO

Fa e le gore o na le ngwana wa gaeno yo go leng thata go dirisana le ene, leba dilo ka tsela e e tshwanetseng—monnao kgotsa mogoloo o go thusa go nna le dinonofo tse di molemo tse o tla di tlhokang nako nngwe mo botshelong!

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Fa o fuduga mo lapeng, ka dinako tse dingwe o tla bo o dikologilwe ke batho ba ba go serang—ba o berekang le bone le ba bangwe ba gongwe ba tla bong ba le makgakga, ba sa kgathale e bile ba sa akanyetse. Fa o sa ntse o le mo lapeng, eo ke yone nako ya go ithuta go lebana le dikgwetlho tseno ka katlego.

SE KE SE IKAELETSENG!

Melao mengwe e re ka e tlhomang e nna le nnake kgotsa nkgonne re dumalanang ka yone ke ․․․․․

Nka se sere nnake kgotsa nkgonne go le kalo fa ke ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa go le botlhokwa go bona pharologanyo fa gare ga se se diregang le se tota bothata e leng sone?

● O akanya gore go nna le bana ba gaeno go na le melemo efe?

[Mafoko a a mo go tsebe 46]

“Fa ke ne ke se na bonnake le bonkgonne, nkabo ke se na sepe se se molemo se se nkgopotsang dinako tse di monate tsa fa re ne re gola. Tota nka raya batho ba ba nang le bomogoloabone le bomonnaabone ke re, ‘Ba anaaneleng!’’’—Marilyn

[Lebokoso mo go tsebe 42]

Kaedi

Batla se Tota Bothata e Leng Sone

A o batla go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go lemoga se tota se bakang bothata fa gare ga gago le bana ba gaeno? Fa go le jalo, bala setshwantsho sa ga Jesu sa morwa yo o neng a tlogela legae mme a ya go senya boswa jwa gagwe. (Luke 15:11-32) Ela tlhoko tsela e mogolowe a neng a itshwara ka yone fa monnawe a boela mo gae. Go tswa foo, o arabe dipotso tse di latelang.

Ke tiragalo efe e e neng ya tlhotlheletsa morwa yo mogolo gore a itshware ka tsela e a ileng a itshwara ka yone?․․․․․

O akanya gore tota bothata e ne e le eng?․․․․․

Rre o ile a leka go rarabolola bothata jono ka tsela efe?․․․․․

Morwa yo mogolwane o ne a tshwanetse go dira eng go rarabolola bothata? ․․․․․

Jaanong, akanya ka kgotlhang e o nnileng le yone bosheng jaana le monnao kgotsa mogoloo. Go tswa foo kwala dikarabo tsa gago go bapa le dipotso tse di fa tlase.

Ke tiragalo efe e e bakileng bothata?․․․․․

O akanya gore tota bothata e ka tswa e le eng?․․․․․

Ke melao efe e lo dumalanang ka yone e lo ka e bayang e e tla lo thusang go rarabolola bothata jono le go dira gore lo se ka lwa nna le dikgotlhang tse dingwe gape?․․․․․

[Setshwantsho mo go tsebe 43]

Mathata fa gare ga bana ba motho a tshwana le dipeisi—gore o di fodise, ga o a tshwanela go alafa matshwao a bothata fela, o tshwanetse go alafa se tota se bakang bothata