Ke Eng fa ke Tshaba Go bua Ka Tumelo Ya me Kwa Sekolong?
Kgaolo 17
Ke Eng fa ke Tshaba Go bua Ka Tumelo Ya me Kwa Sekolong?
“Ke ne ke bulegetswe ke ditshono tse dintsi tota tsa go bua ka se ke se dumelang kwa sekolong. Mme ga ke a ka ka di dirisa.”—Kaleb.
“Morutabana wa rona o ne a re botsa mo tlelaseng gore re akanya eng ka thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe. Ke ne ke itse gore eno e ne e le tshono e ntle ya gore ke bue ka tumelo ya me. Le fa go ntse jalo, ke ile ka tshoga thata mme ka se ka ka bua sepe. Morago ga foo, ke ile ka swaba tota.”—Jasmine.
FA E le gore o mosha wa Mokeresete, gongwe le wena o kile wa ikutlwa jaaka Kaleb le Jasmine. Fela jaaka bone, o ka tswa o rata dithuto tsa boammaaruri tse o di ithutileng mo Baebeleng. E bile o ka tswa o batla go di bolelela ba bangwe. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o boifa thata fa o akanya fela kgang ya go bua ka tumelo ya gago. Mme gone, o ka ithuta go nna pelokgale. Jang? Dirisa dintlha tse di latelang:
1. Itse se o se tshabang. Fa o akanya go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago, go motlhofo go akanya ka sengwe se se maswe se se ka diregang! Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe o ka fokotsa poifo ya gago ka go kwala dilo tse o di tshabang.
Feleletsa seele se se latelang:
● Selo se ke tshabang gore se ka direga fa nka bua ka dilo tse ke di dumelang kwa sekolong ke: ․․․․․
O ka gomodiwa ke go itse gore dilo tse o di tshabang di ka tswa di tshwana le tse basha ba bangwe ba Bakeresete ba di tshabang. Ka sekai, Christopher wa dingwaga tse 14 a re: “Ke tshaba gore bana ba bangwe ba tla ntshega mme ba bo ba bolelela mongwe le mongwe gore ga ke tshwane le batho ba bangwe.” Mme Kaleb yo o umakilweng kwa tshimologong a re, “Ke ne ke tshwenngwa ke gore mongwe a ka mpotsa potso mme ke bo ke palelwa ke go mo araba.”
2. Lebana le kgwetlho. A go na le lebaka la go bo o boifa? Gongwe go ntse jalo, Ashley wa dingwaga tse 20 a re: “Bana bangwe ba itira e kete ba kgatlhegela dilo tse ke di dumelang. Morago ga moo, ba fetola se ke se buileng ba bo ba tshega ka nna fa pele ga ba bangwe.” Nicole wa dingwaga tse 17 o ne a diragalelwa ke seno: “Mosimane mongwe o ne a bapisa mafoko a temana nngwe mo Baebeleng ya gagwe le a a leng mo go ya me mme mafoko a a dirisitsweng *
foo a ne a sa tshwane. O ne a re Baebele ya me e fetotswe. Ke ne ka sala ke gamaregile! Ke sa itse gore ke reng.”Maemo a a tshwanang le ano a ka lebega a tshosa tota! Mme go na le gore o tshabe, amogela dikgwetlho tse di ntseng jalo fela jaaka di ntse—e le tsela e botshelo jwa Mokeresete bo ntseng ka yone. (2 Timotheo 3:12) Matthew wa dingwaga tse 13 a re: “Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba tla bogisiwa, ka jalo ga re ka ke ra lebelela gore mongwe le mongwe a re rate ka ntlha ya se re se dumelang.”—Johane 15:20.
3. Akanya ka melemo. A tiragalo nngwe e e lebegang e sa itumedise e ka go solegela molemo? Amber wa dingwaga tse 21 o akanya jalo. A re: “Go thata go tlhalosetsa batho ba ba sa tlotleng Baebele ka tumelo ya gago, mme gone go go thusa go tlhaloganya se o se dumelang botoka.”—Baroma 12:2.
Sekaseka gape tiragalo e o e tlhalositseng mo Ntlheng ya 1. Akanya bobotlana ka dilo di le pedi tse seemo seno se ka go solegelang molemo ka tsone mme o di kwale fa tlase fano.
1 ․․․․․
2 ․․․․․
Kakantsho: Go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago, go ka nna ga fokotsa jang kgatelelo ya balekane e o lebanang le yone? Go bua ka se o se dumelang go ka ama jang tsela e o itshepang ka yone? Diane 23:15.
Tsela e o ikutlwang ka yone ka Jehofa Modimo? Tsela e a ikutlwang ka yone ka wena?—4. Nna o ipaakantse. Diane 15:28 ya re: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.” Mo godimo ga go tlhatlhanya ka se o tla se buang, leka go akanyetsa dipotso tse ba bangwe ba ka di botsang. Dira dipatlisiso ka ditlhogo tseo mme o akanyetse dikarabo tse o ka gololesegang go di ba neela.—Bona tšhate e e reng, “Akanyetsa Tsela e o Tla Arabang ka Yone,” e e mo tsebe 127.
5. Simolola. Fa o setse o ipaakanyeditse go bua ka se o se dumelang, o ka simolola jang? Go na le ditsela tse o ka di tlhophang. Tota re ka re, go bua ka tumelo ya gago go tshwana ka tsela nngwe le go thuma: Batho bangwe ba tsena ka iketlo mo metsing; ba bangwe bone ba thabuela fela mo metsing. Ka tsela e e tshwanang, o ka simolola motlotlo ka setlhogo se se sa amaneng le bodumedi mme ka iketlo o bone gore a motho yono o a kgatlhega. Mme fa o tshwenyega thata ka gore go tla direga eng, o ka nna wa bona go le molemo gore o tsene fela mo motlotlong ka tlhamalalo. (Luke 12:11, 12) Andrew wa dingwaga tse 17 a re: “Ka metlha go akanya ka go bua le batho ka tumelo ya me go ne go le thata go gaisa go go dira. Fa ke setse ke simolotse motlotlo, go ne go nna motlhofo tota go gaisa kafa ke neng ke akantse ka gone!” *
6. Nna botlhale. Solomone o ne a re: “Ka metlha batho ba ba botlhale ba a akanya pele ga ba dira sengwe.” (Diane 13:16, Today’s English Version) Fela jaaka o ka se ka wa itatlhela mo metsing a a seng boteng, nna kelotlhoko gore o se ka wa tlolela mo dikganetsanong tse di sa lo iseng gope. Gakologelwa gore go na le nako ya go bua le nako ya go didimala. (Moreri 3:1, 7) Ka dinako tse dingwe, tota le Jesu o ne a gana go araba dipotso.—Mathaio 26:62, 63.
Fa o tlhopha go araba, o ka nna wa araba ka bokhutshwane mme o dira jalo ka botlhale. Ka sekai, fa moithuti ka wena a go botsa gore ‘Ke eng fa o sa goge motsoko?’ o ka nna wa re, ‘Ka gonne ga ke batle go kgotlela mmele wa me!’ Go ikaegile ka gore o ile a go araba jang, o ka nna wa swetsa ka gore o tlhalose go ya pele ka se o se dumelang kgotsa wa tlhopha gore o se ka wa tswelela.
Dikgato tse thataro tse go tlotlilweng ka tsone mo kgaolong eno, di ka go thusa gore o ‘iketleeletse go femela’ tumelo ya gago. (1 Petere 3:15) Gone ke boammaaruri gore go nna o iketleeleditse ga go reye gore ga o ka ke wa tshoga. Le fa go ntse jalo, Alana wa dingwaga tse 18 a re: “Fa o tlhalosa dilo tse o di dumelang le fa o tshaba, go dira gore o ikutlwe o fitlheletse sengwe—o fentse poifo ya gago mme o nnile pelokgale le fa o ne o itse gore dilo di ka nna tsa se ka tsa go tsamaela sentle. Mme fa di go tsamaela sentle, o tla ikutlwa botoka le go feta! O tla itumelela gore o ile wa nna le bopelokgale jwa go bua.”
A o nna o gateletswe mo maikutlong fa o le kwa sekolong? Bona kafa o ka fenyang bothata jono ka gone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 10 Dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele di dirisa mafoko a a sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, dingwe di ranotswe ka tsela e dipuo tsa ntlhantlha tsa Baebele di neng di kwadilwe ka yone.
^ ser. 18 Bona lebokose le le reng, “Ditsela Tsa go Simolola Motlotlo” mo tsebeng e e fetileng.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
‘Ka metlha iketleeletse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o go batlang lebaka la tsholofelo e e mo go wena, mme o dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.’—1 Petere 3:15.
KAKANTSHO
Go na le go bolelela bana ba o tsenang tlelase le bone se ba tshwanetseng le se ba sa tshwanelang go se dumela, bua o tlhatswegile pelo se wena o se dumelang, o bo o tlhalose gore ke eng o dumela gore mabaka a gago a a utlwala.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Bana bangwe ba o tsenang sekolo le bone ba ka go tlotla ka ntlha ya go bo o ngaparetse melao ya Baebele ya boitsholo mme ba ka nna ba tlhabiwa ke ditlhong go go botsa se o se dumelang.
SE KE SE IKAELETSENG!
Moithutikanna yo nka buang le ene ka se ke se dumelang ke [kwala bobotlana leina la motho a le mongwe] ․․․․․
Kgang e ke akanyang gore e tla kgatlha motho yoo thata ke ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● O akanya gore ke ka ntlha yang fa baithuti ka wena ba go sotla ka se o se dumelang?
● Fa o tlhopha go bua ka se o se dumelang, ke eng fa go le botlhokwa gore o bue o tlhatswegile pelo?
[Mafoko a a mo go tsebe 126]
“Fa ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ke sa batle go farologana le bana ba bangwe. Mme moragonyana ke ne ka lemoga gore tumelo ya me e nthusa go nna le botshelo jo bo botoka. Go lemoga seo go ile ga nthusa gore ke itshepe—ga dira gore ke nne motlotlo ka se ke se dumelang.’’—Jason
[Lebokoso mo go tsebe 124]
Ditsela Tsa go Simolola Motlotlo
● “O tlile go dira eng ka malatsi a boikhutso?” [Fa a sena go araba, umaka dithulaganyo tsa semoya tse o di dirileng, tse di jaaka go ya kopanong e kgolo kgotsa go oketsa bodiredi jwa gago.]
● Umaka sengwe se o se utlwileng mo dikgannyeng mme o bo o botsa jaana: “A o utlwile ka kgang eno? O akanya eng ka yone?”
● “A o akanya gore maemo a lefatshe a tsa madi [kgotsa bothata bongwe] a tla tokafala? [Mo letle gore a arabe.] Ke eng fa o akanya jalo?”
● “A o motho wa bodumedi?”
● “O akanya gore dingwaga tse tlhano tse di tlang botshelo jwa gago bo tla bo bo ntse jang?” [Fa a sena go go araba, mo tlhalosetse se o se dumelang.]
[Tšhate mo go tsebe 127]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Kaedi
Akanyetsa Tsela e o Tla Arabang ka Yone
Dira khopi!
Kakantsho: Tlotla ka tšhate eno le batsadi ba gago le basha ba bangwe ba Bakeresete. Tlatsa tšhate eno. Mme o bone gore a go na le dipotso tse dingwe tse baithuti ka wena ba ka di botsang mme o akanyetse dikarabo tse o ka ba arabang ka tsone o gololesegile.
Potso Karabo Potso Karabo
e e Latelang
Ke eng fa → Ke rata naga → Jaanong a ga o → Nnyaa,
o sa obamele e ke nnang mo ka ke wa lwela tota le
Boitlhaodi folaga? go yone mme ga naga ya dimilione
A ga o rate ke e obamele. gaeno? tsa Basupi ba
naga ya gaeno? ga Jehofa ba
kwa dinageng
tse dingwe,
ga ba ka ke
ba lwantshana
le naga eno.
Ke eng fa → Ke amogela → Mme go tweng → ․․․․․
o sa dikalafi fa e le gore
dumele tsa mofuta o tla swa
go tshelwa o mongwe fa o sa tshelwe
madi? —tse di madi?
ka se kang A Modimo
tsa ntsenya ga a ka ke
mo kotsing ya a go
go tsenwa ke itshwarela?
malwetse a jaaka
Madi AIDS kgotsa
hepatitis.
Tota e bile,
Baebele ya
re re ithibe
mo mading,
ka jalo le
fa ke amogela
dikalafi tse
dingwe, ga ke
batle go
tshelwa madi.
Semangmang → Re rutiwa → A seo ga se → ․․․․․
ke mongwe dilo tse boitimokanyi?
wa bodumedi Modimo a
jwa lona mme di batlang
o dirile mme gone re
Dilo sennanne. na le
Tse Ke eng fa kgololesego
o Di le wena ya go
Ttlho- o sa se itlhophela!
phang dire? Mongwe le
mongwe o
itlhophela
tsela e
a batlang
go e latela.
Ke ka → Ke eng → ․․․․․ → ․․․․․
ntlha fa ke
yang fa tshwanetse
o sa go dumela
dumele seo?
Popo gore Tota le
ditshedi baitsesaense
di ga ba
iphetogela dumele
ka botsone mo go yone
go nna tse mme ke bone
dingwe? ba re
tsayang
gore ke
bomankge!
[Setshwantsho mo go tsebe 125]
Go bua ka tumelo ya gago go tshwana le go thuma. O ka tlhopha go tsena ka iketlo mo metsing—kgotsa wa thabuela fela!