Boammaaruri ka Maselamose le Boloi
Karolo 5
Boammaaruri ka Maselamose le Boloi
1. Go dumela mo maselamoseng le mo boloing go aname go le kana kang?
BUKA ya African Traditional Religion ya re: “Mo Afrika, ga go thuse go simolola ka go botsa gore a baloi ba teng kgotsa nnyaa.” E bo e oketsa ka gore “mo Maafrikeng otlhe boloi ke selo se se leng teng.” Batho ba ba sa rutegang le ba ba rutegileng ba dumela mo maselamoseng le mo boloing. Baeteledipele ba bodumedi ba Mamoseleme le ba Labokeresete le bone ba dumela mo go jone.
2. Batho ba bantsi ba dumela gore maatla a maselamose a tswa kae?
2 Batho ba bantsi mo Afrika ba dumela gore go na le maatla mangwe a masaitsiweng, a semoya. A laolwa ke Modimo. Meya le bagologolwane ba kgona go a dirisa. Batho bangwe le bone ba itse kafa ba ka bonang maatla ano ka teng le go a dirisa, e ka tswa e le ka tsela e e molemo (maselamose a a sireletsang) kgotsa ka tsela e e bosula (maselamose a a gobatsang).
3. Maselamose a a gobatsang ke eng, mme batho ba dumela gore a kgona go dirang?
3 Maselamose a a gobatsang a dirisiwa mo babeng. Go dumelwa gore ba ba a dirisang ba na le maatla a go romela bomamanthwane, dinonyane, dintsi le diphologolo tse dingwe go ya go tlhasela batho. Go dumelwa gore maselamose a a gobatsang ke one a a bakang dintwa, a a dirang gore batho ba se ka ba kgona go tshola bana, a a lwatsang batho le go ba bolaya.
4. Batho ba le bantsi ba dumela eng ka baloi, mme ke eng se batho bangwe ba e kileng ya bo e le baloi ba boletseng gore ba ne ba se dira?
4 Selo se sengwe gape se se amanang le maselamose a a gobatsang ke boloi. Ga twe baloi ba tlogela mebele ya bone bosigo ba bo ba fofa, ba ya go kopana le baloi ba bangwe kgotsa ba ya go tlhasela batho. Ka gonne mebele ya baloi bano e sala e robetse mo malaong a bone, tsela e le nngwe ya go tshegetsa se se buiwang ke fa batho ba e kileng ya bo e le baloi ba bolela gore seo se a kgonega. Ka sekai, makasine mongwe wa Afrika o nopola batho bangwe ba e kileng ya bo e le baloi (ba bontsi jwa bone e neng e le basha ba basetsana) ba re: “Ke bolaile batho ba le 150 ka go ba tlhagisetsa dikotsi tsa dikoloi.” “Ke bolaile bana ba le batlhano ka go ba monya madi otlhe.” “Ke bolaile basimane ba le bararo ba ke neng ke ratana le bone ka gonne ba ne ba ntatlhile.”
5. Maselamose a a sireletsang ke eng, mme a dirisiwa jang?
5 Maselamose a a sireletsang one go tsewa
gore a sireletsa batho gore ba se ka ba tlhagelwa ke bosula. Ba ba dirisang maselamose a a sireletsang ba rwala dipalamonwana le maseka a maselamose. Ba nwa melemo ya go itshireletsa kgotsa ba e tshasa mo mebeleng ya bone. Ba fitlha dilwana mo magaeng a bone tse go dumelwang gore di a ba sireletsa kgotsa ba di epela mo mmung. Ba ikanya maseka a maselamose a a kwadilweng mafoko a Koran kgotsa a Baebele.Maaka le Tsietso
6. Ke eng se Satane le madimona a gagwe ba se dirileng mo nakong e e fetileng, mme re tshwanetse go leba jang maatla a ba nang le one?
6 Ke boammaaruri gore Satane le madimona a gagwe ke baba ba ba kotsi mo bathong. Ba na le maatla a go tlhotlheletsa megopolo le matshelo a batho, mme mo nakong e e fetileng ba ne ba tsena mo bathong le mo diphologolong ba bo ba ba laola. (Mathaio 12:43-45) Le fa gone re sa tshwanela go nyatsa maatla a ba nang le one, mme gape ga re a tshwanela go a tshaba go feta selekanyo.
7. Ke eng se Satane a batlang gore re se dumele, mme seno se tshwantshiwa jang?
7 Satane ke motsietsi yo mogolo thata. O tsietsa batho gore ba akanye gore o na le maatla a a fetang a tota a nang le one. Ka sekai: Ka nako ya ntwa nngwe ya bosheng jaana mo nageng nngwe ya Afrika, masole a ne a dirisa digodisamodumo go tshosa baba ba bone. Pele ga ba tlhasela, masole ano a ne a tshamekela modumo wa go thunya ga ditlhobolo kwa godimo thata. Ba ne ba batla gore baba ba bone ba akanye gore ba tlhaselwa ke mophato o o nang le dibetsa tse di nonofileng. Ka tsela e e tshwanang Satane o batla gore batho ba dumele gore o na le maatla a magolo thata. O batla go tshosa batho gore ba dire thato ya gagwe e seng thato ya ga Jehofa. Jaanong a re sekasekeng maaka a mararo a Satane a batlang gore batho ba a dumele.
8. Maaka mangwe a Satane a a buelelang ke afe?
8 Maaka a ntlha a Satane a a buelelang ke ano: Ga go na sepe se se kotsi se se itiragalelang fela; sengwe le sengwe se se bosula se se sa bakiweng ke motho mongwe ka tlhamalalo se bakwa ke maatla mangwe a masaitsiweng. Ka sekai, a re re ngwana o swa a bolawa ke malaria. Mmaagwe a ka nna a bo a itse gore malaria ke bolwetse jo bo tlisiwang ke menang. Mme gape a ka nna a bo a dumela gore mongwe o mo loile ka go romela monang gore o lome ngwana wa gagwe.
9. Baebele e bontsha jang gore Satane ga a bake mathata otlhe?
9 Le fa Satane a na le maatla a go bakela batho mathata mangwe, go phoso go dumela gore ke ene a bakang mathata otlhe. Baebele ya re: “Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa, le fa e le ba ba botlhale ga ba na dijo, le fa e le ba ba tlhaloganyang ga ba na dikhumo, le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo; ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Motabogi mongwe mo lobelong a ka nna a bo a le lebelo go feta ba bangwe, mme a ka nna a se ka a fenya lobelo. ‘Tiragalo nngwe e e sa bonelwang pele’ e ka nna ya dira gore a se ka a fenya. Gongwe a ka kgotšwa ke sengwe a bo a wa kgotsa a ka lwala kgotsa mesifa ya gagwe ya gagamala. Dilo tseno di ka diragalela mongwe le mongwe fela. Ga se gore di bakwa ke Satane, e bile ga se boloi; di itiragalela fela.
10. Ke eng se se bolelwang ka baloi, mme re itse jang gore seo ke maaka?
10 Maaka a bobedi a Satane a a buelelang ke gore: Baloi ba tlogela mebele ya bone mme ba
tsamaya bosigo ba ya go kopana le baloi ba bangwe kgotsa ba ya go tlhasela batho. Jaanong a ko o ipotse: ‘Fa e le gore baloi ba kgona go dira jalo, ke eng se tota se tswang mo mmeleng?’ Jaaka re bone, moya (soul) ke motho ka boene, e seng sengwe se se kgonang go tswa mo mothong. Mo godimo ga moo, moya (spirit) ke maatla a botshelo a a nayang mmele maatla mme ga o kgone go dira sepe fa o se mo mmeleng.11. Re itse jang gore baloi ga ba ka ke ba tlogela mebele ya bone, mme a o dumela seno?
11 Moya (soul) le moya (spirit) ga o ka ke wa tswa mo mmeleng go ya go dira sengwe, e ka tswa e le se se molemo kgotsa se se bosula. Ka jalo, baloi ga ba ka ke ba tlogela mebele ya bone. Tota ga ba dire dilo tse ba bolelang gore ba a di dira kgotsa tse ba akanyang gore ba di dirile.
12. Satane o dira jang gore batho ba dumele gore ba dirile dilo tse ba sa di dirang?
12 Mme re ka tlhalosa jang dilo tse batho ba e neng e le baloi ba bolelang gore ba ne ba di dira? Satane o kgona go dira gore batho ba akanye gore ba bone dilo tse ba sa di bonang. Satane o kgona go dirisa dipono go dira gore batho ba akanye gore ba bone, ba utlwile, e bile ba dirile dilo tse ba sa di bonang, tse ba sa di utlwang, le tse ba sa di dirang. Ka tsela eno Satane o solofela gore o tla dira gore batho ba hularele Jehofa a bo a dira gore ba akanye gore Baebele ga e bue boammaaruri.
13. (a) A maselamose a a sireletsang a molemo? (b) Dikwalo tsa reng ka maselamose?
13 Maaka a boraro ke ano: Maselamose a a sireletsang—maselamose a a lwantshanang le maselamose a a gobatsang—a siame. Baebele ga e farologanye maselamose a a gobatsang mo go a a sireletsang. E nyatsa mefuta yotlhe ya maselamose. Akanya ka melao e Jehofa a neng a e naya setšhaba sa Iseraele malebana le maselamose le ba ba a dirisang:
● “Lo se ka lwa dira maselamose.”—Lefitiko 19:26.
● “Mme fa e le monna kgotsa mosadi yo go supegang go na le moya o o buang le meya mo go ene kgotsa moya o o bolelelang pele, ruri ba bolawe.”—Lefitiko 20:27.
● “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope . . . yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang Duteronome 18:10-14.
ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya.”—14. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tlhoma melao e e neng e iletsa maselamose?
14 Melao eno e ne e bontsha sentle gore Modimo ga a batle gore batho ba gagwe ba dirise maselamose. Jehofa o ne a naya batho ba gagwe melao eno ka gonne a ba rata mme a sa batle ba nna makgoba a poifo le go dumela mo botlhoding. O ne a sa batle ba gatelelwa ke madimona.
15. Baebele e bontsha jang gore Jehofa o maatla thata go feta Satane?
15 Le mororo Baebele e sa bue dintlha tsotlhe malebana le se madimona a kgonang go se dira le se a sa kgoneng go se dira, e a bontsha gore Jehofa Modimo o maatla thata go feta Satane le madimona a gagwe. Jehofa o ne a dira gore Satane a lelekwe kwa legodimong. (Tshenolo 12:9) Ela tlhoko gape gore Satane o ne a kopa tetla ya go leka Jobe mme a ikobela tlhagiso ya Modimo ya gore a se ka a bolaya Jobe.—Jobe 2:4-6.
16. Re tshwanetse go leba kwa go mang gore a re sireletse?
16 Diane 18:10 ya re: “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.” Ka jalo re tshwanetse go leba kwa go Jehofa gore a re sireletse. Batlhanka ba Modimo ga ba a lebelela gore dipheko kgotsa melemo e ba sireletse mo ditirong tse di bosula tsa ga Satane le madimona a gagwe, e bile ga ba boife gore baloi ba tla ba kolopa. Batlhanka ba Modimo ba dumela se Baebele e se buang: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 Ditiragalo 16:9.
17. Jakobe 4:7 e re tlhomamisetsa ka eng, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira?
17 Le wena o ka nna le tshepo eno fa o direla Jehofa. Jakobe 4:7 ya re: “Ka jalo, ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” Fa o direla Modimo wa boammaaruri, o ipeile mo taolong ya gagwe, o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go sireletsa.
[Dipotso Tsa Thuto]
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
A Baloi ba Kgona go Laola Tladi?
Mo masimologong a 1977, batho ba le 14 ba go neng go belaelwa gore ke baloi ba ne ba bolawa ka go fisiwa ka molelo gaufi le Pietersburg, mo Afrika Borwa. E ne ya re fa makasine wa Drum wa Afrika Borwa o ne o akgela ka tiragalo eno, o ne wa re: “Banna le basadi ba motse ba tsenwe ke letshogo. Ba tshaba go loiwa le go rathwa ka tladi . . .
“Go tshwanetswe ga dirwa sengwe . . . Ka ntlha ya seno DRUM e gwetlha baloi botlhe jaana: Mo diofising tsa rona go na le R5 000 [$5 750 (U.S.) ka nako eo] e re ka go nayang yone ka bonakonako fa, ka March 1977, ope fela wa lona a ka bolaya Stanley Motjuwadi ka go mo ratha ka tladi. Fa o sa kgone, a mongwe le mongwe a itse gore selo seno sa gore lo kgona go laola tladi ke matlakala fela.
“Ka jalo lona baloi ke lona ba ba maaka, simololang go bedisa dipitsa tsa lona. Re batla go bona gore a lo ka nna sebete go dira jalo.”
A baloi ba ne ba kgona go lebana le kgwetlho eno ka go romela tladi? Nnyaa, ga ba a ka ba kgona. Rre Motjuwadi, mokwadi wa Drum, ga a ka a swa, mme kgabagare a nna morulaganyi wa makasine oo.
[Potso ya Thuto]
Lebokose: Mokwadi mongwe mo Afrika Borwa o ne a gwetlha baloi ka go reng, mme go ne ga felela jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Baloi ga ba ka ke ba tlogela mebele ya bone
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Ka dinako tse dingwe dilo tse di maswe di itiragalela fela