Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA LESOMENNÈ

Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise

Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise
  • Monna yo o nyetseng o tshwanetse go dira eng gore a nne monna yo o molemo?

  • Mosadi yo o nyetsweng a ka diragatsa jang maikarabelo a gagwe ka katlego?

  • Go nna motsadi yo o molemo go akaretsa eng?

  • Bana ba ka thusa jang go dira gore go nne le boitumelo mo lelapeng?

1. Ke eng se se ka dirang gore go nne le boitumelo mo lelapeng?

JEHOFA MODIMO o batla gore go nne le boitumelo mo lelapeng la gago. Lefoko la gagwe, e leng Baebele, le na le dikaelo tse di tshwanetseng go dirisiwa ke mongwe le mongwe mo lelapeng, tse di tlhalosang maikarabelo a Modimo a a neileng mongwe le mongwe wa bone. Fa mongwe le mongwe mo lelapeng a diragatsa maikarabelo a gagwe go dumalana le kgakololo ya Modimo, seno se nna le diphelelo tse di itumedisang tota. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—Luke 11:28.

2. Boitumelo mo lelapeng bo ikaegile ka gore re lemoge eng?

2 Boitumelo mo lelapeng bo ikaegile ka go lemoga ga rona gore Jehofa ke ene a tlhomileng lelapa, ene yo Jesu a mmitsang “Rraarona.” Rraarona wa selegodimo ke ene a dirileng gore go nne le malapa mo lefatsheng—e bile o a itse gore ke eng se se dirang gore malapa a itumele. (Baefeso 3:14, 15) Ka jalo, Baebele e ruta eng ka maikarabelo a mongwe le mongwe mo lelapeng a nang la one?

THULAGANYO YA LELAPA E SIMOLOTSWE KE MODIMO

3. Baebele e tlhalosa jang tshimologo ya lelapa, mme re itse jang gore se e se buang se boammaaruri?

3 Jehofa o ne a bopa batho ba ntlha e bong Adame le Efa, mme a ba kopanya gore e nne monna le mosadi. O ne a ba baya mo  legaeng le lentle la paradaise mo lefatsheng—e leng tshimo ya Edene—mme a ba laela gore ba nne le bana. Jehofa o ne a ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.” (Genesise 1:26-28; 2:18, 21-24) Seno ga se tlhamane fela, ka gonne Jesu o bontsha gore se Genesise e se buang ka tshimologo ya lelapa se boammaaruri. (Mathaio 19:4, 5) Le mororo re lebane le mathata a le mantsi e bile botshelo gone jaanong bo se ka tsela e Modimo a neng a batlile gore bo nne ka yone, mma re sekaseke go bona gore ke ka ntlha yang fa go ka kgonega gore go nne le boitumelo mo lelapeng.

4. (a) Mongwe le mongwe mo lelapeng a ka nna le seabe jang mo go direng gore go nne le boitumelo mo lelapeng? (b) Ke ka ntlha yang fa go ithuta ka botshelo jwa ga Jesu go le botlhokwa thata gore go nne le boitumelo mo lelapeng?

4 Mongwe le mongwe mo lelapeng a ka nna le seabe mo go direng gore go nne le boitumelo mo go lone ka go etsa Modimo mo go bontsheng lorato. (Baefeso 5:1, 2) Ka jalo, re ka etsa Modimo jang re sa kgone go mmona? Re ka kgona go dira jalo ka go ithuta tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone ka gonne o ne a romela Morwawe wa leitibolo go tswa kwa legodimong gore a tle mo lefatsheng. (Johane 1:14, 18) Fa Morwa yono e bong Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a etsa Rraagwe wa selegodimo ka botlalo mo e leng gore go mmona fela le go mo reetsa go ne go tshwana fela le go bona Jehofa le go mo reetsa. (Johane 14:9) Ka jalo, go ithuta ka lorato lo Jesu a neng a lo bontsha le go latela sekao sa gagwe, mongwe le mongwe wa rona a ka nna le seabe mo go direng gore go nne le boitumelo mo lelapeng.

SEKAO SE BANNA BA BA NYETSENG BA TSHWANETSENG GO SE LATELA

5, 6. (a) Tsela e Jesu a tshwarang phuthego ka yone e tlhomela banna ba ba nyetseng sekao jang? (b) Motho o tshwanetse go dira eng gore maleo a gagwe a itshwarelwe?

5 Baebele ya re banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go tshwara basadi ba bone ka tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone. A ko o akanye ka taelo eno e e tswang mo Baebeleng, e e reng: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone . . . Ka tsela eno banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo  o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo.”Baefeso 5:23, 25-29.

6 Tsela e Jesu a ratang phuthego ya barutwa ba gagwe ka yone e tlhomela banna ba ba nyetseng sekao se se molemo tota. Jesu o ne “a ba rata go ya bokhutlong,” a ba ntshetsa botshelo jwa gagwe, le fa ba ne ba sa itekanela. (Johane 13:1; 15:13) Ka tsela e e tshwanang, banna ba ba nyetseng ba kgothadiwa jaana: “Nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.” (Bakolosa 3:19) Ke eng se se tla thusang monna yo o nyetseng go dirisa kgakololo eno, segolo jang fa ka dinako tse dingwe mosadi wa gagwe a sa dire dilo ka botlhale? O tshwanetse go gakologelwa gore le ene o dira diphoso e bile o tshwanetse go gakologelwa se a tshwanetseng go se dira gore Modimo a mo itshwarele. A ka dira seo jang? O tshwanetse go itshwarela ba ba mo leofelang, mme seo se akaretsa le mosadi wa gagwe. Ke boammaaruri gore mosadi le ene o tshwanetse go dira jalo. (Mathaio 6:12, 14, 15) A o a lemoga jaanong gore ke ka ntlha yang fa go twe lenyalo le le itumetseng ke kgolagano ya batho ba babedi ba ba iketleeleditseng go itshwarelana?

7. Ke dilo dife tse Jesu a neng a di akanyetsa ka barutwa ba gagwe, ka go dira jalo a tlhomela banna ba ba nyetseng sekao sefe?

7 Banna ba ba nyetseng ba dira sentle go ela tlhoko gore Jesu o ne a akanyetsa barutwa ba gagwe ka dinako tsotlhe. O ne a akanyetsa makoa a bone le dilo tsa nama tse ba neng ba di tlhoka. Ka sekai, fa ba ne ba lapile, o ne a ba raya a re: “Tlang, lona ka bolona, re yeng kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.” (Mareko 6:30-32) Basadi ba ba nyetsweng le bone ba tlhoka go akanyediwa. Baebele e ba tlhalosa e re ke “sejana se se bokoa” se banna ba ba nyetseng ba tshwanetseng go se “naya tlotlo.” Ka ntlha yang? Ka gonne banna ba ba nyetseng mmogo le basadi ba bone, ba na le tsholofelo ya go bona “letlhogonolo le le sa re tshwanelang la botshelo.” (1 Petere 3:7) Banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go gakologelwa gore boikanyegi ke jone jo bo dirang gore motho a ratwe ke Modimo, e seng gore a motho ke monna kgotsa ke mosadi.—Pesalema 101:6.

8. (a) Go tewa jang fa go twe monna “yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata”? (b) Go tewa jang fa go twe monna le mosadi ke “nama e le nngwe”?

8 Baebele ya re monna yo o nyetseng “yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata.” Seno ke ka gonne monna le mosadi wa gagwe  “ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe” jaaka Jesu a ile a bontsha. (Mathaio 19:6) Ka jalo ga go ope wa bone yo o tshwanetseng go tlhakanela dikobo le motho o sele. (Diane 5:15-21; Bahebera 13:4) Ba ka kgona go tila seno fa e le gore mongwe le mongwe wa bone o amega ka tsela e yo mongwe a ikutlwang ka yone mo mmeleng. (1 Bakorintha 7:3-5) Kgakololo nngwe e e botlhokwa ke eno: “Ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela.” Ka jalo, banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka ba ithata, ba gakologelwa gore ba tla ikarabelela mo go yo e leng tlhogo ya bone, e bong Jesu Keresete.—Baefeso 5:29; 1 Bakorintha 11:3.

9. Bafilipi 1:8 e umaka nonofo efe e Jesu a nang le yone, mme ke ka ntlha yang fa banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go e bontsha basadi ba bone?

9 Moaposetoloi Paulo o ile a bua ka ‘lorato lwa bopelonomi lo Keresete Jesu a nang le lone.’ (Bafilipi 1:8) Lorato lwa bopelonomi lo Jesu a neng a na le lone lo ne lo lapolosa tota, e bile lo ne lwa ngoka basadi ba ba neng ba nna barutwa ba gagwe. (Johane 20:1, 11-13, 16) E bile, basadi ba ba nyetsweng ba batla gore banna ba bone ba ba bontshe lorato lwa bopelonomi.

SEKAO SE BASADI BA BA NYETSWENG BA TSHWANETSENG GO SE LATELA

10. Jesu o tlhomela basadi ba ba nyetsweng sekao sefe?

10 Lelapa e tshwanetse go nna selo se se nang le thulaganyo, mme gore dilo di tsamaye sentle mo go lone, le tshwanetse go nna le tlhogo. Tota le ene Jesu, o na le mongwe yo a mo ikobelang yo e leng Tlhogo ya gagwe. ‘Tlhogo ya ga Keresete ke Modimo,’ fela jaaka ‘tlhogo ya mosadi e le monna.’ (1 Bakorintha 11:3) Jesu o re tlhomela sekao se se molemo tota ka go ikobela botlhogo jwa Modimo, e re ka le rona rotlhe re na le tlhogo e re tshwanetseng go e ikobela.

11. Mosadi yo o nyetsweng o tshwanetse go ikutlwa jang ka monna wa gagwe, mme go itshwara jalo ga gagwe go ka felela ka eng?

11 Ke boammaaruri gore banna ba ba sa itekanelang ba dira diphoso mme ka dinako tse dingwe ba tlhaela fela thata mo tirong ya bone ya botlhogo mo malapeng a bone. Ka jalo, mosadi o tshwanetse go dira eng? Ga a tshwanela go nyatsa se monna wa gagwe a se dirang kgotsa go leka go sikara maikarabelo a botlhogo ka boene. Mosadi o dira sentle go gakologelwa gore go botlhokwa thata mo  ponong ya Modimo go nna le moya o o didimetseng le o o bonolo. (1 Petere 3:4) Fa a bontsha moya o o ntseng jalo, go tla nna motlhofo mo go ene go bontsha boineelo jwa bomodimo, tota le fa go na le maemo mangwe a a mo lekang fela thata. Mo godimo ga moo, Baebele ya re: “Mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Mme go tweng fa e le gore monna yono ga a lebe Keresete e le Tlhogo ya gagwe? Baebele e kgothatsa basadi ba ba nyetsweng jaana: “Nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.”1 Petere 3:1, 2.

12. Ke ka ntlha yang fa go se phoso gore mosadi yo o nyetsweng a tlhalose maikutlo a gagwe ka tlotlo?

12 Ga se gore mosadi yo o nyetsweng o a bo a sa tlotle monna wa gagwe fa ka botlhale a ntsha kakantsho nngwe e e farologanang le ya monna wa gagwe, le fa monna yono e ka tswa e le Mokeresete kgotsa e se ene. Ntlha ya gagwe e ka tswa e opile kgomo lonaka, e bile go ka direga gore lelapa lotlhe le solegelwe molemo fa monna a reetsa mosadi wa gagwe. Le mororo Aborahame a ne a sa dumalane le mosadi wa gagwe e bong Sara fa a ne a ntsha maikutlo a gagwe malebana le kafa ba neng ba ka rarabolola bothata bongwe ka gone, jo ba neng ba na le jone mo lelapeng, Modimo o ne a mo raya a re: “Reetsa lentswe la gagwe.” (Genesise 21:9-12) Gone ke boammaaruri gore fa monna a dira tshwetso ya bofelo e e sa thulaneng le molao wa Modimo, mosadi wa gagwe o tla bontsha go mo ikobela ka go ema tshwetso eo nokeng.—Ditiro 5:29; Baefeso 5:24.

Sara o ne a tlhomela basadi ba ba nyetsweng sekao sefe se se molemo?

13. (a) Tito 2:4, 5 e kgothaletsa basadi ba ba nyetsweng go dira eng? (b) Baebele ya reng ka go kgaogana le go tlhalana?

13 Mosadi yo o nyetsweng a ka diragatsa maikarabelo a gagwe ka go dira go le gontsi go tlhokomela ba lelapa la gagwe. Ka sekai, Baebele e bontsha gore basadi ba ba nyetsweng ba tshwanetse “go rata banna ba bone, go rata bana ba bone, go nna ba itekanetse sentle mo mogopolong, ba itshekile, e le badiri kwa gae, ba le molemo, ba ipaya mo taolong ya banna ba bone.” (Tito 2:4, 5) Mosadi le mmè yo o dirang jalo o tla ratwa fela thata le go tlotlwa ke ba lelapa la gagwe. (Diane 31:10, 28) Le fa go ntse jalo, e re ka lenyalo e le kgolagano ya batho ba ba sa itekanelang, go ka nna ga tlhaga mathata mangwe a magolo a a ka nnang a felela ka gore ba kgaogane  kgotsa ba tlhalane. Go na le maemo mangwe a a rileng a Baebele e ba letlang go ka kgaogana mo go one. Mme go kgaogana ga go a tshwanelwa ga tsewa motlhofo, ka gonne Baebele e gakolola jaana: “Mosadi yo o nyetsweng a se ka a tlogela monna wa gagwe . . . ; le monna yo o nyetseng ga a a tshwanela go tlogela mosadi wa gagwe.” (1 Bakorintha 7:10, 11) Lebaka le le lengwe fela la Dikwalo la go tlhalana ke la fa mongwe wa banyalani a ka dira kgokafalo.—Mathaio 19:9.

SEKAO SE SE MOLEMO SE BATSADI BA TSHWANETSENG GO SE LATELA

14. Jesu o ne a tshwara bana jang, mme bana ba tlhoka eng mo batsading ba bone?

14 Jesu o ne a tlhomela batsadi sekao se se molemo thata sa kafa ba tshwanetseng go tshwara bana ka gone. Fa bangwe ba ne ba leka go thibela bana gore ba se ka ba ya kwa go Jesu, o ne a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.” Baebele ya re morago ga moo “a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.” (Mareko 10:13-16) E re ka Jesu a ile a ipha nako le bana, a ga o a tshwanela go ipha nako le bana ba gago ba basimane le ba basetsana? Ba tlhoka nako e ntsi tota mo go wena, e seng metsotsonyana fela. O tshwanetse go ipha nako ya go ba ruta, ka gonne ke sone se Jehofa a laelang batsadi gore ba se dire.—Duteronome 6:4-9.

15. Batsadi ba ka dira eng go sireletsa bana ba bone?

 15 Fa lefatshe leno le ntse le nna bosula go ya pele, bana ba tlhoka batsadi ba ba tla ba sireletsang mo bathong ba ba batlang go ba gobatsa, jaaka ba ba batlang go tlhakanela dikobo le bone. Akanya kafa Jesu a ileng a sireletsa barutwa ba gagwe ka gone, ba ka lorato a neng a ba bitsa “bana ba bannye.” Ka nako ya fa Jesu a ne a tloga a tshwarwa le go bolawa, o ne a ba baakanyetsa tsela ya go falola. (Johane 13:33; 18:7-9) Fa o le motsadi, o tshwanetse go nna o ntshitse matlho dinameng go lemoga maiteko a Diabolo a a dirang a go gobatsa bana ba gago ba bannye. Dira gore o ba tlhagise go sa le gale. * (1 Petere 5:8) Go sireletsega ga bone mo mmeleng, mo semoyeng le mo boitsholong go mo kotsing go feta le fa e le leng pele.

Batsadi ba ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a tshwara bana ka yone?

16. Batsadi ba ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a dirisana le bosaitekanelang jwa barutwa ba gagwe ka yone?

 16 Mo bosigong jwa pele Jesu a swa, barutwa ba gagwe ba ne ba ganetsana kaga gore ke mang yo mogolo mo gare ga bone. Go na le gore Jesu a ba galefele, o ne a nna a ba kgothatsa ka go bua le bone le ka go ba tlhomela sekao. (Luke 22:24-27; Johane 13:3-8) Fa o le motsadi, a o kgona go bona kafa o ka latelang sekao sa ga Jesu ka gone fa o otlhaya bana ba gago? Ke boammaaruri gore ba tlhoka go otlhaiwa, mme kotlhao eo e tshwanetse go dirwa “ka selekanyo se se tshwanetseng” le gone e se ka ya dirwa ka bogale. Ka sekai, ga o kitla o batla go bua ka tsela e e bontshang gore ga o a akanya pele, o bua “e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” (Jeremia 30:11; Diane 12:18) Ngwana o tshwanetse go otlhaiwa ka tsela e e tla dirang gore kwa morago, a bone gore tota kotlhao eo e ne e tshwanela.—Baefeso 6:4; Bahebera 12:9-11.

SEKAO SE BANA BA TSHWANETSENG GO SE LATELA

17. Jesu o tlhometse bana sekao se se molemo ka ditsela dife?

17 A bana ba ka kgona go ithuta mo sekaong sa ga Jesu? Ee, ba ka kgona! Ka sekao se a neng a se tlhoma, Jesu o ne a bontsha kafa bana ba tshwanetseng go ikobela batsadi ba bone ka gone. O ne a re: “Ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” O ne a oketsa jaana: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Johane 8:28, 29) Jesu o ne a ikobela Rraagwe wa selegodimo, mme Baebele e bolelela bana gore ba ikobele batsadi ba bone. (Baefeso 6:1-3) Le mororo Jesu e ne e le ngwana yo o itekanetseng, o ne a ikobela batsadi ba gagwe, e bong Josefa le Marea ba ba neng ba sa itekanela. Ga go pelaelo gore seo se ile sa dira gore mongwe le mongwe a itumele mo lelapeng la gaabo Jesu!—Luke 2:4, 5, 51, 52.

18. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ikobela Rraagwe wa selegodimo ka metlha, mme ke mang yo o itumelang fa bana ba ikobela batsadi ba bone gompieno?

18 A bana ba ka kgona go bona ditsela dingwe tse ba ka tshwanang le Jesu ka tsone gore ba itumedise batsadi ba bone? Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe, bana ba ka nna ba go fitlhela go le thata go ikobela batsadi ba bone, mme seno ke sone se Modimo a batlang gore ba se dire. (Diane 1:8; 6:20) Jesu o ne a ikobela Rraagwe wa selegodimo ka metlha, tota le fa a ne a lebane le maemo a a thata. Nako nngwe fa Modimo a ne a batla gore Jesu a  dire sengwe se go neng go se motlhofo go se dira, o ne a re: “Tlosa senwelo seno [sengwe se a neng a batla gore a se dire] mo go nna.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a dira se Modimo a neng a batla gore a se dire, ka gonne o ne a lemoga gore Rraagwe o ne a itse gore ke eng se se molemo se a neng a tshwanetse go se dira. (Luke 22:42) Bana ba tla itumedisa batsadi ba bone le Rraabone wa selegodimo fela thata fa ba ithuta go ba ikobela. *Diane 23:22-25.

Bana ba tshwanetse go akanya ka eng fa ba lekwa?

19. (a) Satane o leka bana jang? (b) Boitshwaro jo bo sa siamang jwa bana bo ka ama batsadi jang?

19 Diabolo o ne a leka Jesu, mme ga go pelaelo gore gape o tla leka le bana ba rona gore ba dire se se sa siamang. (Mathaio 4:1-10) Satane Diabolo o dirisa kgatelelo ya balekane e go ka nnang thata go e itshokela. A bo go le botlhokwa jang ne gore bana ba se ka ba itsalanya le batho ba ba bosula! (1 Bakorintha 15:33) Morwadia Jakobe e bong Dina o ne a tsalana le batho ba ba sa obameleng Jehofa, mme seno se ile sa mo tlisetsa mathata a a seng kana ka sepe. (Genesise 34:1, 2) Akanya fela gore lelapa le ka utlwa botlhoko jang fa mongwe mo go lone a ne a ka nna le seabe mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo!— Diane 17:21, 25.

SELO SA KONOKONO SE SE BAKANG BOITUMELO MO LELAPENG

20. Gore go nne le boitumelo mo lelapeng, mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwanetse go dira eng?

20 Go motlhofo go rarabolola mathata a lelapa fa go dirisiwa kgakololo  ya Baebele. Tota e bile, go dirisa kgakololo e e ntseng jalo ke sone selo sa konokono se se dirang gore go nne le boitumelo mo lelapeng. Ka jalo lona banna ba lo nyetseng, ratang basadi ba lona mme lo ba tshware ka tsela e Jesu a neng a tshwara phuthego ka yone. Lona basadi ba lo nyetsweng, ikobeleng botlhogo jwa banna ba lona, mme lo latele sekao sa mosadi wa senatla yo go buiwang ka ene mo go Diane 31:1-31. Lona batsadi, thapisang bana ba lona. (Diane 22:6) Lona borre, etelelang pele ka go “okamela ba ntlo ya lona ka mokgwa o o molemo.” (1 Timotheo 3:4, 5; 5:8) Mme lona bana, ikobeleng batsadi ba lona. (Bakolosa 3:20) Ga go na ope yo o itekanetseng mo lelapeng, mme botlhe ba dira diphoso. Ka jalo, a mongwe le mongwe a ikokobetse, a kope maitshwarelo mo go yo mongwe.

21. Ke isagwe efe e e molemo e re tlileng go nna le yone, mme re ka kgona jang go nna le botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa gone jaanong?

21 Eleruri, Baebele e na le kgakololo e e seng kana ka sepe e e botlhokwa, le ditaelo tse di amanang le botshelo jwa lelapa. Mo godimo ga moo, e re ruta ka lefatshe le lesha la Modimo la paradaise le le tletseng batho ba ba itumetseng ba ba obamelang Jehofa. (Tshenolo 21:3, 4) A bo eno e le isagwe e e molemo jang ne e re tlileng go nna le yone! Le e leng gone jaanong, re ka kgona go nna le malapa a a itumetseng ka go dirisa ditaelo tsa Modimo tse di leng mo Lefokong la gagwe e leng Baebele.

^ ser. 15 Kgaolo ya 32 ya buka ya Ithute mo Morutising Yo Mogolo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e na le dintlha tse di ka go thusang go sireletsa bana ba gago.

^ ser. 18 Fa motsadi a batla gore ngwana a dire sengwe se se kgatlhanong le molao wa Modimo, ke gone mo ngwana a ka ganang go mo ikobela.—Ditiro 5:29.