KGAOLO YA LESOMETLHANO
Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo
A ditumelo tsotlhe di itumedisa Modimo?
Re ka bona jang bodumedi jwa boammaaruri?
Baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ke bomang gompieno mo lefatsheng?
1. Re tla solegelwa molemo jang fa re obamela Modimo ka tsela e e tshwanetseng?
JEHOFA MODIMO o amega fela thata ka rona e bile o batla gore kaelo ya gagwe e e lorato e re solegele molemo. Fa re mo obamela ka tsela e e tshwanetseng, re tla itumela mme re tla kgona go tila mathata a le mantsi a botshelo. Gape, re tla bona tshegofatso le thuso ya gagwe. (Isaia 48:17) Le fa go ntse jalo, go na le ditumelo di le makgolokgolo tse di ipolelang gore di ruta boammaaruri ka Modimo. Mme di ruta dithuto tse di sa tshwaneng ka Modimo le gore o lebeletse eng mo go rona.
2. Re ka ithuta jang tsela e e tshwanetseng ya go obamela Jehofa, mme ke sekai sefe se se re thusang go tlhaloganya seno?
2 O ka itse jang gore tsela e e tshwanetseng ya go obamela Jehofa ke efe? Ga o tlhoke go ithuta le go bapisa dithuto tsa ditumelo di le dintsi tse di leng teng. Se o tlhokang go se ithuta fela ke gore tota Baebele e ruta eng ka kobamelo ya boammaaruri. Ka sekai: Mo dinageng di le dintsi, go na le bothata jo bogolo jwa gore batho ba itirele madi a e seng a mmatota. Fa go ne go ka twe o tlhaole madi a e seng a mmatota, o ne o tla dira jang? A o ne o tla leka go dira gore o itse madi otlhe a e seng a mmatota? Nnyaa. O ne o tla dirisa nako ya gago botoka ka go ithuta madi a mmatota. Fa o sena go itse gore madi a mmatota a lebega jang, o tla kgona go lemoga a e seng a mmatota. Ka tsela e e tshwanang, fa re ithuta go tlhaola bodumedi jwa boammaaruri, re tla kgona go lemoga ditumelo tse e seng tsa boammaaruri.
3. Go ya ka Jesu, re tshwanetse go dira eng gore re amogelwe ke Modimo?
3 Go botlhokwa gore re obamele Jehofa ka tsela e a e amogelang. Batho ba le bantsi ba dumela gore ditumelo tsotlhe di itumedisa Modimo, mme Baebele yone ga e rute jalo. Ga go a lekana go ipolela fela gore o Mokeresete. Jesu o ne a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena.” Ka jalo, gore re amogelwe ke Modimo, re tshwanetse go ithuta gore ke eng se a batlang re se dira mme re bo re tlhomamisa gore re a se dira. Jesu o ne a bitsa batho ba ba sa direng thato ya Modimo a re ke ba ba “dirang ka go tlhoka molao.” (Mathaio 7:21-23) Fela jaaka madi a e seng a mmatota, bodumedi jwa maaka ga bo na mosola gotlhelele. Se se maswe le go feta ke gore bodumedi jo bo ntseng jalo tota bo kotsi.
4. Mafoko a ga Jesu a a buang ka ditsela tse pedi a kaya eng, mme nngwe le nngwe ya tsone e isa kae?
4 Jehofa o naya mongwe le mongwe mo lefatsheng tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Le fa go ntse jalo, gore re bone botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng, re tshwanetse go obamela Modimo ka tsela e e tshwanetseng le gore gone jaanong re tshele ka tsela e a e amogelang. Go utlwisa botlhoko go bona gore go na le batho ba le bantsi ba ba sa batleng go dira jalo. Ke gone ka moo Jesu a ileng a re: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.” (Mathaio 7:13, 14) Bodumedi jwa boammaaruri bo isa batho kwa botshelong jo bo sa khutleng. Bodumedi jwa maaka jone bo isa tshenyegong. Jehofa ga a batle gore motho ope a senngwe, mme ke gone ka moo a nayang batho gongwe le gongwe tshono ya gore ba ithute ka ene. (2 Petere 3:9) Ka jalo, go botlhokwa thata go ela tlhoko tsela e re obamelang Modimo ka yone.
TSELA YA GO TLHAOLA BODUMEDI JWA BOAMMAARURI
5. Re ka bona jang batho ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri?
5 O ka bona jang ‘tsela e e isang botshelong’? Jesu o ne a re tsela e batho ba tshelang ka yone, ke yone e e tla re bontshang gore a ba mo bodumeding jwa boammaaruri kgotsa nnyaa. O ne a re: “Lo tla ba lemoga ka maungo a bone . . . setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo.” (Mathaio 7:16, 17) Ka mafoko a mangwe, ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri ba tla lemogwa ka se ba se dumelang le ka boitshwaro jwa bone. Le fa gone ba sa itekanela e bile ba dira diphoso, baobamedi ba boammaaruri ba leka ka natla go dira thato ya Modimo. Mma re sekaseke dintlha di le thataro tse di tlhaolang batho ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri.
6, 7. Batlhanka ba Modimo ba leba Baebele jang, mme Jesu o ne a tlhoma sekao jang mo kgannyeng eno?
6 Batlhanka ba Modimo ba theile dithuto tsa bone mo Baebeleng. Baebele ka boyone ya re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene jaana: “E rile lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lwa le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo.” (1 Bathesalonika 2:13) Ka jalo, ditumelo tsa batho ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri le ditiro tse ba di dirang ga di a theiwa mo dikgopolong kgotsa mo dingwaong tsa batho. Di theilwe mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo, e leng Baebele.
7 Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao se se molemo ka go ruta dithuto tse di tswang mo Lefokong la Modimo. O ne a bua jaana fa a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Jesu o ne a dumela Lefoko la Modimo mme sengwe le sengwe se a neng a se ruta se ne se dumalana le Dikwalo. Gantsi Jesu o ne a tle a re: “Go kwadilwe ga twe.” (Mathaio 4:4, 7, 10) Go tswa foo a bo a nopola temana nngwe. Ka tsela e e tshwanang, batho ba Modimo gompieno ga ba rute batho dikgopolo tsa bone. Ba dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo, mme ba theile dithuto tsa bone gotlhelele mo go se e se rutang.
8. Go obamela Jehofa go akaretsa eng?
8 Batho ba ba leng mo kobamelong ya boammaaruri ba obamela Jehofa a le nosi e bile ba itsise ba bangwe ka leina la gagwe. Jesu o ne a bolela jaana: “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.” (Mathaio 4:10) Ka jalo, batlhanka ba Modimo ga ba obamele ope o sele fa e se Jehofa fela. Kobamelo eno e akaretsa go itsise ba bangwe gore leina la Modimo wa boammaaruri ke mang le gore o ntse jang. Pesalema 83:18 e bolela jaana: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Jesu o ile a tlhoma sekao sa go thusa batho ba bangwe gore ba itse Modimo, jaaka a ne a rapela a re: “Ke bonaditse leina la gago mo bathong ba o ba nneileng ba tswa mo lefatsheng.” (Johane 17:6) Ka tsela e e tshwanang, gompieno baobamedi ba boammaaruri ba ruta batho ba bangwe ka leina la Modimo, maikaelelo a gagwe le dinonofo tsa gagwe.
9, 10. Bakeresete ba boammaaruri ba bontshana lorato ka ditsela dife?
9 Batho ba Modimo ba ratana ka lorato lwa boammaaruri lo e seng lwa bopelotshetlha. Jesu o ile a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ratana ka lorato lo lo ntseng jalo. Lorato lwa bomodimo lo fenya moya o o sa siamang wa setso, setšhaba le bomorafe mme lo kitlanya batho mmogo ka kgolagano e e nonofileng ya bokaulengwe. (Bakolosa 3:14) Batho ba bodumedi jwa maaka ga ba na bakaulengwe ba ba ratanang ka tsela e e ntseng jalo. Re itse seo jang? Ba a bolaana ka ntlha ya go farologana ga bone ka morafe le setso. Bakeresete ba boammaaruri ga ba tshole dibetsa gore ba bolaye bakaulengwe ba bone ba Bakeresete kgotsa ope o sele. Baebele e tlhalosa jaana: “Bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba supega ka ntlha eno: Mongwe le mongwe yo o sa tsamayeng mo tshiamong ga a tswe mo Modimong, le ene yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe. . . . re tshwanetse go ratana; e seng jaaka Kaine, yo o neng a tswa mo go yo o boikepo mme a bolaya morwarraagwe.”—1 Johane 3:10-12; 4:20, 21.
10 Gone boammaaruri ke gore go nna le lorato lwa boammaaruri ga go reye fela gore o se ka wa bolaya motho. Kwantle ga bopelotshetlha, Bakeresete ba boammaaruri ba dirisa nako ya bone, maatla le dilo tsa bone go thusa ba bangwe le go ba kgothatsa. (Bahebera 10:24, 25) Ba a thusana mo dinakong tsa mathata e bile ba dirisana ka boikanyegi. Tota e bile, ba dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo mo matshelong a bone ya go ‘dira se se molemo mo go botlhe.’—Bagalatia 6:10.
11. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re amogele Jesu Keresete e le yo Modimo a re bolokang ka ene?
11 Bakeresete ba boammaaruri ba amogela Jesu Keresete e le ene yo Modimo a ba bolokang ka ene. Baebele ya re: “Ga go na poloko mo go ope o sele, gonne ga go na leina le lengwe kafa tlase ga legodimo le batho ba le neilweng le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.” (Ditiro 4:12) Jaaka re bone mo Kgaolong ya 5, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba ba ikobelang Modimo. (Mathaio 20:28) Mo godimo ga moo, Jesu ke Kgosi e Modimo a e tlhomileng mo Bogosing jwa selegodimo e e tla busang lefatshe lotlhe. Mme Modimo o batla gore re ikobele Jesu re bo re dirise dithuto tse a re rutang tsone fa re batla go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ke gone ka moo Baebele e reng: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo.”—Johane 3:36.
12. Go sa nne karolo ya lefatshe go akaretsa eng?
12 Baobamedi ba boammaaruri ga se karolo ya lefatshe. Fa Jesu a ne a sekisiwa fa pele ga mmusi wa Moroma e bong Pilato, o ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 18:36) Le fa balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba ka tswa ba nna kae, ba busiwa ke Bogosi jwa selegodimo mme ka ntlha ya moo, ga ba amege ka gope mo dipolotiking tsa lefatshe. Ga ba nne le seabe ka gope mo dintweng tsa lone. Le fa go ntse jalo, baobamedi ba ga Jehofa ga ba tshwenyane le ba bangwe fa ba tlhopha go nna maloko a mokgatlho mongwe wa dipolotiki, fa ba nna baemedi ba one kgotsa ba tsenela ditlhopho. Le fa baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ba sa tseye letlhakore lepe mo dipolotiking, ba ikobela molao. Ka ntlha yang? Ka gonne Lefoko la Modimo le ba laela gore ba “nne mo taolong” ya “balaodi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Fa se Modimo a batlang gore ba se dire se thulana le se tsamaiso ya bopolotiki e batlang ba se dira, baobamedi ba boammaaruri ba latela sekao sa baaposetoloi, ba ba neng ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29; Mareko 12:17.
13. Balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba leba jang Bogosi jwa Modimo, mme ba tsaya kgato efe?
13 Balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba rerela batho gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya batho. Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete ba bolelela batho gore Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo ke jone fela tsholofelo e le yosi ya batho go na le go ba kgothaletsa go ikaega ka dipuso tsa batho gore di rarabolole mathata a bone. (Pesalema 146:3) Jesu o ne a re ruta go rapelela puso eo e e itekanetseng fa a ne a re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele gore Bogosi jono jwa selegodimo “bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a a busang gone jaanong], mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.
14. Ke setlhopha sefe sa bodumedi se o bonang se dira dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa mo kobamelong ya boammaaruri?
14 Re akantse ka se re sa tswang go tlotla ka sone, ipotse jaana: ‘Ke setlhopha sefe sa bodumedi se dithuto tsa sone di tswang mo Baebeleng e bile se itsise ba bangwe ka leina la ga Jehofa? Ke setlhopha sefe sa bodumedi sa batho ba ba bontshanang lorato lwa bomodimo, ba ba dumelang mo go Jesu, ba e seng karolo ya lefatshe e bile ba bolelela ba bangwe gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo e le yosi ya batho? Mo gare ga ditlhopha tsotlhe tsa bodumedi tse di leng teng mo lefatsheng, ke sefe sa ba ba dirang dilo tseno tsotlhe?’ Bosupi bo bontsha sentle gore ke Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:10-12.
WENA O TLA DIRA ENG?
15. Ke eng gape se Modimo a batlang re se dira go na le go dumela fela gore o teng?
15 Ga go a lekana go dumela fela mo Modimong gore o mo itumedise. Tota e bile, Baebele ya re le one madimona a a dumela gore Modimo o teng. (Jakobe 2:19) Le fa go ntse jalo, go bonala sentle gore madimona ga a dire thato ya Modimo le gore Modimo ga a amogele. Gore Modimo a re amogele, ga re a tshwanela go dumela fela gore o teng mme gape re tshwanetse go dira thato ya gagwe. Re tshwanetse gore gape re kgaogane le bodumedi jwa maaka le go tsena mo kobamelong ya boammaaruri.
16. Motho o tshwanetse go dira eng gore a se ka a nna karolo ya bodumedi jwa maaka?
16 Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha gore ga re a tshwanela go nna karolo ya kobamelo ya maaka. O ne a kwala jaana: “‘Tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa’; ‘mme ke tla lo amogela.’” (2 Bakorintha 6:17; Isaia 52:11) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba amane ka gope le kobamelo ya maaka.
17, 18. “Babelona o Mogolo” ke eng, mme ke ka ntlha yang fa go potlakile go ‘tswa mo go ene’?
17 Baebele e bontsha gore mefuta yotlhe ya bodumedi jwa maaka ke karolo ya “Babelona o Mogolo.” * (Tshenolo 17:5) Leina leno le re gopotsa motse wa bogologolo wa Babelona, o bodumedi jwa maaka bo simolotseng kwa go one morago ga Morwalela wa Motlha wa ga Noa. Dithuto di le dintsi le ditlwaelo tse di dirwang gone jaanong mo bodumeding jwa maaka di simologile bogologolo kwa Babelona. Ka sekai, Bababelona ba ne ba obamela medingwana ya tharonngwe. Gompieno, Tharonngwe ke thuto ya konokono mo ditumelong di le dintsi. Mme Baebele yone e ruta gore go na le Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri, e bong Jehofa Modimo, le gore Jesu Keresete ke Morwawe. (Johane 17:3) Gape, Bababelona ba ne ba dumela gore batho ba na le moya o o sa sweng o o tswelelang o tshela fa motho a sena go swa e bile o ka kgona go bogisiwa mo lefelong la tlhokofatso. Gompieno, ditumelo di le dintsi di ruta gore moya ga o swe kgotsa gore o ka boga mo molelong wa dihele.
18 E re ka kobamelo ya bogologolo ya kwa Babelona e aname mo lefatsheng lotlhe, Babelona o Mogolo wa gompieno a ka bidiwa ka tshwanelo go twe ke mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Mme Modimo o boleletse pele gore mmusomogolo ono wa bodumedi jwa maaka o tla khutla ka tshoganyetso. (Tshenolo 18:8) A o a lemoga gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o ikgaoganye le karolo nngwe le nngwe ya Babelona o Mogolo? Jehofa Modimo o batla gore o ‘tswe mo go ene’ ka bonako go sa ntse go na le nako.—Tshenolo 18:4.
19. O tla segofadiwa ka eng fa o direla Jehofa?
19 Bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore ba se ka ba tlhola ba tsalana le wena ka ntlha ya go bo o dirile tshwetso ya go tlogela bodumedi jwa maaka. Le fa go ntse jalo, fa o direla Jehofa o na le batho ba gagwe, o tla segofadiwa ka dilo di le dintsi go feta tse di tla go latlhegelang. Fela jaaka barutwa ba pele ba ga Jesu ba ba neng ba tlogela dilo dingwe gore ba mo sale morago, o tla nna le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba semoya. O tla nna karolo ya lelapa le legolo la lefatshe lotlhe la dimilionemilione tsa Bakeresete ba boammaaruri ba ba go ratang ka lorato lwa boammaaruri. Mme o tla nna le tsholofelo e e molemolemo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng “mo tsamaisong e e tlang ya dilo.” (Mareko 10:28-30) Gongwe fa nako e ntse e tsamaya, botlhe ba ba ileng ba go latlha ka ntlha ya se o se dumelang ba tla leba se Baebele e se rutang ba bo ba fetoga go nna baobamedi ba ga Jehofa.
20. Batho ba ba leng mo kobamelong ya boammaaruri ba tlile go nna le isagwe e e ntse jang?
20 Baebele e ruta gore go ise go ye kae, Modimo o tla fedisa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo mme mo boemong jwa yone o tla tlisa lefatshe le lesha la tshiamo mo pusong ya Bogosi jwa gagwe. (2 Petere 3:9, 13) A bo leo e tlile go nna lefatshe le le molemo jang ne! Mme mo tsamaisong e ntšha eo e e siameng, go tla bo go na le bodumedi bo le bongwe fela, kobamelo ya boammaaruri ya mofuta o le mongwe fela. A ga o bone go le botlhale gore o tseye kgato e e tshwanetseng gore o ikopanye le baobamedi ba boammaaruri gone jaanong?
^ ser. 17 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya gore ke ka ntlha yang fa Babelona o Mogolo a tshwantshetsa bodumedi jotlhe jwa maaka mo lefatsheng, bona Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 219-20.