Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 6

“Jaanong Bokhutlo bo Gorogile mo go Wena”

“Jaanong Bokhutlo bo Gorogile mo go Wena”

ESEKIELE 7:3

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Kafa dikatlholo tsa ga Jehofa tse di neng di tla tlela Jerusalema di neng di tla diragadiwa ka gone

1, 2. (a) Esekiele o ile a itshwara ka tsela efe e e sa tlwaelegang? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.) (b) Dilo tse a neng a di dira di ne di bolelela pele eng?

 DIKGANG tsa gore moporofeti Esekiele o ne a itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang di ile tsa anama ka bonako mo Bajudeng ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona. Go ne go fetile beke a ntse golo go le gongwe fela e bile a sa bue le ope, mme jaanong o ne a ema a bo a itswalela mo ntlong ya gagwe. Fa batho ba ntse ba gamaregile jalo, o ne a tswa mo ntlong, a bo a tsaya setena a se baya fa pele ga gagwe, go tswa foo a bo a simolola go gaba kgotsa go torowa sengwe mo go sone. Fa Esekiele a ntse a rile tuu! a sa bue sepe, o ne a simolola go agelela setena seo ka dikgong.​—Esek. 3:10, 11, 15, 24-26; 4:1, 2.

2 Fa batho ba ntse ba tla go bogela, ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore, ‘Ele gore dilo tse Esekiele a di dirang di kaya eng?’ Bajuda bao ba ba neng ba le kwa botshwarwa, ba ne ba tla tlhaloganya moragonyana gore dilo tse di sa tlwaelegang tse Esekiele a neng a di dira, di ne di bolelela pele sengwe se se utlwisang botlhoko se Jehofa a neng a tla se dira ka gonne a galefetse batho ba gagwe. Jehofa o ne a tla dira eng? Se a ileng a se dira se ne sa ama Baiseraele jang? Mme se ama jang batlhanka ba gagwe gompieno?

“Tsaya Setena . . . O Tseye Korong . . . Itseele Tšhaka e e Bogale”

3, 4. (a) Dilo tse Esekiele a neng a di dira di ne di emela dikarolo dife tse tharo tsa katlholo ya Modimo? (b) Esekiele o ile a dira eng se se neng se bontsha gore Bababelona ba ne ba tla kampa go dikologa Jerusalema?

3 Mo e ka nnang ka 613 B.C.E., Jehofa o ne a laela Esekiele gore a dire dilo dingwe tse di neng di emela dikarolo di le tharo tsa katlholo ya Modimo e e neng e tla tlela Jerusalema. Dilo tse Esekiele a neng a di dira di ne di bolelela pele dilo tseno tse tharo: baba ba ne ba tla kampa go dikologa motse wa Jerusalema, batho ba motse oo ba ne ba tla sotlega le gore motse oo o tlile go senngwa mmogo le batho ba ba nnang mo go one. a A re tlotle ka dikarolo tseno tse tharo.

4 Baba ba ne ba tla kampa go dikologa Jerusalema. Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Tsaya setena o bo o se baya fa pele ga gago. O gabe motse wa Jerusalema mo go sone. O dire e kete o a o tlhasela.” (Bala Esekiele 4:1-3.) Setena se ne se emela motse wa Jerusalema mme Esekiele ene o ne a emela masole a Babelona a Jehofa a neng a tla a dirisa go tlhasela motse oo. Gape Jehofa o ne a laela Esekiele gore a age lobotana go dikologa setena, a dire dithotana go se dikologa le gore a beye dikota tse dikgolo tse di thubang dipota go se dikologa. Dilo tseo di ne di emela dibetsa tsa ntwa tse Bababelona ba neng ba tla di dirisa fa ba ipaakanyetsa go tlhasela motse wa Jerusalema. Gape Esekiele o ne a laelwa gore a tseye “pane” mme a e beye jaaka “lobota lwa tshipi” fa gare ga gagwe le motse o o neng o gabilwe mo seteneng. Pane eo e ne e dirisediwa go bontsha gore masole a Babelona a ne a tla nna le maatla fela jaaka tshipi. Go tswa foo, Esekiele o ne a ‘lebisa sefatlhego’ sa gagwe kwa motseng o a neng a o gabile mo seteneng. Dilo tse Esekiele a neng a di dira e ne e le sesupo “mo bathong ba Iseraele” sa gore go ne go tlile go direga sengwe se ba neng ba sa se lebelela gotlhelele. Jehofa o ne a tla dirisa masole a Babelona go tlhasela motse wa Jerusalema. Motse ono o ne o le botlhokwa thata mo bathong ba Modimo ka gonne tempele ya ga Jehofa e ne e le kwa go one.

5. Tlhalosa se Esekiele a ileng a se dira se se neng se bontsha gore baagi ba Jerusalema ba ne ba tla diragalelwa ke eng.

5 Batho ba Jerusalema ba ne ba tla sotlega. Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “O tseye korong, barele, dinawa tse dikima, letlhodi, lebêlêbêlê, korong e e tlhabang . . . o bo o itirela senkgwe ka tsone.” Go tswa foo ‘o lekanye dijo tsa bokete jwa dishekele di le 20 [mo e ka nnang 230g] ka letsatsi o bo o di ja.’ Gape Jehofa o ne a re: “Ke senya mabolokelo a senkgwe mo Jerusalema.” (Esek. 4:9-16) Fano, Esekiele o ne a sa tlhole a emela masole a Babelona, go na le moo, o ne a emela baagi ba Jerusalema. Dilo tse Esekiele a neng a di dira di ne di bolelela pele gore fa Bababelona ba kampile go dikologa Jerusalema, dijo di ne di tla tlhaela mo motseng oo. Batho ba ne ba tla dira senkgwe ka dilo tse ba neng ba sa tlwaela go di dirisa fa ba se dira. Seno se raya gore ba ne ba tla ja sengwe le sengwe fela ba sa tlhophe. Batho ba ne ba tla bolawa ke tlala go le kana kang? Esekiele o ne a bua jaaka e kete o bua le baagi ba Jerusalema. O ne a re: “Borre ba ba mo go wena ba tla ja bomorwaabone, mme barwa ba tla ja borraabone.” Batho ba le bantsi ba ne ba tla sotlega ka ntlha ya “leuba” e bile ba ne ba tla swa.​—Esek. 4:17; 5:10, 16.

6. (a) Esekiele o ile a dira dilo dife tse pedi? (b) Taelo ya Modimo ya gore Esekiele a ‘lekanye moriri a bo a o kgaoganya’ e ne e kaya eng?

6 Jerusalema le batho ba ba nnang mo go yone ba ne ba tla senngwa. Mo lekgetlong leno, Esekiele o ne a simolola ka go dira sengwe se se emelang se Jehofa a neng a tla se dira. Jehofa o ne a mo raya a re: “Itseele tšhaka e e bogale gore o e dirise jaaka legare la mmeodi wa moriri.” (Bala Esekiele 5:1, 2.) Seatla sa ga Esekiele se se neng se tshwere tšhaka se ne se emela seatla sa ga Jehofa kgotsa katlholo ya gagwe e a neng a tla e tlisetsa Jerusalema a dirisa masole a Babelona. Go tswa foo, Esekiele o ne a dira sengwe se se emelang se se neng se tla diragalela Bajuda. Jehofa o ne a mo raya a re: “Beola tlhogo ya gago le ditedu tsa gago.” Moriri wa ga Esekiele o ne o emela baagi ba Jerusalema. Ka jalo fa a ne a ipeola tlhogo, seno se ne se emela kafa Bajuda ba neng ba tlile go tlhaselwa le go bolawa ka gone. Mo godimo ga moo, fa Esekiele a ne a laelwa gore a ‘tseye dikale a lekanye moriri’ wa gagwe a bo a “o kgaoganya,” seno se ne se raya gore katlholo ya ga Jehofa e a neng a tla e tlisetsa batho ba Jerusalema o ne a e akanyeditse sentle, o ne a se kitla a phamoga fela.

7. Goreng Jehofa a ne a raya Esekiele a re a kgaoganye moriri ka dikarolo di le tharo le gore a dire dilo tse di farologaneng ka karolo nngwe le nngwe?

 7 Goreng Jehofa a ile a raya Esekiele a re a kgaoganye moriri o a neng a o beotse gore o nne dikarolo di le tharo le gore a dire sengwe se se farologaneng ka karolo nngwe le nngwe? (Bala Esekiele 5:7-12.) E re ka Esekiele a ile a dira dilo tse di farologaneng ka karolo nngwe le nngwe ya moriri, seno se ne se kaya gore baagi ba Jerusalema le bone ba ne ba tla diragalelwa ke dilo tse di farologaneng. Esekiele o ne a fisa karolo nngwe ya moriri go bontsha gore baagi bangwe ba Jerusalema ba ne ba tla swela mo teng ga motse. Gape o ile a itaya karolo e nngwe ya moriri ka tšhaka go bontsha gore baagi bangwe ba Jerusalema ba ne ba tla bolaelwa kwa ntle ga motse. Go tswa foo, o ile a gasamisetsa karolo e e neng e setse ya moriri mo phefong go bontsha gore baagi ba ba setseng ba ne ba tla gasamela kwa ditšhabeng tse dingwe mme “tšhaka” e ne e tla ba ‘lelekisa.’ Ka jalo, gongwe le gongwe fela kwa ba neng ba tla nna teng, ba ne ba se kitla ba nna le kagiso.

8. (a) Dilo tse Esekiele a neng a di dira di ne di na le molaetsa ofe wa tsholofelo? (b) Boporofeti jwa ga Esekiele jo bo ka ga “meriri e le mmalwa” bo ne jwa diragadiwa jang?

8 Mme gone, dilo tse Esekiele a neng a di dira tse di neng di emela se se neng se tla direga, gape di ne di na le molaetsa wa tsholofelo. Jehofa o ne a raya Esekiele a re a tseye “meriri e le mmalwa” e a neng a e beotse mme a e ‘phuthele mo momenong wa seaparo’ sa gagwe. (Esek. 5:3) Seno se ne se raya gore Bajuda ba le mmalwa ba ba neng ba gasametse kwa ditšhabeng tse dingwe ba ne ba tla bolokwa. Bangwe ba bone e ne e tla nna batho ba ba neng ba tla boela kwa Jerusalema morago ga dingwaga di le 70 ba le kwa botshwarwa kwa Babelona. (Esek. 6:8, 9; 11:17) A mme boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa? Ee, go ntse jalo. Morago ga dingwaga di le dintsi baagi ba Jerusalema ba sena go tswa kwa Babelona, moporofeti Hagai o ile a tlhalosa gore Bajuda bangwe ba ba neng ba gasametse kwa ditšhabeng tse dingwe, ba ile ba boela Jerusalema. E ne e le “bannabagolo ba ba neng ba bone ntlo ya pele,” e leng tempele e e neng e agilwe ke Solomone. (Esera 3:12; Hag. 2:1-3) Jehofa o ile a netefatsa gore o boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang fela jaaka a ne a solofeditse. Re tla utlwa dintlha tse di oketsegileng ka kgang eno mo Kgaolo 9 ya buka eno.​—Esek. 11:17-20.

Boporofeti Jono bo re Ruta Eng ka Dilo Tse di sa Ntseng di Tla Direga?

9, 10. Dilo tse Esekiele a neng a di dira di re gopotsa ditiragalo dife tsa botlhokwa tse di tla diregang mo nakong e e tlang?

9 Dilo tse Esekiele a neng a di dira tse di neng di emela dikatlholo tsa ga Jehofa, di dira gore re akanye ka ditiragalo tsa botlhokwa tse Baebele e reng di tla direga mo nakong e e tlang. Ke ditiragalo dife tseo? Fela jaaka motse wa Jerusalema o ile wa tlhaselwa, Jehofa o tlile go dira sengwe se batho ba sa se lebelelang gotlhelele. O tlile go dirisa mekgatlho ya dipolotiki go tlhasela bodumedi jotlhe jwa maaka. (Tshen. 17:16-18) Go senngwa ga Jerusalema e ne e le “masetlapelo a a sa tshwaneng le ape.” Ka tsela e e tshwanang, “pitlagano e kgolo” e e tla felelang ka ntwa ya Aramagedona, le yone e tla bo e le tiragalo “e e iseng e tsamaye e nne teng.”​—Esek. 5:9; 7:5; Math. 24:21.

10 Baebele e a re batho ba le bantsi ba ba mo bodumeding jwa maaka ba tla falola fa bodumedi joo bo senngwa. E re ka batho bano ba tla bo ba tshogile, le bone ba tla simolola go batla lefelo le ba ka iphitlhang mo go lone. (Seka. 13:4-6; Tshen. 6:15-17) Ba re gopotsa baagi bangwe ba Jerusalema ba ba ileng ba falola fa motse oo o ne o senngwa mme morago ga moo, ba bo ba gasama “mo phefong.” Jaaka re bone mo  serapa 7, le fa gone ba ile ba falola, Jehofa o ile a “somola tšhaka gore [e ba] lelekise.” (Esek. 5:2) Ka tsela e e tshwanang, gongwe le gongwe kwa batho bano ba bodumedi jwa maaka ba sielang gone, ga ba kitla ba sireletsega. Ba ka se kgone go tshabela tšhaka ya ga Jehofa. Ba tla bolawa kwa ntweng ya Aramagedona mmogo le batho botlhe ba Baebele e ba bitsang e re ke dipodi.​—Esek. 7:4; Math. 25:33, 41, 46; Tshen. 19:15, 18.

Re tla bo re sa tlhole re rera dikgang tse di molemo, re tla didimala

11, 12. (a) Boporofeti jwa ga Esekiele jo bo ka ga go tlhaselwa ga Jerusalema bo dira gore re ikutlwe jang ka tiro ya go rera? (b) Molaetsa o re o rerang o ka nna wa fetoga ka tsela efe?

11 Go tlhaloganya boporofeti jono go dira gore re ikutlwe jang ka tiro ya rona ya go rera? Go dira gore re lemoge gore re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa batho go nna batlhanka ba ga Jehofa. Goreng re rialo? Ka gonne nako e e setseng ya gore re dire ‘batho ba ditšhaba tsotlhe’ barutwa e khutshwane thata. (Math. 28:19, 20; Esek. 33:14-16) Fa “thobane” (mekgatlho ya dipolotiki) e tlhasela bodumedi, re tla bo re sa tlhole re rera molaetsa wa poloko. (Esek. 7:10) Re tla bo re sa tlhole re rera dikgang tse di molemo. Go na le moo, re tla didimala fela jaaka Esekiele a ile a didimala a sa tlhole a bolelela batho molaetsa o o neng o tswa kwa go Jehofa. (Esek. 3:26, 27; 33:21, 22) Fa bodumedi jwa maaka bo sena go senngwa, ka tsela nngwe, batho ba tla bo ba “batla ponatshegelo mo moporofeting” ka matlho a mahibidu, mme ga go na ope yo o tla ba bolelelang molaetsa wa poloko. (Esek. 7:26) Nako ya go ithuta le ya go nna molatedi wa ga Keresete e tla bo e setse e fetile.

12 Mme gone, ga go reye gore tiro ya rona ya go rera e tla bo e fedile. Goreng re rialo? Ka gonne ka pitlagano e kgolo, re ka nna ra simolola go rera molaetsa wa katlholo o o tla bong o tshwana le sefako. Molaetsa oo o tla bo o bontsha sentle gore bokhutlo bo gaufi thata.​—Tshen. 16:21.

“Letsatsi le Etla! Bona, le Gaufi!”

13. Ke eng fa Jehofa a ile a raya Esekiele a re a rapame ka letlhakore la molema go tswa foo, a bo a re a rapame ka la moja?

13 Esekiele o ile a bolelela pele gore Jerusalema e tlile go senngwa jang. Mme gape dilo tse a neng a di dira di ne di bontsha gore e tlile go senngwa leng. Jehofa o ne a raya Esekiele a re a rapame ka letlhakore la molema malatsi a le 390 mme a rapame ka letlhakore la moja malatsi a le 40. Letsatsi le le lengwe le ne le emela ngwaga. (Bala Esekiele 4:4-6; Dipa. 14:34) Esekiele o tshwanetse a bo a ne a dira seno diura di le mmalwa fela ka letsatsi, mme se a neng a se dira se ne se bolelela pele ngwaga o Jerusalema e neng e tlile go senngwa ka one. Go bonala dingwaga di le 390 tsa fa Baiseraele ba ne ba dira dilo tse di bosula di ile tsa simolola go balwa ka 997 B.C.E., fa bogosi jwa bone jwa ditso di le 12 bo ne bo kgaoganngwa go nna dikarolo tse pedi. (1 Dikg. 12:12-20) Dingwaga di le 40 tsa fa Bajuda ba ne ba dira dilo tse di bosula go lebega di simolotse go balwa ka 647 B.C.E. Ngwaga oo ke one o moporofeti Jeremia a ileng a laelwa gore a ye go tlhagisa bogosi jwa Juda ka one gore bo tlile go senngwa. (Jer. 1:1, 2, 17-19; 19:3, 4) Dinako tseo tsoopedi, di ile tsa fela ka 607 B.C.E. Ka one ngwaga oo, motse wa Jerusalema o ne wa tlhaselwa o bo o senngwa fela jaaka Jehofa a ne a buile. b

Esekiele o ile a dira eng se se neng se bontsha ngwaga o Jerusalema e neng e tla senngwa ka one? (Bona serapa 13)

14. (a) Esekiele o ile a bontsha jang gore o tlhatswegile pelo gore Jehofa o nna a tshwara nako? (b) Go ne go tla direga eng pele Jerusalema e senngwa?

14 Fa Esekiele a ne a bolelelwa ka boporofeti jwa malatsi a le 390 le malatsi a le 40, a ka tswa a ne a sa itse gore Jerusalema e ne e tla senngwa ka ngwaga ofe. Le fa go ntse jalo, pele ga Jerusalema e senngwa, go ne ga feta dingwaga a ntse a tlhagisa Bajuda ka katlholo ya ga Jehofa e e neng e tla. O ne a ba raya a re: “Jaanong bokhutlo bo gorogile mo go [lona].” (Bala Esekiele 7:3, 5-10.) Esekiele o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla tshwara nako. (Isa. 46:10) Gape moporofeti Esekiele o ile a bolelela pele dilo tse di neng di tla direga pele Jerusalema e senngwa. O ne a re: “Ba tla welwa ke masetlapelo ka go latelana.” Masetlapelo ao a ne a tla dira gore maemo a nne maswe le go feta. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tla phuaganya batho, mme babusi ba ne ba tla palelwa ke go busa batho ba bone.​—Esek. 7:11-13, 25-27.

Jerusalema e ne e tshwana le “pitsa e e apeelang” e e tlhatlegilweng “mo molelong” (Bona serapa 15)

15. Ke boporofeti bofe jwa ga Esekiele jo bo neng jwa diragadiwa go simologa ka 609 B.C.E?

15 Dingwaga di se kae fa Esekiele a sena go bolelela pele gore Jerusalema e ne e tla senngwa, boporofeti joo bo ne jwa simolola go diragadiwa. Ka ngwaga wa 609 B.C.E., Esekiele o ne a utlwalela gore motse wa Jerusalema o ne o simolotse go tlhaselwa. Ka nako eo fa batho ba ne ba utlwa modumo wa terompeta, seno se ne se raya gore ba tshwanetse go kopana gore ba sireletse motse wa bone. Mme fela jaaka Esekiele a ne a boleletse pele, ‘ga go na ope yo o neng a ya kwa tlhabanong.’ (Esek. 7:14) Baagi ba Jerusalema ga ba a ka ba lwantsha Bababelona fa ba ne ba ba tlhasela. Bajuda bangwe ba ka tswa ba ne ba akanya gore Jehofa o ne a tla ba sireletsa. O ne a kile a ba sireletsa fa Baasiria ba ne ba batla go ba tlhasela. O ne a romela moengele wa gagwe gore a bolaye masole a Asiria. (2 Dikg. 19:32) Mme mo lekgetlong leno, ga go na moengele ope yo o neng a tla go ba thusa. Go ise go ye kae, motse oo o ne o tshwana le “pitsa e e apeelang” e e tlhatlegilweng “mo molelong,” mme baagi ba one ba ne ba tshwana le “dikarolo tsa nama mo go yone.” (Esek. 24:1-10) Morago ga dikgwedi di le 18 Bababelona ba kampile go dikologa Jerusalema, ba ne ba e tlhasela ba bo ba e senya.

“Ipolokeleng Matlotlo Kwa Legodimong”

16. Re ka bontsha jang gore re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tlile go tshwara nako?

16 Re ka ithuta eng mo boporofeting jono jwa ga Esekiele? A bo amana le molaetsa o re o rerang le gore batho ba re ba rerelang ba ikutlwa jang ka one? Jehofa o beile nako e bodumedi jwa maaka bo tlileng go fedisiwa ka yone mme le mo lekgetlong leno o tlile go tshwara nako. (2 Pet. 3:9, 10; Tshen. 7:1-3) Ga re itse gore seno se tla direga leng. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Esekiele, re tswelela re tlhagisa batho, re ba raya re re: “Bokhutlo bo etla, bokhutlo bo tla tla.” Ke eng fa re nna re ba tlhagisa gangwe le gape? Ka nako ya ga Esekiele, batho ba le bantsi ba ne ba sa mo dumele fa a ne a ba raya a re Jerusalema e tlile go senngwa. c (Esek. 12:27, 28) Mme moragonyana Bajuda bangwe ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona ba ne ba batla go dira se se siameng, ka jalo ba ne ba boela kwa Jerusalema. (Isa. 49:8) Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi gompieno ga ba batle go dumela gore lefatshe leno le tloga le fedisiwa. (2 Pet. 3:3, 4) Mme gone, fa nako eo e ise e tle, re batla go dira ka natla go thusa batho ba ba batlang go dira se se siameng gore ba bone tsela e e isang kwa botshelong.​—Math. 7:13, 14; 2 Bakor. 6:2.

Le fa gone batho ba le bantsi ba sa re reetse, re nna re batla batho ba ba batlang go dira se se siameng (Bona serapa 16)

Ke eng fa baagi ba Jerusalema ba ne ba “latlhela selefera ya bone mo mebileng”? (Bona serapa 17)

17. Go tla direga dilo dife ka pitlagano e kgolo?

17 Boporofeti jwa ga Esekiele gape bo re gopotsa gore fa bodumedi jwa maaka bo tlhaselwa, batho ba ba mo bodumeding joo, ga ba kitla ba kgona go bo sireletsa. Go na le moo, fa ba lemoga gore ga go thuse fa ba nna ba ntse ba re “Morena, Morena,” ‘diatla tsa bone di tla repa’ e bile ba tla “roroma fela thata.” (Esek. 7:3, 14, 17, 18; Math. 7:21-23) Gape ba tla dira eng? (Bala Esekiele 7:19-21.) Jehofa a re: “Ba tla latlhela selefera ya bone mo mebileng.” Le fa gone temana eno e ne e bua ka baagi ba Jerusalema, gape e tlhalosa se se tla diregang ka pitlagano e kgolo. Ka nako eo, batho ba tla lemoga gore madi ga a ka ke a ba sireletsa.

18. Ke eng gape se re ka se ithutang mo boporofeting jwa ga Esekiele?

18 Re ka ithuta eng gape mo boporofeting jono? Re ithuta gore re tshwanetse go itse gore ke eng se se botlhokwa, re bo re dira gore se tle pele mo matshelong a rona. Fa baagi ba Jerusalema ba sena go lemoga gore motse wa bone o tlile go senngwa, ba tlile go bolawa le gore madi a ka se kgone go ba sireletsa, ke gone ba neng ba leka go dira se se siameng le go dira diphetogo. Ba ne ba latlha dithoto tsa bone ba bo ba simolola go “batla ponatshegelo mo moporofeting.” Mme go ne go sa tlhole go thusa ka sepe ka gonne nako e ne e ile. (Esek. 7:26) Rona re a itse gore go ise go ye kae, lefatshe leno le le bosula le tlile go fedisiwa. Ka jalo, e re ka re dumela dilo tse Modimo a re solofetsang tsone, seno se re thusa go itse gore ke eng se se botlhokwa re bo re dira gore se tle pele mo matshelong a rona. Sa botlhokwa thata mo go rona ke go direla Jehofa, e leng sengwe se se ka se kang sa latlhelwa “mo mebileng.”​—Bala Mathaio 6:19-21, 24.

19. Boporofeti jwa ga Esekiele bo re ama jang?

19 Boporofeti jwa ga Esekiele jo bo ka ga go senngwa ga Jerusalema bo re ama jang? Bo re gopotsa gore nako e e setseng ya gore re thuse batho go nna batlhanka ba Modimo e khutshwane thata. Ka jalo, tiro ya go dira batho barutwa e potlakile. Re a itumela fa re bona batho ba ba batlang go dira se se siameng ba simolola go obamela Jehofa. Mme gone, tota le batho ba ba sa batleng go obamela Jehofa re tswelela re ba bolelela mafoko ano a Esekiele a neng a a bolelela batho ba motlha wa gagwe: “Bokhutlo bo etla.” (Esek. 3:19, 21; 7:6) Gape re nna re ikemiseditse go ikanya Jehofa le go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. Mo godimo ga moo, re dira gore go mo obamela e nne selo se se botlhokwa se se tlang pele mo matshelong a rona.​—Pes. 52:7, 8; Diane 11:28; Math. 6:33.

a Go bonala Esekiele a ne a dira dilo tseno fa pele ga batho. Goreng re rialo? Ka gonne dilo dingwe tse a neng a di dira, jaaka go baka senkgwe le go rwala morwalo, Jehofa o ne a mo laela gore a di dire batho ‘ba ntse ba lebile.’​—Esek. 4:12; 12:7.

b Fa Jehofa a ne a letla gore Jerusalema e senngwe, o ne a bontsha gore o atlhola bogosi jwa Juda jwa ditso tse pedi le bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome.​—Jer. 11:17; Esek. 9:9, 10.

c Ela tlhoko gore mo go Esekiele 7:5-7 Jehofa o dirisa mafoko a a jaaka “bo etla,” “bo tla tla” le “bo tla go tlela” go gatelela molaetsa wa gagwe.