KGAOLO 16
“O Beye Letshwao mo Diphatleng”
SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Kafa batho ba mo motlheng wa ga Esekiele ba ba ikanyegang ba ileng ba tshwaiwa ka gone gore ba bolokwe le gore seo se kaya eng gompieno
1-3. (a) Ke eng fa Esekiele a ne a gamaregile e bile ke eng fa a ne a utlwile botlhoko? (b) Re tlile go tlotla ka dipotso dife?
ESEKIELE o ne a gamaregile. O ne a sa tswa go bona ponatshegelo ya dilo tse di makgapha tse Bajuda ba neng ba di dira mo tempeleng e e kwa Jerusalema. a Bajuda bao ba ne ba leswefaditse lefelo le Jehofa a neng a obamelwa mo go lone kwa Iseraele. Mme gone ba ne ba sa leswafatsa tempele fela. Lefatshe la Juda le ne le tletse ka thubakanyo e e seng kana ka sepe. Dilo tse Baiseraele ba neng ba di dira di ile tsa utlwisa Jehofa botlhoko tota, ka jalo o ne a raya Esekiele a re: “Ke tla dirisana le bone ke galefile.”—Esek. 8:17, 18.
2 Esekiele o ne a utlwisiwa botlhoko ke go itse gore Jehofa o tlile go senya Jerusalema le tempele e e kileng ya bo e le boitshepo. Gongwe Esekiele a ka tswa a ne a ipotsa go re: ‘A batho ba ba ikanyegang ba ba nnang mo Jerusalema ba tlile go senngwa kgotsa ba tlile go sirelediwa? Fa e le gore ba tla sirelediwa, ba tla sirelediwa jang?’ Esekiele ga a ka a leta lobaka go bona karabo. Fa a sena go utlwa molaetsa o o botlhoko wa katlholo kgatlhanong le Jerusalema, ka bonako fela gape o ne a utlwa lentswe le le kwa godimo le bitsa ba ba neng ba tlile go diragatsa katlholo eo ya Modimo. (Esek. 9:1) Fa ponatshegelo e ntse e tsweletse, Esekiele o ile a wela makgwafo fa a lemoga gore batho ba ba ikanyegang ba ne ba tlile go falola fa Jerusalema e senngwa.
3 Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, le rona re ka tswa re ipotsa gore ke bomang ba ba tlileng go falola pitlagano e kgolo. Ka jalo, mma re tlotle ka dipotso tseno: (1) Esekiele o ile a bona eng gape mo ponatshegelong? (2) Ponatshegelo eno e ile ya diragadiwa jang mo motlheng wa gagwe? (3) E tla diragadiwa jang mo motlheng wa rona?
“Bitsang ba ba Tla Tlisang Katlholo”
4. Esekiele o ile a bona eng gape mo ponatshegelong?
4 Esekiele o ile a bona eng gape mo ponatshegelong? (Bala Esekiele 9:1-11.) Go ne ga tlhaga banna ba le supa “ba tswa ntlheng ya kgoro e e kwa godimo e e lebileng kwa bokone,” gongwe gaufi le letshwao la modingwana wa lefufa kgotsa gaufi le kwa basadi ba neng ba lelela modingwana yo o bidiwang Tamuse gone. (Esek. 8:3, 14) Banna bao ba le supa ba ne ba tsena mo lolwapeng lo lo ka fa teng lwa tempele ba bo ba ema fa thoko ga sebeso sa kopore. Mme gone, ba ne ba sa tla go ntsha ditlhabelo. Jehofa o ne a sa tlhole a amogela ditlhabelo tse di neng di ntshiwa kwa tempeleng. Ba le barataro mo go bone ba ne ba tshwere dibetsa tse di thubaganyang. Mme wa bosupa o ne a sa tshwane le bone. O ne a apere letsela le le boleta. O ne a sa tshwara sebetsa, go na le moo, o ne a bofeletse lonaka lwa enke ya mokwaledi mo lothekeng lwa gagwe, kgotsa jaaka ntlha e e kwa tlase e bua, “selo se se tsenyang enke ya mokwadi.”
5, 6. Re ka reng ka batho ba ba ileng ba tshwaiwa? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)
5 Monna yo o neng a tshwere lonaka lwa enke o ne a tshwanetse go dira eng? Jehofa o ne a mo neile tiro e e botlhokwa. O ne a mo raya a re: “Ralala motse, ralala Jerusalema, mme o beye letshwao mo diphatleng tsa batho ba ba bogisiwang le ba ba hutsafadiwang ke dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang mo motseng.” Gongwe ka nako eo, Esekiele o ile a akanya ka Baiseraele ba ba ikanyegang ba bogologolo, ba ba ileng ba laelwa gore ba gase madi mo karolong e e fa godimo ya foreime ya kgoro mo matlong a bone, gore bana ba bone ba maitibolo ba se ka ba bolawa. (Ekes. 12:7, 22, 23) Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, a letshwao le le neng le beilwe mo diphatleng tsa batho le lone e ne e le sesupo sa gore motho yo o nang le lone o tla bolokiwa fa Jerusalema e senngwa?
6 Re tshwanetse go gopola gore letshwao leno le ne le bewa mo diphatleng tsa batho ba ba bogisiwang le ba ba hutsafadiwang ke dilo tsotlhe tse di makgapha tse di neng di dirwa mo motseng. Ka jalo, re ka reng ka batho ba ba neng ba tshwaiwa? Ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke go bona batho ba obamela medingwana ya maaka mo tempeleng. Gape ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke thubakanyo, boitshwaro jo bo sa siamang le bonweenwee jo bo neng bo tletse kwa Jerusalema. (Esek. 22:9-12) Mo godimo ga moo, ba ka tswa ba ne ba sa fitlhe tsela e ba ikutlwang ka yone. Ba ne ba bua e bile ba dira dilo tse di bontshang gore ba tlhoile dilo tse di maswe tse di dirwang mo motseng le gore ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Jehofa o ne a tla ba bontsha kutlwelobotlhoko ka go ba sireletsa.
7, 8. Banna ba barataro ba ba neng ba tshwere dibetsa tse di thubaganyang ba ne ba tshwanetse go dira eng, mme go ne ga direga eng kwa bofelong?
7 Banna ba barataro ba ba neng ba tshwere dibetsa tse di thubaganyang bone ba ne ba tshwanetse go dira eng? Esekiele o ne a utlwa Jehofa a ba raya a re ba sale monna yo o tshwereng lonaka lwa enke morago mme ba bolaye mongwe le mongwe ntle le ba ba neng ba na le letshwao mo phatleng. Jehofa o ne a ba raya a re: “Lo simolole mo lefelong la me le le boitshepo.” (Esek. 9:6) Banna bao ba ne ba tshwanetse go simolola kwa tempeleng ya ga Jehofa e e neng e sa tlhole e le boitshepo. Batho ba ntlha go bolawa e ne e le “bagolwane ba ba neng ba le fa pele ga ntlo.” Go tewa bagolwane ba le 70 ba Iseraele ba ba neng ba ntshetsa medimo ya maaka maswalo mo tempeleng.—Esek. 8:11, 12; 9:6.
8 Go ne ga direga eng kwa bofelong? Fa ponatshegelo eo e ntse e tsweletse, Esekiele o ile a utlwa monna yo a neng a tshwere lonaka lwa enke a raya Jehofa a re: “Ke dirile fela jaaka o ntaetse.” (Esek. 9:11) Seno se dira gore re ipotse go re: ‘Go ile ga direga eng ka baagi ba Jerusalema? A batho ba ba ikanyegang ba ile ba falola fa Jerusalema e ne e senngwa?’
Ponatshegelo Eno e Ile ya Diragadiwa Jang ka Nako ya ga Esekiele?
9, 10. Batho bangwe ba ba ikanyegang ba ba ileng ba falola ke bomang, mme re ka reng ka bone?
9 Bala 2 Ditiragalo 36:17-20. Boporofeti jwa ga Esekiele bo ile jwa diragadiwa ka 607 B.C.E. fa masole a Babelona a ne a senya motse wa Jerusalema le tempele. Bababelona ba ne ba tshwana le ‘senwelo mo seatleng sa ga Jehofa.’ O ile a ba dirisa go otlhaya baagi ba Jerusalema ba ba sa ikanyegeng. (Jer. 51:7) A go ile ga bolawa mongwe le mongwe? Nnyaa. Boporofeti jwa ga Esekiele bo ne bo boleletse pele gore bangwe ba ne ba tla falola fa Bababelona ba senya Jerusalema.—Gen. 18:22-33; 2 Pet. 2:9.
10 Batho bangwe ba ba ikanyegang ba ile ba falola, go akaretsa Barekabe, Ebede-meleke wa Moethiopia, moporofeti Jeremia le mokwaledi wa gagwe Baruke. (Jer. 35:1-19; 39:15-18; 45:1-5) Go ya ka se Esekiele a ileng a se bona mo ponatshegelong, go raya gore batho bano ba ne ba ‘bogisiwa e bile ba hutsafadiwa ke dilo tsotlhe tse di makgapha’ tse di neng di dirwa kwa Jerusalema. (Esek. 9:4) Ntle le pelaelo, ba ile ba bontsha gore ba tlhoile dilo tseo le gore ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang pele ga motse o senngwa, mme seno se ne sa dira gore ba bolokwe.
11. Monna yo o tshotseng lonaka lwa enke le banna ba le barataro ba ba tshotseng dibetsa tse di thubaganyang ba ne ba emela bomang?
11 A batho ba ba ikanyegang ba ne ba beilwe letshwao la mmatota gore ba kgone go falola? Ga go na pego epe e e bontshang gore Esekiele kgotsa moporofeti mongwe o ne a ralala Jerusalema a baya letshwao mo diphatleng tsa batho ba ba ikanyegang. Ka jalo, ponatshegelo ya ga Esekiele e ne e bontsha se se diregang kwa legodimong, se go se nang motho ope yo a neng a ka kgona go se bona. Monna yo o tshotseng lonaka lwa enke le banna ba le barataro ba ba tshotseng dibetsa tse di thubaganyang ba ne ba emela baengele ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, ba ba nnang ba le malalaalaotswe go diragatsa thato ya gagwe. (Pes. 103:20, 21) Go lebega Jehofa a ile a dirisa baengele go diragatsa katlholo ya gagwe mo baaging ba Jerusalema ba ba sa ikanyegeng. Baengele ba ile ba baya letshwao la tshwantshetso mo diphatleng tsa batho ba ba ikanyegang, go netefatsa gore ga go bolawe mongwe le mongwe.
Ponatshegelo ya ga Esekiele e Kaya Eng mo Motlheng wa Rona?
12, 13. (a) Ke eng fa Jehofa a ile a otlhaya baagi ba Jerusalema, mme ke eng fa re ka lebelela gore a dire se se tshwanang le mo motlheng wa rona? (b) A Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a tshwantshetsa Jerusalema? Tlhalosa. (Bona lebokose le le reng “A Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a Tshwantshetsa Jerusalema?”)
12 Go ise go ye kae, re tlile go bona katlholo ya Modimo e go se nang ope yo o kileng a e bona. Go tlile go nna le “pitlagano e kgolo e e iseng e tsamaye e nne teng fa e sa le lefatshe le nna teng go fitlha jaanong, e bile ga e kitla e nna teng gape.” (Math. 24:21) Fa re ntse re letile tiragalo eo ya botlhokwa, re ka ipotsa dipotso tseno: A go na le ba ba tla falolang pitlagano e kgolo? A batlhanka ba ga Jehofa ba tla tshwaiwa ka tsela nngwe gore ba falole? Ka mafoko a mangwe, a ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona ya monna yo o tshotseng lonaka lwa enke e a diragadiwa mo motlheng ono wa rona? Karabo ya dipotso tseno ke ee. Ke eng fa re rialo? Go bona karabo, mma re tlotle gape ka ponatshegelo ya ga Esekiele.
13 A o gopola gore ke eng fa Jehofa a ile a otlhaya baagi ba Jerusalema? Boela gape kwa go Esekiele 9:8, 9. (E bale.) Fa Esekiele a ne a akanya gore “batho botlhe ba ba setseng ba Iseraele” ba tlile go senngwa, Jehofa o ile a ntsha mabaka a le manê a go bo a ne a tlile go ba otlhaya. Sa ntlha, “molato” wa Baiseraele o ne le “mogolo fela thata.” b Sa bobedi, lefatshe la Juda le ne le “tletse madi a batho ba ba bolailweng.” Sa boraro, motsemogolo wa bogosi jwa Juda e leng Jerusalema o ne o “tletse bonweenwee.” Sa bonê, batho ba ne ba ipolelela gore Jehofa ga a ba “bone,” ka jalo, ba ne ba tswelela ba dira dilo tse di bosula. A dilo tseno ga se tsone tse di diregang mo lefatsheng leno le le tletseng ka boitsholo jo bo sa siamang, thubakanyo, bonweenwee le batho ba ba se nang tumelo? E re ka Jehofa a ‘sa fetoge,’ se se ileng sa dira gore a galefe mo motlheng wa ga Esekiele, se tla dira gore a galefe le mo motlheng wa rona. (Jak. 1:17; Mal. 3:6) Ka jalo, re ka lebelela gore baengele ba ga Jehofa, ba ba emelwang ke banna ba le barataro ba ba tshotseng dibetsa tsa go thubaganya le monna yo o tshotseng lonaka lwa enke, ba tla dira thato ya ga Jehofa le mo motlheng ono wa rona.
14, 15. Ke dikai dife tse di bontshang gore Jehofa o tlhagisa batho nako e sa ntse e le teng?
14 Mme gone, ponatshegelo ya ga Esekiele e diragadiwa jang mo motlheng wa rona? Go sekaseka kafa ponatshegelo eno e ileng ya diragadiwa ka gone mo nakong e e fetileng, go tla re thusa go bona gore e tla diragadiwa jang gone jaanong le mo nakong e e tlang. Mma re bone kafa boporofeti jono bo diragaditsweng ka gone le kafa bo tla diragadiwang ka gone.
15 Jehofa o tlhagisa batho nako e sa ntse e le teng. Jaaka re bone mo Kgaolo 11 ya buka eno, Jehofa o ile a tlhoma Esekiele gore e nne “molebedi wa ba ntlo ya Iseraele.” (Esek. 3:17-19) Go simolola ka 613 B.C.E., Esekiele o ile a tlhagisa Baiseraele gore Jerusalema e ne e tlile go senngwa. Baporofeti ba bangwe ba ba jaaka Isaia le Jeremia le bone ba ile ba tlhagisa batho ka masetlapelo a a neng a tla wela Jerusalema. (Isa. 39:6, 7; Jer. 25:8, 9, 11) Mo motlheng wa rona, Jehofa o ile a dirisa Jesu go tlhoma setlhopha se sennye sa Bakeresete ba ba tloditsweng gore ba tlhokomele batlhanka ba gagwe le gore ba tlhagise batho ka pitlagano e kgolo e e tlang.—Math. 24:45.
16. A batho ba ga Jehofa ba tshwaya batho ba ba tla falolang? Tlhalosa.
16 Batho ba ga Jehofa ga ba tshwaye batho ba ba tla falolang. Gopola gore Esekiele ga a ka a laelwa gore a tshwaye batho ba ba neng ba tla falola. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ga Jehofa ba mo motlheng ono le bone ga ba a newa taelo ya gore ba tshwaye batho ba ba tla falolang pitlagano e kgolo. Go na le moo, re neilwe taelo ya gore re rere. Re bontsha gore re tsaya taelo eno tsia fa re bolelela batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo le fa re ba tlhagisa gore bokhutlo jwa lefatshe leno le le bosula bo atametse. (Math. 24:14; 28:18-20) Fa re dira jalo, re thusa batho gore ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.—1 Tim. 4:16.
17. Batho ba tshwanetse go dira eng gone jaanong gore ba kgone go falola pitlagano e kgolo?
17 Gore batho ba falole pitlagano e kgolo, ba tshwanetse go bontsha gore ba na le tumelo gone jaanong. Jaaka re bone mo dirapeng tse di fetileng, batho ba ba ileng ba falola fa Jerusalema e ne e senngwa ka 607 B.C.E, ke ba ba ileng ba bontsha gore ba tlhoile dilo tse di bosula tse di neng di dirwa mo motseng le gore ba mo letlhakoreng la ga Jehofa. Mme gone, ba ile ba dira jalo pele motse o senngwa. Go ntse fela jalo le gompieno. Batho ba tshwanetse go bontsha gore ba utlwisiwa botlhoko ke dilo tse di bosula tse di diregang mo lefatsheng pele ga pitlagano e kgolo. Gape ba tshwanetse go bontsha gore ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Ba ka dira seo jang? Ba tshwanetse go amogela dikgang tse di molemo tse batho ba ga Jehofa ba di rerang. Gape ba tshwanetse go apara botho jo bosha ba bo ba ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Mo godimo ga moo, ba tshwanetse go ema bomorwarraagwe Keresete nokeng. (Esek. 9:4; Math. 25:34-40; Baef. 4:22-24; 1 Pet. 3:21) Batho ba ba dirang jalo le ba ba tswelelang ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang go fitlha ka nako ya pitlagano e kgolo, ke bone ba tla tshwaiwang gore falole.
18. (a) Jesu Keresete o tla tshwaya jang batho ba ba tla falolang, mme o tla ba tshwaya leng? (b) Go tlile go direga eng ka batlodiwa ba ba ikanyegang?
18 Jesu ke ene a tla tshwayang batho ba ba tla falolang. Ka nako ya ga Esekiele, baengele ba ile ba nna le seabe mo tirong ya go tshwaya batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba tla falola. Mo motlheng wa rona, monna yo o tshotseng lonaka lwa enke ya mokwaledi o emela Jesu Keresete fa “a tla a na le taolo e kgolo” a tla go atlhola batho ba ditšhaba tsotlhe. (Math. 25:31-33) Jesu o tla tla ka nako ya pitlagano e kgolo fa madumedi a maaka a sena go senngwa. c Ka nako eo pele fela ga ntwa ya Aramagedona e simologa, Jesu o tla atlhola batho gore a ke dinku kgotsa ke dipodi. Ba “boidiidi jo bogolo” ba tla tshwaiwa gore ke dinku. Seno se raya gore ba tla “bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Tshen. 7:9-14; Math. 25:34-40, 46) Mme go tlile go direga eng ka batlodiwa ba ba ikanyegang? Ba tla tshwaiwa labofelo pele ga ba swa kgotsa pele ga pitlagano e kgolo e simologa, mme ba tla isiwa legodimong pele ga ntwa ya Aramagedona e simologa.—Tshen. 7:1-3.
19. Jesu o tla bo a na le bomang fa a tla go diragatsa katlholo ya Modimo? (Bona lebokose le le reng “Go Bogisiwa, go Hutsafadiwa, go Tshwaiwa le go Thubaganya—Go Direga Leng le Gone Jang?”)
19 Kgosi ya kwa legodimong e bong Jesu Keresete le masole a gagwe ba tla diragatsa katlholo ya Modimo. Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, banna ba le barataro ba ba tshwereng dibetsa tse di thubaganyang ba ile ba simolola tiro ya bone fa monna yo o apereng letsela le le boleta a sena go fetsa tiro ya gagwe ya go tshwaya. (Esek. 9:4-7) Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba bosula ba tlile go senngwa fa Jesu a sena go atlhola batho ba ditšhaba tsotlhe e bile a sena go tshwaya ba ba tla falolang. Go tswa foo, ka nako ya ntwa ya Aramagedona, Jesu le masole a gagwe a kwa legodimong a a akaretsang baengele le batlodiwa ba le 144 000, ba tla senya lefatshe leno le le bosula. Gape ba tlile go thusa batho ba ba obamelang Jehofa ka tsela e e mo itumedisang gore ba falolele mo lefatsheng le lesha la paradaise.—Tshen. 16:14-16; 19:11-21.
20. Re ithutile dithuto dife tsa botlhokwa mo ponatshegelong ya ga Esekiele ya monna yo o tshotseng lonaka lwa enke?
20 Re lebogela dithuto tsa botlhokwa tse re ithutang tsone mo ponatshegelong ya ga Esekiele ya monna yo o tshotseng lonaka lwa enke. Re a itse gore fa Jehofa a senya batho ba ba bosula, o tla sireletsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Pes. 97:10) Gape re a itse gore re tshwanetse go dira eng gone jaanong gore re kgone go falola mo nakong e e tlang. Re ikemiseditse go dira ka natla go rerela batho ba ba utlwisiwang botlhoko ke dilo tse di bosula tse di diregang mo lefatsheng leno la ga Satane. Gape re ikemiseditse go tlhagisa batho gore bokhutlo bo gaufi. Ka jalo re na le boikarabelo jwa go thusa batho ba ba siameng gore ba obamele Jehofa mmogo le rona. Fa ba dira jalo, ba tla tshwaiwa gore ba falolele mo lefatsheng le lesha la paradaise.—Dit. 13:48.
b Go ya ka buka nngwe, lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “molato” fano, gape le ka kaya “go sokamisa dilo.” Buka e nngwe yone e a re lefoko leno “le amana thata le bodumedi mme gantsi le dirisiwa fa go buiwa ka phoso e e diretsweng Modimo.”
c Go lebega maloko a bodumedi jwa maaka a se kitla a bolawa otlhe fa Babelona yo Mogolo a senngwa. Ka nako eo, baeteledipele ba bodumedi ba tla itira e kete ga ba itse sepe e bile ba tla ganela gore e kile ya bo e le maloko a bodumedi jwa maaka.—Seka. 13:3-6.