Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Tshwanetse go Nna Kwa Nageng e Sele?

A ke Tshwanetse go Nna Kwa Nageng e Sele?

Basha ba Botsa Jaana . . .

A ke Tshwanetse go Nna Kwa Nageng e Sele?

“Ke ne ke batla go nna go sele.”—Sam.

“Ke ne ke batla fela go itse. Ke ne ke batla go bona sengwe se sesha.”—Maren.

“Tsala nngwe ya me e ne ya mpolelela gore fa nka tloga mo gae go sekae seo se ne se tla ntsholegela molemo.”—Andreas.

“Ke ne ke tlhoafaletse go lekeletsa dilo.”—Hagen.

A O A tle o akanye ka go tshela kwa nageng e sele—gongwe ka nakwana fela? Ngwaga le ngwaga, diketekete tsa basha di kgona go dira jalo. Andreas o bolela jaana ka go nna ga gagwe kwa nageng e sele: “Nka rata go go dira gape.”

Basha bangwe ba fuduga ka nakwana ka gonne ba batla go bona madi kana go ithuta puo e sele. Ka sekai, kwa dinageng di le dintsi go tlwaelegile thata go ya go berekela lelapa lengwe la kwa nageng e sele. Seno se letlelela batswakwa ba basha bano go direla lelapa lengwe ditiro tsa mo gae mme ba duelwa ka go newa marobalo le dijo, mme ba kgona go dirisa nako ya fa ba sa bereke go ithuta puo ya mo lefelong leo. Mme go na le basha ba ba yang kwa nageng e sele go ya go bona thuto. Ba bangwe ba fuduga gore ba ye go bona tiro e le gore ba ka kgona go thusa ba malapa a bone ka madi. Mo godimo ga moo, ba bangwe ba fuduga ka gonne ba sa tlhomamisega gore ba batla go dira eng fa ba fetsa mo sekolong, mme ba batla go ikhutsa ka go ya kwa nageng e sele.

Se se kgatlhang ke gore basha ba bangwe ba Bakeresete ba ile ba fudugela kwa dinageng tse di tlhaelang bareri, gore ba atolose bodiredi jwa bone. Go sa kgathalesege lebaka la go fuduga, go nna kwa nageng e sele e ka nna thuto ya botlhokwa jaaka o ntse o nna mogolo yo o ikemetseng. Go ka dira gore o ithute go le gontsi ka ditso tsa batho ba bangwe. O ka nna wa bo wa kgona go bua puo ya naga e sele—e leng selo se se ka atolosang ditshono tsa gore o kgone go bona tiro.

Le fa go ntse jalo, go nna kwa nageng e sele ga se ka metlha e leng selo se se itumedisang. Ka sekai, Susanne o ne a fetsa ngwaga otlhe e le moithuti yo go refosanweng ka ene. O bolela jaana: “Ke ne ke ipoleletse gore go tla nna monate thata go tloga kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong. Ga go a ka ga nna jalo.” E bile basha bangwe ba ile ba jewa ntsoma kana ba wela mo bothateng jo bo masisi. Ka jalo pele ga o paka dikgetsi tsa gago, go ka nna botlhale gore o nne fa fatshe mme o akanye ka melemo le mathata a a ka tlhagang.

Sekaseka Maikaelelo a Gago

Go akanya ka melemo le mathata a a ka tlhagang go tla akaretsa le gore o tlhatlhobe maikaelelo a gago a go bo o batla go ya kwa nageng e sele. Motho a ka eta gore a dire dilo tsa semoya kana a tlhokomele maikarabelo a lelapa. Mme jaaka basha ba ba nopotsweng kwa tshimologong, ba le bantsi ba eletsa go fuduga fela ka gonne ba batla go dira sengwe sa bogatlhamela masisi, go bona kgololesego e kgolwane kana go ijesa monate. Ga go reye gore seno se phoso. Gone, Moreri 11:9 e kgothaletsa basha gore ba ‘itumele mo bokaung jwa bone.’ Le fa go ntse jalo, temana ya 10 e tlhagisa jaana: “Ke gone o tlose bohutsana mo pelong ya gago, o bo o tlose bosula mo nameng ya gago.”

Fa e le gore maikaelelo a gago a go fudugela kwa nageng e sele ke go batla go tila dithibelo tsa batsadi, o ka tswa o ipiletsa “bohutsana.” A o gakologelwa setshwantsho sa ga Jesu sa morwa wa sesenyi? Ke se se kaga lekawana lengwe le le neng la ya kwa nageng e sele ka ntlha ya bopelotshetlha, gongwe a ipatlela kgololesego e kgolwane. Go ise go ye kae, o ne a welwa ke bohutsana, mme a iphitlhela a le mo tlaleng, a humanegile e bile a lwala semoyeng.—Luke 15:11-16.

Mo godimo ga moo go na le ba ba batlang go fuduga ka gonne ba tshaba mathata kwa gae. Mme jaaka Heike Berg a kwadile mo bukeng ya gagwe ya What’s Up, “fa o batla go tsamaya fela ka gonne o sa itumela . . . mme o dumela gore dilo di tla go siamela fa o nna go sele—lebala!” Tota go botoka go rarabolola mathata fa a tlhaga. Ga re solegelwe molemo ka gope fa re tshabela maemo a re sa a rateng.

Dilo tse dingwe tse di kotsi tse di ka re tlhotlheletsang ke bopelotshetlha le go rata dikhumo. Basha ba bantsi ba nna le dikgopolo tse di feteletseng, tse e seng tsa boammaaruri tsa kafa botshelo bo ntseng ka teng kwa dinageng tse di tlhabologileng, ba tlhotlhelediwa ke go eletsa go huma. Bangwe ba akanya gore batho botlhe ba kwa Bophirima ba humile. Mme seno ga se boammaaruri le e seng. Fa basha ba bantsi ba se na go fuduga, ba iphitlhela ba le mo nageng e ba sa e itseng, ba kgaratlha go tswa mo khumanegong. * Baebele e tlhagisa jaana: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gabalalela lorato lono bangwe ba timeditswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:10.

A o Setse o Ipaakantse?

Go na le kgang e nngwe e e ka sekasekiwang: A ruri o godile sentle go ka emelana le dipogiso, mathata kana dikgotlhang tse di tla tsogang fa o le kwa nageng e sele? Gongwe o ya go nna le mongwe kana le lelapa lengwe le go tshwanelwa ke go tlwaela thulaganyo ya bone ya ka metlha. Ka jalo gone jaanong o dirisana jang le ba bangwe mo gae? A batsadi ba gago ba ngongorega ka gore ga o akanyetse ba bangwe le gore o iteba bowena fela? A o rata go balabala ka se o se jang? O rata go dira seabe sa gago sa tiro ya mo ntlong go le kana kang? Fa e le gore dilo tseno di a go thatafalela gone jaanong, akanya fela gore di tla go imela go le kana kang fa o setse o le kwa nageng e sele!

Fa e le gore o Mokeresete, a o tla kgona go boloka bomoya jwa gago? Kana a batsadi ba gago ba tshwanetse go nna ba go gakolola ka metlha gore o se ke wa itlhokomolosa thuto ya Baebele, dipokano tsa Bokeresete le tiro ya go rera? A o tla nonofa sentle semoyeng gore o ka emelana le dikgatelelo le diteko tsa kwa nageng e sele tse o ka se kang wa lebana le tsone mo nageng ya gaeno? Mosha mongwe wa Mokeresete, yo e leng moithuti yo go refosanweng ka ene, o ne a bolelelwa kwa a ka bonang diokobatsi tse di seng kafa molaong gone e le letsatsi la gagwe la ntlha kwa sekolong sa kwa nageng e sele. Moragonyana mosetsana mongwe yo a tsenang sekolo le ene o ne a kopa go intsha le ene. Kwa nageng ya gaabo, mosetsana o ne a se kitla a ipuelela ka tlhamalalo jalo. Mosha mongwe wa mo Afrika yo a neng a fudugela kwa Yuropa le ene o ne a lemoga seno: “Kwa gae ga o ne o bona ditshwantsho tsa boitsholo jo bo sa siamang mo phatlalatseng. Mme fano o di bona gotlhe fela.” Go fudugela kwa nageng e sele go ka dira gore o senyegelwe ke bomoya jwa gago fa e le gore ga wa ‘tiya mo tumelong.’—1 Petere 5:9.

Batlisisa!

Pele ga o fuduga, o tlhoka go itse dintlha tsotlhe. O se ke wa ikaega fela ka magatwe. Ka sekai, fa e le gore o akanyetsa thulaganyo ya go refosanngwa le moithuti yo mongwe, e tla ja bokae? O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore gantsi e batla dikete tsa diranta. Gape o tlhoka go itse gore a thuto e o tla e bonang kwa nageng e sele e tla amogelwa kwa nageng ya gaeno. Gape, batla tshedimosetso e ntsi kafa o ka kgonang ka teng ka naga eno—melao ya yone, setso sa yone, dingwao tsa yone. Go nna teng go tla baka ditshenyegelo di le kana kang? Ke makgetho afe a o tla tshwanelwang ke go a duela? A go na le dikotsi tsa boitekanelo tse o tla tshwanelwang ke go di akanyetsa? O ka go fitlhela go le molemo gore o bue le batho ba ba kileng ba nna kwa teng.

Kgang e nngwe gape ke ya bonno. Batsadi ba ba amogelang baithuti ba go refosanweng ka bone gantsi ga ba batle gore o ba duele. Le e leng le fa go ntse jalo, go nna le batho ba ba sa tlotleng melaometheo ya Baebele go ka baka mathata a mantsi le go lapisa. Ka gongwe o ka tlhopha go nna le ditsala kana ba losika. Mme tlhokomela gore o se ke wa nna mokgweleo mo go bone—le e leng le fa ba go emelela gore o nne le bone. Seno se ka sulafatsa kana le e leng go senya kamano ya gago le bone.—Diane 25:17.

Fa o ikaelela go bereka fa o ntse o le kwa nageng e sele, o se ke wa lebala boikarabelo jwa gago jwa Bokeresete jwa go ikobela balaodi ba naga. (Baroma 13:1-7) A molao o go letlelela go bereka mo nageng eo? Fa go ntse jalo, mo tlase ga maemo afe? Fa o bereka mme e se kafa molaong o ka nna wa senya boemo jwa gago jwa go nna Mokeresete yo o ikanyegang mme wa sala o se na tshireletso, e e jaaka inshorense ya fa o ka bona kotsi. Tota le fa e le gore o tla bo o sa tlole molao ka go bereka, o tla tlhoka go nna kelotlhoko le go nna botlhale. (Diane 14:15) Gantsi bathapi ba ba sa ikanyegeng ba ja batswakwa ntsoma.

Go Dira Tshwetso

Go phepafetse he gore tshwetso ya go fudugela kwa nageng e sele e kgolo thata—e bile ga ya tshwanela go tsewa motlhofo. Nna fa fatshe le batsadi ba gago mme ka kelotlhoko lo sekaseke melemo e e solofetsweng le dikotsi tse di ka nnang teng. Leka gore go tlhagafala ga gago go se ke ga dira gore o itlhokomolose dilo. Ikanyege fa o tlhatlhoba maikaelelo a gago. Reetsa batsadi ba gago ka kelotlhoko. Kana gone, ba sa ntse ba tla ikutlwa ba ikarabela ka wena, tota le fa o le kgakala le bone ka dikilometara di le dintsintsi. Go ka direga gore o tlhoke thuso ya bone ya madi gore o tswelele sentle.

Morago ga go sekaseka mabaka otlhe, o ka nna wa fitlhela gore ga go botlhale go fuduga—bogolo jang gone jaanong. Seno se ka nna sa go kgoba marapo, mme le fa go ntse jalo go na le dilo tse dingwe di le dintsi tse di kgatlhang tse o ka di dirang. Ka sekai, a o kile wa akanyetsa gore a o ka kgona go etela kwa mafelong a a kgatlhang a a leng teng mo nageng ya lona? Kana ke ka ntlha yang fa o sa simolole gone jaanong go ithuta puo ya kwa nageng e sele? Fa nako e ntse e ya, gongwe tshono ya gore o etele kwa nageng e sele e tla nna teng.

Go tweng he fa e le gore o swetsa ka gore o fuduge? Setlhogo se se latelang se tla tlotla kaga gore o ka kgona jang go atlega fa o nna kwa nageng e sele.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Bona setlhogo sa “Go Lekanya Seo go Fudugela Kwa Nageng e e Humileng Go ka Se Batlang mo go Wena,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 1, 1991, o o gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Basha bangwe ba fuduga gore ba tsweledise tiro ya go rera ka Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Buisana le batsadi ba gago ka melemo le dikotsi tsa go fuduga