Go Fetofetola Tshedimosetso
Go Fetofetola Tshedimosetso
“Fa dipuo tse di tlhotlheletsang di dirisiwa ka botlhale le ka bopelotelele di ka dira gore le lone legodimo tota le lebege jaaka dihele mo bathong, mme ka fa letlhakoreng le lengwe di ka dira gore botshelo jo bo makgapha tota bo lebege jaaka paradaise.”—ADOLF HITLER, MEIN KAMPF.
KA NTLHA ya go oketsega ga ditsela tsa tlhaeletsano—go tloga ka metšhine ya go gatisa go ya go dithelefouno, radio, thelebishene le Internet—melaetsa e e tlhotlheletsang e ile ya anama ka bonako thata. Phetogo eno e kgolo mo go tsa tlhaeletsano e ile ya felela ka mokoakoa wa tshedimosetso, e re ka batho ba tlhaselwa ka melaetsa e mentsintsi e e tswang mo bathong ba mefuta yotlhe. Batho ba le bantsi ba ineela mo kgatelelong eno ka go amogela melaetsa eno ka bonako thata le go e amogela kwantle ga go e tlhatlhoba kana go e sekaseka.
Batho ba ba boferefere ba ba anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang ba rata seno thata—segolobogolo ba rata fa batho ba dumela sengwe le sengwe kwantle ga mabaka. Dipuo tse di tlhotlheletsang di kgothaletsa mokgwa ono ka go fudua maikutlo a batho, ka go dirisa go etsaetsega ga bone, go sa tlhamalala ga puo le go sokamisa tsela e batho ba akanyang ka yone. Jaaka hisitori e bontsha, maano ano a ka tlhotlheletsa fela thata.
Hisitori ya Dipuo Tse di Tlhotlheletsang
Gompieno lefoko la Seesemane “propaganda [dipuo tse di tlhotlheletsang]” le tlhalosiwa ka tsela e e sa rategeng, ka tsela e e nayang kgopolo ya maano a boferefere, mme kwa tshimologong le ne le se na bokao jono. Go lebega lefoko “propaganda” le tswa mo leineng lengwe la Selatine la setlhopha sengwe sa bakadinale ba Katoliki ya Roma, e bong Congregatio de Propaganda Fide (Phuthego ya go Anamisa Tumelo). Komiti eno—e e neng e bidiwa Propaganda ka bokhutshwane—e ne ya tlhongwa ke Mopapa Gregory XV ka 1622 go okamela tiro ya barongwa. Ka iketlo, “propaganda” e ne ya simolola go nna le bokao jo bo rayang boiteko bope fela jwa go anamisa tumelo e e rileng.
Le fa go ntse jalo, kgopolo ya dipuo tse di tlhotlheletsang ga e a ka ya simolola mo lekgolong la bo17 la dingwaga. Go tloga kwa metlheng ya bogologolo, batho ba ile ba dirisa mokgwa mongwe le mongwe fela o o leng teng go anamisa dikgopolo kana go godisa tumedi ya bone le maatla. Ka sekai, botaki bo ile jwa diragatsa maikaelelo a batho ba ba anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang fa e sa le go tloga ka metlha ya bofaro ba Egepeto. Dikgosi tseno di ne di dira dipiramiti tsa tsone ka boikaelelo jwa go bontsha batho maatla a bone le go nna lobaka lo loleele ga bone. Baroma le bone dikago tsa bone di ne tsa diragatsa boikaelelo bongwe jwa bopolotiki—go tlotlomatsa puso. Lefoko “propaganda,” le ile la simolola go se ratege ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, fa dipuso di ne di simolola go nna le seabe se segolo thata mo go tlhotlheletseng tshedimosetso ya ntwa e e neng e anamisiwa ka metswedi ya tshedimosetso. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Adolf Hitler le Joseph Goebbels ba ile ba itshupa e le bomankge ba go anamisa dipuo tse di tlhotlheletsang.
Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, dipuo tse di tlhotlheletsang di ile tsa dirisiwa thata go rotloetsa molao wa setšhaba. Dinaga tsa Bophirima le tsa Botlhaba di ne tsa tswa matsholo a se kana ka sepe go bona kemonokeng ya boidiidi jwa batho ba ba sa itlamang ka dilo dipe. Karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa setšhaba le molao wa sone e ne ya dirisiwa ka tsela e e sa siamang go diragatsa maikaelelo a batho ba ba anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang. Mo dingwageng tsa bosheng
jaana, go raraana go go ntseng go oketsega ga mekgwa ya go anamisa dipuo tse di tlhotlheletsang go ile ga bonala mo matsholong a ditlhopho, mmogo le mo diphasalatsong tse di dirwang ke dikhampani tsa motsoko. Go ile ga thapiwa batho ba go tweng ke bomankge le baeteledipele bangwe go naya batho boikutlo jwa gore go goga go monate e bile go siametse botsogo jwa bone mme ba sa bontshe gore go tsenya botsogo jwa batho mo kotsing, e leng sone se tota go goga go se dirang.Maaka, Maaka!
Ga go pelaelo gore leano le legolo le le dirisiwang thata ke batho ba ba anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang ke go dirisa maaka a matala. Ka sekai, akanya ka maaka a Martin Luther a neng a a kwala ka 1543 malebana le Bajuda ba kwa Yuropa: “Ba tshetse botlhole mo didibeng, ba bolaile batho, ba tsere bana ka dikgoka . . . Ke dinoga tse di botlhole, tse di letlhoo, tse di batlang go ipusolosetsa, tse di boferefere, babolai le bana ba ga diabolo ba ba lomang le ba ba dirang bosula.” O ne a rotloetsa batho ba go tweng ke Bakeresete go dira eng? “Tshubang disinagoge tsa bone kana dikolo tsa bone ka molelo . . . Matlo a bone le one [a tshwanetse] go rutlololwa le go senngwa.”
Porofesa mongwe wa puso le wa thutoloago yo a ileng a batlisisa ka ditiragalo tsa motlha oo, o bolela jaana: “Totatota boikutlo jwa go ila Bajuda ga bo amane ka gope le se Bajuda ba se dirileng, mme ka jalo, ga go amane ka gope le kitso e batho ba ba ilang Bajuda ba nang le yone ka se tota Bajuda ba leng sone.” Gape o akgela jaana:
“Bajuda ba ne ba pegwa molato wa sengwe le sengwe fela se se sa siamang, ka jalo go ne go itlela fela gore fa go na le bothata bongwe jwa tlholego kana jwa loago, bo ne bo tsewa gore bo bakilwe ke Bajuda.”Go Akaretsa
Leano le lengwe le le atlegang thata la go anamisa dipuo tse di tlhotlheletsang ke go akaretsa. Gantsi go akaretsa go fitlha dintlha tsa botlhokwa malebana le dikgang tsa mmatota tse go buiwang ka tsone, mme gangwe le gape go dirisediwa go nyatsa setlhopha sotlhe sa batho ba ba rileng. Ka sekai, polelo eno e e reng “Ba-Gypsy [kana bafaladi] ke magodu,” e buiwa thata kwa dinageng dingwe tsa Yuropa. A mme e boammaaruri?
Mokwaladikgang mongwe e bong Richardos Someritis o bolela gore kwa nageng nngwe dikgopolo tse di ntseng jalo di ne tsa dira gore batswakwa “ba boifiwe le go ilwa mme gantsi ba tlhaolwa ka ntlha ya lotso lwa bone.” Le fa go ntse jalo, go ile ga bonala gore ditiro tsa boganana tse di dirwang kwa nageng eo, di dirwa ka selekanyo se se tshwanang ke batho ba ba tsaletsweng kwa nageng eo le ke batho ba ba tswang kwa dinageng di sele. Ka sekai, Someritis o bolela gore dipatlisiso di bontshitse gore kwa Gerika, “ditlolomolao di le 96 mo go tse 100 di dirwa ke [Bagerika].” O bolela jaana: “Tlolomolao e bakwa ke mathata a tsa ikonomi le a loago, e seng ‘lotso.’” O pega metswedi ya tshedimosetso molato “ka go bo e dirisa tsela e e rulagantsweng ka botswerere go dira gore batho ba boife le go ila batswakwa le go dira gore ba tlhaole batho ba bangwe ka lotso” ka go bega tlolomolao ka tsela e e sokameng.
Go Taya Maina
Batho bangwe ba nyenyefatsa batho ba ba sa dumalaneng le bone ka go belaela botho jwa bone kana maitlhomo a bone go na le go tlhoma mogopolo mo go se tota e leng boammaaruri. Go taya maina go naya motho, setlhopha kana kgopolo nngwe leina le le sa siamang le le se kitlang le lebalwa motlhofo. Motho yo o tayang ba bangwe maina o solofela gore letshwao leno le tla ba ngaparela. Fa batho ba simolola go ila motho mongwe kana kgopolo nngwe ka ntlha ya leina le le sa siamang le a le manegilweng go na le gore ba itshekatshekele mabaka ka bobone, go raya gore leano la motho yo o tayang ba bangwe maina le atlegile.
Ka sekai, bosheng jaana, boikutlo jwa go nna kgatlhanong le makoko bo ile jwa anama thata kwa dinageng di le dintsi kwa Yuropa le kwa mafelong a mangwe. Seno se ile sa fudua maikutlo a batho, sa dira gore batho ba nne le boikutlo jwa bobaba, sa ba sa godisa boikutlo jo bo ntseng bo le teng jwa go tlhoa ditlhopha tse dinnye tsa madumedi. Gantsi, lefoko “lekoko” e nna lone le le dirisiwang go tlhaola setlhopha seo. Porofesa mongwe wa kwa Jeremane e bong Martin Kriele o ne a kwala jaana ka 1993: “Lefoko ‘lekoko’ le ka kaya ‘moikeodi,’ mme gompieno mono Jeremane, fela jaaka go ne go ntse mo dinakong tse di fetileng, ‘moikeodi’ o [atlholelwa loso]—fa e se ka molelo . . . , he ke ka go mo senya leina, go mo kgaphela kwa thoko mo bathong le go senya dithoto tsa gagwe.”
Setheo sa go Sekaseka Dipuo Tse di Tlhotlheletsang se bolela gore “maina a a nyenyefatsang batho a ile a nna le seabe se segolo thata mo hisitoring ya lefatshe le mo tlhabologong ya rona ka borona. A ile a diga batho seriti, . . . a dira gore [batho] ba latlhelwe mo kgolegelong, mme a ile a galefisa batho gore ba bo ba tsenele ntwa mme ba ganyaole bathokabone.”
Go Laola Maikutlo
Le mororo maikutlo a ka tswa a se botlhokwa go le kalo fa go buiwa dintlha kana go ganetsanwa, a na le seabe se segolo thata mo go tlhotlheletseng. Baphasalatsi ba na le bokgoni jwa go tlhotlheletsa batho ka go laola maikutlo a bone fela jaaka mankge a tshameka piano ka bothakga.
Ka sekai, poifo ke boikutlo jo bo ka dirang gore motho a se ka a lemoga dilo sentle. Mme, fela jaaka kgang ya go fufega, poifo e ka dirisiwa go laola maikutlo. Lokwalodikgang longwe lwa kwa Canada lwa The Globe and Mail, lwa February 15, 1999, lo ne lwa bega kgang e e latelang go tswa kwa Moscow: “E ne ya re fa basetsana bangwe ba bararo ba sena go ipolaya kwa Moscow mo bekeng e e fetileng, metswedi ya tshedimosetso ya kwa Russia e ne ya bolela ka bonako fela gore e ne e le balatedi ba ba tlhagafetseng mo go feteletseng ba Basupi ba ga Jehofa.” Ela tlhoko polelwana eno “ba ba tlhagafetseng mo go feteletseng.” Go tlwaelegile gore batho ba boife
mokgatlho wa bodumedi o o tlhagafetseng mo go feteletseng o go tweng o tlhotlheletsa basha ba one go ipolaya. A ruri basetsana bano ba ba madimabe ba ne ba amana le Basupi ba ga Jehofa ka tsela nngwe?Lokwalodikgang lono lwa Globe lo ne lwa tswelela jaana: “Moragonyana mapodise a ne a bolela gore basetsana bano ba ne ba sa amane ka gope le [Basupi ba ga Jehofa]. Le fa go ntse jalo, thulaganyo nngwe ya thelebishene kwa Moscow e ne e setse e tlhasetse lekoko leno gape, e bolelela babogedi ba yone gore Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisana mmogo le Adolf Hitler kwa Jeremane ya Bonasi—le fa go na le bosupi jwa hisitori jo bo bontshang gore diketekete tsa maloko a bone a ile a bolawa mo dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi.” Mo megopolong ya batho ba ba neilweng tshedimosetso e e seng yone le ba gongwe ba boifang, Basupi ba ga Jehofa e ne e le lekoko le le belaetsang la batho ba ba ipolayang kana le le dirisanang mmogo le Banasi!
Letlhoo ke boikutlo jo bo maatla jo batho ba ba anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang ba bo dirisang ka tsela e e sa siamang. Dipolelo tse di bofitlha tse di sa utlwaleng sentle ke tsone tse segolobogolo di le tsosang thata. Go lebega go na le mafoko a mantsintsi fela a a sa siamang a a rotloetsang le go tlhotlheletsa batho go tlhoa ditlhopha tse di rileng tsa lotso, tsa setso kana tsa bodumedi.
Batho bangwe ba ba anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang ba dirisa boikgogomoso go laola maikutlo a batho. Gantsi re kgona go lemoga dipolelo tse di tlhotlheletsang boikgogomoso ka go lekola mafoko a tshwana le ano a a tlhageletseng: “Motho ope fela yo o botlhale o itse gore . . . ” kana, “Motho yo o rutegileng jaaka wena jaana o tshwanetse a itse gore . . . ” Selo se se tlhotlheletsang boikgogomoso fano ke gore re boifa go lebega re le dieleele. Bomankge ba go tlhotlheletsa batho ba itse seo sentle.
Meano le Matshwao
Meano ke dipolelo tse di rayang dilo di le dintsi tse gantsi di dirisiwang go tlhalosa dikgopolo le mekgele. Ka ntlha ya go bo di ka raya dilo di le dintsi, go motlhofo gore motho a dumalane le tsone.
Ka sekai, ka dinako tsa mathata kana tsa dikgotlhang tsa setšhaba, baeteledipele ba matsipa ba ka nna ba dirisa meano e tshwana le eno, “Ke tshegetsa naga ya gaetsho le fa go ka nna jang,” “Lefatshe la Borraetsho, Bodumedi, Lelapa,” gongwe “Kgololesego kana Loso.” A mme bontsi jwa batho bo sekaseka ka kelotlhoko go bona gore tota ke eng se se bakang bothata kana dikgotlhang tseo? Kana a ba dumela sengwe le sengwe se ba se bolelelwang?
E ne ya re fa Winston Churchill a kwala ka Ntwa ya Lefatshe I, o ne a akgela jaana: “Go tlhokega tlhasenyana e le nngwe fela e e tlhotlheletsang go fetola matshutitshuti ano a batho ba maemo a kwa tlase le badiri bano ba ba kagiso go nna masole a a nonofileng a a tla gagolakanang.” O ne a tswelela pele a bolela gore bontsi jwa batho bo ne jwa dira fela jaaka bo laetswe mme bo sa akanya pele.
Gape batho ba ba anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang ba na le matshwao le ditshupo di le dintsi thata tse ba fetisang melaetsa ya bone ka tsone—thulaganyo ya go hula ditlhobolo ka makgetlho a 21, tumediso ya sesole, le folaga. Tsela e batho ba ratang batsadi ba bone ka yone le yone e ka dirisiwa ka tsela e e sa siamang. Ka jalo, dipolelo tse di ntseng jalo tse di tshwantshang tse di jaaka lefatshe la borraetsho, naga ya gaetsho, kana kereke ya gaetsho ke didirisiwa tse di dirisiwang thata ke batlhotlheletsi ba ba bonokopela.
Ka jalo, mokgwa ono o o boferefere wa go anamisa dipuo tse di tlhotlheletsang o ka golafatsa mogopolo, wa dira gore motho a se ka a akanya le go lemoga dilo sentle, mme o ka dira gore motho a dire dilo a tlhotlhelediwa ke bontsi. O ka itshireletsa jang?
[Mafoko a a mo go tsebe 16]
Mokgwa o o boferefere wa go anamisa dipuo tse di tlhotlheletsang o ka golafatsa mogopolo le go dira gore motho a se ka a akanya sentle
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15]
A TIRO YA BASUPI BA GA JEHOFA E ANAMISA DIPUO TSE DI TLHOTLHELETSANG?
Batho bangwe ba ba ganetsang Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ba latofatsa ka gore ba anamisa dipuo tse di tlhotlheletsang tsa Bojuda. Ba bangwe ba ile ba ba latofatsa ka gore tiro ya bone e rotloetsa Bokomonisi. Ba bangwe bone ba ile ba bolela gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e buelela dikgopolo le dilo tse di direlwang “puso ya Amerika.” Mme go na le batho ba ba bolelang gore Basupi ba ga Jehofa ke batsuolodi, ba ba bakang tlhakatlhakano ka boikaelelo jwa go fetola tsamaiso ya loago, ya ikonomi, ya sepolotiki, kana ya molao. Go phepafetse gore ditatofatso tseno tse di ganetsanang di ka se ka tsa bo di le boammaaruri tsotlhe.
Fa re bua ka tlhamalalo fela, Basupi ba ga Jehofa ga ba dire sepe sa dilo tse di kailweng fa godimo fano. Basupi ba diragatsa tiro ya bone ka go utlwa ka boikanyego taolo eno e Jesu Keresete a neng a e naya barutwa ba gagwe: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Tiro ya bone e remeletse fela mo go anamiseng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa legodimo—sedirisiwa sa Modimo se a tla lereng kagiso mo lefatsheng lotlhe ka sone.—Mathaio 6:10; 24:14.
Batho ba ba etseng Basupi ba ga Jehofa tlhoko ga ba ise ba bone bosupi bope jo bo bontshang gore Bakeresete bano ba kile ba nna batho ba ba tsosang tlhakatlhakano mo tolamong ya naga epe fela.
Bontsi jwa bakwaladikgang, baatlhodi le ba bangwe ba ile ba bua ka dilo tse dintle tse Basupi ba ga Jehofa ba di dirileng mo mafelong a ba nnang mo go one. Akanya ka dingwe tsa dikai tsa tsone. E ne ya re fa mmegadikgang mongwe go tswa kwa Yuropa borwa a sena go nna gone kwa kopanong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa, o ne a akgela jaana: “Batho bano ke batho ba ba nang le dikamano tse di nonofileng tsa lelapa, ba rutiwa go rata le go latela digakolodi tsa bone gore ba se ka ba utlwisa batho ba bangwe botlhoko.”
Mokwaladikgang yo mongwe yo pele a neng a sa rate Basupi, o ne a bolela jaana: “Tsela e ba tshelang ka yone e tlhomela ba bangwe sekao. Ga ba itlhokomolose melao ya boitsholo le dilo tse di siameng.” Rasaense mongwe wa dipolotiki le ene o ne a akgela jaana ka Basupi ba ga Jehofa: “Ba tshola batho ba bangwe ka bopelonomi, ka lorato le ka pepetletso e kgolo.”
Basupi ba ga Jehofa ba ruta gore go siame go ikobela balaodi. E re ka e le baagi ba ba ikobelang molao, ba latela melao ya Baebele ya boikanyegi, ya go bua boammaaruri le ya go nna phepa. Ba dira gore malapa a bone a nne le maitsholo a mantle, mme ba thusa batho ba bangwe go ithuta gore le bone ba dire jalo. Ba tshela ka kagiso le batho botlhe, ba sa itshunye nko mo dipopelelong kana mo makgotleng a balweladiphetogo a bopolotiki. Basupi ba ga Jehofa ba batla go tlhoma sekao ka go utlwa melao ya babusi ba bagolo ba batho, ba ntse ba emetse ka bopelotelele Mmusimogolo, Morena Molaodimogolo Jehofa, gore a busetse kagiso e e feletseng le puso e e siameng mo lefatsheng leno.
E bile gape, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e a ruta. Ba dirisa Baebele jaaka motheo wa bone, ba ruta batho mo lefatsheng lotlhe go dirisa melaometheo ya Baebele mme ka jalo ba nne le ditekanyetso tse di siameng tsa boitshwaro le boitsholo jo bo siameng. Ba buelela mekgwa e mentle e e tokafatsang botshelo jwa lelapa le go thusa basha go lepalepana le dikgwetlho tsa bone tse di farologaneng. Gape ba thusa batho go bona maatla a go fenya mekgwa e e sa siamang le go nna le bokgoni jwa go dirisana le batho ba bangwe sentle. Ga go ka ke ga twe tiro e e ntseng jalo e anamisa “dipuo tse di tlhotlheletsang.” Fela jaaka The World Book Encyclopedia e bolela, mo lefelong le batho ba amogelang dikgopolo ka kgololesego mo go lone, “dipuo tse di tlhotlheletsang di farologana le thuto.”
[Ditshwantsho]
Dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di buelela go tshela ka mekgwa e mentle mo lelapeng le melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Dipuo tse di tlhotlheletsang tse di rotloetsang ntwa le go goga motsoko di nnile le seabe mo dintshong tse dintsi