Fa Dikhemikale di go Lwatsa
Fa Dikhemikale di go Lwatsa
DINTLHA di le dintsi tse di malebana le bolwetse jwa go tshwenngwa thata ke dikhemikale tse di farologaneng (MCS [multiple chemical sensitivity]) di tlhakanya tlhogo. Go a utlwala gore go na le dilo di le dintsi tse ba tsa kalafi ba sa dumalaneng ka tsone malebana le gore bolwetse jono ke jwa mofuta mang. Dingaka dingwe di dumela gore bolwetse jwa MCS bo bakwa ke mathata a mmele, tse dingwe di dumela gore bo bakwa ke mathata a tlhaloganyo, mme tse dingwe di bolela gore bo bakwa ke mabaka ano ka bobedi, a mmele le a tlhaloganyo. Dingaka dingwe di akantsha gore bolwetse jwa MCS bo ka tswa e bile bo emela setlhopha sengwe sa malwetse a le mmalwa. *
Batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba bolela gore bothata jwa bone bo bakilwe ke go bo ba ile ba tsenwa la ntlha ke khemikale nngwe e e botlhole ka bontsi, e e jaaka sebolayaditshenekegi; ba bangwe ba bolela gore bothata jono bo bakilwe ke go nna ba dirisa botlhole jwa selekanyo se sennye gangwe le gape kana ka metlha. Fa batho ba se na go tsenwa ke bolwetse jwa MCS ba simolola go nna le matshwao a a farologaneng a a bakwang ke dikhemikale tse di farologaneng tse go lebegang di sa amane ka gope le tse pele ba neng ba na le bothata natso, tse di jaaka dinkgisamonate le dikhemikale tse di tlhatswang. Ke gone ka moo bolwetse jono bo bidiwang “go tshwenngwa thata ke dikhemikale tse di farologaneng.” Akanya ka se se neng sa diragalela Joyce.
Joyce o ne a nna le dinta tsa tlhogo fa a ne a sa ntse a tsena sekolo. Morago ga moo tlhogo ya gagwe e ne ya kgatshiwa ka sebolayaditshenekegi sengwe. Joyce o ne a koafala thata, mme o ne a simolola go palelwa ke go itshokela dikhemikale di le dintsi tse pele di neng di sa mo tshwenye. Tseno di akaretsa dikhemikale tse di tlhatswang mo ntlong, dilo tse di nkgisang mowa monate, dinkgisamonate, di-shampoo, le peterolo. Joyce o bolela jaana: “Matlho a me a ruruga mo a bileng a tswalega, ke kabala dinko mme di nna botlhoko, mme go dira gore ke opiwe ke tlhogo le go feroga dibete thata jaana mo e leng gore ke nna ke lwala malatsi
a le mantsi. . . . Ke ile ka tshwarwa ke nyumonia gantsintsi jaana mo e leng gore makgwafo a me a dipadi jaaka a motho yo o neng a goga motsoko ka dingwaga di le 40—mme ga ke ise ke ko ke tsamaye ke goge motsoko!”Motho a ka tsenwa ke botlhole jo bonnye ka nako e telele, kwa ntle ga kago kana mo teng ga yone, e leng selo se gape go ileng ga akanngwa gore se baka bolwetse jwa MCS. Tota e bile, mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana go ntsifala ga malwetse a a bakwang ke go kgotlelwa ga mowa mo teng ga dikago go ile ga felela ka gore bothata jono bo bidiwe “bolwetse jo bo bakwang ke maemo a a kotsi mo kagong.”
Bolwetse jo bo Bakwang ke Maemo a a Kotsi mo Kagong
Bolwetse jo bo bakwang ke maemo a a kotsi mo kagong bo ile jwa simolola go tlhagelela ka bo1970 fa matlo, dikolo, le diofisi di le dintsi tse phefo e neng e tsena mo go tsone ka mokgwa wa tlholego di ne di tseelwa sebaka ke dikago tse di sa tseneng phefo tse di nang le dilo tse di fetlhang mowa o o lekaneng go somarela maatla. Gantsi dilo tse di bolokang mogote, logong lo lo tshasitsweng dikhemikale, dingaparetsi tse di tlalang motlhofo mo moweng, le matsela le dikhapete tse di itiretsweng di ne di tsenngwa mo dikagong tseno le mo dilwaneng tsa tsone.
Bontsi jwa dilo tseno di kuisetsa dikhemikale tse di ka nnang kotsi, tse di jaaka formaldehyde, ka selekanyo se se rileng mo moweng o o shafaditsweng ka dilo tse di fetlhang mowa segolobogolo fa di sa ntse di le disha. Dikhapete di oketsa bothata jono ka go monya dikhemikale tse di tlhatswang le ditlhaolosi tse di farologaneng mme di bo di di kuisetsa mo moweng ka lobaka lo loleele. Buka ya Chemical Exposures—Low Levels and High Stakes e bolela jaana: “Mowa o o tswang mo ditlhaolosing tse di farologaneng ke one o o kgotlelang mowa o o mo dikagong thata.” Buka eno e re: “Ditlhaolosi,” le tsone, “di balelwa gareng ga dikhemikale tse gangwe le gape di bonwang molato ke batho ba ba tshwenngwang ke dikhemikale thata.”
Le mororo go bonala e kete bontsi jwa batho bo kgona go itshokela tikologo ya mo teng ga dikago tseno, bangwe ba nna le matshwao a go tloga ka asema le mathata a mangwe a go hema go ya go go opiwa ke tlhogo le go otsela mo go feteletseng. Gantsi matshwao ano a a nyelela fa batho bano ba ba tshwenngwang ke dilo tseno ba tloga mo tikologong eo. Mme ka dinako dingwe, “balwetse ba ka nna ba nna le bothata jwa go tshwenngwa thata ke dikhemikale tse di farologaneng,” go rialo lokwalopaka lwa kalafi lwa kwa Boritane lwa The Lancet. Mme gone, ke ka ntlha yang fa dikhemikale di lwatsa batho bangwe mme ba bangwe di sa ba lwatse? Eno ke potso ya botlhokwa ka gonne batho bangwe ba go lebegang ba sa amiwe ke bothata jono ba ka nna ba fitlhela go le thata go tlhaloganya batho ba ba simololang go lwatswa ke dikhemikale.
Rotlhe re Farologane
Go molemo go gakologelwa gore rotlhe re tsibogela dilo tse di farologaneng ka ditsela tse di sa tshwaneng, le fa e ka tswa e le dikhemikale, megare kana dibaerase. Dilo tse di amang tsela e re tsibogelang dilo ka yone di akaretsa tsela e dijini tsa rona di leng ka yone, dingwaga tsa rona, bong jwa rona, seemo sa boitekanelo jwa rona, melemo e re ka tswang re e nwa, bolwetse jo re kileng ra nna le jone mo nakong e e fetileng, le dilo tse batho ba di dirang e le mokgwa mo botshelong tse di jaaka go nwa bojalwa, go goga motsoko, kana go dirisa diokobatsi.
Ka sekai, mo kgannyeng ya go dirisa diokobatsi tsa kalafi, lebaka la go bo o farologane le batho ba bangwe ke lone le le bolelang gore “a seokobatsi sengwe se tla go thusa kana nnyaa le gore se ka nna sa nna le ditlamorago dife,” go rialo makasine wa New Scientist. Dingwe tsa ditlamorago tseno di ka nna kotsi thata, e bile di ka feleletsa di bolaile motho. Gantsi diporoteine tse di bidiwang diensaeme di ntshetsa dikhemikale tse di sa itsegeng kwa ntle ga mmele, tse di jaaka dikhemikale tse di leng mo diokobatsing le dilo tse di kgotlelang mmele tse motho a di monyang mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi. Mme fa diensaeme tseno “tse di phepafatsang” di sa dire sentle, gongwe e le ka ntlha ya go gotsa bothata jono, go senngwa ke botlhole mo nakong e e fetileng, kana go ja dijo tse di se nang dikotla, go *
ka dira gore dikhemikale tseno tse di sa itsegeng di koelane go fitlha di nna kotsi.Bolwetse jwa MCS bo ile jwa tshwantshiwa le setlhopha sa malwetsenyana a madi a a bakwang ke diensaeme a a bidiwang di-porphyria. Gantsi tsela e batho ba ba nang le di-porphyria dingwe ba tsibogelang dikhemikale ka yone, go simolola ka leswe le le tswang mo dikoloing go ya go dinkgisamonate, e tshwana le tsela e batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba tsibogelang dikhemikale ka yone.
Tlhaloganyo le Yone e a Amega
Motho mongwe yo o nang le bolwetse jwa MCS o ne a bolelela Tsogang! gore dikhemikale dingwe tse di tlwaelegileng di mo dira gore a ikutlwe e kete o dirisitse diokobatsi. O ne a bolela jaana: “Botho jwa me bo ne jwa fetoga thata—ke ne ka simolola go galefa, go fuduega maikutlo, go betwa ke pelo, go nna boboi, le go nna ke otsela. . . . Matshwao ano a ka nna a tsaya lobaka lwa diura di le mmalwa kana malatsi a le mmalwa.” Morago ga moo, o ikutlwa a le mo maibing mme ka dinako tse dingwe a tshwenyega thata mo maikutlong mme ka tse dingwe a tshwenyega go le gonnye fela.
Ditlamorago tseno di tlwaelegile thata mo bathong ba ba nang le bolwetse jwa MCS. Dr. Claudia Miller o bolela gore “dinaga di le dintsi di bega gore batho ba nna le mathata a tlhaloganyo morago ga gore ba amane le dikhemikale tse di itsiweng thata, le fa ba ka tswa ba tsenwe ke khemikale nngwe e e bolayang ditshenekegi kana bothata jono bo bakilwe ke [bolwetse] jo bo bakwang ke maemo a a kotsi mo kagong. . . . Re a itse gore badiri ba ba berekang ka ditlhaolosi ba mo kotsing e kgolo thata ya go tlalelwa le go tshwenyega thata mo maikutlong. . . . Ka jalo re tlhoka go nna kelotlhoko thata le go gakologelwa gore gongwe serwe sa mmele se se amiwang thata ke dikhemikale ke boboko.”
Le mororo go tsenwa ke dikhemikale go ka baka mathata a tlhaloganyo, dingaka di le dintsi di dumela gore mathata a tlhaloganyo le one a ka nna le seabe mo go direng gore batho ba tshwenngwe thata ke dikhemikale. Dr. Miller, yo o umakilweng fa godimo, le Dr. Nicholas Ashford, ba ba dumelang thata gore bolwetse jwa MCS bo bakwa ke mathata a mmele, ba a dumela gore “ditiragalo tse di amang tlhaloganyo, tse di jaaka loso lwa molekane kana tlhalo, di ka gatelela thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse mme di ka dira gore batho bangwe ba tshwenngwe thata ke dikhemikale tsa selekanyo se se kwa tlase. Eleruri, kamano e e leng teng magareng ga thulaganyo ya tlhaloganyo le thulaganyo ya mmele e raraane tota.” Dr. Sherry Rogers, yo le ene a dumelang gore bolwetse jwa MCS bo bakwa ke mathata a mmele, o bolela gore “go ngomoga pelo go dira gore motho a tshwenngwe thata ke dikhemikale.”
A go na le sengwe se batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba ka se dirang go tokafatsa botsogo jwa bone kana bobotlana go fokotsa matshwao a bolwetse jwa bone?
Go Thusa Batho ba ba Nang le MCS
Le mororo go ise go itsiwe kalafi epe ya bolwetse jwa MCS, bontsi jwa batho ba ba nang le bolwetse jono bo ile jwa kgona go fokotsa matshwao a jone, mme ba bangwe ba ile ba kgona go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng. Ke eng se se ba thusitseng go lepalepana le bolwetse jono? Bangwe ba bolela gore ba ile ba solegelwa molemo ke go latela kgakololo ya dingaka tsa bone ya gore ba tile dikhemikale tse di tsosang matshwao a bone thata ka mo ba ka kgonang ka teng. * Judy yo o nang le bolwetse jwa MCS o fitlhela gore go tila dikhemikale go mo thusa fela thata. E ne ya re fa Judy a sena go fola bolwetse jo bo bakilweng ke baerase ya Epstein-Barr, o ne a tsenwa thata ke sebolayaditshenekegi sengwe se se neng se dirisitswe mo ntlong ya gagwe mme moragonyana o ne a nna le bolwetse jwa MCS.
Fela jaaka batho ba le bantsi ba ba nang le MCS, Judy le ene o tshwenngwa ke mefuta e mentsi ya dikhemikale tse di dirisiwang mo ntlong. Ka jalo, o phepafatsa le go tlhatswa diaparo tsa gagwe tsotlhe ka melora e e sa tswakanngwang le dikhemikale mme gape o dirisa le baking soda. O dirisa aseine go mo thusa go dira gore matsela a nne boleta. Raka ya gagwe ya diaparo le kamore ya gagwe e na le ditlhale le matsela a a dirilweng ka dilo tsa tlholego fela. Monna wa gagwe ga a tsenye diaparo tsa gagwe tsa dry-clean mo rakeng ya bone ya diaparo go fitlha di fokilwe sentle ke phefo ka dibekebeke
mo lefelong le phefo e tsenang sentle mo go lone.Ke boammaaruri gore mo lefatsheng la gompieno go ka nna ga se ka ga kgonega gore batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba tile gotlhelele go tsenwa ke dikhemikale tse di ba bakelang mathata. American Family Physician e bolela jaana: “Gantsi bothata jo bogolo jo bo bakwang ke bolwetse jwa MCS ke gore motho yo o nang le jone o itlhaola mo bathong le go ikgogona a tila go tsenwa ke dikhemikale.” Setlhogo seno se akantsha gore fa balwetse ba le mo tlhokomelong ya dingaka ba tshwanetse go bereka le go itsalanya le batho ba bangwe, mme ba oketse tiro ya bone kgato ka kgato. Gape ba tshwanetse go laola bothata jwa go tlalelwa le jwa go itaya ga pelo ka bonako ka go ithuta ditsela tsa go itapolosa le tsa go laola tsela e ba hemang ka yone. Boikaelelo ke go thusa balwetse go tlwaela dikhemikale ka iketlo e seng go tila dikhemikale gotlhelele mo botshelong jwa bone.
Selo se sengwe se se ka thusang thata go alafa bothata jwa bone ke go robala nako e e lekaneng sentle bosigo. David, yo o nang le bolwetse jwa MCS mme jaanong a batlileng a sa tlhole a na le matshwao a bolwetse jono, o bolela gore selo se se mo fodisitseng ke go robala mo kamoreng e a kgonang go hema mowa o o phepa mo go yone. Ernest le mosadi wa gagwe, Lorraine, ba ba nang le bolwetse jwa MCS, le bone ba fitlhela gore “go robala nako e e lekaneng sentle bosigo go thusa motho thata go
lepalepana le dikhemikale tse a sa kgoneng go di tila tse di mo tsenang motshegare.”Gone mme, dijo tse di nang le dikotla ka metlha di botlhokwa go dira gore motho a nne a itekanetse sentle kana a boe a itekanele sentle gape. Tota e bile go ile ga bolelwa gore ke “yone ntlha e e botlhokwa go gaisa tsotlhe mo thulaganyong ya go tlhokomela botsogo ka go thibela malwetse.” Go a utlwala gore dithulaganyo tsa mmele di tshwanetse go dira sentle gore mmele o tle o itekanele sentle gape, bobotlana go ya bokgakaleng jo bo ka kgonegang. Go oketsa dikotla mo dijong tsa gago go ka nna ga thusa.
Go ikatisa le gone go thusa motho gore a itekanele sentle. Mo godimo ga moo, fa o fufula o thusa mmele wa gago go ntsha botlhole ka letlalo. Selo se sengwe se se botlhokwa ke go nna le maikutlo a a siameng le go tshega le batho ba bangwe, mmogo le go ratiwa le go rata batho ba bangwe. Tota e bile, “lorato le setshego” ke dilo tse ngaka nngwe e di akantshang balwetse botlhe ba gagwe ba ba nang le MCS. Ebu, “pelo e e ntseng mokete ke kalafo e e molemo.”—Diane 17:22.
Le fa go ntse jalo, go ipelela botsalano jo bo lorato le jo bo itumedisang e ka nna bothata jo bogolo thata mo bathong ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba ba sa kgoneng go itshokela dinkgisamonate, dikhemikale tse di tlhatswang, le dikhemikale tse dingwe tse bontsi jwa rona re di dirisang mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi. Batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba tshela jang mo maemong ano? Gape, batho ba bangwe ba ka dira eng go thusa batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dintlha tseno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 2 Tsogang! ga se lokwalopaka lwa kalafi, mme ditlhogo tseno tse di ka ga bolwetse jwa MCS ga di a kwalwa ka boikaelelo jwa go rotloetsa pono epe fela ya kalafi. Di bega fela dipatlisiso tsa bosheng jaana le dilo tse dingaka le balwetse bangwe ba neng ba di bona di thusa batho thata go lepalepana le bolwetse jono. Tsogang! e tsaya tsia kgang ya gore dingaka mo lefatsheng lotlhe ga di dumalane malebana le gore ke eng se se bakang bolwetse jwa MCS, le gore bolwetse jono bo ntse jang, e bile ga di dumalane ka bontsi jwa dikalafi le dithulaganyo tse di newang le go dirisiwa ke batho ba ba nang le bolwetse jono.
^ ser. 12 Sekai sengwe se se tlwaelegileng sa go tlhaela diensaeme se akaretsa ensaeme e e bidiwang lactase. Batho ba ba nang le bothata jwa lactase ga ba kgone go sila lactose e e mo mashing, mme ba a lwala fa ba nwa mashi. Batho ba bangwe ba tlhaela ensaeme e e tlhotlhang tyramine, e leng khemikale e e fitlhelwang mo tšhising le mo dijong tse dingwe. Ka ntlha ya moo, fa batho bano ba ja dijo tseno, ba ka opiwa ke tlhogo e e sa feleng.
^ ser. 20 Batho ba ba dumelang gore ba na le bolwetse jwa MCS ba tshwanetse go senka thuso ya maemo a a kwa godimo go tswa mo ngakeng e e ikanyegang. Go tla bo go se botlhale go dira diphetogo tse dikgolo gongwe e bile tse di jang madi a mantsi mo botshelong jwa gago o ise o ye go tlhatlhobiwa sentle pele. Diteko di ka nna tsa bontsha gore go fetola go sekae fela dijo tse o di jang kana tsela e o tshelang ka yone go ka fokotsa gongwe e bile ga fedisa matshwao a gago.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]
A o Tlhoka Dikhemikale Tse Dintsi Jaana?
Rotlhe re tshwanetse go lwela gore re se ka ra dirisa thata dikhemikale tse di ka nnang botlhole. Seno se akaretsa le dikhemikale tse re di bolokang mo ntlong. Buka ya Chemical Exposures e bolela jaana: “Dilo tse di kgotlelang mowa mo ntlong go lebega e le tsone tse di dirang thata gore mebele ya batho e simolole go retelelwa ke go itshokela dikhemikale. Mo teng ga dikago go na le metswako e e raraaneng e e nang le selekanyo se se kwa tlase sa dikhemikale tse di farologaneng tse di tlhaologang motlhofo mo moweng.” *
Ka jalo, ipotse gore a ruri o tlhoka go dirisa dikhemikale tse dintsi thata jaana segolobogolo dibolayaditshenekegi le metswako e e nang le ditlhaolosi tse di ka tlhaologang motlhofo mo moweng. A o kile wa leka go dirisa dikhemikale tse dingwe tse di seng botlhole? Le fa go ntse jalo, fa e le gore o tshwanetse go dirisa khemikale nngwe e e ka nnang kotsi, tlhomamisa gore ka metlha o latela ditsela tsotlhe tse di tlhokegang tsa go itshireletsa fa o e dirisa. Gape, tlhomamisa gore o boloka khemikale eno mo lefelong le le babalesegileng le bana ba se kitlang ba kgona go le fitlhelela le mo lefelong le mo go lone mowa o khemikale eno e ka nnang ya o ntsha o se kitlang o baka kotsi. Gakologelwa gore tota le dikhemikale tse di leng mo teng ga dibotlolo dingwe tse di tswalwang di ka nna tsa foka motlhofo fela.
Selo se sengwe se re tshwanetseng go se ela tlhoko ka dikhemikale ke dilo tse re di tshasang kana re di tshelang mo matlalong a rona. Dikhemikale di le dintsi, go akaretsa le dinkgisamonate, di fetela mo mading ka letlalo. Ke gone ka moo melemo mengwe e dirisiwang ka go tshasiwa mo karolong nngwe ya letlalo. Ka jalo, fa go ka direga gore o itshele ka khemikale nngwe e e botlhole mo letlalong, “selo sa ntlha e bile e le sone se o tshwanetseng go se dira ka bonako thata ke go ntsha khemikale eno mo letlalong ka go e tlhapa thata,” go rialo buka ya Tired or Toxic?
Batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jwa go tshwenngwa thata ke dikhemikale tse di farologaneng ba tshwenngwa thata ke dinkgisamonate. Diperesente di le 95 tsa dikhemikale tse di dirisiwang mo dinkgisamonateng di itiretswe ka petroleum. Go dirisiwa le acetone, camphor, benzaldehyde, ethanol, g-terpinene le metswako e mengwe e mentsi ya dikhemikale. Batho ba ile ba bolelelwa ka dikotsi tse dikhemikale tseno di ka di bakelang botsogo jwa bone—ka sekai, kwa United States, Environmental Protection Agency e ne ya itsise batho ka tsone. Go ntse fela jalo le ka dikhemikale tse di dirisediwang go nkgisa mowa monate. University of California at Berkeley Wellness Letter e bolela gore fa baitseanape ba tsa tikologo ba dira dipatlisiso ka dilo tse di nkgisang mowa monate, ba “di tlhatlhoba jaaka dilo tse di kgotlelang, e seng tse di shafatsang mowa mo ntlong.” Dilo tse di nkgisang mowa monate ga di tlose menko e e bosula; di e khurumetsa fela.
Buka ya Calculated Risks e bolela gore “nngwe ya dikgopolo tse di botlhokwa thata tsa saense ya dilo tse di botlhole [ke gore] dikhemikale tsotlhe di botlhole fa di dirisiwa mo maemong mangwe.”
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 33 Go ile ga tlotliwa ka ditsela tse motho a ka di dirisang go sireletsa legae la gagwe mo dikhemikaleng di le mmalwa tse di ka nnang botlhole mo makasineng wa Tsogang! ya January 8, 1999.