Go Diragetseng ka “Tiro ya Botshelo Jotlhe”?
Go Diragetseng ka “Tiro ya Botshelo Jotlhe”?
GRAHAM * o ne a dira mo khampaning e kgolo ya Australia dingwaga di le 37. Fa a setse a tseneletse mo dingwageng tsa gagwe tsa bo50, o ne a itsisiwe go setse dibeke di le mmalwa fela gore ga a tlhole a tla tlhokwa mo tirong. Re ka tlhaloganya gore o ne a akabetse jang, a gakgametse e bile a tshwenyegile thata ka isagwe ya gagwe. Graham o ne a ipotsa a re ‘Go diragetseng ka “tiro ya me ya botshelo jotlhe,” e ke neng ke akanya gore nka e ikanya go fitlha ke tshwara dingwaga tsa go tlogela tiro?’
Ee, go latlhegelwa ke tiro ga se selo se se sa tlwaelegang, e bile ga se selo se sesha. Le fa go ntse jalo, selekanyo se batho ba latlhegelwang ke ditiro ka sone mo lefatsheng lotlhe se sesha mo badiring ba
gone jaanong. Kwantle ga pelaelo, go na le mabaka a mantsi a a bakang gore batho ba latlhegelwe ke ditiro, mme le legolo go lebega e le se se bidiwang go fokotsa palo ya badiri. Go fokotsa palo ya badiri go bolelang, mme go tlile jang gore go nne teng?Lefelo la Tiro le le Fetogang
Gompieno jaana, ikonomi e tswelela pele go ama lefatshe lotlhe. Seno se ile sa lemogiwa segolobogolo kwa United States kwa bofelong jwa bo1970 fa dikhampani di ne di lemoga gore palo e e golang ya bareki e reka dikoloi, didirisiwa tsa motlakase, le dithoto tse dingwe tse dintsi tse di dirwang kwa moseja.
Dikhampani tsa Amerika di ne tsa simolola go fokotsa palo ya badiri le go tokafatsa mekgwa le dithoto e le maiteko a go gaisana le go fokotsa madi a di a dirisang fa di dira dithoto. Ono e ne ya nna one mokgwa wa go fokotsa palo ya badiri. Mokgwa ono o tlhalosiwa gotwe ke “go fokotsa palo ya badiri ba mokgatlho, gantsi go dirwa ka go kgaola badiri mo tirong, go ba kgothaletsa gore ba tlogele tiro pele ga nako, go ba romela gore ba direle dikhampani tse dingwe, le mabaka a tlholego a a dirang gore dipalo di fokotsege.”
Batho ba ba dirang tiro ya diatla ke bone ba ba neng ba amiwa thata ke go fokodiwa ga palo ya badiri dingwaga di le dintsi. Mme kwa bofelong jwa bo1980 le mo masimologong a bo1990, kgang eno e ne ya simolola go ama le badiri ba diofisi, segolobogolo bomanejara ba ba okametsweng ke ba bangwe. Go ise go ye kae, mekgwa eno ya go dira dilo e ne ya ama ditšhaba tsotlhe tse di nang le madirelo. Fa mathata a tsa madi a ntse a tswelela, bogoromente le bahiri ba bangwe ba ne ba batlana le tsela ya go fokotsa ditshenyegelo ka go fokotsa palo ya badiri gape.
Badiri ba le bantsi ga ba tlhole ba tlhomamisega ka ditiro tsa bone. Modiredimogolo wa lekgotla la badiri o bolela jaana: “Batho ba ba dirileng ka boikanyegi dingwaga di le 10, 15, 20 ba ile ba bona konteraka ya bone ya tiro e senngwa ba bo ba lelekiwa.” Mo bukeng ya gagwe Healing the Downsized Organization, Delorese Ambrose o tlhalosa gore ka 1956 go ne ga tlhamiwa lereo le le reng “motho wa lekgotla” go tlhalosa modiri yo o tlwaelegileng fela. O oketsa ka gore: “Le fa a ka tswa a dira e le modiri wa lekgotla kgotsa e le manejara, o ne a neela mokgatlho ikonomi ya gagwe e e emeng sentle, botshelo jwa gagwe jwa mo setšhabeng, le boikanyegi jwa gagwe gore a kgone go nna le tiro e e sireletsegileng—tiro ya botshelo jotlhe. Go phepafetse gore tumalano eno ga e tlhole e tlotlwa mo bagwebing ba segompieno.”
Dimilione tsa badiri go dikologa lefatshe ba latlhegetswe ke ditiro ka ntlha ya go fokodiwa ga badiri, mme ga go na setlhopha sepe sa bahiriwa se se sa amiwang ke seno. Kwa United States fela, palo ya badiri ba ba amilweng ke seno e kgolo tota, mme dimilione tsa bone ba latlhegetswe ke ditiro tsa botshelo jotlhe. Badiri ba fokodiwa ka tsela e e tshwanang le mo dinageng tse dingwe tse dintsi. Mme dipalopalo tseno tse di sa amiweng ka gope ke kafa batho ba ikutlwang ka teng tsone di le nosi fela ga di bontshe kafa batho ba sotlegang ka teng ka ntlha ya seno.
Matswela a a Botlhoko
Graham, yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ne a re: “O lwala mo mogopolong ka tsela ya mmatota.” O tshwantsha go lelekiwa ga gagwe mo tirong le “bolwetse kgotsa go tswa matsadi mo mmeleng.”
Fa batho ba sa bone maduo a go ikanyega ga bone, ba ikutlwa ba tsieditswe ka gonne go sa anaanelwe dilo tse ba di diretseng khampani eo. Ga ba tlhole ba ikanya ope, segolobogolo fa bontsi jwa badiredibagolo ba teng ba amogela madi a mantsi thata ka ntlha ya go bo ba fokoditse palo ya badiri ba khampani. Mo godimo ga moo, motho yo o sa tlholeng a dira yono ga a tlhole a kgona go duela dikoloto, go tlhokomela botsogo jwa ba lelapa la gagwe, go duela madi a sekolo, le go tokafatsa mokgwa wa gagwe wa botshelo, ditiro tsa go itlosa bodutu, le go tlhokomela dithoto tsa gagwe ka gonne a sa tlhole a amogela madi ka metlha. Seno se felela ka gore motho a ikutlwe a tlaletswe e bile a se na mosola.
E re ka tiro e e tlhomameng e e botlhokwa e thusa motho thata gore a ikutlwe a na le mosola, a ko o akanye fela gore go tlhoka tiro ga batho ba ba digole, ba ba se nang bokgoni jwa go dira ditiro dipe, kgotsa ba ba setseng ba godile go ba utlwisa botlhoko go le kana kang. Patlisiso nngwe kwa Australia e ne ya bontsha gore batho ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 45 le 59 ke bone ba gantsi ba lelekiwang mo tirong. Mme, batho ba dingwaga tseno ke bone ba ba nnang le mathata a go tlwaela phetogo e e ba tlelang.
A go na le ditsela tse dingwe? Tiro e e seng ya malatsi otlhe kgotsa go dira mme o amogela madi a mannye ruri ga go tshwane le go sa bereke gotlhelele. Le fa go ntse jalo, seno se ka raya gore mokgwa
wa gago wa botshelo e nne wa maemo a a kwa tlasenyana. Gape go lemogilwe gore ke badiri ba ka nna nngwe tharong fela ba ba neng ba latlhegetswe ke ditiro ba ba kgonang go bona ditiro tse di duelang jaaka tse ba neng ba na le tsone pele. Seno se dira gore botshelo jwa lelapa e nne jo bo nang le mathata.Le tiro e motho a nang le yone gone jaanong ga e reye gore o tla ritibala maikutlo. Lebaka la seno ke gore fela fa motho a akanya ka gore o ka nna a latlhegelwa ke tiro mo isagweng, o utlwa botlhoko thata mme a sa bonale. Buka e e reng Parting Company e bolela jaana: “Go akanya ka go latlhegelwa ke tiro go tshwana le go tlhopha tsela e e di gaisang tsotlhe ya go thulwa ke lori. Ga o kgone le go leka go akanya ka leano lepe le le botlhale, ka gore gantsi ga o bone lori—kgotsa go ntshiwa mo tirong ka tshoganyetso—pele ga di go itaaganya fa fatshe.”
Go tlhoka tiro go ama basha jang? Go ne ga bolelwa jaana fa lephata la thuto le la saense di sena go dira patlisiso: “Lengwe la mabaka a magolo a a bonalang a a tlhomamisang gore motho ke mogolo e ne e le go bona tiro ya malatsi otlhe, mo go neng go bontsha go simologa ga botshelo jwa ‘mmatota’ jwa mogolo, o tshela le bagolo le go dira dilo segolo, mmogo le go ikemela mo go tsa madi.” Ka jalo fa e le gore boikutlo jwa batho ke gore tiro e bontsha go simologa ga botshelo jwa mmatota jwa mogolo, go tlhoka tiro go ka utlwisa basha botlhoko fela thata.
Go Dirisana le go Tlhoka Tiro
Go lebana le go latlhegelwa ke tiro go ile ga tshwantshiwa le go ralala lebala le le nang le dibomo. Buka e e reng Parting Company e tlhalosa gore maikutlo a gantsi batho ba ba latlhegetsweng ke tiro ba nnang le one ke go nna bogale, go tlhabiwa ke ditlhong, go nna le poifo, go hutsafala le go ikutlwela botlhoko. Ga go motlhofo go lebana le maikutlo ano. Mokwadi wa yone a re: “O a bo o neilwe tiro e e thata—go bona gore isagwe ya gago e tla nna jang. Ga o a kopa tiro eno, e bile gongwe ga o itse gore o e dire jang, mme fela ka tshoganyetso o ka nna wa ikutlwa o se na yo o go tshegetsang. Mme bongwe jwa mathata a magolo a motho yo o latlhegetsweng ke tiro a lebanang le jone ke go tlhalosetsa ba lelapa la gagwe gore o lelekilwe kwa tirong.
Le fa go ntse jalo, go na le ditsela tse dingwe tse di mosola tsa go lebana le ditlamorago tsa go lelekiwa kwa tirong. Kgato ya ntlha ke go diga maemo a gago a botshelo ka bonako ka go rulaganyetsa le go tshela botshelo jwa maemo a a kwa tlasenyana ga jo o neng o tlwaetse go bo tshela pele.
Go na le dikakantsho dingwe fano tse di ka go thusang gore o lebane le boemo joo, le fa di sa bo rarabolole ka mo go feletseng. Sa ntlha, itse gore mo metlheng eno, go latlhegelwa ke tiro ke selo se se diragalang. Ka jalo, go sa kgathalesege gore o na le dingwaga di le kae le maitemogelo afe, rulaganyetsa seo go sa le gale ka mokgwa o o tshelang ka one.
Sa bobedi, tlhokomela gore o se ka wa nna le sekoloto se segolo ka dilo tse di seng botlhokwa go feta dijo le diaparo. Tshela go ya ka se o nang le sone, mme o se ka wa ipolelela gore o tla duela dikoloto ka madi a o akanyang gore o tla nna le one fa o tlhatlosiwa maemo kwa tirong kgotsa o okelediwa madi a o a amogelang. Mogopolo wa ikonomi ya gompieno ke gore o ka nna wa se ka wa nna le isagwe e o ka e ikanyang.
Sa boraro, batla ditsela tse ka tsone o ka dirang gore botshelo jwa gago e nne jo bo motlhofo mme o fokotse dikoloto tsa gago. Seno se raya gore o intshe mo dikolotong tsa dilo tse di sa tlhokegeng gore o tle o kgone go tshela botshelo jo bo motlhofo, jo bo siameng.
Sa bonè, sekaseka mekgele ya gago ya botshelo jotlhe, ya semoya le ya dilo tsa lefatshe, mme o e tokafatse. Go tswa foo o ka nna wa sekaseka ditshwetso tsotlhe tse o di dirileng o di bapisa le mekgele ya gago mme o bone gore di tla ama botshelo jwa gago jang.
La bofelo, o se ka wa eletsa mokgwa wa botshelo wa batho ba bangwe mo setšhabeng sa gaeno ba ba sa tsheleng ka go somarela, e ka re gongwe wa eletsa dilo tse ba nang le tsone mme wa tloga wa iphitlhela o gogetswe ke tsela e ba tshelang ka yone.
Tseno ke dikakantsho di le mmalwa fela tse di ka thusang wena le lelapa la gago gore lo se ka lwa raelwa ke serai sa go ikanya dikhumo tse di sa tlhomamang mo lefatsheng le le sa tlhomamang gotlhelele le gore lo se ka lwa nna le ditlhobaelo tse dintsi tse di tlisiwang ke mekgwa ya botshelo ya segompieno .
Felix Rohatyn yo pele a neng a le mo kgwebong ya banka o nopolwa a bolela jaana: “Go na le sengwe se gotlhelele se sa tsamayeng sentle mo setšhabeng sa rona fa go latlhegelwa ke tiro ga motho yo mongwe go humisa yo mongwe.” Selo se se sa tsamayeng sentle gotlhelele ke tsamaiso eno e go iseng go ye kae e tla emisediwang ke lefatshe le mo go lone polelo e e reng “tiro ya botshelo jotlhe” e tla nnang le tlhaloso e re ka se kgoneng le go e akanya gone jaana.—Isaia 65:17-24; 2 Petere 3:13.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 2 Leina le fetotswe.