Baithaopi mo Tirong
Baithaopi mo Tirong
LABOTLHANO mongwe le mongwe Sirley, morutabana wa dingwaga tse di magareng kwa Brazil, o fetola phaposi ya gagwe ya bonno go e dira phaposiborutelo. Mo e ka nnang ka nako ya bobedi thapama, mongwe wa baithuti ba gagwe, e bong Amélia o a goroga. Ga nke a tlhoka go nna teng mo dithutong tseo e bile o setse a kgona go bala botoka go gaisa bontsi jwa bana ba ba tsenang sekolo se segolo. Amélia o na le dingwaga di le 82.
Amélia o latela sekao sa batsofe ba ba fetang 60 ba ba alogileng mo sekolong sa go ruta go bala le go kwala sa mahala se Sirley a se tshwarelang mo motseng wa gagabo. Bosheng jaana, go ne ga tlotlwa ka tiro ya ga Sirley ya boithaopo mo lokwalodikgannyeng lwa Brazil la Jornal do Sudoeste. Fa setlhogo seo sa lokwalodikgang se sena go bolela gore o ne a “thusitse setšhaba thata” se ne sa bolela gore mokgwa wa ga Sirley wa go ruta batsofe o ne o na le matswela mo e leng gore “fa ba sena go rutwa diura di le 120 fela, ba kgona go kwala makwalo, go bala makwalodikgang le go itse dipalo le ditiro tse dingwe tsa letsatsi le letsatsi.” Setlhogo seo se oketsa ka gore bukathuto e Sirley a e dirisang ke bukana ya Ithute go Bala le go Kwala, e e kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa. *
Ga ba Tlhole ba Tlhabiwa ke Ditlhong Mme ba Tshela Ba na Le Seriti
Yo mongwe wa baithuti ba ga Sirley, Dona Luzia, yo o nang le dingwaga di le 68, o bolela gore pele ga a ithuta go bala le go kwala, o ne a tlhabiwa ke ditlhong go bua le ba bangwe. Le go ya mabenkeleng go ne go mo thatafalela. O bua jaana a nyenya: “Jaanong ke kgona go kwalela ba losika ba ba nnang kwa ditoropong tse dingwe makwalo e bile ke kgona go tlhokomela madi a me. Ga go na ope yo o ntsietsang ka madi jaanong.” Maria, yo le ene a nang le dingwaga di le 68 o gakologelwa kafa a neng a tlhola a tlhabiwa ke ditlhong ka teng fa a saena
tšheke ya gagwe ya penshene ka go gatisa monwana wa kgonotswe. O bolela jaana: “Ke ne ke ikutlwa e kete ke segole.” Mme ka ntlha ya tlelase ya go ithuta go bala le go kwala, Maria jaanong o itse go saena leina la gagwe.Go bakiwa ke baithuti le ba ba setseng ba alogile go dirile gore thuto ya ga Sirley ya mahala e ratiwe ke batho ba bantsi mo e leng gore jaanong phaposi ya gagwe ya bonno e a tlala. Go ise go ye kae ba tla tshwanelwa ke go ithutela mo lefelong le le bulegileng.
Thulaganyo e e Gapileng Sekgele
Sirley ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Kwantle ga pelaelo o tlwaelane le tiro ya go ruta Baebele e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang ka go
ithaopa. Le fa go ntse jalo, Sirley ga a esi mo tirong eno. Ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala tse di tshwarelwang mo Diholong Tsa Bogosi di le makgolokgolo go ralala Brazil di setse di thusitse batho ba ba fetang 22 000 mo nageng eo go ithuta go bala le go kwala.Dithulaganyo tse di tshwanang tsa Basupi ba ga Jehofa di atlegile ka mokgwa o o tshwanang mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Ka sekai, mo nageng nngwe ya Afrika ya Burundi, National Office for Adult Literacy (karolo nngwe ya Lephata la Thuto) e ne e itumeletse matswela a thulaganyo ya go ithuta go bala le go kwala ya Basupi mo e leng gore e ne ya naya barutabana ba teng ba banè sekgele “ka ntlha ya go dira ka natla go ruta ba bangwe go bala.” Badiredibagolo ba puso ba itumelela thata gore diperesente di le 75 tsa ba ba ithutileng go bala le go kwala e ne e le bommè—setlhopha sa batho se ka tlwaelo se itsapang go nna teng mo dithulaganyong tse di tshwanang le tseno.
Kwa Mozambique, baithuti ba le 4 000 ba ne ba ikwadisitse mo ditlelaseng tsa Basupi tsa go ithuta go bala le go kwala, mme baithuti ba feta 5 000 ba ithutile go bala le go kwala mo dingwageng tse nnè tse di fetileng. Mongwe yo e kileng ya bo e le moithuti o kwadile jaana: “Ke rata go lo itsise gore ke anaanela seno fela thata. Ka ntlha ya sekolo seno, ke kgona go bala le go kwala.”
Thuso ya Namolo e e “Mosola e Seng e e Dirwang Fela”
Thuso ya namolo ke mofuta o mongwe wa tiro ya boithaopo e e dirwang ke Basupi
ba ga Jehofa. Bosheng jaana kwa bobolokelong bongwe gaufi le Paris, kwa Fora, go ne go na le tiro e ntsi e e neng e dirwa. Baithaopi ba ka nna 400 ba ne ba dirisa mafelobeke a bone ba tlatsa mabokose ka dijo, diaparo le melemo. Kwa bokhutlong jwa mafelobeke, mabokose a magolo a ka nna robongwe a a tletseng dilo tsa namolo tse di ka jang dimilione di le robedi tsa diranta a ne a setse a siametse go romelwa. Ka bonako morago ga moo, go ne ga goroga dithoto kwa dinageng tse di sentsweng ke ntwa tsa Afrika Bogare, kwa baithaopi ba Basupi ba mo lefelong leo ba neng ba kgaoganya dithuso tsa namolo teng ka bonako. Bontsi jwa dithoto tseno le tsone e ne e le meneelo e e tswang mo Basuping.Lokwalodikgang longwe kwa Congo (Kinshasa) lo ne lwa baka tiro ya go direla ba bangwe molemo e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa mme lwa e bitsa e e “mosola e seng e e dirwang fela.” Badiredibagolo ba United Nations High Commissioner for Refugees (UNHCR) le bone ba ne ba bolela gore ba ne ba e ema nokeng. Modiredimogolo mongwe wa UNHCR kwa Democratic Republic of Congo o ne a itumeletse tsela e Basupi ba dirang tiro ya namolo ka teng ka mokgwa o o nang le thulaganyo mo e leng gore o ne a naya baithaopi koloi ya gagwe gore ba e dirise. Batho ba mo lefelong leo le bone ba ne ba kgatlhegile. Fa batho ba ba lebileng ba ne ba bona tsela e dithuso tsa namolo di neng di fitlha ka bonako ka teng kwa di neng di tlhokwa teng, bangwe ba ne ba botsa jaana ba gakgametse: “Lo rulaganya dilo jang gore lo kgone go fitlhelela mongwe le mongwe?”
Tiro ya namolo e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa le dithulaganyo tsa bone tsa go ruta batho go bala le go kwala ke dikai tse pedi fela mo ditirong tse Basupi ba ntseng ba di dira go dikologa lefatshe ka masome a dingwaga. Le fa go ntse jalo, Basupi gape ba na le seabe mo tirong e nngwe ya boithaopo—tiro e tota e solegelang batho molemo go ya go ile. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka tiro eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Bukana ya Ithute go Bala le go Kwala (e e leng teng ka dipuo di le 6) le bukana ya bosheng jaana ya Ineele go Bala le go Kwala (e e leng teng ka dipuo di le 29) di gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Fa o batla khopi ya mahala, ikgolaganye le Holo ya Bogosi e e mo lefelong la gaeno kgotsa bagatisi ba makasine ono.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Seemo se se Nnang se Fetofetoga sa Tiro ya Boithaopo
Fa Julie a tsamaya go ralala lefatshe lotlhe a le mo maetong a tsa kgwebo, o kgona go dirisa nako e nngwe a dira tiro ya boithaopo—a dirisa diura di sekae kana letsatsi le le lengwe fale le fale. Bosheng jaana fa a ne a le kwa Amerika Borwa, o ne a dirisa motshegare wa letsatsi lengwe a thusa kwa legaeng la dikhutsana kwa Santiago, Chile. O bolela gore go tsaya maeto go “bulela motho dibaka di le dintsi” tsa go ithaopa.
Jaaka Julie, palo e e ntseng e oketsega ya baithaopi ba dirisa nako ya bone—mme e seng e kalo. Sara Meléndez, poresidente wa setlhopha sengwe sa dipatlisiso se se kopanyang dipalopalo tsa tiro ya boithaopo o bolela jaana: “Ke mokgwa o mosha. Batho ba a ithaopa, mme fa ba ithaopa, e nna selo sa nakwana fela.” Ka ntlha ya moo barulaganyi ba utlwa manokonoko a seo bangwe ba se bitsang “go tlhaela ga baithaopi,” mme ba tshwaragane le mathata a go bona batho ba ba ka dirisiwang mo dithulaganyong tsa bone.
“Go Ithaopa go ya Kafa Maemo a Letlang ka Gone”
Barulaganyi bangwe ba akanya gore mokgwa ono o mosha—go ithaopa ka nakonyana e nnye fela—o bakiwa ke go fetoga ga maikutlo a baithaopi. Susan Ellis, mogakolodi wa ditlhopha tsa boithaopo, o bolela jaana: “Boikutlo jwa boithaopo jwa gore ‘ke teng fa fela o sa ntse o ntlhoka,’ bo fedile. Batho ga ba tlhole ba batla go itlama.” Mokwadi wa dikgang e bong Eileen Daspin o dumalana le seo. E ne ya re fa a sena go botsolotsa batsamaisi ba le mmalwa ba ditlhopha tsa baithaopi ka tlhaelo ya baithaopi, o ne a fitlhelela tshwetso ya gore “batho ga ba tlhole ba ithaopa ka bontsi gonne ba le bantsi ba bone ba tshaba go dira maitlamo a nako e telele.”
Le fa go ntse jalo, motsamaisi wa New York Cares, Kathleen Behrens, yo o umakilweng pelenyana mo motseletseleng ono, o akanya gore ga se gore batho ba ba ithaopang ka nako e khutshwane ga ba batle go itlama, mme ga ba na nako. Batho ba ba dirisang diura di feta 50 beke le beke ba mekamekana le tiro ya boitshediso le go tlhokomela bana kgotsa go tlhokomela batsadi ba ba godileng tota ba ka se kgone go ithaopa ka metlha. O bolela gore, “le fa go ntse jalo, lebaka fela la go bo batho bano ba ba tshwaregileng thata jaana ba bo ba sa ntse ba kgona go dira tirelosetšhaba karolo ya botshelo jwa bone, le bontsha fela gore maitlamo a bone a tiile tota.”
Behrens o bolela gore tharabololo ya bothata jwa baithaopi ba ba ntseng jalo ba ba se nang nako ke “go ithaopa go ya kafa maemo a bone a ba letlang ka gone.” Mekgatlho e mentsi ya boithaopo jaanong e na le ditiro tsa letsatsi le le lengwe fela tse motho a ka di ithaopelang. Seno se bulela batho sebaka sa gore ba kgone go ithaopa ka ditsela tse di solegelang molemo mme ba kgone go ithaopa fela ka nakwana fa maemo a ba tlhoka jalo.”
Gape, palo e e oketsegang ya batho ba ithaopa ba le kwa magaeng a bone ba dirisa khomputara, ba tsenya tshedimosetso mo khumputareng e bile ba dira dipatlisiso. The Wall Street Journal e bolela jaana: “Go ithaopa o dirisa khomputara go bonala e le mofuta o o sa tlwaelegang thata wa go ithaopa, e bile bangwe ba re ke one o o bonalang o tla atlega go gaisa e mengwe, wa se jaanong se bidiwang ‘go ithaopa go ya kafa maemo a letlang ka teng.’”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Thuso ya Namolo Kwa Kobe!
Fa toropo ya boemakepe ya Kobe, kwa Japane, e ne e itewa ke thoromo ya lefatshe ka January 1995, tshenyo ya teng e ne e le kgolo fela thata. Ke thoromo ya lefatshe e e bolaileng batho ba le bantsi go di feta tsotlhe kwa Japane fa e sa le ka 1923, ka gonne e ne e bolaile batho ba feta 5 000. Ka bonako Basupi ba ga Jehofa kwa Japane le go dikologa lefatshe ba ne ba simolola go naya ba e ba amileng thuso ya namolo. Fa go sena go tlhomiwa letlole la namolo, go ne ga ntshiwa moneelo wa diranta di feta dimilione tse robedi mo malatsing a le mararo. Go ne ga goroga dithoto tsa namolo ka mefutafuta kwa Kobe.
Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o neng a le mo tirong ya namolo o ne a lemoga gore Holo ya gabone ya Bogosi e ne ya tlala ka bonako ka dithoto tse dintsi go feta tse di neng di tlhokwa. Go ne go tla dirwang ka dithoto tse dingwe tseo? O ne a akantsha gore dingwe tsa tsone di abelwe sepatela se se gaufi. Basupi ba ne ba tlatsa bene mme ba ya teng ba raletse matlakala a tshenyo e e bakilweng ke thoromo ya lefatshe. Loeto lwa go ya teng lo ne lwa tsaya diura go na le metsotso e sekae jaaka go tlwaelegile. Kwa sepatela, ba ne ba naya mookamedi wa dingaka dithoto—go akaretsa dikobo, bomaterase, dileiri, maungo le melemo e e sa tlhokeng go ntshiwa ke ngaka. Ngaka eo, e e neng e itumetse e ne ya bolela gore sepatela se ne se tla itumelela go amogela sengwe le sengwe se Basupi ba neng ba ka ba naya sone. Ba ne ba itumeletse segolobogolo maungo, ka gore go ne go se na dijo tse di lekaneng gore di ka jewa ke balwetse botlhe.
Fa Basupi ba ne ba folosa dithoto, ngaka eo e ne e eme e lebeletse ka tidimalo—le fa gone e ne e na le tiro e e potlakileng go e dira. O ne a ikoba ka boikokobetso mme a ba leboga. Fa ba tswa ba tsamaya, o ne a tswelela a eme foo go bontsha kafa a neng a leboga ka teng. Mogolwane yoo o ne a bolela gore moragonyana sepatela seno se ne sa dirisana mmogo sentle le balwetse ba e leng Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]
Tiro ya Boithaopo—Maiteko a a Lereng Melemo
Fa setlhopha sa baithaopi kwa Kabezi, motsana mongwe o monnye kwa Burundi, ba ne ba batla go aga Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, modiredimogolo wa mo lefelong leo o ne a kopa sengwe se se sa tlwaelegang. O ne a kopa Basupi go baakanya tsela e e neng e feta fa setsheng se ba neng ba se batla. Basupi ba ne ba dumela ka boitumelo gore ba tla baakanya tsela eo e e neng e senyegile, ba dira tiro eo yotlhe ka diatla. Baithaopi ba ne ba dira tiro eo sentle mo e leng gore badiredibagolo ba mo lefelong leo ba ne ba ba lebogela tiro ya bone ya bonatla le moya o o ratang. Morago ga moo baithaopi bano ba ne ba tswelela ba aga Holo ya bone ya Bogosi, e setshwantsho sa yone se leng fa godimo. Jaanong ba na le kago e ntle e e tla ba thusang go tsweledisa thuto ya Baebele pele ka dingwagangwaga. Eleruri, tiro ya boithaopo ka mefuta ya yone e e farologaneng, e kgona go nna le melemo e megolo thata.
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Sirley o kgotsofadiwa ke go ruta ba bangwe go bala
[Motswedi wa Setshwantsho]
Nelson P. Duarte-Jornal do Sudoeste