Bothata Jwa go Ngomoga Pelo Morago ga Tiragalo e e Garolang Pelo—Ke Eng?
Bothata Jwa go Ngomoga Pelo Morago ga Tiragalo e e Garolang Pelo—Ke Eng?
MO DINGWAGENG TSE DINTSI TSE DI FETILENG, gantsi go ne go dirwa dipatlisiso ka bothata jwa go ngomoga pelo morago ga tiragalo nngwe e e garolang pelo (PTSD [post-traumatic stress disorder]) mo masoleng a ntwa. Gompieno dilo di fetogile thata. Ga go tlhokege gore o bo o le lesole gore o nne le PTSD. Go tlhokega fela gore o bo o falotse tiragalo nngwe e e garolang pelo.
Tiragalo eo e ka nna ntwa kgotsa go batla o betelelwa kgotsa kotsi ya koloi. Motswedi mongwe wa tshedimosetso wa National Center for PTSD, kwa United States, o baya kgang jaana: “Gore go twe motho o na le PTSD, o tshwanetse a bo a diragaletswe ke sengwe se se garolang pelo.” Mme tiragalo eno “e tshwanetse go akaretsa mofuta mongwe wa go gobatswa kgotsa go tlhaselwa MO MMELENG.”
Jane yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o bolela jaana: “Ke ithutile gore go tshosiwa ke sengwe ka tshoganyetso go dira gore dihoromone dingwe di ye kwa godimo ka selekanyo se segolo thata mme dihoromone tseno di dira gore ditemosi tsa mmele di nne di tsibogetse kotsi ka tsela e e feteletseng. Ka tlwaelo dihoromone di boela gape kwa tlwaelong fa kotsi e sena go feta, mme mo bathong ba ba nang le bothata jwa PTSD, di nna di le kwa godimo fela jalo.” Tiragalo eo e fetile, mme letshogo le lebega le batla go nnela ruri fela jaaka moeng yo o sa mmatleng yo o sa batleng go tswa mo legaeng la gago.
Fa e le gore o falotse tiragalo nngwe e e garolang pelo, mme o tlelwa ke maikutlo a a tshwanang le ao fa e sena go feta, go botlhokwa go lemoga gore ga se wena fela o ikutlwang jalo. Mo bukeng e a e kwadileng ka go betelela, mokwadi Linda E. Ledray o tlhalosa gore PTSD “ke go tsiboga mo go tlwaelegileng ga batho ba ba itekanetseng sentle mo maikutlong ba ba nnileng mo maemong a a tshosang thata a ba neng ba sa kgone go a laola.”
Le fa go ntse jalo, go bolela gore PTSD e tlwaelegile ga go reye gore mongwe le mongwe yo o falotseng tiragalo e e garolang pelo o tla nna le yone. Ledray o bolela jaana: “Patlisiso ya 1992 e ne ya bontsha gore, beke morago ga go betelelwa, diperesente di le 94 tsa bafalodi ba ba neng ba tlhatlhobiwa ba ne ba na le matshwao a PTSD mme dibeke di le lesome le bobedi morago ga yone ba le diperesente di le 47 ba ne ba ntse ba na le one matshwao ao. Basadi ba le diperesente di le masome a matlhano ba ba tlhatlhobilweng kwa Sexual Assault Resource Service kwa Minneapolis ka 1993 ba ne ba na le matshwao a PTSD ngwaga morago ga go betelelwa.”
Dipalopalo tseo di senola gore PTSD e tlwaelegile, e tlwaelegile go feta kafa batho ba bantsi ba lemogang ka teng. Mme e tshwenya batho ba mefuta yotlhe, fa ba sena go diragalelwa ke dilo tse di farologaneng. Bakwadi Alexander C. McFarlane le Lars Weisaeth ba akgela jaana: “Dipatlisiso tsa bosheng di bontshitse gore ditiragalo tse di garolang pelo gantsi di diragalela batho ba ba tlwaelegileng ka nako e dilo di tsamayang sentle, mmogo le masole le batswasetlhabelo ba ntwa, le gore batho ba bantsi ba ba falolang ditiragalo tse di ntseng jalo ba nna le PTSD.” Le mekgwa mengwe ya kalafi kgotsa go ema pelo di bakile PTSD mo bathong bangwe.
Bakwadi ba ba nopotsweng fa godimo ba tlhalosa gore, “PTSD e itshupile e le bolwetse jo bo tlwaelegileng thata.” Ba oketsa ka gore: “Patlisiso e e itiretsweng fela e sa rulaganngwa mo basheng ba Baamerika ba le 1 245 e bontshitse gore diperesente di le 23 tsa batho ba e ba tshwarang ke ba ba kileng ba itewa kgotsa ba betelelwa, mmogo le ba ba boneng fa
ba bangwe ba itewa. A le mongwe mo go ba batlhano mo basheng ba ba diragaletsweng ke dilo tseo o ne a nna le PTSD. Seno se bontsha gore mo e ka nnang basha ba le dimilione di le 1,07 ba United States gone jaanong ba na le PTSD.”Fa e le gore dipalopalo tseo ke tsone, seo se raya gore go na le basha ba bantsi ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba nang le bothata jono mo nageng e le nngwe fela! Go ka dirwa eng go thusa batho bao, le ba bangwe ba le dimilione ba ba nang le bothata jono lefatshe ka bophara?
Go ka Dirwa Eng?
Fa o dumela gore wena kgotsa mongwe yo o mo itseng o ka tswa a na le PTSD, go na le dikakantsho dingwe fa tlase fano.
Leka go nna le thulaganyo ya semoya. Jane o tlhalosa jaana: “Ka metlha ke ne ke ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la rona. Le fa ke ne ke sa kgone go tlhoma mogopolo mo go se se neng se buiwa, ke ne ke itse gore ke teng kwa Jehofa Modimo a neng a batla gore ke bo ke le teng. Ba ba neng ba le mo phuthegong ba ne ba le lorato thata e bile ba aga, mme lorato lo ke neng ka lo bontshiwa le go kgatlhegelwa ka namana di nthusitse thata ka nako yotlhe ya fa ke ne ke le mo matshwenyegong ano.” Jane o oketsa ka gore: “Go bala dipesalema le gone go ne go nthusa. Ka tsela nngwe go ne go lebega dithapelo tsa ba ba bogisiwang di bolela maikutlo a me. Fa ke ne ke sa kgone go bua se ke neng ke batla go se bua mo thapelong, ke ne ke re fela ‘Amen.’”
O se ka wa ikgogona go kgothatsa motho yo o nang le bothata jono. Fa o na le moratiwa mongwe yo o lebaneng le bothata jwa go gopola tiragalo nngwe e e garolang pelo, o tlhaloganye gore ga a feteletse dilo kgotsa ga se gore o batla fela go go tshwarisa bothata ka boomo. Ka gonne maikutlo a gagwe a sa tlhole a utlwa sepe, a tlhobaela kgotsa a galefile, o ka nna a se ka a arabela ka tsela e o neng o ka rata ka yone fa o dira maiteko a go mo ema nokeng. Mme o se ka wa itlhoboga! Jaaka Baebele e bolela, “molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Motho yo o nang le bothata jono o tshwanetse go lemoga le go tila ditsela tsa go itshokela bothata jono tse di seng botlhale tse di ka mo gakaletsang dilo le go feta. Tseno di akaretsa go dirisa diokobatsi kafa go sa tshwanelang le go nwa bojalwa ka mo go feteletseng. Le fa bojalwa le diokobatsi go ka lebega e kete di tlosa mathata ka nakwana, go ise go ye kae di dira gore dilo di nne maswe le go feta. Gantsi di dira gore motho a itlhaole mo go ba bangwe, o kgaphele kwa thoko batho ba ba batlang go thusa, o bereke mo go feteletseng, o nne bogale jo bo sa laolesegeng, o je thata kgotsa o je go le go nnye thata, kgotsa o nne le mekgwa e e ka go gobatsang.
Tsamaya o ye go bona thuso e e tshwanelang ya bongaka. E ka nna ya tswa e le gore motho ga a tshwarwa ke PTSD, mme fa e le gore e mo tshwere, go na le dikalafi tse di berekang. * Fa e le gore o newa thuso e e tshwanelang, o bulele motho yo o go thusang mafatlha mme o mo kope gore a go thuse go fenya mengwe ya mekgwa e e fa godimo.
Gakologelwa: Gantsi dintho tsa mo mmeleng ke tsone tse di folang pele, mme batho ba ba nang le PTSD ba ka utlwa botlhoko ka ditsela tse dintsi mo mmeleng, mo mogopolong le mo maikutlong. Setlhogo se se latelang se tla bua ka ditsela tse dingwe tse motho yo o nang le bothata jono le ba ba gaufi le ene ba ka thusang ka teng gore a fole mme gape se tla sekaseka tsholofelo e botlhe ba ba nang le bothata jwa go ngomoga pelo morago ga tiragalo nngwe e e garolang pelo ba ka nnang le yone.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 15 Basupi ba ga Jehofa ga ba rotloetse kgotsa go buelela kalafi ya mofuta ope o o rileng, e ka tswa e le ya bongaka kgotsa ya tlhaloganyo.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]
Matshwao a Bothata Jwa go Ngomoga Pelo Morago ga Tiragalo Nngwe e e Garolang Pelo
Batho ba bantsi ba ba falotseng tiragalo nngwe e e garolang pelo ba na le go nna ba bona tiragalo eo e direga gangwe le gape mo mogopolong wa bone. Batho ba ba e falotseng ga ba kgone go laola seno kgotsa go emisa gore se se ka sa direga. Diphelelo tsa teng di akaretsa:
• Go boela ga tiragalo eo gape mo mogopolong—go utlwa e kete tiragalo eno e a diragala gape
• Ditoro tse di tshosang le tse di maswe
• Go tshosiwa thata ke medumo e e kwa godimo kgotsa mongwe yo o tlang kafa morago ga motho a sa lebelelwa
• Go roroma le go fufula
• Pelo e e itayang thata kgotsa go se heme sentle
• Go galefa fa e ka re o bona sengwe, o utlwa sengwe, o nkga sengwe kgotsa go latswa sengwe o bo o gakologelwa tiragalo nngwe e e garolang pelo
• Tlhobaelo kgotsa poifo—go akanya gore o mo kotsing gape
• Go palelwa ke go laola maikutlo ka gonne dilo tse di go gakololang tiragalo eo di dira gore o tlhobaele, o galefe kgotsa o tenege ka tshoganetso
• Go palelwa ke go tlhoma mogopolo kgotsa go akanya sentle
• Go palelwa ke go tshwarwa ke boroko kgotsa go robala
• Go gakatsega le go nna o le kelotlhoko thata gore o se ka wa diragalelwa ke kotsi
• Maikutlo a a sa tlholeng a kgona go tsibogela sepe
• Go palelwa ke go rata batho ba bangwe
• Go akanya gore tikologo e motho a leng mo go yone e na le sengwe se se sa tlwaelegang kgotsa se se sa siamang
• Go sa kgatlhegele dilo tse pele o neng o di rata
• Go palelwa ke go gakologelwa dilo tsa botlhokwa tsa se se diragetseng ka nako ya tiragalo e e garolang pelo
• Go ikutlwa o se karolo ya dilo tse di diragalang go go dikologa le tse di go diragalelang
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Ditiragalo tse di farologaneng tse di garolang pelo di ka baka PTSD