Maikutlo a a Fetofetogang Malebana le Botsofe
Maikutlo a a Fetofetogang Malebana le Botsofe
O A BO o tsofetse fa o na le dingwaga di le kae? Go lebega karabo e ikaegile ka gore o botsa mang. Basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba tla re mongwe le mongwe yo o nang le dingwaga tse di fetang 25 o tsofetse.
Kafa letlhakoreng le lengwe, baopedi ba opera ba kgona go fitlhelela se ba se batlang fela fa ba godile thata mo botshelong. Mme pego ya lokwalodikgang longwe lwa Australia e leng The Sun-Herald e bolela jaana mabapi le batho ba ba ikaeletseng go bona maemo a a kwa godimo mo ba dirang teng: “Gompieno boammaaruri ke gore fa o ise o fitlhe koo o na le dingwaga di le 40, o ka se tlhole o fitlha.”
Dilo Tse Gantsi Batho ba di Akanyang
Bangwe ba ka nna ba akanya gore batho ba ba tsofetseng ba na le go tlhagelwa ke dikotsi gantsi e bile ba bonya go ithuta mme ba onala ka bonako mo mmeleng. A go a utlwala go akanya ka tsela e e ntseng jalo? Go ya ka dipalopalo tsa World Health Organization, mo kgaolong yotlhe ya Yuropa, “mo bathong bangwe le bangwe ba bararo ba ba swang mo kotsing ya tsela a le mongwe wa bone ke yo o nang le dingwaga tse di kafa tlase ga 25.” Mo godimo ga moo, motho o simolola go tsofala mo mmeleng fa a na le dingwaga tse di magareng ga 30 le 40, mme ga go na bosupi jwa gore botlhale jwa motho yo o itekanetseng bo a fokotsega fa a ntse a gola.
Gotweng ka kakanyo ya gore batho ba ba tsofetseng ba lwala thata? “Tumelo e ba le bantsi ba nang le yone ke ya gore botsofe le bolwetse ke makaelagongwe,” go bolela The Medical Journal of Australia. Boammaaruri ke gore batho ba bantsi ba ba godileng ba itumelela botsogo jo bo molemo ka selekanyo se se lekanetseng mme ga ba itseye ba tsofetse. Ba bangwe ba ikutlwa jaaka radipolotiki wa Moamerika Bernard Baruch a ne a ikutlwa fa a ne a re: “Mo go nna o tsofetse fa o mpheta ka dingwaga di le lesome le botlhano.”
Ka jalo, ke ka ntlha yang fa batho ba ba godileng ba kgethololwa, mme ka dinako tse dingwe ba tlhoiwa? Karabo e itshetlegile thata ka maikutlo a batho ba nang le one ka botsofe.
Maikutlo Malebana le Botsofe
“Baamerika ba rata bosha thata mme ba sokamisitse tsela e ba metswedi ya tshedimosetso ba lebang botsofe ka yone,” go bolela jalo Max Frankel mo The New York Times Magazine. O ngongorega jaana: “Batsofe ba ntshitswe gotlhelele mo metsweding ya tshedimosetso.” Seno se ka nna sa thusa go tlhalosa sengwe se se gakgamatsang se se lemogilweng ke The UNESCO Courier: “Le ka motlha . . . setšhaba ga se ise se ke se direle batsofe ba sone dilo tse dintsi jaana. Ba sireleditswe mo go tsa ikonomi le mo loagong, mme gone tsela e setšhaba se ba lebang ka yone ga e a siama le e seng.”
Le ba tsa kalafi ba na le kgethololo e e tshwanang. Go ya ka The Medical Journal of Australia: “Dingaka tse dintsi, mmogo le setšhaba ka kakaretso, ba dumela gore batho ba ba nang le dingwaga tse di fetang 65 go a bo go sa tlhole go kgonega go ba naya tlhokomelo ya go thibela malwetse . . . Tsela e e sa siamang e ba lejwang ka yone . . . e dirile gore batho ba ba godileng ba se ka ba nna karolo ya dipatlisiso di le dintsi tse di botlhokwa.”
Lone lokwalopaka loo lo bolela gore: “Go sa lebe batho ba ba godileng ka tsela e e siameng, go ba tlhalosa gore ke ‘batsofe,’ go ka dirisiwa e le seipato sa go ba naya tlhokomelo ya boleng jo bo kwa tlase mo go tsa kalafi. Mathata a mantsi a a tlwaelegileng, mme e se a a maswe go le kalo, a a tshwanang le go se bone sentle le go sa
utlwe sentle a a tlhokomologiwa kgotsa a tsewa e le karolo e e tlwaelegileng ya go tsofala. . . . Go fetola tsela e batsofe ba lejwang ka yone go botlhokwa fa e le gore re batla go atlega go thibela mathata a a tshwanang le ao.”“Gongwe e setse e le nako ya go tlhatlhoba sentle gore tota tsela e e botokanyana ya go tlhalosa botsofe e ka nna efe, segolobogolo mo dinageng tse di tlhabologileng,” go bolela jalo lokwalopaka lwa bongaka lwa Boritane e leng The Lancet. Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? Lokwalopaka loo lo tlhalosa jaana: “Gongwe fa go ka fetolwa tsela e batsofe ba tlhalosiwang ka yone seno se ka dira gore ba se ka ba lejwa ka tsela e e hutsafatsang jaana, ba se ka ba latlhwa, e bile go se ka ga buiwa dilo tse di maswe jaana ka isagwe ya bone tse gantsi di dirisiwang go kgetholola ‘palo e e nnang e gola thata’ ya batsofe ba ba dirisang ‘selekanyo se segolo thata’ sa didirisiwa tsa kalafi tse di ntseng di tlhaela go le gale.”
Palo ya Batsofe e a Oketsega
Boammaaruri ke gore batsofe ba ntse ba a ata—mme ga se fela gore ba a ata mme ba nna bantsi fela thata. The UNESCO Courier e bega gore: “Lefatshe ka bophara, palo ya batho ba ba nang le dingwaga di le 65 le go feta e tla bo e oketsegile go menagane ganè fa gare ga 1955 le 2025, mme diperesente tsa bone mo lefatsheng di tla bo di oketsegile go menagane gabedi.”
Palo ya batsofe kwa India e setse e feta palo ya batho botlhe ba kwa Fora. Mme go bolelwa gore kwa United States, batho ba le dimilione di le 76 ba ba tshotsweng mo dingwageng tse 18 morago ga Ntwa ya Lefatshe II, ba tla tlogela tiro mo dingwageng di le 50 tse di tlang. Fa maemo a a ntseng jaana ka batho ba ba tsofalang mo lefatsheng lotlhe a tlhobaetsa baitseanape ba tsa ikonomi le badiri ba kalafi, gape a dira gore re sekaseke sesha dikgopolo dingwe tse re nang le tsone ka botsofe.
Go Kwala Terama Sesha
Ba bangwe ba ka bapisa botshelo le terama e e kgaogantsweng ka dikarolo tse tharo. Monate wa bosha le thutego di tshwanetse go nna mo karolong ya ntlha ya terama eno. Maikarabelo a go godisa lelapa le kgatelelo e ntsi ya tiro di bulela karolo ya bobedi ya terama eno. Mo karolong ya boraro ya terama, batshameki ba kgothalediwa go tswa ba ye go nna mo setulong se se kwa morago ga serala mme ba lete koo ba sa dire sepe ba emetse fela gore lesire la bofelo le anegwe.
Le fa go ntse jalo, ka mabaka a a farologaneng, ao a akaretsang le kgatelopele e e dirilweng mo go tsa kalafi le boitekanelo mo lekgolong la bo20 la dingwaga, nako e “batshameki” ba e dirisang ba se mo seraleng mo “karolong ya boraro ya motshameko” e oketsegile ka dingwaga di ka tshwara 25. Ba bantsi
ga ba tlhole ba kgotsofadiwa ke go tlogela tiro ba bo ba nna ba sa dire sepe. Dipalo tse di oketsegang tsa bano ba ba matlhagatlhaga mme ba tsofetse di simolola go bontsha gore terama e tshwanetse ya kwalwa sesha.Ba na Le Seabe se Segolo
Mogopolo o batho ba bantsi ba nang le one wa gore batsofe ba ikaegile ka batho ba bangwe ga o boammaaruri le e seng. The New York Times Magazine e ne ya bega gore kwa United States, “bontsi jwa batho ba ba tsofetseng ba a ikgona, ke batho ba maemo a a mo magareng ba ba nang le dilo tse dintsi go feta banyalani ba basha . . . mme baithutaloago ba lemoga gore go tlhaga setlhopha se se utlwalang sa . . . batho ba ba tsofetseng ba ba humileng.” Philip Kotler, porofesa ya tsa thekiso kwa Northwestern University kwa United States, o ne a akgela ka seno. O ne a re: “Go ise go ye kae barekisi ba tla bapatsa dilo tse ba di rekisang mo bareking ba ba humileng ba ba nang le dingwaga di le 55 go ya kwa godimo.”
Seabe sa batho ba ba godileng ba ba matlhagatlhaga ga se bonwe fela mo mading a ba nang le one. The Sunday Telegraph ya Sydney e ne ya bontsha gore kwa Australia “bonkuku ba dira sephatlo sa tiro ya go tlhokomela bana fa batsadi ba le kwa tirong, mo e leng gore nngwetharong ya basadi ba ba berekang ba tlhokomelelwa bana ke bonkuku fa ba le kwa tirong.”
Kwa mafelong a a tshwanang le toropo ya kwa Fora ya Troyes, botlhale jo bogolo jo batsofe ba nang le jone bo lejwa e le selo se se botlhokwa thata. Botlhale jono bo solwa molemo fa batho ba ba godileng ba dirisiwa fa sekolo se dule go ruta bana ditiro tse di tshwanang le go betla, go dira galase, go gaba maje, go aga le tiro ya go tsenya le go tlhokomela diphaepe tsa metsi. Mo godimo ga go ruta, batho ba ba godileng ba ya sekolong ka bontsi go ya go ithuta ditiro tse di farologaneng.
Go ya ka The UNESCO Courier ya January 1999, “Mokgatlho wa Ditšhabatšhaba wa Diyunibesithi Tsa Batho ba ba Tlogetseng Tiro wa Paris” o bolela gore “go na le diyunibesithi tsa batsofe tse di fetang 1 700 go ralala lefatshe lotlhe.” Lokwalopaka loo lo bega jaana mabapi le diyunibesithi tseno: “Le fa tsela e di rulagantsweng ka yone le mekgwa e di tsamaisiwang ka yone e farologana thata go ya ka mafatshe a di leng mo go one, diyunibesithi tsa batsofe gantsi di rata go thusa batho ba ba godileng gore ba nne le seabe se se tletseng mo botshelong jwa setšhaba.” Go begwa gore sekolo sengwe sa mofuta oo kwa Japane se na le baithuti ba le 2 500!
Alexandre Kalache, moeteledipele wa setlhopha sa World Health Organization sa Thulaganyo ya Botsofe le Botsogo o bolela jaana: “Batho ba ba godileng ba na le seabe se segolo thata mo malapeng a bone le mo setšhabeng, seabe se go leng thata go se lekanyetsa ka gonne ga ba duelelwe bontsi jwa dilo tse ba di dirang.” O bolela gore: “Mafatshe . . . ga a tshwanela go leba batho ba one ba ba tsofalang e le mathata mme ba tshwanetse go ba leba e le tharabololo ya mathata . . . , e le khumo ya botlhokwa e ba tshwanetseng go e dirisa.”
Ke boammaaruri gore selekanyo se re kgonang go itumelela dingwaga tsa rona tsa botsofe ka sone se ka tlhotlhelediwa thata ke megopolo ya batho ba bangwe, mme thatathata gape se ka tlhotlhelediwa ke boikutlo jwa rona ka botshelo. Wena ka bowena o ka dirang gore o nne o le matlhagatlhaga, mo tlhaloganyong le mo mmeleng, le fa mmele wa gago o tsofala? Tsweetswee bala lebokose le le mo ditsebeng 16 le 17 mme o bone gore batho bangwe ba ba tsofetseng ba dira jang gore ba tswelele ba le matlhagatlhaga mme ba itumelela botshelo.
Leka go Tshela o le Matlhagatlhaga
O tla lemoga gore selo sengwe se bagodi bano ba ba tlhagafetseng ba tshwanang mo go sone ke go nna le thulaganyo e e mosola ya tiro—e ka tswa e le tiro ya boitshediso kgotsa e le badiri ba baithaopi. Gape ba itshidila mmele ka metlha, ba kgatlhegela batho ba dingwaga tse di farologaneng, mme ba kgotsofatsa dilo tsa konokono tse ba di tlhokang semoyeng. Jaaka o ka tswa o lemoga, dilo tseno tse di ka go thusang go tshela o itumetse o le matlhagatlhaga di tla solegela basha le batsofe molemo ka go tshwana.
Gone jaana, boammaaruri jo bo botlhoko ke gore jaaka o bala setlhogo seno, o ntse o a gola. (Moreri 12:1) Le fa go ntse jalo, ka botlhale o tlhokomele tshobokanyo ya Bulletin of the World Health Organization: “Fela jaaka botsogo bo dira gore o nne o ntse o le tlhaga, botshelo jwa motho yo o tlhagafetseng ke jone jo bo mo kgontshang go nna a itekanetse.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Ba Nna ba le Matlhagatlhaga e Bile ba Itumelela Botshelo
▪ AFRIKA BORWA: Piet Wentzel, 77, ke modiredi wa moithaopi wa nako e e tletseng.
“Ke lemoga gore fa motho a batla go itekanela sentle mo mmeleng, go botlhokwa gore a ikatise ka metlha. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, ke ntse ke tlhokomela tshingwana ya me e nnye. Fa ke sena go dira kwa go yone ke utlwa e kete ke motho yo mosha. Gore ke kgone go dira mo gontsi, ke lekile go rotloediwa ke molaomotheo o o reng, ‘Go kabakanya mo gare ga maikutlo a mabedi ke tshenyo ya nako; go nna o ntse o re o tla dira selo ka moso ke legodu le legolo.’”
[Setshwantsho]
“Ke anaanela botlhokwa jwa go ikatisa ka metlha.”—Piet
▪ JAPANE: Yoshiharu Shiozaki, 73, o bereka e le mogakolodi wa ditsha le dikago.
“Ke na le ramatiki mo lothekeng, haebolate, le bolwetse jwa Meniere. Ke dirisa baesekele go tswa kwa gae go ya kwa ofising ganè ka beke; mme loeto lwa go ya le go boa ke dikilometara di le 12. Go dira jaana go nthusa go ikatisa sentle ka gonne ga go gobatse mokwatla wa me mme go nonotsha mesifa ya maoto a me. Ke leka go nna ka kagiso le ba bangwe, go akaretsa baagelani ba me. Ke leka gore ke se ka ka batla diphoso mo go ba bangwe. Ke lemogile gore batho ba utlwa ka bonako fa ba kgothadiwa go feta fa ba tshwaiwakaka diphoso.”
[Setshwantsho]
“Ke leka gore ke se ka ka batla diphoso mo go ba bangwe.”—Yoshiharu
▪ FORA: Léone Chalony, 84, ke moreri wa nako e e tletseng.
“Fa ke ne ke tlogela tiro ka 1982, go ne go le thata ka gonne ke ne ke rata tiro ya me ya go baakanya moriri. Ke ne ke se na maikarabelo ape, ka jalo ke ne ka nna mmulatsela, jaaka bareri ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Go nna le dithuto tse dintsi tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang go nthusitse gore ke nne ke le tlhaga mo tlhaloganyong. Ga ke na koloi, ka jalo ke tsamaya thata ka maoto. Seno se mpoloka ke itekanetse.”
[Setshwantsho]
“Go nna le dithuto tse dintsi tsa Baebele go nthusa gore ke nne ke le tlhaga mo tlhaloganyong.”—Léone
▪ BRAZIL: Francisco Lapastina, 78, ke modiredi wa moithaopi wa nako e e tletseng.
“Gantsi ga ke kgopisege fa mongwe a nkutlwisa botlhoko kgotsa a intlhokomolosa. Ke tsaya gore motho yo o dirang jalo o ka tswa a gateletswe ka tsela nngwe e bile a na le mathata. Rotlhe re na le malatsi a ka one re seng botsalano mo bathong. Ke leka gore ke se ka ka tshwara batho ka pelo le gore ke gakologelwe gore le nna batho ba a intshokela. Seno se nthusitse go nna le ditsala tse dintsi tsa mmatota.”
[Setshwantsho]
“Ke leka gore ke se ka ka tshwara batho ka pelo.”—Francisco
▪ AUSTRALIA: Don MacLean, 77, o sa ntse a bereka diura di le 40 ka beke.
“Ke sa ntse ke na le botsogo jo bontle thata le eleng morago ga dingwaga di le nnè ke se na go dirwa karo ya pelo. Ga ke a ka ka tsaya karo eno e le nako ya go nkgolafaletsa ruri mo botshelong. Letsatsi le letsatsi ke sa ntse ke tle ke ikatise ka go tsamaya dikgalanyana, jaaka ke ntse ke dira ka dingwagangwaga. Fa ke ne ke le mosha mme ke bona batho ba tsofala pele ga nako, ke ne ka ikemisetsa gore ke se ka ka nna jalo. Ke rata go itse batho le go tlotla le bone. Fa re dira dilo tsa semoya karolo ya matshelo a rona, re tla iponela se se tlhalosiwang mo go Pesalema 103:5: ‘[Jehofa] o kgotsofatsa nako ya fa o sa ntse o tshela ka se se molemo; bosha jwa gago bo nna bo intšhafatsa fela jaaka ntsu.’”
[Setshwantsho]
“O se ka wa tsofala pele ga nako.”—Don
▪ JAPAN: Chiyoko Chonan, 68, moreri wa nako e e tletseng.
“Tsela ya go nna le botsogo jo bontle ke go tila go nna le matshwenyego a mantsi le go lapa thata. Ke leka gore ke se ka ka tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka dilo mme ke tlhokometse gore go dira dilo tse di farologaneng nako le nako go a nthusa. Bosheng ke ne ka simolola go ithuta abacus gore ke katise menwana ya me le tlhaloganyo ya me. Ke akanya gore go molemo go simolola go dira dilo tse disha.”
[Setshwantsho]
“Ke akanya gore go molemo go simolola go dira dilo tse disha.”—Chiyoko
▪ FORA: Joseph Kerdudo, 73, ke modiredi wa moithaopi wa nako e e tletseng.
“Tsela ya botlhokwa ya go tsofala sentle ke go nna matlhagatlhaga ka nako e telele kafa go ka kgonegang ka teng. Go bereka go a kgotsofatsa, mme o tlhoka go tlhokomela se o se jang mme o dire diphetogo tse di tshwanetseng. Ke akanya gore fa botshelo bo na le boikaelelo, bo go dira motho yo o farologaneng. Ke akanya gore bomoya bo botlhokwa thata go re thusa go nna le botsogo jo bontle. Pele ga ke nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke palelwa ke go dira ditshwetso e bile ke se na tsholofelo. Go itse boammaaruri jwa Baebele ke maatla a magolo thata a a nayang motho nonofo ya mogopolo go lebana le maemo a a farologaneng.”
[Setshwantsho]
“Bomoya bo botlhokwa thata.”—Joseph