Go Dira Gore Lefelo le o Berekelang mo go Lone e Nne le le Babalesegileng
Go Dira Gore Lefelo le o Berekelang mo go Lone e Nne le le Babalesegileng
LE MORORO go na le melao ya kwa tirong e e amanang le boitekanelo le pabalesego, go gobala le loso kwa tirong e sa ntse e le bothata jo bogolo. Go phepafetse gore pabalesego ya kwa tirong e ka se ka ya rarabololwa ka melao. Bathapi le bathapiwa ba tshwanetse go sikara boikarabelo jwa go tlhokomela gore bone mmogo le ba bangwe ba babalesegile.
Ka jalo, badiri botlhe ba tshwanetse go tlhatlhoba ka kelotlhoko tikologo e ba berekelang mo go yone le tsela e ba berekang ka yone. Ka sekai, a o setse o ile wa ela tlhoko gore a mo o berekelang teng go babalesegile tota? A o bereka ka dilo dingwe tse di botlhole? Fa go le jalo, a o sireletsegile mo go lekaneng? A o nna o gateletswe mo maikutlong le mo mogopolong ka dinako tsotlhe? A o amogela ditiro tse di thulanang le melao mengwe e e beilweng kgotsa tse di fetang diura tse di beilweng tsa go bereka?
Dikarabo tsa dipotso tse di ntseng jaana di ka senola go le gontsi ka tshireletsego ya gago kwa tirong.
Ela Tlhoko Dikotsi
Go leka go tshegetsa thulaganyo e e feteletseng ya go bereka go ka nna kotsi. E ne ya re fa Porofesa Lawson Savery wa Yunibesithi ya Curtin kwa Australia, mmogo le mmatlisisi yo mongwe, ba sena go tlhatlhoba diphelelo tsa patlisiso ya badiri ba le dimilione di le 3,6 le mafelo a bodirelo a le 37 200, ba ne ba gatisa pampiri ya dipatlisiso e e neng e na le
setlhogo se se reng “Diura di le Dintsi Kwa Tirong: A di Kotsi le Gone a Batho Ba a Di Itumelela?” Karabo ya dipotso tseo tse pedi tota e ne ya nna ee.Eleruri, badiri ba ba lapileng ga ba kgone go bereka sentle e bile ba dira diphoso tse dintsi. Porofesa Savery o ne a bolela jaana jaaka go begilwe ke lokwalodikgang lwa The Sun-Herald: “Dikhampani di le dintsi di kgothaletsa batho go nnela ruri mo mmerekong mme di batlana le batho ba ba itsegeng ka go nnela ruri mo mmerekong e bile di ba naya dikgele.” Matswela a teng a senya fela thata. Gongwe e bile bothata jono bo bonala thata mo madirelong a dipalangwa, mo bakgweetsi ba kgothalediwang kgotsa le e leng go patelediwa go kgweetsa diura tse ditelele kwantle ga go ikhutsa—selo se se ilediwang mo dinageng tse dingwe.
Mekgwa e e sa siamang ya go bereka, e e ka akaretsang go sa nne bothakga le bophepa, e baka kotsi e nngwe. Go tlogela didirisiwa di tletsetletse fa fatshe kgotsa megala ya motlakase e sa tswalelwa ka tshwanelo gantsi go feleletsa go bakile dikotsi, kgotsa le e leng go bolaya batho. Go tlhokomologa ditlhagiso tsa pabalesego fa o dirisa didirisiwa tsa motlakase le metšhine go kotsi ka tsela e e tshwanang. Se sengwe se se bakang dikgobalo le loso ke go sa phimole dilo tse di tshologetseng fa fatshe—segolobogolo tse di nang le botlhole. Dikgobalo di le dintsi di ne tsa diragala fa badiri ba ne ba relela mo boalong jo bo nang le oli kgotsa jo bo metsi. Ka jalo go ka twe molao wa ntlha wa tiro e e molemo ke go nna phepa le go baya dilo ka thulaganyo.
Le fa go ntse jalo ba le bantsi ba raelesega go tlhokomologa ditsela tsa go dira dilo ka pabalesego. Lokwalopaka lwa Monthly Labor Review lo ne lwa bolela jaana: “Kgatelelo ya kwa tirong e ka dira gore ba le bantsi ba akanye gore go a tlhokega go bereka o dirisa mekgwa ya ka bonakonako ya go dira tiro e e rileng, e le fela gore o kgone go e fetsa ka nako e e batlegang ka yone.” Ka jalo ba bangwe ba ka nna ba bolela jaana malebana le molao wa pabalesego, ‘Ga ke ise nke ke nne le mathata ape fa ke ne ke o itlhokomolosa mo nakong e e fetileng.’ Fa manejara mongwe wa feketiri yo o nang le boitemogelo a ne a etse kgang eno tlhoko, o ne a akgela jaana: “Sengwe sa dilo tse di maswe thata tse o ka di dirang kwa tirong ke go itlhokomolosa mekgwa ya pabalesego o bo o sa direge sepe!” Ka ntlha yang? Ka gonne seno se baka go itshepa thata le botlhaswa, tse di feleletsang ka dikotsi tse dintsi.
Go thunya ga seteishene sa Chernobyl kwa Ukraine ka 1986 gantsi go tlhalosiwa jaaka “kotsi ya nuklea e e maswe go di gaisa tsotlhe e e kileng ya diragalela lefatshe.” Ke eng se se neng sa baka kotsi eno? Pego e e neng e tlhalosa ka kotsi eo ya masetlapelo e umaka “lenaane la dilo tse di neng di dirwa ka tsela e e botlhaswa” le “go sa latele mekgwa ya pabalesego nako le nako.”
Mothapi le mothapiwa ka bobedi ba ka dirisana mmogo mo go boneleng pele dikotsi tse di ka tlhagang. Seane se se botlhale sa Baebele se bolela jaana: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Ee, yo o botlhale o lemoga se se ka nnang kotsi mme o leba ditsela tsa go itshireletsa le ba bangwe.
Fa bathapi ba dira seno, ba sologelwa molemo bone ka bobone mmogo le bathapiwa ba bone ka tsela e e tshwanang. Ka sekai, khampani e e neng ya aga ofisi ya yone sesha gore e se ka ya nna le “bolwetse jo bo bakwang ke maemo a a kotsi mo kagong” e ne ya fitlhela gore go ise go ye kae badiri ba ne ba kgona go dira go le gontsi thata e bile ba ne ba na le selekanyo se se kwa godingwana sa go kgotsofala. Gape go ne ga fitlhelwa gore e ne e le batho ba se kae fela ba ba neng ba seyo go twe ba a lwala. Go akanyetsa botsogo jwa ba bangwe ka tsela eno ga go dire fela gore go nne le boemo jo bo itumedisang
mo gare ga bathapi le bathapiwa mme jaaka re bone mo kgannyeng eno, go ka sologela molemo le mo go tsa itsholelo.Jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, bothubaki bo anametse le kwa go berekiwang gone. Ke eng se o ka se dirang go itshireletsa?
Dikgato Tse di ka Tsewang
Le e leng ditiragalo tse dinnye tsa go galefa kwa ditirong di fitlhetswe di gola go nna dikgetsi tse di masisi tsa go tshwarwa makgwakgwa. Harvard Business Review e gakolola jaana ka tsela e e utlwalang: “Fa o leka go bona tsela ya go emisa bothubaki jwa kwa tirong, ela tlhoko gore batho ba ba dirang bothubaki jo bonnye gantsi ba feleletsa ba dirile jo bogolo.”
Mosadi a ka nna a se leke go gapa kgatlhego ya badirimmogo le ene, le fa go ntse jalo fa tsela e a aparang ka yone, puo le boitshwaro jwa gagwe di se dintle, ba bangwe ba ka tsaya gore o na le boitshwaro jo bo sa siamang. Mo nakong ya bosheng, boitshwaro jo tota e neng e se jwa go gapa kgatlhego e e sa tshwanelang ka dinako tse dingwe bo ile jwa feleletsa ka mathata a magolo, go akaretsa go lalela ba bangwe gore o ba utlwise botlhoko, go betelela kgotsa le e leng polao. Ka jalo tlhokomela tsela e moaparo wa gago le boitshwaro jwa gago bo amang ba bangwe ka yone. Tsaya kgakololo eno ya Baebele tsiya: ‘Ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.’—1 Timotheo 2:9.
Monthly Labor Review e lemogile boemo jo bongwe jo bo kotsi, e boletse jaana: “Go tsogile mathata a mangwe ka badiri ba ba berekang ba le bosi bosigo mo mafelong a a se nang batho. Ka jalo akanya: A go botlhale go tsenya botshelo jwa gago mo dikotsing tse di ka nnang gone fa motho a bereka a le esi, segolobogolo bosigo? A go ka twe madi a o a amogelang a botoka fa a bapisiwa le dikotsi tsa gone?
Go botlhokwa gape go akanya ka tsela e re itshwarang ka yone fa badirimmogo le rona ba ba gateletsweng thata mo maikutlong ba re sera e bile ba se botsalano. Ke eng se se ka dirwang go dira gore boemo jo bo bonalang bo le kotsi jalo bo se ka jwa nna maswe thata? Seane sa Baebele se gakolola jaana: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Ee, ka go nna pelonomi le tlotlo fa o buisana le ba bangwe, o ka kgona go fokotsa go sa utlwane le go thusa gore go se ka ga nna le dikgotlhang.
Kwa ditirong tsa segompieno tse di gatelelang, go tlwaelegile gore motho a ikutlwe a serwa ke sengwe le sengwe fela e bile a se botsalano mo go ba bangwe. Le fa go ka bonala e kete tota go galefetswe rona, motho yono e ka nna ya bo e le fela gore o ntshetsa kgalefo le tlalelo ya gagwe kwa ntle. E ka nna ya bo e le fela gore re mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang. Ka jalo tsela e re itshwarang ka yone e botlhokwa. E ka dira gore boemo bo nne maswe le go feta kgotsa ya dira gore bo nne botoka.
Le fa go ntse jalo, gongwe e ka tswa e le gore ga lo lebe dilo ka tsela e e tshwanang. Buka ya Resolving
Conflicts at Work e akgela jaana ka tsela e e ka thusang: “Fa go na le dikgotlhang, . . . ga se gantsi re buang ka mokgwa o o utlwalang sentle tsela e re ikutlwang ka yone tota.” Lebaka e ka ne e le eng? Buka eno e tswelela ka go bolela jaana: “Dikgotlhang tsa rona di kgona go re tlhakanya tlhogo le go re tshereanya mme re feleletsa re akanya gore ga go na sepe se re ka se dirang fa e se go lwa.”Tharabololo ke eng? REETSA! Buka e e nopotsweng fa godimo e akgela jaana: “Ka go reetsa batho ba re sa dumalaneng le bone . . . , seno se ka dira gore re se ka ra tsenya maikutlo a rona mo go reng re batla go tswelela pele re lwa mme re tla leka go fitlhelela tharabololo.” Seno ke kgakololo e e molemo e e tla re thusang go thibela go se dumelane le go sa tlhaloganyane gore go se ka ga gola go fitlhela e nna dikgotlhang tse dikgolo.
Ka jalo, dirisa tlhaloganyo ka botlhale go tlhomamisa gore o nna o babalesegile. Seno se akaretsa go latela ditaelo tsa pabalesego ka tlhoafalo. Go dira seno go ka thusa thata mo go direng gore lefelo le re berekelang mo go lone e nne le le babalesegileng.
Gape ke boammaaruri gore boikutlo jo re nang le jone ka botshelo, tiro le nako ya go itapolosa bo ka ama thata mofuta wa tiro e re e tlhophang le boikutlo jwa rona ka pabalesego. Setlhogo se se latelang se ka re thusa go tlhopha ka botlhale mo kgannyeng eno.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Phimola oli e e tshelegetseng fa fatshe
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Karabo e e bonolo e ka dira gore boemo jo bo maswe bo se ka jwa nna maswe go le kalo