Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebana le Ditlamorago

Go Lebana le Ditlamorago

Go Lebana le Ditlamorago

“E SA LE RE NTSE RE TSAMAYA GO TLOGA MO MOSONG. RE A TSHABA GORE RE FALOTSE MATSHELO A RONA. GA GO NA METSI A GO NWA, GA GO NA DIJO. MATLO OTLHE A SENYEGILE.”—HARJIVAN, MOFALODI WA THOROMO YA LEFATSHE YA BOGOLO JWA 7,9 KWA INDIA.

GO LEBANA le bogale jwa thoromo ya lefatshe go a boifisa. Mofalodi mongwe wa thoromo ya lefatshe e e neng ya direga ka 1999 kwa Taiwan o gakologelwa jaana: “Ke ne ka welwa ke dibuka di wa kwa godimo ga oteropo ya logong e e neng e le fa thoko ga bolao jwa me ya bogodimo jwa dikgato tse robedi [dimetara di le pedi le sephatlo]. ‘Helemete ya sekuta e ke neng ke sa tswa go e reka e ne ya wa kwa godimo ga oteropo mme ya wela fa thoko ga tlhogo ya me mo bolaong.’ O oketsa jaana: ‘Aitsane e batlile e mpolaya mo boemong jwa gore e ntshireletse.’”

Morago ga go Falola Thoromo ya Lefatshe

Go falola thoromo ya lefatshe go a boifisa e bile go e falola jalo ke tshimologo fela. Diura morago ga tiragalo eno, batho ba ba dirang tiro ya go namola ba dira ka natla go batla bagobadi le go ba alafa. Gantsi ba dira jalo ba ntse ba itse gore lefatshe le ka nna la tshikinyega gape morago ga thoromo eo ya lefatshe. Monna mongwe yo o neng a batla go epa mo thotobolong e e neng e bipile tikologo yotlhe morago ga thoromo ya bosheng jaana ya lefatshe kwa El Salvador o ne a bolela jaana: “Re tshwanetse go nna kelotlhoko thata. Fa lefatshe le ka roroma ka tshoganyetso gape, thotobolo eno yotlhe e tla gosomana.”

Ka dinako tse dingwe, batho ba intsha setlhabelo fela thata gore ba thuse ba ba amilweng ke tiragalo eno. Ka sekai, e rile go sena go nna le thoromo e kgolo thata ya lefatshe kwa India mo masimologong a 2001, Manu, monna mongwe yo o tsofetseng yo jaanong a nnang kwa United States, o ne a boela kwa nagagaeng ya gaabo. O ne a bolela jaana: “Ke tshwanetse go tsamaya gore ke ye go thusa e seng ba lelapa la me fela mme gape le mongwe le mongwe yo o amegileng.” Manu o ne a fitlhela maemo a hutsafatsa thata mo mafelong a a neng a a etela. Le fa go ntse jalo, o ne a bolela jaana: “Batho ba bontsha bopelokgale jo bo gakgamatsang.” Mokwaladikgang mongwe o ne a bolela jaana: “Ga ke itse ope yo o nnang gaufi le nna yo o neng a se ka a ntsha sepe se a neng a ka kgona go se ntsha—madi ao a a amogelang ka letsatsi, ka beke kgotsa ka kgwedi, madinyana mangwe a ba a ipoloketseng kwa bankeng kgotsa sepe fela se ba neng ba ka kgona go se ntsha gore ba thuse.”

Ke boammaaruri gore go motlhofo go tlosa dithotobolo le go alafa ba ba gobetseng; mme ga go motlhofo go dira gore maemo a batho ba ba amilweng botlhoko thata ke thoromo ya nakwana fela ya lefatshe a boele meriting. Akanya ka Delores, mosadi yo thoromo ya lefatshe e neng ya mo senyetsa ntlo kwa El Salvador. O bolela jaana: “Seno se maswe go gaisa ntwa. Ka nako ya ntwa go ne go le botoka ka gonne re ne re na le fa re latsang tlhogo teng.”

Jaaka re umakile mo setlhogong sa rona sa ntlha, ka dinako tse dingwe batho ba tlhoka go tshegediwa thata mo maikutlong e seng ka dilo tse di bonalang fela. Ka sekai, fa thoromo ya lefatshe e ne e gagautla toropo ya Armenia kwa bophirima jwa Colombia mo masimologong a 1999, go ne ga swa batho ba feta sekete, mme ba le bantsi ba ne ba sala ba garogile dipelo e bile ba itlhobogile. Ngaka ya malwetse a tlhaloganyo Roberto Estefan, yo kago e a neng a na le folete mo go yone e neng ya senngwa ke masetlapelo ano o bolela jaana: “Gongwe le gongwe kwa o yang teng, batho ba kopa thuso. Fa ke ya lebenkeleng ke ya go ja hamburger, batho ba le bantsi ba ba ntumedisang ba dirisa nako eo go mpolelela kafa ba tlhoregang boroko ka gone le kafa ba hutsafetseng ka gone.”

Jaaka fa Dr. Estefan a itse sentle, go amega thata mo maikutlong ka ntlha ya thoromo ya lefatshe go ka ngomola pelo e le tota. Mosadi mongwe yo o neng a ithaopela go tsenya letsogo mo go ageng kampa ya namolo o ne a bolela gore batho bangwe ba ba berekang ga ba tlhole ba itshwenya ka go ya tirong ka gonne ba dumela gore ba tlile go swa mo bogautshwaneng.

Go Dira Gore ba ba Itlhobogileng ba Nne le Tsholofelo

Mo dinakong tsa masetlapelo a a ntseng jalo, Basupi ba ga Jehofa ba leka thata go thusa bafalodi ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng le mo maikutlong e seng mo mmeleng fela. Ka sekai, ka bonako fela morago ga thoromo ya lefatshe ya kwa Colombia e re buileng ka yone fa godimo, ofisi ya teng ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tlhoma komiti ya maemo a tshoganyetso mo lefelong leo. Baithaopi ba le diketekete ba Basupi go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa naga ba ne ba abela batho dijo le madi. Go ise go ye kae, ke fa go romelwa ditone di ka nna 70 tsa dijo kwa mafelong a a amegileng.

Gantsi go botlhokwa thata go tshegetsa batho ka dilo tsa semoya. Moso mongwe morago ga thoromo ya lefatshe kwa Colombia, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a bona mosadi mongwe a tsamaya mo mmileng wa toropo e e kgakgabetseng ya Armenia a hutsafetse thata. O ne a atamela mosadi yono a mo naya pampitshana e e reng Go Na Le Tsholofelo Efe ka Baratiwa ba ba Suleng? *

Mosadi yono o ne a tsaya pampitshana a ya gae mme a fitlha a e bala ka kelotlhoko. E ne ya re fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a mo etela moragonyana, a mo tlotlela se se mo diragaletseng. Go ne ga fitlhelwa gore thoromo ya lefatshe e ne e sentse matlo a le mmalwa a mosadi yono a neng a na le one mo toropong eo, a a neng a mmusetsa madi a mantsi. Jaanong o ne a humanegile. Mme e ne e se gone gotlhe. Ka nako ya thoromo eo ya lefatshe, ntlo e a neng a nna mo go yone le morwawe wa dingwaga di le 25 e ne ya gosomana mme ya bolaya morwawe. Mosadi yono o ne a bolelela Mosupi yo o neng a mo etetse gore ga a ise a ke a kgatlhegele bodumedi mme jaanong o ne a na le dipotso di le dintsi. Pampitshana eno e ne e mo neile tsholofelo ya mmatota. Go ise go ye kae, ba ne ba simolola go mo tshwarela thuto ya legae ya Baebele.

Basupi ba ga Jehofa ba na le tsholofelo ya gore go tlile go nna le nako e batho ba se kitlang ba tlhola ba tshwenngwa ke masetlapelo a tlholego, go akaretsa le dithoromo tsa lefatshe. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa lebaka la teng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

Nna O Ipaakantse!

▪ Ela tlhoko gore dihitara tsa metsi di kurufeletswe le gore dilo tse di boima di fa fatshe kgotsa mo dishelofong tse di kwa tlase.

▪ Ruta maloko a lelapa gore motlakase mmogo le gase le metsi di tswalwa jang.

▪ Dira gore go nne le setimamolelo le didirisiwa tsa thuso ya potlako mo legaeng la gago.

▪ Nna o ntse o na le radio e nnye e e nang le dibeteri tse dintšha.

▪ Nna le dinako tse lelapa le ikatisang ka tsone, mme o gatelele botlhokwa jwa go (1) ritibala, (2) go tima ditofo le dihitara, (3) go ema fa kgorong kgotsa go tsena kafa tlase ga tafole kgotsa deseke, le (4) go se nne gaufi le difensetere, diipone le ditšhimini.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

DITHOROMO TSA LEFATSHE KWA ISERAELE

Porofesa Amos Nur o kwala jaana: “Mo lefatsheng, Iseraele ke yone e e nang le pego e telele thata ya hisitori ya dithoromo tsa lefatshe.” Lebaka ke gore karolo ya Great Rift Valley—phatlha e e fa gare ga letlapa le le ikadileng kafa tlase ga lefatshe la Mediterranean le la Arabia—e ralala Iseraele, go simolola kwa bokone go ya kwa borwa.

Se se kgatlhang ke gore baribolodi bangwe ba dumela gore baenjenere ba bogologolo ba ne ba dirisa botegeniki jo bo kgethegileng go fokotsa tshenyo e e bakwang ke dithoromo tsa lefatshe. Seno se dumalana le tsela e Baebele e tlhalosang thulaganyo ya go aga ya ga Solomone ka yone: “Mme lolwapa lo logolo lone, go le dikologa go ne go na le mela e meraro ya maje a a betlilweng le mola wa mesipuri ya logong lwa mosedara; mme go ne go ntse jalo le ka lolwapana lo lo mo teng lwa ntlo ya ga Jehofa, le mathudi a ntlo.” (1 Dikgosi 6:36; 7:12) Bosupi jwa gore go na le botegeniki jono jwa go tlhakanya mesipuri ya logong le maje fa go agiwa bo fitlhelwa mo mafelong a a farologaneng—go akaretsa le mo kgorong nngwe kwa Megido, e go akanngwang gore ke ya motlha wa ga Solomone kgotsa pele ga one. Mokanoki e bong David M. Rohl o dumela gore mesipuri eno e ka tswa e ne e “tsenngwa ka boikaelelo jwa go sireletsa kago gore e se ka ya senngwa ke thoromo ya lefatshe.”

[Setshwantsho]

Marope a thoromo ya lefatshe kwa Bet She’an, kwa Iseraele

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22]

LETSHOGO LA METSOTSO E MEBEDI FELA—PEGO YA MOFALODI MONGWE

Kwa Ahmadabad, kwa India, lelapa la gaetsho le ne le rulaganyetsa lenyalo la ga ntsalake. Ka January 26, 2001, ga ke a ka ka tsosiwa ke alamo ya tshupanako mme ke ne ka tsosiwa ke go tshikinyega mo gogolo. Ke ne ka utlwa dikhabinete tsa tshipi di kgotlokgotshega, mme ka itse gore go na le sengwe se se sa siamang se se neng se direga. Rangwane o ne a kua a re, “Tswang mo tlung!” Fa re tswela kwa ntle, re ne re kgona go bona ntlo e temekela kafa le kafa. Go ne go lebega e temeka sebaka se seleele thata. Mme tota, thoromo eo ya lefatshe e tsere metsotso e le mebedi fela.

Re ne ra fekeediwa thata ke go utlwisiwa botlhoko thata mo maikutlong ke thoromo eo e e diregileng ka bonako jalo. Re ne ra tlhomamisa gore maloko otlhe a lelapa la rona a ne a babalesegile. Megala ya founo le ya motlakase e ne e kgaogile, ka jalo re ne re sa kgone go utlwa ka yone nako eo gore maemo a ba losika lwa rona mo ditoropong tse di fa gaufi a ne a ntse jang. Fa re sena go nna re tlhobaela ka sebaka sa ura, re ne ra utlwa gore ba ne ba sireletsegile. Ga se botlhe ba ba neng ba wetswe ke lesego leo. Ka sekai, kwa Ahmadabad, go ne go wele dikago di feta lekgolo e bile go sule batho ba feta 500.

Mongwe le mongwe o ne a fetsa dibeke di le mmalwa a tshogile. Bosigo bongwe le bongwe, batho ba ne ba ya go robala ba tshogile go tla ga thoromo e nngwe gape ya lafatshe, e go neng go boleletswe pele gore e tlile go tla. Dilo di ne tsa boela meriting ka iketlo mme ba le bantsi ba ne ba sala ba se na magae. Sotlhe seno se ne sa direga ka ntlha ya thoromo ya lefatshe e e neng ya tsaya metsotso e le mebedi fela mme re se kitla re tsamaya re e lebala.—Jaaka go boletse Samir Saraiya.

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Mofalodi wa thoromo ya lefatshe ya January 2001 kwa India o tshotse setshwantsho sa ga mmaagwe yo o neng a swa mme jaanong a fisiwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Randolph Langenbach/UNESCO (www.conservationtech.com)