Go Betšha—Selo se se Rategang mo Lefatsheng Lotlhe
Go Betšha—Selo se se Rategang mo Lefatsheng Lotlhe
JOHN, yo o goletseng kwa Scotland, o ne a tshela a na le tsholofelo ya gore o tla gapa lothari. A re: “Ke ne ke reka thekete ya lothari beke le beke. Thekete ya teng e ne e sa je madi a mantsi, mme gone, e ne e dira gore ke nne le tsholofelo ya go nna le sengwe le sengwe se ke se batlang.”
Kazushige, yo o nnang kwa Japane, o ne a rata mabelo a dipitse. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke itumedisiwa thata ke go ya mabelong a dipitse le ditsala tsa me, mme ka dinako tse dingwe ke ne ke gapa madi a mantsi.”
Linda yo o nnang kwa Australia a re: “Ke ne ke rata thata motshameko wa bingo. Ke ne ke dirisa mo e ka nnang R350 ka beke mo go one.”
John, Kazushige le Linda, ba ne ba tsaya go betšha e le boitlosobodutu fela jo bo seng kotsi. Dimilionemilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe le tsone di leba go betšha ka tsela eo. Patlisiso ya Gallup ya 1999 e bontsha gore Baamerika ba le bantsi ga ba bone molato ope ka go betšha. Ka 1998 batho ba ba betšhang ba Amerika ba ne ba dirisa madi a a ka tshwarang didolara di le dimilione di le dikete tse 50 mo mekgweng e e letleletsweng semolao ya go betšha—madi a a fetang a ba a diriseditseng go reka dithekete tsa dibaesekopo, go reka mmino, go lebelela metshameko, go ya mafelong a boitlosobodutu le go tshameka metshameko ya dibidio, a kopantswe otlhe.
Go ya ka patlisiso nngwe ya bosheng jaana, mo ngwageng o le mongwe fela, baagi ba Australia ba ba fetang diperesente di le 80 ba ile ba betšha bobotlana gangwe, mme diperesente di le 40 tsone di ne di betšha beke le beke. Bontsi jwa bagolo kwa nageng eo ba dirisa madi a a fetang R4 600 ka ngwaga ba betšha, e leng madi a a fetang a a dirisiwang ke Bayuropa kana Baamerika gabedi, mo go dirang gore Ba-Australia e nne batho ba ba ratang go betšha go feta botlhe mo lefatsheng.
Bajapane ba le bantsi ba lemaletse motshameko wa pachinko, mme ba dirisa diranta di le dibilionebilione ka ngwaga ba betšha mo motshamekong ono. Kwa Brazil, go dirisiwa bobotlana diranta di le dimilione di le dikete tse 46 ka ngwaga go betšha. Mme ga se batho ba Brazil fela ba ba ratang dilothari. Makasine wa Public Gaming International bosheng jaana o ile wa fopholetsa gore go na le “dilothari di le 306 mo dinageng tse 102.” Ruri go betšha ke selo se se ratwang mo lefatsheng lotlhe—selo se bangwe ba reng se na le melemo e mentsi.
Sharon Sharp, yo e leng moemedi wa Public Gaming Research Institute, a re kwa United States, go tloga ka 1964 go fitlha ka 1999, dilothari di dirile gore “puso e nne le morokotso wa madi a a ka tshwarang didolara di le dimilione di le dikete tse 125, a bontsi jwa one e a boneng go tloga ka 1993.” Bontsi jwa madi ano a ne a dirisediwa dithulaganyo tsa thuto, mafelo a tikologo le go tlhabolola mafelo a metshameko. Gape kgwebo ya go betšha e thapa batho ba bantsi, mme kwa Australia fela, e thapa batho ba ba ka nnang 100 000 mo dikgwebong tse di fetang 7 000.
Ka gone, batho ba ba buelelang go betšha ba re ntle le gore go betšha go go dumeletsweng semolao go tlosa batho bodutu, gape go dira gore go nne le ditiro, go direla puso morokotso e bile go tokafatsa ikonomi ya dinaga.
Ka gone, batho ba le bantsi ba ka botsa gore, ‘Ke eng se se phoso ka go betšha?’ Karabo ya potso eno, e re tlileng go tlotla ka yone mo setlhogong se se latelang, go ka direga gore e fetole tsela e o lebang go betšha ka yone.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
John
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Kazushige
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Linda