Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Tla Itlhokomolosa Makoa a Rona?

A Modimo o Tla Itlhokomolosa Makoa a Rona?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Modimo o Tla Itlhokomolosa Makoa a Rona?

‘Ga ke motho yo o boikepo! Ke lekile ka natla go tlogela ditsela tsa me tse di bosula, mme ke a palelwa!’

A LE wena o ikutlwa ka tsela e ntseng jalo kana a o itse mongwe yo o ikutlwang jalo? Batho ba le bantsi ba tsaya gore ga go kgonege gore motho a fenye makoa a gagwe a boitsholo. Bangwe ba ineeletse bojalwa, motsoko kana diokobatsi. Ba bangwe ba tletse bogagapa. Mme go na le ba bangwe ba ba ineeletseng boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ba bolela gore ga ba kgone go tshela kwantle ga tlhakanelodikobo.

Jaaka fa go bontshitswe mo go Mathaio 26:41, Jesu o ne a bontsha gore o tlhaloganya makoa a batho. * Tota e bile, Baebele yotlhe e bontsha gore Jehofa Modimo le Jesu ba kutlwelobotlhoko mo bathong. (Pesalema 103:8, 9) Mme gone a re tshwanetse go lebelela gore Modimo a itlhokomolose makoa otlhe a rona?

Moshe le Dafide

Akanya ka pego ya ga Moshe. O ne a itsege e le “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe,” mme o ne a leka ka natla go ipoloka a na le nonofo eno. (Dipalo 12:3) Fa Baiseraele ba ne ba ntse ba tsamaya mo nageng, ka dinako tse dingwe ba ne ba sa tlotle Modimo le batho ba a neng a ba tlhomile. Mo dilong tseno tsotlhe, Moshe ka boikokobetso o ne a ntse a batla thuso ya Modimo.—Dipalo 16:12-14, 28-30.

Le fa go ntse jalo, fa loeto lono lo loleele le lo lo lapisang lo tloga lo fela, o ne a galefela setšhaba sotlhe mme a tlola ditaelo tsa Modimo. Modimo o ne a mo itshwarela, a mme O ne a itlhokomolosa tiragalo eo? Nnyaa. O ne a bolelela Moshe jaana: “E re ka lo se kile lwa bontsha tumelo mo go nna . . . , ga lo kitla lo tsenya phuthego eno mo lefatsheng le ke tla e le nayang.” Moshe o ne a se kitla a tsena mo Nageng e e Solofeditsweng. Morago ga gore a kgaratlhele tshiamelo eno e e molemolemo ka dingwaga tse 40, bokoa jo bo masisi bo ne jwa dira gore e mo latlhegele.—Dipalo 20:7-12.

Kgosi Dafide e ne e le monna yo mongwe yo o ineetseng mo Modimong mme a na le bokoa bongwe. Ka nako nngwe o ne a itetla gore a fekeediwe ke kgotelo mme a tlhakanela dikobo le mosadi wa monna yo mongwe. Morago ga moo o ne a leka go fitlha seno ka go dira gore monna wa mosadi yoo a bolawe. (2 Samuele 11:2-27) Moragonyana o ne a ikwatlhaela maleo a gagwe thata, mme Modimo a mo itshwarela. Dafide o ne a sentse lelapa la batho, mme Jehofa ga a ka a dira gore a se ka a welwa ke masetlapelo a a neng a mo tlela. Ngwana wa ga Dafide o ne a lwala thata, mme le fa Dafide a ile a mo rapelela, Jehofa ga a ka a mo thusa. Ngwana yono o ne a swa, mme morago ga moo lelapa la ga Dafide le ne la welwa ke masetlapelo a mantsi. (2 Samuele 12:13-18; 18:33) Dafide o ne a diragalelwa ke dilo tse di botlhoko thata ka ntlha ya go ineela mo bokoeng jwa boitsholo.

Dikai tseno di bontsha gore Modimo o letla gore batho ba rwale maikarabelo a tsela e ba itshwarang ka yone. Batho ba ba batlang go mo direla ba tshwanetse go lwa le bokoa jwa bone jwa semoya mme ba nne Bakeresete ba ba botoka. Ba le bantsi ba ne ba dira jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

Go Kgaratlhela go Latlha Boleo

Go a tshwanelega go bo moaposetoloi Paulo a tsewa e le sekao se se molemo sa tsela e Bakeresete ba tshwanetseng go tshela ka yone. A mme gone o ne o itse gore ka metlha o ne a lwa le makoa a gagwe? Baroma 7:18-25 e tlhalosa ntwa eno sentle, mme temana ya 23 e bitsa seno e re ke go ‘lwantshana.’ Paulo o ne a lwa a sa ineele, ka gonne o ne a itse gore boleo le jone ga bo ineele.—1 Bakorintha 9:26, 27.

Bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ya Bakorintha ya bogologolo ba ne ba kile ba nna le tlwaelo ya go dira bosula. Baebele ya re e ne e kile ya bo e le ‘bagokafadi, le baakafadi, banna ba ba robalang le banna, magodu, le batho ba ba bogagaru le matagwa.’ Mme gape ya re ba ne ba ‘tlhapisiwa ba nna phepa.’ (1 Bakorintha 6:9-11) Jang? Ba ne ba kgona go tlogela ditiro tsa bone tse di boikepo ka go thusiwa ke go nna le kitso ya boammaaruri, go kopana mmogo le Bakeresete ba bangwe le ke moya o o boitshepo wa Modimo. Kgabagare, Modimo o ne a ba kaya ba siame ka leina la ga Keresete. Ee, Modimo o ne a ba itshwarela, ka gone a ba abela digakolodi tse di phepa.—Ditiro 2:38; 3:19.

Paulo le Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba sa nyenyefatse ditshekamelo tsa bone tsa boleo. Go na le moo, ba ne ba lwa le tsone, mme ka thuso ya Modimo ba ne ba kgona go di fenya. Baobamedi bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba nna phepa mo boitshwarong, le fa ba ne ba le mo maemong a a sa itumediseng e bile ba na le ditshekamelo tsa go dira boleo. Mme go tweng ka rona?

Modimo o Lebeletse Gore re Lwe le Makoa a Rona

Go lwa le boleo go ka nna ga se ka ga bolela gore motho o bo fedisa gotlhelele. Le fa gone re sa tshwanela go ineelela bosaitekanelang jwa rona, re ka se kgone go bo nyeletsa. Bo re bakela makoa a a sa feleng. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go ineelela go fenngwa ke makoa a rona. (Pesalema 119:11) Ke eng fa seo se le botlhokwa?

Ka gonne Modimo ga a letle gore re dirise bosaitekanelang jwa rona go nna seipato sa go dira bosula. (Jude 4) Jehofa o batla gore batho ba tshele botshelo jwa boitsholo jo bo siameng. Baebele ya re: “Tlhoang se se boikepo, ngaparelang se se molemo.” (Baroma 12:9) Ke eng fa Modimo a tlhoma molao o o gagametseng jalo?

Lebaka le lengwe ke ka gonne go ineelela go fenngwa ke makoa a rona go kotsi. Baebele e bua jaana mo go Bagalatia 6:7: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” Gantsi batho ba ba ineelelang go fenngwa ke bogagapa, go tshwakgoga le boitsholo jo bo maswe, ba roba matswela a a botlhoko mo botshelong jwa bone. Mme go na le lebaka le le botlhokwa thata go feta leno.

Boleo bo kgopisa Modimo. Bo dira gore re ‘kgaogane’ le Jehofa. (Isaia 59:2) E re ka a sa utlwane le batho ba ba itlwaetsang go dira boleo, o gakolola batho ba ba ntseng jalo jaana: “Itlhapiseng; iphepafatseng; . . . kgaotsang go dira bosula.”—Isaia 1:16.

Mmopi wa rona o lorato e bile o kutlwelobotlhoko. “Ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Go ineelela go fenngwa ke makoa a rona go dira gore re se ka ra amogelwa ke Modimo. E re ka Modimo a sa itlhokomolose makoa a rona, le rona ga re a tshwanela go a itlhokomolosa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Jesu o ile a re: “Moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”