Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lekwa Tumelo Kwa Slovakia

Go Lekwa Tumelo Kwa Slovakia

Go Lekwa Tumelo Kwa Slovakia

JAAKA GO BOLETSE JÁN BALI

KE BELEGWE ka December 24, 1910, kwa Záhor, motse o gone jaanong o leng kwa botlhaba jwa Slovakia. Ka nako eo, motse wa rona e ne e le karolo ya Pusokgolo ya Austria le Hungary. Ka 1913, Mmè o ne a nkisa kwa United States go ya go kopana le rre, yo e neng e le nakonyana a dule kwa Záhor. Dingwaga di le pedi fa nna le Mmè re sena go goroga kwa Gary, Indiana, kgaitsadiake e bong Anna o ne a tsholwa. Morago ga moo, Rre o ne a simolola go lwala mme a tlhokafala ka 1917.

Ke ne ka nna moithuti yo o tlhoafetseng, ke kgatlhegela segolobogolo dilo tsa bodumedi. Kwa Kerekeng ya Calvinist e ke neng ke tsena sekolo sa Sontaga kwa go yone, morutisi wa teng o ne a lemoga gore ke ne ke rata dilo tsa semoya thata. Gore ke bone dilo tsa semoya tse ke neng ke di batla, o ne a nnaya Thanolo ya Baebele ya ga Holman, e e neng e na le dipotso le dikarabo di ka nna 4 000. E ne e na le dilo di le dintsi thata go ka newa motho yo o nang le dingwaga di le 11 gore a akanye ka tsone.

‘Seno ke Boammaaruri’

Mo dingwageng tseo tsa bogologolo, batho bangwe ba ba neng ba fudugetse mo Slovak mo lefelong le re neng re nna mo go lone ba ne ba nna Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe jalo ka nako eo. Mongwe wa bone e ne e le rangwane Michal Bali, yo o neng a re bolelela ka dithuto tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, ka 1922, Mmè o ne a tsaya nna le kgaitsadiake mme a boela kwa Záhor, e ka nako eo e neng e le karolo ya botlhaba jwa Czechoslovakia.

Ka bonako fela morago ga moo, Rangwane Michal o ne a nthomelela dibuka tse di feletseng tsa Studies in the Scriptures, tse di neng di kwadilwe ke Charles Taze Russell, mmogo le dimakasine tsa Tora ya Tebelo tse di neng di gatisitswe gape go ya go fitlha ka wa ntlhantlha wa July 1, 1879. Ke ne ka di bala tsotlhe ka bo ka di fetsa, ke bala dikarolo dingwe tsa tsone gangwe le gape, mme ka tlhomamisega gore ke bone boammaaruri jwa Baebele jo ke neng ke ntse ke bo batla.

Mo e ka nnang ka nako eo, Baithuti bangwe ba Baebele ba Ba-Slovak ba ne ba boela mo nagagaeng ya bone go tswa kwa United States. Ba ne ba bopa ditlhopha tsa ntlha tsa Baithuti ba Baebele ba ba buang Se-Slovak mo Czechoslovakia. Nna le Mmè re ne re nna teng kwa dipokanong tseno tsa ntlha, mo motseng wa rona wa Záhor mmogo le mo mafelong a mangwe a a neng a le gaufi le rona.

Dipokano tseo di ne di tshwana le dipokano tsa Bokeresete tse di neng di tshwarwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Gantsi re ne re kopanela mo legaeng la mongwe wa Baithuti ba Baebele, re nna go dikologa tafole, lebone la parafine le le fa gare. E re ka ke ne ke le monnye mo go bone botlhe, ke ne ke nnela kwa morago, ke reetsa ke le mo lefifing. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ke ne ke kopiwa gore ke tseye karolo. Fa ba bangwe ba ne ba sa tlhaloganye sentle se ba neng ba se bala ka puo ya Se-Slovak, ba ne ba tle ba re: “Ján, Seesemane sa reng moo?” Ke ne ke itumelela go tla fa loboneng ke bo ke ranolela se kgatiso ya Seesemane e se buang mo puong ya Se-Slovak.

Mongwe wa ba ba neng ba nna Baithuti ba Baebele kwa United States ba bo ba boela kwa se e neng e le Czechoslovakia e ne e le Michal Šalata. O ne a boela kwa motseng o o neng o le gaufi le rona wa Sečovce kwa a kileng a bo a nna gone, mme a thusa go rulaganya tiro ya go rera mo Czechoslovakia. Mokaulengwe Šalata o ne a ya le nna kwa mafelong a a farologaneng go ya go rera. Mme ka 1924, fa ke na le dingwaga di le 13, ke ne ka mo kopa gore a nkolobetse. Le mororo Mmè a ne a tsaya gore ke ne ke sa ntse ke le monnye thata go ka tsaya kgato eo e e masisi, ke ne ka mo tlhomamisetsa gore eo e ne e le tshwetso ya me e e nonofileng. Ka jalo, ka July wa ngwaga oo mo kopanong e kgolo ya letsatsi le le lengwe e e neng e tshwaretswe gaufi le Noka ya Ondava, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing a noka eo.

Ditshiamelo Tse di Molemo Tsa Tirelo

Fa ke ne ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka utlwa gore go ne go tlile go nna le phitlho dikilometara di le mmalwa go tswa mo motseng o ke neng ke rera mo go one. E ne e le ya ntlha go tshwarwa ke Baithuti ba Baebele mo lefelong leo. Fa ke goroga koo, ke ne ka feta fa bathong ba motse oo ba ba neng ba nkgakgamaletse ke ya kwa sebuing. Fa ke fitlha kwa go ene, o ne a nteba mme a re: “Go tla bua nna pele, morago ga moo o bo o tswelela.”

Ke ne ka dira gore puo ya me e bue ka temana ya 1 Petere 4:7, e e balegang jaana: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse.” Ke ne ka bontsha go tswa mo Dikwalong gore tota go boga le loso di gaufi le go fela, gape ke ne ka tlhalosa ka tsholofelo ya tsogo. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Go sa kgathalesege gore ke ne ke lebega ke le monnye thata—kgotsa gongwe ka ntlha ya bonnye jwa me—bareetsi botlhe ba ne ba ntheetsa ka kelotlhoko.

Makasine wa Tora ya Tebelo ya September 15, 1931 (ka Seesemane) o ne o na le dikgang tse di itumedisang, tse di neng di tlhalosa gore re ne re sa tlhole re batla go itsiwe re le Baithuti ba Baebele kgotsa ka leina lengwe le le tshwanang le leo, mme re ne re batla go itsiwe re le Basupi ba ga Jehofa. Fa re sena go bala tshedimosetso eno, Baithuti ba Baebele ba mo lefelong la rona ba ne ba rulaganyetsa gore go tshwarwe pokano e e kgethegileng. Baithuti ba Baebele ba ka nna 100 ba ne ba kopana mmogo kwa motseng wa Pozdišovce. Mo pokanong eo, ke ne ka nna le tshiamelo ya go neela puo ya setlhogo se se reng “Leina le Lesha,” e e neng e theilwe mo setlhogong sa Tora ya Tebelo e e umakilweng fa godimo.

Ka boitumelo jo bogolo, botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba tsholetsa diatla fa ba ne ba kopiwa gore ba amogele maitlamo a a tshwanang le a a neng a amogelwa ke badumedi ka rona kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Morago ga moo, re ne ra romela thelekerama kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, kwa Brooklyn, kwa New York, e e neng e balega jaana: “Rona, Basupi ba ga Jehofa ba ba kopaneng mmogo mo letsatsing leno mo Pozdišovce, re dumalana le tlhaloso eno e e mo makasineng wa Tora ya Tebelo malebana le leina le lesha, mme re amogela leina le lesha leno la Basupi ba ga Jehofa.”

Kgaolo e kgolo ya Slovakia le Transcarpathia, e e neng e le karolo ya Czechoslovakia pele ga Ntwa ya Lefatshe II, e ne ya nna tshimo ya rona e e nang le maungo ya bodiredi jwa rona jwa Bokeresete. Re ne ra kgona go akaretsa tshimo eno e kgolo re tsamaya ka dinao le ka diterena, dibese le dibaesekele. Ka nako eo, go ne go bontshiwa “Photo-Drama of Creation” mo ditoropong di le dintsi, e leng filimi ya baesekopo mmogo le di-slide tse di neng di tsamaisana le lentswe le le di tlhalosang. Nako le nako fa di sena go bontshiwa, go ne go tsewa diaterese tsa batho ba ba kgatlhegang. Ke ne ka newa bontsi jwa diaterese tseno mme ka kopiwa gore ke rulaganye Basupi gore ba etele batho bano ba ba kgatlhegang. Mo ditoropong dingwe, re ne re hira holo e ke neng ke neela puo mo go yone fa di sena go bontshiwa.

Mo dingwageng tsa bo1930, ke ne ka nna le tshiamelo ya go tlhophiwa gore ke nne mongwe wa ba ba yang dikopanong tse dikgolo kwa motsemogolong wa Prague. Ka 1932 go ne ga rulaganngwa kopano ya ntlha ya boditšhabatšhaba kwa Czechoslovakia. Re ne ra kopanela kwa Bobogelong Jwa Varieté. Setlhogo sa puo ya phatlalatsa se se neng se re, “Yuropa Pele ga Tshenyo,” se ne sa gapa megopolo ya batho, mme ga tla ba ka nna 1 500. Kopano e nngwe ya boditšhabatšhaba e ne ya tshwarwa ka 1937 kwa Prague, mme ke ne ka nna le tshiamelo ya go neela nngwe ya dipuo tsa yone. Go ne go na le batlakopanong go tswa kwa dinageng di le dintsi tsa Yuropa, mme rotlhe re ne ra amogela kgothatso e e neng e tla re thusa go itshokela diteko tse di neng tsa tla ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe II.

Lenyalo le Diteko Tse di Botlhoko

Fa re sena go boela kwa Czechoslovakia, nna le Mmè re ne ra dirisana mmogo thata le Baithuti ba Baebele mo tirong ya go rera mo Pozdišovce e e neng e le gaufi le rona. Fa re le koo, ke ne ka kopana le mosetsana mongwe yo montle yo o bidiwang Anna Rohálová. Fa re sena go golanyana, re ne ra lemoga gore maikutlo a rona e ne e se fela a lorato lwa Bokeresete fa gare ga mokaulengwe le kgaitsadi. Re ne ra nyalana ka 1937. Go simolola ka nako eo go ya pele, Anna o ne a ntshegetsa, tota le mo ‘dipakeng tsa matshwenyego’ tse di neng di tloga di tla.—2 Timotheo 4:2.

Ka bonako fela fa re sena go nyalana, go ne ga bonala sentle gore Yuropa e ne e ipaakanyetsa Ntwa ya Lefatshe II. Ka November 1938, dikarolo tse di kafa borwa tsa Transcarpathia le Slovakia di ne tsa gapiwa ke Hungary, e e neng e dirisana mmogo le Jeremane ya Bonasi. Mapodise a Hungary a ne a re itsa go tshwara dipokano, mme re ne re tshwanetse gore ka metlha re ye go ipega kwa seteisheneng sa mapodise.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go simolola ka September 1939, ba le mmalwa ba rona go tswa kwa Záhor, banna le basadi, re ne ra tshwarwa mme ra isiwa kwa kagong nngwe ya bogologolo gaufi le Mukacheve, e gone jaanong e leng kwa Ukraine. Fa re fitlha koo, re ne ra fitlhela go na le Basupi ka rona ba le bantsi ba ba tswang kwa diphuthegong tsa Transcarpathia. Fa re sena go nna re botsolodiwa dikgwedi di le tharo kgotsa di le nnè le go nna re itewa gangwe le gape, re ne ra sekisiwa ke kgotlatshekelo e e kgethegileng ya sesole. Rotlhe re ne re bodiwa potso e le nngwe fela: “A o iketleeleditse go lwela Hungary kgatlhanong le U.S.S.R.?” E re ka re ne ra gana, re ne ra atlholwa mme kgabagare ra romelwa kgolegelong e e kwa Budapest, kwa Hungary, kwa 85 Margit Boulevard.

Bagolegwa botlhe ba ne ba sa fepiwe sentle. Go ise go ye kae, ga nna le malwetse mme bagolegwa ba simolola go swa. A bo go ne go itumedisa jang ne fa mosadi wa me a ne a tsaya loeto lo loleele go tswa kwa Záhor go tla go mpona! Le mororo re ne ra kgona go bua metsotso e ka nna metlhano fela re kgaogantswe ke ditshipi tsa kgolegelo, ke ne ka leboga Jehofa go bo ke na le molekane yo o ikanyegang jalo. *

Go Tswa Kgolegelong go ya Kampeng e re Neng re Berekisiwa ka Natla Kwa go Yone

Fa ke tswa mo kgolegelong ke ne ka isiwa ka tlhamalalo kwa Jászberény, kwa Hungary, koo Basupi ba ka nna 160 le bone ba neng ba isitswe gone. Fa re le koo, modiredimogolo mongwe wa kwa Hungary o ne a re naya tshono ya bofelo e e tswang kwa pusong ya Hungary, a re: “Fa e le gore lo batla go nna masole, tlang kwano.” Ga go na ope yo o neng a ya kwa go ene. Modiredimogolo yono a re: “Le mororo ke sa dumalane le se lo se dirang, ke rata boikemisetso jwa lona jwa go boloka tumelo ya lona.”

Malatsi a le mmalwa moragonyana, re ne ra palama sekepe mo Nokeng ya Danube mme ra tsena mo tseleng go ya kwa kampeng e re neng re berekisiwa ka natla kwa go yone gaufi le toropo ya Yugoslav ya Bor. Fa re le mo sekepeng, masole le moeteledipele wa one ba ne ba leka gangwe le gape go dira gore re itatole tumelo. Moeteledipele o ne a laela masole gore a re iteye ka ditlhobolo, a re rage ka dibutshe le go re tlhokofatsa ka ditsela tse dingwe.

E ne ya re fa re newa Lefotenente Mokolonele András Balogh, moeteledipele wa kampa e re neng re berekisiwa ka natla mo go yone kwa Bor, o ne a re raya a re: “Fa e le gore se ke se boleletsweng ka lona se boammaaruri, lo tlile go swa ka bonako.” Mme fa a sena go bala molaetsa o o neng o saenilwe ke badiredibagolo ba puso, o ne a simolola go re tshwara ka tlotlo. Balogh o ne a re naya kgololesego ya gore re kgone go tsamayatsamaya a bo a re letla gore re ikagele ntlo ya rona ya bonno. Le mororo dijo di ne di bonwa sewelo, re ne re na le boapeelo jwa rona, re ne re kgona go aba dijo ka tsela e e lekalekaneng.

Ka March 1944, Jeremane e ne ya simolola go gapa Hungary. Ka nako eo, Ede Marányi, e bong moeteledipele wa pele wa Banasi, o ne a tseela Balogh sebaka. O ne a gagamatsa molao, fela jaaka mo dikampeng tsa pogisetso. Le fa go ntse jalo, masole a Russia a ne a goroga, mme batho botlhe ba ba neng ba le mo kampeng kwa Bor ba ne ba tswa mo go yone. Moragonyana fa re ne re isiwa kwa lefelong lengwe, re ne ra iponela ka matlho go bolawa setlhogo ga Bajuda kwa Cservenka. Go ne go bonala e le motlholo tota go bo rona re se kile ra bolawa.

E ne ya re fa re goroga kwa molelwaneng o o fa gare ga Hungary le Austria, ra newa taolo ya gore re tlhomele ditlhobolo tsa metšhinekane fa fatshe. Re ne ra tlhalosa gore lebaka la go bo re ne re tshwerwe ke gore re ne re ganne go nna le seabe mo ditirong tsa sesole. E re ka ke ne ke eme kwa pele ga setlhopha, modiredimogolo mongwe wa Hungary o ne a mphamola mme a simolola go ntitaya. A goa a re, “Ke tla go bolaya! Fa o sa bereke, ba bangwe ba tla latela sekao sa gago se se sa siamang!” Botshelo jwa me bo ne jwa namolwa ke András Bartha yo o pelokgale, e leng Mosupi yo o godileng yo o neng a etelela tiro ya rona ya go rera pele. *

Dibeke di le mmalwa moragonyana, ntwa e ne ya fela mme ra tsena mo tseleng go boela gae. Bagolegwa ba bangwe ba ba neng ba gololwa pele ga rona kwa Bor, ba ne ba boleletse batho ba bangwe gore rotlhe ba re neng re isitswe kwa Cservenka re ne re bolailwe. Ka jalo, mosadi wa me o ne a itsaya e le motlholagadi dikgwedi di ka nna thataro. A bo a ne a gakgamala jang ne letsatsi lengwe fa a ne a mpona ke eme fa kgorong! Re ne ra tsholola dikeledi tsa boitumelo re tlamparelane morago ga dingwagangwaga re kgaogane.

Go Rulaganya Tiro Sesha

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Slovakia e ne ya kopanngwa gape le Czechia go bopa Czechoslovakia. Le fa go ntse jalo, Transcarpathia, e bontsi jwa yone e neng e le karolo ya Czechoslovakia pele ga ntwa, e ne ya nna karolo ya Ukraine kwa Soviet Union. Ka 1945, nna le Michal Moskal re ne ra ya kwa Bratislava, e gone jaanong e leng motsemogolo wa Slovakia, koo re neng ra kopana le bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo a go rulaganya sesha tiro ya go rera. Le mororo re ne re lapile thata mo mmeleng le mo maikutlong, re ne re iketleeleditse go tswelela re diragatsa thomo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.—Mathaio 24:14; 28:18-20.

Morago ga ntwa, dikopano di ne tsa re tlhotlheletsa thata gore re dire tiro ya rona. Ka September 1946, kopano ya ntlha e e neng e rulaganyeditswe naga yotlhe e ne ya tshwarelwa kwa motseng wa Brno. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go neela puo ya setlhogo se se reng, “Thobo, Bokhutlo Jwa Lefatshe.”

Ka 1947, go ne ga tshwarwa kopano e nngwe ya bosetšhaba mo Brno. Mo kopanong eo, Nathan H. Knorr, Milton G. Henschel le Hayden C. Covington, ba ba neng ba etile go tswa kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York, ba ne ba neela dipuo tse di kgothatsang. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go ranola dipuo tsa bone. Le mororo re ne re na le baboledi ba Bogosi ba ka nna 1 400 mo Czechoslovakia ka nako eo, batho ba ka nna 2 300 ba ne ba tla puong ya phatlalatsa.

Go Bogisiwa ke Bakomonisi

Ka 1948, Bakomonisi ba ne ba gapa naga ya rona, mme go ise go ye kae, ba ne ba thibela tiro ya rona ya go rera, thibelo e e neng ya tsaya dingwaga di le 40. Ka 1952, balaodi ba puso ba ne ba tsenya bontsi jwa rona mo kgolegelong ka ba ne ba tsaya gore re baeteledipele. Ba le bantsi ba ne ba latofadiwa ka gore ke batsuolodi, mme ba le mmalwa ba rona re ne ra latofadiwa ka gore re batla go menola puso. Ke ne ka tsenngwa mo kgolegelong mme ka botsolodiwa dikgwedi di le 18. E ne ya re fa ke botsa gore ke tsuologile ka tsela efe, moatlhodi a nthaya a re: “O ne o bua ka Bogosi Jwa Modimo. E bile o bolela gore bo tla busa lefatshe lotlhe. Seno se akaretsa le Czechoslovakia.”

Ke ne ka araba ka re: “Fa e le gore go ntse jalo, botlhe ba ba rapelang Thapelo ya Morena le ba ba kopang gore ‘Bogosi Jwa Modimo bo tle,’ o tshwanetse go ba atlhola e le batsuolodi.” Le fa go ntse jalo, ke ne ka atlholelwa dingwaga di le tlhano le sephatlo mme ka romelwa kwa kgolegelong ya Bokomonisi e e sa rategang kwa Jáchymov, kwa Czechoslovakia.

Fa ke sena go wetsa sekwebo sotlhe sa me sa mo kgolegelong, ke ne ka gololwa. Mosadi wa me e bong Anna, o ne a ile a ntshegetsa ka boikanyegi ka makwalo le go nketela, le ka go tlhokomela morwadiarona e bong Mária. Kgabagare, re ne ra kopana gape jaaka lelapa, mme ra simolola ditiro tsa rona tsa Bokeresete, tse re neng re di dira ka go iphitlha.

Botshelo jo bo Kgotsofatsang Jwa go Direla Jehofa

Dingwaga tse di fetang 70 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la rona ba ne ba ntse ba dira kafa tlase ga maemo a a farologaneng, gantsi e le kafa tlase ga puso ya Bokomonisi. Ke boammaaruri gore ke tsofetse e bile ke bokoa, mme le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke le mogolwane wa Mokeresete mo phuthegong ya Záhor, mmogo le ba bangwe ba ba ikanyegang ba ba tshwanang le Ján Korpa-Ondo yo o sa ntseng a tshela yo o nang le dingwaga di le 98. * Mosadi wa me yo o rategang, yo e leng mpho ya mmatota e e tswang kwa go Jehofa, o tlhokafetse ka 1996.

Ke sa ntse ke gakologelwa sentle setshwantsho se se tlhalosiwang mo ditsebeng 228 go ya go 231 tsa buka ya The Way to Paradise, e e gatisitsweng ka 1924. Mmadi o ne a kopiwa go ipona a le mo Paradaiseng a reeditse batho ba babedi ba ba tsositsweng mo baswing. Ba ne ba ipotsa gore ba kwa kae. Mme yo o falotseng Haramagedona o ne a nna le tshiamelo ya go tlhalosetsa bobedi jono gore ba ne ba tsoseditswe mo Paradaiseng. (Luke 23:43) Fa nka falola Haramagedona, nka rata go tlhalosetsa mosadi wa me, mmè le ba bangwe ba ke ba ratang dilo tse di ntseng jalo fa ba tsosiwa. Mme fa nka swa pele ga Haramagedona, ke lebile pele gore mongwe mo lefatsheng le lesha a mpolelele se se neng sa direga fa ke sena go swa.

Gone jaanong ke tswelela ke ipelela tshiamelo e e tlhomologileng ya go bua le Morena Molaodimogolo wa lobopo le go kgona go atamalana le ene. Ke ititeile sehuba gore ke tla tswelela ke tshela tumalanong le mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Baroma 14:8 a a reng: “Fa re tshela, re tshelela Jehofa, mme fa re swa, re swela Jehofa. Jalo fa re tshela le fa re swa, re ba ga Jehofa.”

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 22 Bona kgang ya ga Andrej Hanák mo makasineng wa Tsogang! ya April 22, 2002, ditsebe 19-24 (ka Seesemane). O tlhalosa se se neng se direga mo kgolegelong eno le ditiragalo tsa kwa Cservenka, tse di umakiwang moragonyana mo setlhogong seno.

^ ser. 28 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka András Bartha, bona Tora ya Tebelo ya July 15, 1993, tsebe 11.

^ ser. 39 Bona kgang ya gagwe ya botshelo mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 1, 1998, ditsebe 24-8.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Ke na le Anna, ngwaga morago ga lenyalo la rona

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Ke na le Nathan H. Knorr kwa kopanong ya 1947 kwa Brno