Go Lekwa Tumelo Kwa Yuropa ya Bonasi
Go Lekwa Tumelo Kwa Yuropa ya Bonasi
JAAKA GO BOLETSE ANTON LETONJA
Ka March 12, 1938, masole a ga Hitler a ne a kgabaganya molelwane wa Austria. Diradio di ne di leletsa dipina tsa mogwanto kwa godimo le meano ya sepolotiki. Moya wa bosetšhaba o ne o aparetse nagagae ya gaetsho, e leng Austria.
MORAGO ga gore Hitler a tseye marapo, batho ba ne ba itumetse thata mo Austria. Ba le bantsi ba ne ba solofetse gore “Puso ya Gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete” e ne e tlile go fedisa khumanego le botlhokatiro. Tota le baruti ba Katoliki ba ba neng ba kgatlhilwe ke moya wa bosetšhaba o o neng o aparetse setšhaba ba ne ba dumedisana ka tsela ya ga Hitler.
Le fa gone ke ne ke le lekawana fela la dingwaga tse 19, ke ne ke sa tlhotlhelediwe ke ditsholofetso tsa ga Hitler. Ke ne ke dumela gore ga go na puso epe ya motho e e ka rarabololang mathata a batho.
Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele
Ke tshotswe ka April 19, 1919, kwa Donawitz, Austria, ke le ngwana wa boraro le gofejane mo lelapeng la gaetsho. Rre e ne e le modiri yo o senatla mo moepong wa magala. Ka 1923, o ne a fudusetsa lelapa la rona kwa Fora, kwa a neng a bona tiro mo moepong wa toropo ya Liévin. E re ka a ne a dumela mo dipolotiking, o ne a sa tshepe bodumedi, mme Mmè ene e ne e le Mokatoliki yo o ineetseng. Mmè o ne a re ruta go dumela mo Modimong fa a ntse a re godisa, mme o ne a rapela le rona bosigo bongwe le bongwe. Fa nako e ntse e ya, go se tshepe bodumedi ga ga Rre go ne ga gola mo e leng gore o ne a ba a thibela Mmè go ya kerekeng.
Mo masimologong a bo1920, re ne ra kopana le Vinzenz Platajs, yo re neng ra mmitsa Vinko, mosha yo o tsaletsweng kwa Yugoslavia. O ne a ntse a etelwa ke Baithuti ba Baebele, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo. Moragonyana fela ga foo, mongwe wa Baithuti ba Baebele o ne a simolola go etela lelapa la rona. E re ka Rre a ne a thibetse Mmé go ya kerekeng, mmè o ne a botsa Vinko gore a Modimo a ka obamelwa mo gae. O ne a bula lekwalo la Ditiro 17:24 le le reng Modimo “ga a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla,” mme a tlhalosa gore legae ke lefelo le le tshwanetseng la go mo obamela. Mmè o ne a itumetse mme a simolola go ya dipokanong tse di neng di tshwarelwa mo magaeng a Baithuti ba Baebele.
Rre o ne a mmolelela gore a tlogele se a neng a se bitsa matlakala ano. E le gore a re thibele go kopana mmogo le Baithuti ba Baebele, o ne a re pateletsa rotlhe go ya kwa Mmiseng ka boSontaga! E re ka Mmè a ne a gana go ya koo, Rre o ne a ikemisetsa go ntira mothusi wa moruti kwa sebesong. Le fa gone Mmè a ne a tlotla keletso ya ga Rre mo kgannyeng eno, o ne a tswelela pele ka go jala melaometheo ya Baebele mo pelong ya me le mo mogopolong le go ya le nna kwa dipokanong tsa Baithuti ba Baebele.
Ka 1928, Vinko le kgaitsadiake Josephine—kana Pepi, jaaka fa re ne re mmitsa—ba ne ba bontsha
boineelo jwa bone mo go Jehofa ka go kolobediwa. Moragonyana ba ne ba nyalana. Mo ngwageng o o latelang, morwadiabone Fini o ne a tsholwa kwa Liévin. Dingwaga di le tharo morago ga foo ba ne ba kopiwa go nna badiredi ba nako e e tletseng kwa Yugoslavia, koo tiro ya Basupi e neng e thibetswe gone. Le fa ba ne ba na le mathata a mantsi, ba ne ba tswelela ba itumetse e bile ba tlhagafetse mo tirelong ya ga Jehofa. Sekao sa bone se se molemo se ne sa dira gore ke eletse go nna modiredi wa nako e e tletseng.Go Gola Semoyeng
Ka maswabi, batsadi ba rona ba ne ba tlhalana ka 1932 ka ntlha ya go tlhoka kutlwano. Ke ne ka boela kwa Austria le Mmè, mme Wilhelm (Willi) a sala kwa Fora. Morago ga moo, ke ne ke sa kgone go kopana le Rre go le kalo. O ne a ba a ya go swa a ntse a sa re batle.
Nna le Mmè re ne ra nna kwa motseng wa Austria o o bidiwang Gamlitz. O ne a tlhola a tlotla le nna ka dikgatiso tsa Baebele ka metlha, e re ka go ne go se na diphuthego tse di gaufi le rona. Sengwe se se itumedisang ya nna gore Eduard Wohinz o ne a tle a re etele kwa gae gabedi ka kgwedi ka baesekele go tla go re kgothatsa semoyeng, a tsamaya sekgala sa dikilomitara di le 100 go ya fela!
Fa puso ya ga Hitler e e tshosang e ne e simolola ka 1938, Mokaulengwe Wohinz o ne a tshwarwa. Re ne ra utlwa botlhoko thata fa re utlwa gore o ne a bolawa ka gase kwa go se go tweng ke setheo sa go bolaya batho go ba ntsha mo ditlhabing kwa Linz. Tumelo ya gagwe e e tlhomologileng e ne ya re nonotsha go tswelela pele re direla Jehofa ka boikanyegi.
1938—Ngwaga wa Tshimologo ya Mathata
Tiro ya Basupi e ne e thibetswe kwa Austria ka 1935. E ne ya re fa masole a ga Hitler a fudugela mo Austria ka 1938, go ne ga nna kotsi thata go tswelela pele ka bodiredi jwa rona. Baagelani ba rona ba ne ba itse gore nna le Mmè re Basupi ba ga Jehofa, ka gone re ne ra se ka ra itshupa phatlalatsa. Tota e bile, ke ne ka simolola go robala mo ntlong ya bobolokelo go dira gore Banasi ba se ka ba kgona go ntshwara.
Mo masimologong a 1938, ke ne ke setse ke feditse dithuto tsa me tsa sekolo tsa motheo e bile ke ne ke bereka mo lebenkeleng la go baka borotho. E re ka ke ne ke gana go bua mafoko a a reng “Heil Hitler” kana go nna leloko la mokgatlho wa Basha wa ga Hitler, ke ne ka kobiwa mo tirong. Mme le fa go ntse jalo, ke ne ka ikemisetsa le e leng go feta pele go bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa.
Nna le Mmè re ne ra kolobediwa ka April 8, 1938. Bosigo bongwe rona le ba bangwe ba le supa re ne ra kopana mo kamotshaneng e e kwa thoko mo sekgweng. Morago ga puo ya kolobetso, re ne ra simolola go tswa ka bongwe ka bongwe ka tselana e e tshesane go tsena mo lefelong le go tlhatswiwang diaparo mo go lone. Re ne re fetisa sebaka sa metsotso e le lesome pele ga go tswa yo o latelang. Re ne ra kolobediwa koo mo sedibeletsong sa konkereite.
Ka April 10, 1938, go ne ga tshwarwa ditlhophopotlana go bona gore ke ba le kae ba ba tla ratang gore Austria e kopanngwe le Jeremane. Mo nageng yotlhe go ne go tletse dipapetla tsa phasalatso tse di neng di na le molaetsa o o reng “Tlhopha Hitler.” Nna le Mmè re ne re sa patelesege go tsenela ditlhopho, e re ka re ne re se baagi ba naga epe morago ga gore re nne lobaka lo loleele kwa Fora—e leng selo se se ileng sa boloka botshelo jwa me moragonyana. Franz Ganster, go tswa kwa Klagenfurt kwa borwa jwa Austria, o ne a re tlisetsa dikhopi tsa Tora ya Tebelo ka metlha. Ka gone, re ne ra kgona go nonotshiwa semoyeng ke Lefoko la Modimo pele ga Ntwa ya Lefatshe II e simolola.
Nkgonne e Bong Willi
Willi, yo o neng a mpheta ka dingwaga di le nnè, o ne a se ka a buisana le nna le Mmè fa e sa le re fuduga kwa Fora dingwaga di le robongwe tse di fetileng. Le fa gone Mmè a ile a mo ruta Baebele fa a sa le mosha, o ne a tsieditswe gore a dumele gore
thulaganyo ya sepolotiki ya ga Hitler ke yone e neng e tla lere isagwe e e itumedisang. Ka May 1940, kgotlatshekelo ya Fora e ne ya atlholela Willi dingwaga di le pedi mo kgolegelong ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tsa Bonasi tse di seng kafa molaong. Mme le fa go ntse jalo, o ne a gololwa ka bonako fa masole a Jeremane a ne a tlhasela Fora. Ka nako eo o ne a re romelela molaetsa ka karata go tswa kwa Paris. Re ne re itumeletse go utlwa gore o sa ntse a tshela mme gone re tshositswe ke go utlwa se a leng sone!Ka nako ya ntwa Willi o ne a kgona go re etela thata e re ka a ne a le mo boemong jo bontle le ba-SS (Schutzstaffel, e leng masole a maemo a a kwa godimo a ga Hitler). O ne a kgatlhilwe thata ke tsela e masole a ga Hitler a neng a atlega ka yone. Nako le nako fa ke leka go mmontsha tsholofelo ya rona e e mo Baebeleng o ne a feleletsa ka gore: “O bua dilo di sele! Bona fela tsela e Hitler a fenyang ka yone. Go ise go ye kae Majeremane a tla bo a busa lefatshe!”
Nako nngwe ka February 1942, fa Willi a tlile gae ka malatsi a khunologo, ke ne ka mo neela buka ya Enemies, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore o ne a e bala gone ka nako eo a bo a e fetsa. O ne a simolola go lemoga gore puso ya ga Hitler e ne e tlile go palelwa. O ntse a tshegetsa tsamaiso e e bolalome mme o ne a ikemiseditse go baakanya diphoso tsa gagwe ka bonako.
Willi o Emela Boammaaruri Jwa Baebele
Fa Willi a re etela mo kgweding e e latelang, o ne a fetogile. O ne a re: “Anton, ke tshotse tsela e e phoso!”
Ke ne ka re: “Willi, o lemogile seno go setse go le thari.”
O ne a nkaraba ka gore: “Nnyaa, ga go ise go nne thari! Baebele ya re ‘o dire se o tshwanetseng go se dira fa o sa ntse o tshela,’ mme ke leboga Modimo go bo ke sa ntse ke tshela!”—Moreri 9:10.
Ke ne ka mmotsa jaana: “Jaanong o ikaeletse go dirang tota?”
O ne a araba jaana: “Ga ke a ikaelela go tswelela pele ka bosole. Ke ile go ikgaoganya le Banasi ke bone gore go tla diragalang.”
Ka yone nako eo o ne a tswa a ya kwa Zagreb, Yugoslavia, go etela kgaitsadiarona gape e bong Pepi. Morago ga go nna gone ka makgetlo a se kae kwa dipokanong tse di neng di thibetswe tsa Basupi ba koo, o ne a kolobediwa mo sephiring. Kgabagare morwa yo o neng a latlhegile o ne a boile!—Luke 15:11-24.
Willi o ne a leka go kgabaganya molelwane a ya kwa Switzerland e le fa a ne a tshaba Banasi kwa Fora. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwarwa ke mapodise a sesole sa Jeremane. O ne a sekisiwa ke kgotlatshekelo ya sesole kwa Berlin, mme ka July 27, 1942, o ne a atlholelwa loso ka gonne a tlhanogetse sesole. Ke ne ka letlelelwa go mo etela kwa Kgolegelong ya Sesole ya Berlin-Tegel. Ke ne ka isiwa kwa kamotshaneng e nnye, mme go ise go ye kae Willi a tsena, a golegeletswe mo mothong yo o mo disitseng. E ne ya re ke mmona a le mo seemong seo, ka tsholola dikeledi. Re ne re sa letlelelwa go tlamparelana mme re ne ra fiwa fela metsotso e le 20 gore re laelane.
Willi o ne a bona dikeledi tsa me mme a re: “Anton, o lelelang? O tshwanetse go itumela! Ke leboga Jehofa thata go bo a nthusitse go bona boammaaruri gape! Fa ke ne nka swela Hitler, ke ne ke tla bo ke se na tsholofelo. Mme go swela Jehofa go raya gore ke tlile go tsosiwa le gore re tla boa re kopana gape!”
Mo lekwalong la gagwe la go re laela, Willi o ne a kwala jaana: “Modimo wa rona yo o rategang, yo ke mo direlang, o mpha sengwe le sengwe se ke se tlhokang mme ruri o tla nna le nna go ya bokhutlong, gore ke itshoke mme ke nne mofenyi. Ke a boeletsa, tlhomamisegang gore ga ke ikotlhae le gore ke ile ka tswelela pele ke nitame mo Moreneng!”
Willi o ne a bolawa mo letsatsing le le latelang ka September 2, 1942 kwa Kgolegelong ya Brandenburg, e e gaufi le Berlin. O ne a na le dingwaga di le 27. Sekao sa gagwe se bontsha boammaaruri jwa mafoko a a mo go Bafilipi 4:13 a a reng: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”
Vinko o Ikanyega go ya Losong
Masole a Jeremane a ne a gwantetse kwa Yugoslavia ka 1941, mme a pateletsa Pepi le monna wa gagwe, Vinko, le morwadiabone wa dingwaga tse 12, Fini, go boela gae kwa Austria. Ka nako eo, Basupi ba le bantsi kwa Austria ba ne ba latlhetswe mo dikgolegelong kana mo dikampeng tsa pogisetso. E re ka ba ne ba se na naga e ba nnang mo go
yone—ka mantswe a mangwe e se baagi ba Jeremane—ba ne ba patelediwa go bereka mo polasing e e kwa borwa jwa Austria, gaufi le legae la rona.Moragonyana ka August 26, 1943, Ma-Gestapo (mapodise a Banasi a mo sephiring) a ne a tshwara Vinko. Fa Fini a ne a re o leka go laela rraagwe, molaodi wa mapodise o ne a mo faphola gore a bo a ye a fofa go ya go wela kwa letlhakoreng le lengwe la kamore. Gantsi Vinko o ne a thamathamisiwa ka dipotso le go itewa setlhogo ke Ma-Gestapo mme o ne a isiwa kwa Kgolegelong ya Stadelheim kwa Munich.
Ka October 6, 1943, ke ne ka tshwarwa ke mapodise ke le kwa tirong, mme le nna ke ne ka isiwa kwa Kgolegelong ya Stadelheim, kwa Vinko a neng a le gone. E re ka ke ne ke kgona go bua Sefora sentle, ke ne ka dirisiwa go nna moranodi wa Sefora ke ranolela magolegwa a ntwa. Ka nako ya fa ke ntse ke tsamaya mo kgolegelong, ke ne ka nna le ditshono tsa go tlotla le Vinko.
La bofelo Vinko o ne a atlholelwa loso. O ne a latofadiwa ka gore o abela Basupi dibuka tsa Baebele le gore o ne a thusa basadi ba Basupi ka madi bao banna ba bone ba neng ba le kwa dikampeng tsa pogisetso. O ne a fudusediwa kwa kgolegelong e e gaufi le Berlin, yone kgolegelo e Willi a neng a bolaelwa kwa go yone. O ne a kgaolwa tlhogo koo ka October 9, 1944.
Nako e Vinko a neng a kopana le lelapa la gagwe la bofelo ka yone e ne e utlwisa botlhoko thata. Ba ne ba mo fitlhela a golegilwe ka dikeetane e bile a ketekilwe, mme o ne a sa kgone go ba tlamparela ka ntlha ya dikeetane. Fini o ne a na le dingwaga tse 14 fa a ne a bona rraagwe la bofelo. O sa ntse a gakologelwa mantswe a ga rraagwe a bofelo: “Tlhokomela mmaago, Fini!”
Morago ga loso lwa ga rraagwe, Fini o ne a tsewa ka dikgoka mo go mmaagwe mme a neelwa lelapa lengwe la Banasi gore a nne nalo gore le leke go mo “fetola.” Gantsi o ne a itewa setlhogo. Fa masole a Russia a tsena mo Austria, a ne a bolaya lelapa leno la Bajeremane le le neng le mmogisitse thata jaana. Ba ne ba leba lelapa leno e le la Banasi ba ba itsegeng.
Morago ga ntwa, kgaitsadiake o ne a tswelela pele ka bodiredi jwa nako e e tletseng. O ne a dira mmogo le monna wa gagwe wa bobedi, Hans Förster, kwa lekaleng la Switzerland la Basupi ba ga Jehofa go fitlha a swa ka 1998. Fini o latetse sekao sa batsadi ba gagwe mme gone jaanong o direla Modimo wa boammaaruri, Jehofa, kwa Switzerland.
Kgololesego Kwa Bofelong!
Mo masimologong a 1945, kgolegelo ya rona ya kwa Munich e ne e le nngwe ya dikago tse di neng tsa tlhaselwa ka bomo. Motse o ne wa sala o swafetse. Ke ne ke setse ke ntse dikgwedi di le 18 mo kgolegelong fa letsatsi la gore ke ye go ema fa pele ga moatlhodi gore a utlwe kgang ya me le ne le goroga. E ne e le ka May 8, 1945, dibeke di le pedi fela pele ga ntwa e khutlisiwa semolao. Ka nako ya fa ke sekisiwa ke ne ka bodiwa jaana: “A o iketleeditse go dira tiro ya bosole?”
Ke ne ka araba jaana: “Legolegwa ga le a letlelelwa go apara diaparo tsa sesole kana gore le re ‘Heil Hitler.’” Fa ke ne ke bodiwa gore a ke ne ke tla dira mo sesoleng sa Jeremane, ke ne ka re: “Tsweetswee mphang dipampiri tsa me tsa go ikwadisetsa go nna lesole, mme ke tla lo bolelela tshwetso ya me!”
Malatsi a se kae moragonyana, ntwa e ne ya khutla, mme ke ne ka bolelelwa gore ke gololesegile go tsamaya. Moragonyana ga moo ke ne ka fudugela kwa Graz, koo go neng go rulagantswe phuthego e e potlana ya Basupi ba le 35. Gone jaanong go na le diphuthego di le robedi kwa lefelong la Graz.
Mothusi yo o Lorato
Moragonyana fela ga gore ntwa e khutle, ke ne ka kopana le Helene Dunst, morutabana yo o sa leng mosha yo e neng e le leloko la mokgatlho wa Banasi. O ne a swabisitswe thata ke Bonasi. Mo puisanong ya me ya ntlha le ene, o ne a botsa jaana: “Go tla jang gore e bo e le lona fela ba lo itseng gore leina la Modimo ke Jehofa mme batho ba bangwe ba sa itse?”
Ke ne ka mo araba ka gore: “Ke ka gonne batho ba le bantsi ga ba tlhatlhobe Baebele.” Morago ga moo ke ne ka mmontsha leina la Modimo mo Baebeleng.
O ne a re: “Fa e le gore Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa, seo se raya gore re tshwanetse go itsise batho botlhe ka ntlha eno!” Helene o ne a simolola go rera ka boammaaruri jwa Baebele mme morago ga ngwaga a bontsha boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa. Re ne ra nyalana ka June 5, 1948.
Ka April 1, 1953, re ne ra nna badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa. La bofelo re ne ra kopiwa go nna teng kwa tlelaseng ya bo31 ya Sekolo sa Watch Tower sa Baebele sa Gilead, se se gaufi le South Lansing, New York. Fa re le koo re ne ra itumelela botsalano jo bo itumedisang le baithuti mmogo le rona ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng di le 64.
Fa re sena go aloga re ne ra abelwa gape go ya kwa Austria. Ka dingwaga di le mmalwa tiro ya rona e ne e le go etela diphuthego go di nonotsha semoyeng. Go tswa foo re ne ra laletswa gore re ye go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Luxembourg. Moragonyana re ne ra kopiwa go fudugela kwa ofising ya lekala kwa Austria, e e kwa Vienna. Ka 1972, fa re ntse re dira koo, re ne ra simolola go ithuta puo ya Serbo-Croatia gore re kgone go rerela badiri ba le bantsi ba ba tswang kwa Yugoslavia ba ba mo Vienna. Gone jaanong go na le diphuthego di le robedi tsa puo ya Serbo-Croatia mono Vienna, tse di nang le batho ba ba tswang mo e ka nnang dikarolo tsotlhe tsa Yuropa!
Ka August 27, 2001, Helene o ne a robala mo losong. E ne e le mothusi le tsala e e ikanyegang le ya botlhokwa mo dingwageng tse 53 tse di itumedisang tsa lenyalo la rona. Gone jaanong tsholofelo ya tsogo ya baswi ke ya botlhokwa go feta mo pelong ya me.
Go Kgotsofalela Lorato Lwa Modimo
Le fa ke ile ka lebana le matlhotlhapelo, ke sa ntse ke kgotsofalela tiro ya me kwa ofising ya lekala ya Austria. Bosheng jaana ke ne ka nna le tshiamelo ya go bolela dilo tse ke di boneng di diragala mo dipontshong kaga “Batswasetlhabelo ba ba Lebetsweng ba Puso ya Bonasi.” Fa e sa le go tloga ka 1997 pontsho eno e ile ya bontshiwa batho mo metseng le mo ditoropong di le 70 tsa Austria, mme e ile ya dira gore bafalodi ba ba boneng ka matlho dikgolegelo le dikampa tsa pogisetso tsa Banasi ba nne le tshono ya go bua kafa Bakeresete ba ileng ba bontsha tumelo le bopelokgale ka teng fa ba ne ba bogisiwa ke Banasi.
Ke tshiamelo mo go nna go bo ke ile ka itsane le batho bano ba ba ikanyegang. Ba bontshitse ka tsela e e kgatlhang thata boammaaruri jwa Baroma 8:38, 39 e e reng: “Le fa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.”
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Lelapa la rona ka 1930 (go tswa kafa molemeng go ya mojeng): nna, Pepi, Rre, Willi, Mmè le Vinko
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Nkgonne e bong Willi, pelenyana fela ga a bolawa
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Nna le Vinko re ne re le mmogo lobakanyana mo Kgolegelong ya Stadelheim, kwa Munich
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Morwadia Vinko, e bong Fini, o ne a newa lelapa le le setlhogo la Banasi gore le nne nae; o sa ntse a ikanyega le gompieno
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Helene e ne e le molekane yo o molemo thata mo go nna mo lenyalong la rona la dingwaga di le 53
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Fa ke bua kwa dipontshong tse di kaga “Batswasetlhabelo ba ba Lebetsweng ba Puso ya Banasi”