Tsela e e Siameng ya go Godisa Bana
Tsela e e Siameng ya go Godisa Bana
GO GOLA sentle ga bana go ikaegile ka go nna motsadi yo o molemo. Mme go nna motsadi yo o molemo go akaretsang? Gongwe o ka tswa o utlwile kgakololo nngwe ka kgang eno. Iphe nako le bana ba gago. Ba reetse. Ba kaele ka tsela e e molemo. Leka go tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone, itumele le bone o bo o utlwe botlhoko le bone. Nna tsala ya bone ya boammaaruri mme o sa tlhokomologe maikarabelo a gago a botsadi. Ke boammaaruri gore melaometheo eno e e umakiwang gangwe le gape e tla thusa batsadi go dira tiro ya bone sentle. Mme go na le sengwe sa botlhokwa thata se se tshwanetseng sa tla pele.
Batsadi ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba fitlhetse gore go dirisa melaometheo ya Baebele ke selo sa konokono se se ba thusang go nna batsadi ba ba molemo. Ka ntlha yang? Ka gonne Mokwadi yo o botlhale wa Baebele, e bong Jehofa Modimo, ke ene a simolotseng thulaganyo ya lelapa. (Genesise 1:27, 28; 2:18-24; Baefeso 3:15) Ka jalo go a utlwala gore, Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng ke lone le le molemo thata le go ka batlwang kaelo ya go godisa bana mo go lone. Le fa go ntse jalo, buka ya bogologolo jaaka Baebele e ka kgona jang go re kaela kgatlhanong le mokgwa wa gompieno wa go itlhaganedisa go gola ga bana? Mma re sekasekeng melaometheo mengwe ya Dikwalo e e ka thusang mo kgannyeng eno.
“Kafa Mosepeleng wa Bana”
Jakobe, morwa Isake, o ne a na le bana ba feta lesome le bobedi. Baebele e na le mafoko a gagwe a a botlhale a a amanang le loeto lwa lelapa la gagwe: “Bana ba bokoa . . . Tsweetswee, mma morena wa me [Esau, mogolowe Jakobe], a fetele kwa pele ga motlhanka wa gagwe, mme mma nna ka bonna ke tsweletse loeto ke iketlile . . . kafa mosepeleng wa bana.”—Genesise 33:13, 14.
Jakobe o ne a itse gore bana ba gagwe e ne e se bagolo ba ba botlana. Ba ne ba le “bokoa”—ba le bannye, ba sa nonofa e bile ba tlhoka tlhokomelo go feta batho ba bagolo. Go na le gore a pateletse bana ba gagwe gore ba tsamaye ka lobelo lwa mosepele wa gagwe, o ne a fokotsa lobelo lwa gagwe gore ba kgone go tsamaisana le ene. Ka go dira jalo, o ne a etsa botlhale jo Modimo a dirisanang le bana ba gagwe ka jone. Rraarona o itse makoa a rona. Ga a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra kgona go di dira.—Pesalema 103:13, 14.
Tota le diphologolo dingwe di na le botlhale jo bo ntseng jalo, ka gonne Modimo o di dirile gore di nne “botlhale ka tlholego.” (Diane 30:24) Ka sekai, baithutatlholego ba lemogile gore motlhape otlhe wa ditlou o fokotsa lobelo lwa one gore o tsamaisane le tlowana e e mo gare ga tsone, di tsamaya ka bonya go fitlha tlowana e kgona go tsamaisana le tsone.
Batho bangwe mo setšhabeng sa gompieno ba Diane 17:17.
tlhokomologa botlhale jwa bomodimo. Mme ga o a tshwanela go dira jaaka bone. Gakologelwa gore ngwana wa gago o “bokoa”—ga a kgone go sikara mathata le maikarabelo a bagolo. Ka sekai, fa e le gore o motsadi yo o se nang molekane yo o nang le mathata a botho, mme o batla go lelela mo ngwaneng wa gago, tila go dira jalo. Go na le moo, batla mogolo mongwe yo o nang le maitemogelo yo e leng tsala ya gago yo o ka go thusang go rarabolola mathata a gago—segolobogolo yo o tla go thusang go dirisa kgakololo e e botlhale ya Baebele.—Ka tsela e e tshwanang, o se ka wa dira gore botshelo jwa ngwana wa gago e nne jo bo tletseng mathata, jo bo nang le thulaganyo e e gagametseng e a tshwanetseng go tshela ka yone, e e tla dirang gore a se ka a itumelela bongwana jwa gagwe. Dira gore ngwana wa gago a se ka a tshela botshelo jo bo itlhaganetseng, jo bo tshwanang le jo go tshelwang ka jone mo lefatsheng la segompieno. Baebele e gakolola jaana ka botlhale: “Lo se ka lwa letla gore lefatshe le lo leng mo go lone le lo pateletse go bopega jaaka lone.”—Baroma 12:2, Phillips.
“Sengwe le Sengwe Se na Le Nako E se E Tlhometsweng”
Molaomotheo o mongwe o o botlhale wa Baebele o bolela jaana: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, le nako ya tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo.” Ke boammaaruri gore go na le nako ya go bereka. Bana ba na le tiro e ntsi e ba tshwanetseng go e dira—tiro ya sekolo, ditiro tsa mo gae le ditiro tsa semoya. Le fa go ntse jalo, yone temana eo ya Baebele, e bolela gore gape go na le “nako ya go tshega” le “nako ya go tlolaka.”—Moreri 3:1, 4.
Bana ba tshwanetse go tshameka, go tshega, go dirisa maatla otlhe a bone a bosha ba sa tshwenngwe ke sepe. Fa e le gore ba tshwanetse go dirisa nako yotlhe e ba nang le yone mo ditirong tsa sekolo, mo ditirong tse di dirwang morago ga sekolo le mo maikarabelong a mangwe a a masisi, ga ba kitla ba itumelela go tshameka. Seo le sone se ka nna sa ba galefisa, le e leng go dira gore ba tshwenyege thata mo maikutlong.—Bakolosa 3:21.
Ela tlhoko ditsela tse dingwe gape tse o ka dirisang molaomotheo ono wa Baebele ka tsone. Ka sekai, e re ka sengwe le sengwe se na le nako ya sone, a seo ga se reye gore fa o le ngwana, eo ke nako ya go itumelela bongwana jwa gago? Gongwe o dumalana le seo, mme ga se ka dinako tsotlhe bana ba gago ba
dumalanang le wena. Gangwe le gape, basimanyana le basetsanyana ba batla go dira se ba bonang bagolo ba se dira. Ka sekai, basetsanyana ba ka nna ba ikutlwa ba batla go apara le go ikgabisa jaaka e kete ke basadi. Go tsena ga bone mo dingwageng tsa bokgarebe pele ga nako go ka nna ga oketsa maikutlo a bone a go batla gore ba lebege ba le bagolo.Batsadi ba ba botlhale ba a lemoga gore maikutlo a a ntseng jalo mo baneng a kotsi. Metswedi mengwe ya phasalatso le ya boitlosobodutu ya lefatshe leno le le bosula e bontsha bana e le batho ba itse sengwe ka tlhakanelodikobo e bile ba godile go feta dingwaga tse ba leng mo go tsone. Go tlwaelegile gore bana ba le bantsi ba dirise makeup, dibenya le go apara diaparo tse di gogelang batho ba bong bo sele. Mme ke ka ntlha yang fa re batla go dira gore bana ba gogele batho ba ba sa siamang ba bong bo sele ba ba tla batlang go tlhakanela dikobo le bone? Fa batsadi ba thusa bana ba bone go apara ka tsela e e tshwanelang dingwaga tsa bone, ba tla bo ba dirisa molaomotheo o mongwe gape wa Baebele o o reng: “Yo o botlhale yo o boneng masetlapelo o ne a iphitlha; ba ba se nang maitemogelo ba ba fetileng ba bogile matswela a a botlhoko.”—Diane 27:12.
Sekai se sengwe: Go dira gore metshameko e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa ngwana go ka dira gore a tshele botshelo jo bo sa lekalekaneng, jo mo go jone go se nang sepe se se tlhometsweng nako ya sone. Baebele e gakolola jaana ka botlhale: “Gonne go thapisa mmele go tswela mosola go le gonnye; mme boineelo jwa bomodimo bo tswela mosola mo dilong tsotlhe, e re ka bo na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.”—1 Timotheo 4:8.
O se ka wa dira gore ngwana wa gago a nne le mogopolo wa gore “go fenya ke sone selo se se botlhokwa.” Batsadi ba le bantsi ba dira gore bana ba bone ba se ka ba itumelela metshameko ka go ba pateletsa gore ba gaisane, e nne bafenyi go sa kgathalesege matswela a gone. Ka jalo, bana ba bangwe ba ikutlwa ba patelesega go tsietsa kgotsa go gobatsa ba bangwe gore e nne bafenyi. Tota ga go tlhokege gore motho a dire dilo tseo gore a fenye!
Go Ithuta Boikgapo
Gantsi go thata gore bana ba ithute gore sengwe le sengwe se na le nako ya sone. Ga ba kgone go leta ka bopelotelele fa ba batla sengwe. Se se dirang dilo maswe le go feta ke gore batho mo setšhabeng ba batla go ikgotsofatsa ka yone nako eo. Gantsi metswedi ya boitlosobodutu e naya batho molaetsa o o reng, “Bona se o se batlang, se bone gone jaanong!”
O se ka wa ineela mo ditlhotlheletsong tse di ntseng jalo ka go neneketsa bana ba gago le go ba senya. Buka e e bidiwang The Child and the Machine ya re “Motho yo o botlhale o a itse gore o tshwanetse go nna pelotelele pele a fitlhelela se a se batlang. Go ikgalema le go dira dilo ka tsela e e tshwanang le ya ba bangwe botlhe, go fokotsa bothubaki jo bo dirwang ke bana ba ba tsenang sekolo le ba ba sa se tseneng.” Baebele e na le molaomotheo ono o o thusang: “Fa motho a tlekeetsa motlhanka wa gagwe go simolola mo bosheng go ya pele, moragonyana mo botshelong jwa gagwe o tla nna yo o sa lebogeng.” (Diane 29:21) Le fa temana eno e bua ka tlhamalalo ka tsela e batlhanka ba ba botlana ba neng ba sa tshwanela go tshwarwa ka yone, batsadi ba le bantsi ba fitlhetse gore one molaomotheo ono o solegela bana ba bone molemo thata.
Selo se sengwe se bana ba se tlhokang thata, ke se Baebele e se bitsang ‘kotlhao le taolo ya mogopolo ya ga Jehofa.’ (Baefeso 6:4) Go otlhaya bana ka lorato go ba thusa gore ba nne le dinonofo tse di jaaka boikgapo le bopelotelele. Dinonofo tseno di tla ba thusa gore ba itumele ba bo ba atlege mo botshelong jotlhe jwa bone.
Fa Bana ba Tla bo ba Gola Sentle
Gongwe o ka ipotsa jaana, ‘A tota Modimo yo o botlhale le yo o lorato yo o tlhotlheleditseng melaometheo eno e e thusang o ne a ikaeletse gore lefatshe le nne ka tsela e le leng ka yone? A o ne a batla gore bana ba golele mo lefatsheng le gantsi le leng kotsi go na le le le sireletsegileng?’ Gongwe o ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa Modimo le Morwawe Keresete Jesu ba rata batho, go akaretsa le bana ba dingwaga tsotlhe. Go ise go ye kae, ba tla fedisa batho botlhe ba ba boikepo mo lefatsheng.—Pesalema 37:10, 11.
A o ka rata go bonela pele nako eo ya kagiso le e e itumedisang? Ikakanye o bona maemo a mantle ano a Baebele e a tlhalosang: “Mme phiri e tla nna nakonyana le kwanyana e tonanyana, mme lengau le tla botha le potsane, le namane le tawana e e seriri le phologolo e e fepilweng sentle tsotlhe di tla nna mmogo; mme mosimanyana o tla di etelela pele.” (Isaia 11:6) Mo lefatsheng leno le gantsi le senyang bongwana ka tsela e e setlhogo kgotsa le bo itlhaganedisang, a bo go gomotsa jang ne go itse gore Modimo o solofetsa batho isagwe eo e e itumedisang! Go phepafetse gore Mmopi o ikaeletse gore bana ba se ka ba latlhegelwa ke bongwana jwa bone le gore bo se ka jwa itlhaganedisiwa—fa e se fela gore ba itumele le go godisiwa sentle.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go na le go imetsa ngwana wa gago ka mathata a gago a botho, a bolelele motho yo mongwe yo o godileng
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Bana ba tshwanetse go tshameka