Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgwa Tsa Pula—A di Ka Bolokwa?

Dikgwa Tsa Pula—A di Ka Bolokwa?

Dikgwa Tsa Pula—A di Ka Bolokwa?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BOLIVIA

RAMIRO o na le mokgatšha o o apesitsweng ke dikgwa tse di kitlaneng thata tsa boboatsatsi. * Mokgatšha ono o o fa mofapheng wa Dithaba Tsa Andes tsa Amerika Borwa ke mongwe wa mekgatšha e le mmalwa mo kgaolong eno o o sa ntseng o na le ditlhare tsa bogologolo. Dithaba tse dingwe tse di gaufi le one tsone ga di a tlala dikgwa jaaka one. Baitsesaense go tswa mafelong otlhe, ba tla mo sekgweng seno se se kitlaneng thata sa ga Ramiro go tla go ithuta ka botshelo jwa diphologolo tse di mo go sone, mme ba fitlhetse go na le diphologolo tsa mefuta e e farologaneng tse go iseng go ke go ithutiwe ka tsone pele. Se Ramiro a batlang go se dira ke go sireletsa sekgwa seno. O bolela jaana: “Ga ke letlelele gore go rengwe ditlhare mo sekgweng sa me.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, Roberto ene o na le sekgwa sa pula sa boboatsatsi sa bogolo jwa disekwerekilometara di le 5 600 kwa dinageng tse di kwa tlase tsa Amazon. Ke radikgwa wa maemo a a kwa godimo yo o remang ditlhare tsa boboatsatsi a bo a rekisetsa mebaraka ya lefatshe dikota tsa tsone. Mme se Roberto le ene a batlang go se dira ke go sireletsa dikgwa tsa boboatsatsi le diphologolo tse di tshelang mo go tsone. O gatelela jaana: “Motho a ka kgona go rema dikota mo dikgweng tsa boboatsatsi kwantle ga go nyeletsa ditshedi tse di mo go tsone.”

Le fa boemo jwa ga Ramiro bo farologana le jwa ga Roberto, botlhe ba tshwenyegile thata ka se se ka nnang sa diragalela dikgwa tseno tsa boboatsatsi. Mme ga se bone fela. Mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga, go senngwa setlhogo ga dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi go ne ga tlhatloga ka selekanyo se se tshosang.

A re tshwenyega ka selo se go sa tlhokegeng go tshwenyega ka sone? Ka gonne tota e bile, mo makgolong a a fetileng a dingwaga batho ba ne ba rema dikgwa di le dintsi mo mafelong a a nang le maemo a a lekanetseng a bosa gore go ka lengwa mo go one. Jaanong, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshwenyega fa e le gore batho ba dinaga tsa Boboatsatsi ba dira selo se se tshwanang? Mabaka a bone a go rema dikgwa ga a tshwane gotlhelele. Ka sekai, dikgwa tsa pula tsa dinaga tsa boboatsatsi gantsi di golela mo mmung o o se nang dikotla, o o sa siamelang gore go ka lengwa mo go one. Gape, go na le ditshedi tse di seng kana ka sepe tse di farologaneng mo dikgweng tsa boboatsatsi; go senyega ga dikgwa tseo go ama batho botlhe.

Tshenyo e e Bakwang ke go Rengwa ga Dikgwa

Go na le mefuta e e farologaneng ya ditshedi tse di fetang tsa lefatshe lotlhe ka halofo mo dikgweng tsa boboatsatsi. Go simolola ka dikgatla le dinkwe go fitlha ka dimela tse di sa tlwaelegang tse di tshwanang le di-moss le di-orchid, go simolola ka dinoga le digogwane go fitlha ka dirurubele le bopapalagae ba ba sa tlwaelegang—mefuta ya ditshedi tseno e mentsi mo e leng gore ga e kgone go bewa ka ditlhopha tsa yone.

Ditshedi tse di farologaneng di tshela mo dikgweng tsa mefutafuta tsa boboatsatsi. Go na le dikgwa tse di kitlaneng thata tse di golang ka iketlo mo dithabeng, dikgwa tse di kitlaneng thata tsa pula tse letsatsi le sa kgoneng go sutlhelela mo go tsone, dikgwa tsa boboatsatsi tse di mo lefelong le le se nang pula e ntsi le dikgwa tse di sa kitlanang thata. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba ise ba ke ba etele dikgwa tsa boboatsatsi. Gongwe o mongwe wa bone. Ka jalo ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tshwenyega ka mafelo ano?

Go sirelediwa ga dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi go botlhokwa mo go wena ka gonne dimela di le dintsi tsa mo gae le tse go gwebiwang ka tsone tse re di dirisang di ikaegile ka dikgwa tseno tse di ikgolelang fela ka tsela ya tlhago. Ka dinako tse dingwe, ditlhare tseno tsa naga di dirisediwa go medisa tse dingwe tse disha tse di kgonang go emelana le malwetse le ditshenekegi tse di di senyang. Mefuta e e farologaneng ya tsone e e fitlhelwang mo dikgweng tseno tse di farologaneng e botlhokwa.

Gape, gantsi babatlisisi ba fitlhela go na le dilo dingwe tse di mosola mo dikgweng tseno tsa boboatsatsi. Ka sekai, bontsi jwa melemo e e dirisiwang gompieno e dirilwe go tswa mo dimeleng tsa dikgwa tsa boboatsatsi. Ka jalo, ditshedi tse di farologaneng mo dikgweng tsa pula tsa boboatsatsi gantsi di tshwantshiwa le laeborari e e tletseng botshelo mme e le e bontsi jwa “dibuka” tsa yone di iseng di bulwe.

Ditshedi Tse di mo Kotsing ya go Senngwa

Botshelo jo bo mo sekgweng se se bongola sa boboatsatsi bo mo kotsing ya go senngwa e bile bo raraane thata. Bontsi jwa ditshedi tsa teng di ikaegile ka tse dingwe. Ka sekai, dimela di le dintsi di ikaegile ka dinonyane dingwe, ditshenekegi kgotsa diphologolo mo go fetiseng peo go tswa mo dimeleng tse dingwe go ya kwa go tse dingwe. Mo thulaganyong eno e e raraaneng ya botshelo, sekgwa se kgona go dirisa ditshedi tse di mo go sone gantsintsi go akaretsa dimela, diphologolo, ditshenekegi le ditshedinyana tse dinnye. Se se gakgamatsang ke gore tiragalo eno e e raraaneng e direga mo lefelong la mmu o o se nang dikotla. Fa thulaganyo eno e ka senngwa, go tla nna thata kgotsa ga go kitla go kgonega gore sekgwa seo se tsosolosiwe gape.

Batho ba le bantsi ba itshedisa ka dikgwa tseno tsa boboatsatsi. Dikgwa tseno tsa boboatsatsi ga di botlhokwa fela mo baitsesaenseng ba ba dirang dipatlisiso le mo bajanaleng, mme gape di botlhokwa mo go neyeng batho dilo tse di jaaka dikgong, matonkomane, mamepe, maungo a ditlhare tsa mokolane, rabara le boreku. Mme dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi di nyelela ka lobelo lo lo tshosang. Go ganetsanwa ka palo ya gore go nyelela tse kae, mme re tlhomamisegile ka ntlha e le nngwe: Dikgwa tseno di nyelela ka lobelo.

Se se utlwisang botlhoko le go feta ka go senngwa ga tikologo eno ke gore go senngwa ga dikgwa tseno tsa pula tsa boboatsatsi go tlisa melemo ya nakwana fela. Bontsi jwa dikgwa tseno di fetotswe gore e nne mafelo a metlhape e fulang mo go one. Le fa go ntse jalo, gantsi mafulo ano a feleletsa a sa lekane diphologolo a bo a tlhokomologiwa. Go begwa gore sekgwa sa Amazon sa kwa Brazil sa bogolo jwa disekwerekilometara di le 165 000 le sone se ne sa tlhokomologiwa ka tsela eno.

Go na le tsholofelo efe ka dikgwa tseno tsa pula le ditshedi tse dintsi tse di leng mo go tsone? Ramiro, Roberto le ba bangwe ba le bantsi jaaka bone ba kgaratlhela go sireletsa dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi kgatlhanong le kgwebo ya boditšhabatšhaba, kgatlhanong le palo e e feteletseng ya baagi, kgatlhanong le go tshwarwa ga diphologolo dingwe ka diru gore di godisiwe jaaka diphologolo tsa fa gae, kgatlhanong le go tsoma diphologolo e se ka fa molaong le kgatlhanong le batho ba ba di remang. Mme ke eng se totatota se dirang gore batho ba reme dikgwa? A go na le tsela epe ya go dirisa dikungwa tsa dikgwa tsa pula kwantle ga go di senya?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Sekgwa se se kitlaneng thata kgotsa sekgwa sa pula sa montane, ke sekgwa sa pula se se golelang kwa godimo go fitlha go dimetara di le 1 000.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Mefuta e le mentsi ya diphologolo tsa lefatshe le dimela di le dintsi di fitlhelwa mo dikgweng tsa boboatsatsi

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Go rema dikgwa le go aga ditsela go senya dikgwa tsa pula