Dimela—Motswedi o o Botlhokwa wa Melemo ya Kalafi
Dimela—Motswedi o o Botlhokwa wa Melemo ya Kalafi
Bomankge ba fopholetsa gore diperesente di le 25 tsa melemo ya segompieno ya sekgoa e batho ba e tshepileng e simolotse—bontlhanngwe jwa yone kgotsa yotlhe fela—e le kalafi e e tswang mo dimeleng. Ntlha eno e tshegediwa ke batho ba ba kgothaletsang gore re dirise mefuta e e farologaneng ya melemo ya kalafi e e dirilweng ka dimela.
Dipatlisiso di le dintsi tse di dirwang mo melemong ya kalafi e e dirilweng ka dimela di dirwa ka boikaelelo jwa go bona kalafi e e leng teng mo dimeleng tseno. Sekai se se itsegeng thata sa kalafi eo ke aspirin, e e tswang mo salicin e e fitlhelwang mo lekwating le lesweu la setlhare sa mogokare.
Fa kalafi e e mo semeleng e sena go ntshiwa mo go sone, e kgona go dirisiwa ka selekanyo se se lekaneng le se se tshwanetseng. Buka nngwe e tlhalosa jaana: “Go na le go ja lekwati le le lekaneng la setlhare sa mogokare gore motho a bone molemo o a o bonang fa a nwa aspirin kgotsa go ja semela se se lekaneng sa foxglove gore a bone molemo o a o bonang fa a nole digitalis, go molemo go nwa dipilisi tse di dirilweng ka dimela tseno go na le go ja dimela tseno ka botsone.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, go ntsha kalafi e motho a e batlang mo semeleng le gone go na le dikotsi tsa gone. Go ka nna ga dira gore o latlhegelwe ke dikotla kgotsa mesola mengwe ya kalafi e e fitlhelwang mo semeleng seo. Mo godimo ga moo, megare mengwe e e bakang malwetse ga e kgone go bolawa ke diokobatsi.
Quinine, e e leng molemo o o tswang mo lekwating la setlhare sa cinchona, e bontsha kafa go ntsha kalafi mo dimeleng tse go dirwang melemo ka tsone go ka nnang le mathata ka gone. Le fa gone quinine e bolaya diperesente di le dintsi tsa diparasaete tse di bakang bolwetse jwa malaria, diparasaete tse e sa kgoneng go di bolaya di ntsifala thata fa tse dingwe di ntse di swa. Buka nngwe e tlhalosa jaana: “Seno ke sone kgangkgolo e go buiwang ka yone mo go tsa kalafi.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
“Aspirin” e tswa mo setlhareng seno se sesweu sa mogokare
[Motswedi wa Setshwantsho]
USDA-NRCS PLANTS Database/Herman, D.E. et al. 1996. North Dakota tree handbook
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Setlhare sa “cinchona,” se “quinine” e fitlhelwang mo go sone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of Satoru Yoshimoto