Se se Tlileng go Direga ka Bojanala mo Isagweng
Se se Tlileng go Direga ka Bojanala mo Isagweng
“Go na le dikai tse re di bonang mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe mo lefatsheng tse di bontshang gore bojanala bo senya tikologo fela thata.”—An Introduction to Tourism, e e kwadilweng ke Leonard J. Lickorish le Carson L. Jenkins.
GO GOLA ga kgwebo ya bojanala go ka nna ga se ka ga ama tikologo ka tsela e e sa itumediseng fela mme gape go ka baka le mathata a mangwe. A ka bokhutshwane re sekasekeng mangwe a mathata ao. Morago ga moo, re tla tlotla ka dilo tse di ka nnang tsa direga mo isagweng tse di amanang le go etela mafelo a a farologaneng a lefatshe leno la rona le lentlentle le go itse dilo tse di gakgamatsang tse di leng mo go lone, segolo jang batho ba bantle ba ba nnang mo go lone.
Mathata mo Tikologong
“Palo e kgolo ya bajanala gompieno e bakile mathata a le mantsi. “Kwa India, Taj Mahal e onadiwa ke bajanala,” go ne ga kwala jalo babatlisisi e bong Lickorish and Jenkins, mme ba oketsa ka go re: “Kwa Egepeto, dipiramiti le tsone di tlile go senyega ka ntlha ya palo e kgolo ya bajanala.”
Mo godimo ga moo, bakwadi bano ba tlhagisa gore fa bojanala bo sa laolwe sentle, bo ka bolaya dimela kgotsa jwa dira gore di se ka tsa gola sentle fa bajanala ba le bantsi ba ntse ba gataka mafelo a a tshwanetseng go somarelwa. Mo godimo ga moo, mefuta mengwe ya ditshedi e ka fela fa bajanala ba ntse ba reka dilo dingwe tse di jaaka dikgapetla tse di bonwang sewelo tsa ditshedi tsa mo metsing le dikorale kgotsa fa baagi ba mafelo a bajanala ba a etelang ba ikokoanyetsa dilo tseno gore ba di rekisetse bajanala.
Bajanala ba baka kgotlhelo. Go ya ka diphopholetso tsa mokgatlho wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng wa Environment Programme, mongwe le mongwe wa bone o baka leswe la bokete jwa kilogerama e le nngwe ka letsatsi. Go bonala mafelo a a kgakala thata le one a kgotlelwa ka tsela e e tshwanang. Pego ya bosheng jaana ya Rainforest Action Network ya re: “Mo ditseleng tse bajanala ba tsamayang thata mo go tsone kwa Himalaya, go tletse matlakala e bile dikgwa tse di leng mo dithabeng di sentswe ke bajanala ba ba batlang dikgong gore ba apeye dijo le go thuthafatsa metsi a go tlhapa.”
Mo godimo ga moo, gantsi bajanala ba dirisa dilo di le dintsi thata, ka go rialo ba tima batho ba naga e ba e etetseng. Ka sekai, James Mak o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya setlhogo se se reng Tourism and the Economy: “Selekanyo sa metsi a a dirisiwang ke bajanala ba ba etetseng kwa Grenada se menagane ga supa go feta a a dirisiwang ke baagi ba naga eo.” O oketsa jaana: “Bajanala ba dirisa diperesente di le 40 tsa maatla a tlholego kwa Hawaii, le mororo mojanala e le motho a le mongwe fela mo go bangwe le bangwe ba le robedi kwa Hawaii.”
Le mororo bajanala ba ka dirisa madi a le mantsi go etela kwa dinageng tse di tlhabologang, bontsi jwa madi ao ga a thuse batho ba naga e ba e etetseng. World Bank e fopholetsa gore go dirisiwa diperesente di le 45 fela tsa madi a lekgetho a a duetsweng ke bajanala go thusa naga e e etetsweng—bontsi jwa madi a mangwe bo boela kwa dinageng tse di tlhabologileng, kwa bathong ba ba rulaganyang dilo le mafelo a marobalo a bojanala a beng ba one ba nnang kwa dinageng di sele.
Ditlamorago Tse di sa Siamang mo Setšhabeng
Bajanala ba ba tswang kwa dinageng tse di humileng tsa Bophirima ba ka senya batho ba naga e ba etelang kwa go yone ka tsela e e bofitlha, mme ka dinako tse dingwe e se e e bofitlha jalo. Ka sekai, gantsi bajanala ba tla ka dilo tsa bone tse di manobonobo. Batho ba naga e ba e etetseng bone ba ka nna ba bona ba ka se ka ba kgona go nna le dilo tseo tse dintlentle. Batho ba naga e e etetsweng ke bajanala ba ka nna ba eletsa go nna le dilo tse di ntseng jalo tse di tlhwatlhwakgolo mme gore ba nne le tsone, ba tshwanetse go dira diphetogo mo botshelong jwa bone—diphetogo tse di ka nnang tsa akaretsa tsela e ba itshwarang ka yone.
Fa Mak a ne a umaka mathata mangwe a go ka diregang gore a nne gone, o ne a tlhalosa gore go oketsega ga bajanala go ka dira gore “batho ba senyegelwe ke setso sa bone, ga baka dikgotlhang fa gare ga mekgatlho e e farologaneng malebana le tsela e naga ya bone le dilo tsa mo nageng ya bone di dirisiwang ka yone, e bile go ka oketsa ditiro tse di sa siamang mo setšhabeng, tse di jaaka bokebekwa le go gweba ka mmele.”
Gantsi bajanala ba latlhegelwa ke boikgapo fa ba etile, mme seo se dira gore ba dire dilo tse ba neng ba se kitla ba di dira fa ba ka bo ba le kwa gae ba na le ba malapa a bone le ditsala. Ka ntlha ya moo, boitshwaro jo bo maswe jwa bajanala bo bakile mathata a magolo thata. Mak o ne a umaka sekai sengwe se se itsegeng thata, a re: “Batho ba a tshwenyega mo lefatsheng lotlhe ka se bojanala bo se dirileng ka kgwebo ya bana.” Ka 2004, moemedi mongwe wa dikgang tsa CNN o ne a bega jaana: “‘Diphopholetso dingwe tse di boammaaruri di bontsha gore go na le bana ba le 16 000 go ya go fitlha kwa go ba le 20 000’ ba go neng ga tlhakanelwa dikobo le bone kwa Mexico, segolobogolo mo melelwaneng, mo metsesetoropong le mo mafelong a a ngokang bajanala.’”
Melemo ya go Tsaya Maeto
Lefatshe la rona ke legae le lentle tota, le na le dilo tse dintsi tse di gakgamatsang—phirimo e ntle ya letsatsi, dinaledi tse di nyedimang tse di tletseng mo loaping, le mefuta e e farologaneng ya dimela le ditshedi. Go sa kgathalesege gore re nna kae, re kgatlhwa ke dingwe tsa dilo tseno le dilo tse dingwe gape tse di gakgamatsang tsa lefatshe leno le e leng legae la rona. Le fa go ntse jalo, a bo go tla nna molemo jang ne gore fa re bulegelwa ke sebaka sa go tsaya maeto, re tseye maeto ao gore re bone dilo tse dingwe tse di gakgamatsang tse di leng teng mo lefatsheng leno!
Le fa go ntse jalo, le fa re kgatlhwa ke dilo dingwe tse di gakgamatsang thata mo lefatsheng, bajanala ba le bantsi ba re bone ba kgatlhwa thata ke go itse batho ba setso se se farologanang le sa bone. Gantsi, bajanala ba a lemoga gore dilo tse di sa siamang tse di tlholang di buiwa ka batho ba bangwe tota ga di boammaaruri. Go ja nala ga bone go ba thusa go tlhaloganya batho ba ditšhaba tse dingwe le ditso tsa bone le go dira botsalano jo bo molemo le bone.
Selo se bajanala ba le bantsi ba ileng ba se lemoga ke gore dikhumo ga se tsone di tlisetsang batho boitumelo. Selo se se botlhokwa ke go tsalana le batho ba bangwe—go itumelela ditsala tse ba setseng ba na le tsone le go itirela tse disha. Pego nngwe ya Baebele e bontsha kafa “batho ba ba buang puo e sele” ba kwa Maleta ba neng ba thusa bajanala ka gone ba ba neng ba thubegetswe ke sekepe mo lefelong la bone ka go ba bontsha “bopelonomi jo bo sa tlwaelegang.” (Ditiro 28:1, 2) Go etela dinaga tse dingwe le batho ba ba nnang kwa go tsone go thusitse ba le bantsi go lemoga gore ruri re lelapa le le lengwe fela le gore re ka kgona go tshela mmogo mo lefatsheng ka kagiso.
Gompieno, ke batho ba le mmalwa fela ba ba kgonang go etela kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Mme go tlile go nna jang mo isagweng? A go tla kgonega gore batho ba le bantsi, kgotsa mongwe le mongwe a kgone go ja nala ka tsela e e ntseng jalo?
Se se Tlileng go Direga mo Isagweng
Boammaaruri ke gore rotlhe re amana ka losika, re batho ba lelapa le le lengwe fela. Ke boammaaruri gore batho ba ntlha ba babedi ba ne ba swa, fela jaaka ba ne ba ile ba tlhagisiwa gore ba tla swa fa ba sa ikobele Modimo. (Genesise 1:28; 2:17; 3:19) Ka jalo, bana botlhe ba bone, go akaretsa le rona rotlhe gompieno, ba a tsofala e bile ba a swa. (Baroma 5:12) Mme Modimo o solofetsa gore boikaelelo jwa gagwe jwa ntlhantlha jwa gore lefatshe le agiwe ke batho ba ba mo ratang bo tla diragadiwa. Lefoko la gagwe la re: “Ke bo buile . . . e bile ke tla bo diragatsa.”—Isaia 45:18; 46:11; 55:11.
Akanya fela gore go tla bo go ntse jang! Baebele e solofetsa gore fa Bogosi jwa Modimo bo busa: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29; Mathaio 6:9, 10) Baebele e bolela jaana fa e tlhalosa kafa isagwe ya batho e tlileng go nna ka gone mo lefatsheng: “Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:3, 4.
Akanya fela ka ditshono tse di itumedisang tse re tlileng go nna le tsone tsa go etela mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe ka nako eo le go bona dilo tse di gakgamatsang mo go lone, segolobogolo batho ba bantle ba ba nnang mo go lone. Re tla bo re sa tshwenyege ka tsa pabalesego ka nako eo! Batho botlhe mo lefatsheng e tla bo e le ditsala tsa rona—eleruri, batho bano botlhe e tla bo e le ba Baebele e ba bitsang ‘bakaulengwe botlhe ba rona mo lefatsheng.’—1 Petere 5:9.
[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Selo se se botlhokwa ka go tsaya maeto e ka nna go itirela ditsala le batho ba ditso tse dingwe
Go tlile go nna le ditshono tse di seng kana ka sepe tsa go etela batho le mafelo a mangwe