Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Naya Batho Dikgang Tse ba di Tlhokang

Go Naya Batho Dikgang Tse ba di Tlhokang

Go Naya Batho Dikgang Tse ba di Tlhokang

MOKWADI mongwe wa tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e bong Luke o ne a bega jaana mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng: “Tota e bile, Baathena botlhe le batswakwa ba ba jakileng koo ba ne ba sa dirise nako ya bone ya boiketlo mo go sepe fa e se go bolela sengwe kgotsa go reetsa sengwe se sesha.” (Ditiro 17:21) Dingwaga di le lekgolo pele ga foo puso ya Roma e ne ya lemoga gore batho ba kgatlhegela thata go utlwa dikgang tsa bosheng, mme e ne ya simolola go manega Acta Diurna, e leng dikgang tsa letsatsi le letsatsi mo mafelong a a itsegeng.

Mo e ka nnang ka lekgolo la bosupa la dingwaga, Ba-China ba ne ba gatisa lokwalodikgang lwa ntlhantlha mo lefatsheng lo lo neng lo bidiwa Dibao (Pao). Ka nako eo, kwa Yuropa batho ba le bantsi ba ne ba sa itse go bala le go kwala, ka jalo go ne go na le batho ba ba neng ba tsamaya ba itsise batho ka dikgang tse di malebana le dintwa, masetlapelo, bokebekwa le dilo tse dingwe. Moragonyana, dikgang tseno di ne tsa kwalwa ka letsogo kgotsa mafoko a teng a gabiwa mo dipolankeng a bo a fetisediwa mo dipampitshaneng tse dinnye tsa dikgang mme di bo di rekisiwa mo mebarakeng le kwa marekisetsong.

Kgabagare dikhampani tse di rekisang di ne tsa simolola go kwala dikgang tsa botlhokwa mo makwalong a tsone a kgwebo. Kwa bofelong, dikgang tseno di ne tsa kwalwa mo pampiring ya tsone kwa thoko, mme tsa rekisediwa batho.

Tshimologo ya Makwalodikgang

Fa lekgolo la bo17 la dingwaga le simologa, makwalodikgang a mabedi a kwa Jeremane a ne a simolola go gatisiwa ka metlha. Lokwalodikgang lwa kwa Strasbourg lo lo neng lo bidiwa Relation (go bolela dikgang), lo ne lwa gatisiwa la ntlha ka 1605; lo lo bidiwang Avisa Relation oder Zeitung (e itsise dikgang) lwa kwa Wolfenbüttel lo ne lwa simolola go gatisiwa ka 1609. Lokwalodikgang lwa ntlha lwa letsatsi le letsatsi kwa Yuropa e ne e le Einkommende Zeitungen (Dikgang Tse Disha), lo lo neng lwa gatisiwa kwa Leipzig, kwa Jeremane ka 1650.

Lokwalodikgang loo lwa ntlha lwa letsatsi le letsatsi kwa Leipzig lo ne lo na le ditsebe di le nnè tse di nnye. Lo ne lo sa bege dikgang tseno ka thulaganyo epe e e rileng. Go reka khopi e le nngwe fela ya lokwalodikgang lono go ne go sa ture, mme go dira peeletso ya ngwaga otlhe go ne go ja madi a kgwedi yotlhe a modiri yo o duelwang sentle. Le fa go ntse jalo, makwalodikgang a ne a tswelela a tlhokega thata. Kwa Jeremane fela, go ne go na le makwalodikgang a palo e e fa gare ga 50 le 60 a a gatisiwang ka metlha ka ngwaga wa 1700, mme a ne a balwa ke batho ba le dikete di le makgolo a le mmalwa.

Kwa tshimologong dikgang di ne di tla ka makwalo, makwalodikgang a mangwe, boraposo ba ba neng ba amogela dikgang ka poso ba bo ba dira dikhopi tse di oketsegileng, kgotsa kgang nngwe fela e babegadikgang ba ileng ba e utlwa e buiwa ke bangwe mo mafelong a batho botlhe. Le fa go ntse jalo, fa makwalodikgang a ntse a oketsega go ya pele, bagatisi ba one ba ile ba simolola go oketsa selekanyo sa dikgang le go tokafatsa boleng jwa tsone. Ba ne ba simolola go thapa bakwadi ba ba ithutetseng tiro eo. Bagatisi ba bantsi ba ne ba sa tlhole ba kgona go duela babegi le metswedi e mentsintsi e e ba tlisetsang dikgang, mme e re ka batho bone ba ne ba di batla, go ne ga tlhomiwa ditheo tse di kokoanyang dikgang le go di anamisa mo bagatising ba ba dueletseng go di amogela ka metlha.

Didiriswa Tse di Thusitseng Thata

Kgwebo ya makwalodikgang e ka bo e ile ya se ka ya kgonega kwantle ga didiriswa dingwe tsa botlhokwa, segolobogolo tsela ya go gatisa ka go tlanya e e neng ya simololwa ke Johannes Gutenberg. Didiriswa tse dingwe gape tse di neng tsa dirwa di ne tsa thusa gore makwalodikgang a kgone go gatisiwa le gore go a gatisa go je madi a mannye. Ka sekai, ka dingwaga tsa bo1860, motšhine wa go gatisa wa rotary o ne wa thusa go gatisa o dirisa rolo ya pampiri mo boemong jwa pampiri e e tlang e segetswe ruri. Nakwana fela morago ga moo, motšhine wa Linotype o ne wa dirisiwa go rulaganya ditlhaka tsa tshipi gore di gatisiwe mo pampiring. Morago ga moo, fa lekgolo la bo20 la dingwaga le ela kwa bogareng jwa lone, go tlanya ka khomputara go ne ga emisetsa mokgwa o o jang madi a mantsi wa go tlanya ka letsogo.

Fa go sa ntse go le jalo, dikgang di ne tsa anama ka lobelo lo logolo fa telegraph e ne e simolola go dirisiwa thata ka dingwaga tsa bo1840, le fa metšhine ya go tlanya le yone e ne e dirisiwa thata ka dingwaga tsa bo1870 le thelefouno mo e ka nnang ka yone nako eo. Mo metlheng ya bosheng jaana, go dirisiwa ga dikhomputara, e-mail, le metšhine ya fax go ile ga thusa thata mo kgwebong ya makwalodikgang. Babegadikgang ba goroga ka bonako kwa lefelong le kwa go lone go diragetseng sengwe se ba batlang go bega ka sone—ba dirisa terena, koloi kgotsa sefofane. Gone jaanong dipalangwa tse di lobelo di isa makwalodikgang a le mantsi le go feta kwa mafelong a a rileng.

Ke Eng se se Begwang mo Makwalodikgannyeng?

Go bona dikgang tse di lekaneng ga se bothata mo mafelong a le mantsi mo lefatsheng ka gonne tlhaeletsano e dirile gore batho ba kgone go buisana motlhofo. Bakwadi ba Frankfurter Allgemeine Zeitung ba bolela jaana: “Selo se e leng bothata jaanong ke go tlhopha mo dikgannyeng tseno tse dintsintsi le tse di sa feleng.” Ditheo tsa dikgang di naya makwalodikgang a Jeremane ditlhogo tsa dikgang di ka nna 2 000 letsatsi le letsatsi. Babegadikgang, bakwadi ba makwalo, ba tsa kgaso ya dikgang le batho ba bangwe le bone ba naya bakwadi ba makwalodikgang tshedimosetso e ntsi thata.

Peditharong ya dikgang ke dikitsiso—dipego tsa dikgang tse di tlhagang mo makwalodikgannyeng le dipego ka dilo tse di tlileng go diragala, tse di jaaka dikonsarata, metshameko le dikopano. Bakwadi ba tshwanetse go itse batho ba ba ka nnang ba reka lokwalodikgang gore ba kgone go kwala dikgang tse di malebana le dilo tse ba di kgatlhegelang mo lefelong la bone, tse di ka akaretsang dipego tsa thobo, malatsi a a gopolwang ngwaga le ngwaga le mekete.

Dikarolo tse di ratiwang thata mo makwalodikgannyeng ke tse di begang ka metshameko, dikarolo tsa metlae, ditshwantsho tse di dirang metlae ka boradipolotiki le dikakgelo tsa bagatisi. Dikgangkgolo, dipego tse di tswang kwa dinageng di sele le dipotsolotso tse di dirwang le batho ba ba itsegeng le bomankge ba dikgang dingwe di ka thusa motho go nna le kitso le go mo ntsha bodutu.

Makwalodikgang a Lebana le Bothata

Ka 2002 lokwalodikgang lwa Die Zeit lo ne lwa bega jaana: “Madirelo a makwalodikgang a Jeremane a lebane le bothata jo bogolo jwa tsa madi jo a iseng a ko a lebane le jone pele.” Mme ka 2004 Swiss Press Association e ne ya rekisa palo e nnye thata ya makwalodikgang mo dingwageng di le lesome. Ke eng se se dirang gore selekanyo sa kgatiso ya makwalodikgang se fokotsege?

Lengwe la mabaka ke gore maemo a ikonomi ya lefatshe lotlhe a wetse kwa tlase, mme seno se dira gore dipapatso di fokodiwe mo makwalodikgannyeng, e leng tsone tse di neng di dira peditharong ya lotseno lwa makwalodikgang a le mantsi. Fa gare ga ngwaga wa 2000 le 2004, lokwalodikgang lwa United States lwa Wall Street Journal lo ne lwa latlhegelwa ke diperesente di le 43 tsa lotseno lwa lone lo lo dirwang ke dipapatso. A dipapatso di tla boa di gatisiwa gape fa maemo a ikonomi a ka tlhatloga gape? Dipapatso tse dintsi tse di kwalwang felo go le gongwe fela le tse dingwe tse di tsamaelanang le tsone mo lokwalodikgannyeng tse di malebana le go rekisiwa ga matlo, mebereko le dikoloi ga di sa tlhole di kwalwa mo makwalodikgannyeng ka gonne jaanong di fitlhelwa mo Internet. Gompieno makwalodikgang a gaisana le metswedi ya tshedimosetso ya eleketeroniki—radio, thelebishene le Internet.

Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba santse ba batla go utlwa dikgang. Porofesara wa thutaikonomi ya metswedi ya tshedimosetso e bong Axel Zerdick o ne a bolela jaana mo lokwalodikgannyeng lwa Jeremane la Frankfurt: “Bothata jwa makwalodikgang ga bo maswe go le kalo jaaka fa babegadikgang ba le bantsi ba bolela.” Mokwadimogolo wa karolo nngwe ya lokwalodikgang lwa Jeremane lwa letsatsi le letsatsi e e gatisang dikgang tsa lefelo leo, o bontsha gore o dumalana le kgang eno ka go bolela jaana: “[Lokwalodikgang] lwa kgaolo eno lo santse lo gatisiwa sentle thata.”

Tota le fa go ka twe ga go na sepe se se gaisang lokwalodikgang ka go bolela dikgang tsa bosheng le bokgoni jwa lone jwa go dira gore batho ba nne le se ba tlotlang ka sone, potso e e salang ke gore: A o ka tshepa tsela e dikgang di begwang ka yone? O ka solegelwa molemo jang ke makwalodikgang a o a balang?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

BOBEGADIKGANG—NAMANE E TONA YA TIRO

Motho a ka nna a eletsa e kete le ene e ka bo e le mmegadikgang. Mmegadikgang mongwe yo o nang le lobaka lo loleele a dira tiro eno kwa Fora o bolela jaana: “Fa mmegadikgang a bona leina la gagwe le kwadilwe gore ke ene mmegi wa kgang nngwe, seo se ka dira gore pelo ya gagwe e nne tshweu.” Le fa go ntse jalo, tiro ya bobegadikgang e ka nna le mathata a yone—a a jaaka gore o latlhegelwe ke kgang e o neng o batla go e bega ka gonne e begilwe ke mmegadikgang yo mongwe o sele pele ga gago, gore batho ba o batlang go ba botsolotsa malebana le kgang nngwe ba gane go bua le wena kgotsa go fetsa lobaka lo loleele o emetse tiragalo nngwe e go sa tleng gore e diragale.

Mosadi mongwe yo e leng mokwadi wa lokwalodikgang kwa Poland o ne a bua ka bothata jo bongwe gape. O ne a re: “Ga re nke re itse gore re tla nna leng le nako ya go ikhutsa kgotsa gore re tlile go bereka leng. Ka dinako tse dingwe ga o kgone go nna le nako ya gago o le nosi fela mme tsela e tiro ya rona e direlwang ka bonako ka yone e ka nna ya kgoreletsa le botshelo jwa rona jwa lelapa.” Motho yo pele e neng e le mmegadikgang kwa nageng e pele e neng e le Soviet Union o ile a bua ka sengwe sa dilo tse re ka reng di tshwenya go di gaisa tsotlhe a re: “Ke ne ke tle ke bereke ka natla, mme kwa bofelong kgang ya me e bo e sa gatisiwe.”

Mokwadi mongwe wa dikgang tsa metshameko mo lokwalodikgannyeng lo lo gatisiwang thata kwa Netherlands o ne a bolela jaana: “Gantsi ke bolelelwa gore ga ke itse sepe. Babadi bangwe ba a galefa kgotsa ba a tenega, mme e re ka batho ba rata go gakala ka dinako tse dingwe mo metshamekong, bangwe ba kile ba ntshosetsa ka gore ba tla mpolaya.” Ka gone, ke eng se se tlhotlheletsang babegadikgang go tswelela ka tiro eno ya bone?

Ke boammaaruri gore bangwe ba bone ba ka tswa ba dirwa ke madi a ba a amogelang—mme ga se bone botlhe. Mmegadikgang mongwe yo o berekelang lokwalodikgang longwe lwa kwa Fora o ne a bolela gore ene o dira tiro eno ka gonne a rata go kwala. Mmegadikgang mongwe wa kwa Mexico o ne a re: “Mme gone o kgona go begela batho ka tshedimosetso e go leng botlhokwa gore ba e itse.” Kwa Japane, mokwadi mongwe yo mogolo wa lokwalodikgang lo lo gatisiwang letsatsi le letsatsi lo lo tsayang maemo a bobedi mo lefatsheng lotlhe o ne a re: “Ke a itumela fa ke bona gore ke thusitse batho, mmogo le fa tshiamiso e diragadiwa.”

Ebu, go dira makwalodikgang ga se tiro ya babegadikgang ba le bosi fela. Go ikaegile ka bogolo jwa khampani e e gatisang, go ka nna ga nna le bakwadi, babadi ba tshedimosetso e e tlileng go gatisiwa ka boikaelelo jwa go baakanya diphoso tse di ka tswang di le gone, ba ba sekasekang tshedimosetso go bona gore a e boammaaruri, ba ba bolokang tshedimosetso e e setseng e dule le batho ba bangwe ba bantsi ba ba berekang ka natla ba maina a bone a sa umakiweng mo lokwalodikgannyeng, mme gone ba nnile le seabe gore o kgone go nna le lokwalodikgang.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Lokwalodikgang lwa bogologolo lwa kwa Jeremane le setshegetsi sa segompieno sa makwalodikgang

[Motswedi wa Setshwantsho]

Early German newspaper: Bibliothek für Kunst - und Antiquitäten-Sammler, Vol. 21, Flugblatt und Zeitung, 1922