Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ditekeletso Tse di Boitshepo” Tsa Ba-Quaker

“Ditekeletso Tse di Boitshepo” Tsa Ba-Quaker

“Ditekeletso Tse di Boitshepo” Tsa Ba-Quaker

KA JULY 1656, sekepe se se bidiwang Swallow, se se neng se tswa kwa Barbados kwa West Indies se ne sa emisa kwa Boston, Massachusetts, kwa gone jaanong e leng United States of America. Richard Bellingham, motlatsa mmusi wa kolone ya Massachusetts, o ne a laela gore Mary Fisher le Ann Austin ba tshwarwe mo sekepeng. Gareng ga dithoto tsa bone go ne ga fitlhelwa dibuka di le 100 tse go neng go twe di na le “dithuto tse di senyang, tsa boikeodi le tse di tlhapatsang.”

Dibuka tseno di ne tsa fisiwa kwa marekisetsong. Morago ga foo basadi bao ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong mme ba apolwa diaparo tsa bone tsotlhe ba bo ba tlhatlhobiwa go bona gore a ga se baloi. Fensetere ya sele ya bone e ne e kannwe mme ka dibeke di le tlhano basadi bano ba ne ba tshwanela gore ba nne mo lefifing. Ope fela yo o neng a ka leka go bua le bone o ne a itsenya mo kotsing ya go duedisiwa faene ya diponto di le tlhano. Kgabagare Mary Fisher le Ann Austin ba ne ba busediwa Barbados.

Mokwalahisitori mongwe wa nako eo o ne a botsa mmakaseterata jaana: “Ke ka ntlha yang fa go tla ga basadi ba babedi bano go ile ga lo tshosa jaana, e kete lo tlhasetswe ke sesole se se nonofileng?” Basadi ba babedi bano ba go neng go twe ba “kotsi” e ne e le barongwa ba ntlha ba Ba-Quaker ba ba ileng ba fitlha kwa Amerika Bokone. Ba-Quaker e ne e le bomang mme ke ka ntlha yang fa go ne go tsewa gore ba kotsi?

Mokgatlho wa Ditsala

Ba-Quaker kgotsa Mokgatlho wa Bodumedi wa Ditsala, o ne wa simologa ka lekgolo la bo17 la dingwaga kwa Engelane. Mothei wa mokgatlho ono wa Ditsala e ne e le George Fox (1624-91), morwa wa mologi mongwe yo o tshotsweng kwa Leicestershire. Go bolelwa gore morago ga gore Fox a utlwe se a neng a re ke lentswe la kgakgamatso, o ne a swetsa gore o kgona go bua ka tlhamalalo le Modimo le go amogela tshedimosetso kwantle ga thuso ya motho. Buka ya A Religious History of the American People ya re: “Go dumelwa gore letlha le Mokgatlho wa Ditsala o simolotseng ka lone ke 1652.”

Go tlile jang gore Mokgatlho ono wa Ditsala o bidiwe Ba-Quaker? Buka nngwe e bolela gore “ba ne ba na le go nna ba tetesela fela thata pele ga ba bona tshenolo ya Modimo.” E nngwe ya re: “Ba ne ba na le go roroma thata fa ba itshekisiwa le fa ba bona bogolo jwa Modimo.” Boikaelelo jwa Ba-Quaker e ne e le go bona boammaaruri jwa bodumedi le go tsosolosa Bokeresete jwa bogologolo.

Ba ne ba bolela gore ba ikaegile ka moya o o boitshepo go bona kaelo, ka baporofeti ba Baebele, baaposetoloi ba ga Keresete le ka “lesedi” kgotsa “lentswe” la kafa teng la se ba neng ba re ke boammaaruri jwa semoya. Ka jalo, dikokoano tsa bone e ne e le nako ya gore ba nne mmogo go bo go nna le tidimalo mo mongwe le mongwe a neng a batla kaelo ya Modimo. Ope fela yo neng a amogela molaetsa go tswa kwa Modimong o ne a ka kgona go bolelela ba bangwe. *

Ba-Quaker ba ne ba dumela mo go reng dilo di dirwe ka tolamo, boikanyegi jo bo feletseng, ba tshela botshelo jo bo motlhofo e bile ba se na thubakanyo. Gape ba ne ba dumela gore Bakeresete botlhe, go akaretsa le basadi, ba tshwanetse go nna le seabe mo tirelong. E re ka ba ne ba sa dumele mo dikerekeng, ba sa kopanele mo meetlong ya dikereke mme ba bolela gore ba kaelwa ke lentswe la kafa teng e seng ke setlhopha sa baruti, Ba-Quaker ba ne ba tsenya batho letshogo le dipelaelo. Selo se se neng se tshwenya batho thata e ne e le tlhoafalo ya bone mo tirong ya go rera, e e neng e dira gore batho ba ba galefele, ba tlhaselwe ke digopa le gore balaodi ba tseye kgato kgatlhanong le bone.

Kwa Engelane, Ba-Quaker ba ne ba bogisiwa le go tsenngwa mo kgolegelong mme kwa New England ba ne ba lelekwa le go bolawa. Ka sekai, gare ga ngwaga wa 1659 le 1661, barongwa bano e bong Mary Dyer, William Leddra, William Robinson, le Marmaduke Stephenson ba ne ba kalediwa kwa Boston. Ba bangwe ba ne ba bofiwa ka ditshipi le go babolwa ka ditshipi tse di fisang kgotsa go itewa ka seme. Ba bangwe ba ne ba kgaolwa ditsebe. Monna mongwe yo o bidiwang William Brend o ne a itewa dithupa di le 117 mo mokwatleng a sa apara sepe ka thapo e e tshasitsweng sekontere. Le fa ba ne ba tshwarwa setlhogo jalo, palo ya Ba-Quaker e ne ya tswelela e oketsega.

William Penn le “Ditekeletso Tse di Boitshepo”

Go simologa ka 1681, botshelo jwa Ba-Quaker kwa Amerika Bokone bo ne jwa fetoga ka tsela e e gakgamatsang. Mo go se go neng go twe ke “ditekeletso tse di boitshepo” mo tsamaisong ya puso, William Penn (1644-1718), mosokologi yo mosha wa Moesemane wa Mokgatlho wa Ditsala, o ne a tlhoma kolone e e neng e theilwe mo megopolong ya Ba-Quaker e bile e laolwa ke Ba-Quaker. Ene Penn yono, yo e neng e le morwa wa molaodimogolo wa sesole sa Boritane, mme ene a ne a sa rate ntwa, o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go bua le go kwala ka dikgopolo tsa gagwe.

Kgosi ya Engelane e ne ya naya Penn karolo e kgolo ya setsha kwa Amerika Bokone, e le go mo duelela se ba neng ba se kolota rraagwe. Lekwalo lengwe la segosi le ne la naya Penn yo mmotlana mo e batlang e nna maatla a a feletseng mo koloneng e ntšha eno, e e neng ya bidiwa Pennsylvania, e e rayang Sekgwa sa ga Penn, go ikgopotsa rragwe e bong Molaodimogolo wa Sesole Penn. Kwa lefelong leo, batho ba ditumelo tsotlhe ba ne ba tla nna le kgololesego ya bodumedi.

Penn o ne a roma pele ntsalae e bong William Markham kwa Amerika gore e nne moemedi wa gagwe mo Bayuropeng ba le mmalwa ba ba neng ba le mo koloneng eo e ntšha le go tlhokomela gore ba ikanyega mo go ene, le gore a reke setsha mo Baamerikeng ba ba tlholegileng koo. Ka 1682, Penn o ne a tsamaya ka sekepe mo Nokeng ya Delaware go ya lekgetlho la ntlha kwa koloneng ya gagwe. O ne a dira tumalano e e se nang boferefere le batho ba kwa Shackamaxon (e gone jaanong e bidiwang Kensington, e e leng karolo ya Philadelphia). Morago ga foo, mo e ka nnang kilometara e le nngwe go tswa kwa Shackamaxon, o ne a rulaganya naga e ntšha mme a e thaya leina la Philadelphia, le le kayang “Lorato lwa Bokaulengwe.” E ne ya gola ka bonako.

Penn o ne a boela kwa Engelane mme a buelela kolone e ntšha eno go rotloetsa batho gore ba fudugele koo. O ne a tlhalosa ka naga le dikgwa tse dintle, noka e ntle, diphologolo tsa naga le matlalo a diphologolo. O ne a solofetsa gore puso e ntšha e tla dira gore madumedi a mangwe a amogelwe le gore go nne le kagiso mo gare ga batho botlhe. Mongwe le mongwe o ne a amogelesega—bagwebi, bahumanegi le batho ba ba nang le dikgopolo tse di neng di tla thusa go dira gore go nne le puso e e siameng.

E re ka Ba-Quaker ba ne ba solofetse go tswa mo mathateng a Yuropa a tsa loago le a tsa dipolotiki, ba ne ba tswa kwa Engelane le Ireland e e kwa Bokone. Ba-Menno le ditlhopha tse dingwe tse di tshwanang le tsone di ne tsa tla go tswa kwa kgaolong ya Rhine kwa Yuropa. Bontsi jwa baagi ba ntlha e ne e le Ba-Quaker mme Penn o ne a ba bolelela gore ba tlile go nna le isagwe e e atlegileng tota. Ka 1683 o ne a kwala jaana: “Go ile ga tshwarwa dikokoanotheomolao di le pedi, . . . mme go ile ga tlhomiwa bobotlana melao e le 70 mme go se na sepe se go sa dumalanweng ka sone.” Le fa go ntse jalo, tsholofelonyana e batho ba le bantsi ba neng ba na le yone ga ya ka ya tsaya lobaka lo lo kalo.

Ditekeletso di Simolola go Phutlhama

Molaomotheo wa kolone ya ga Penn o ne o naya mongwe le mongwe kgololesego ya segakolodi. Ka jalo, fa go ne go bonala go tlhokega gore go dirisiwe dikgoka go tlhomamisa gore go nne le molao le tolamo, go se rate ntwa ga Ba-Quaker go ne go baka bothata—bothata jo bo ileng jwa gola fa nako e ntse e tsamaya. Kwa tshimologong, Penn o ne a fedisa kgang ka go tlhoma batho ba e neng e se Ba-Quaker gore e nne bathusi ba gagwe, ba a neng a re ba tla kgona go “gagamatsa letsogo mo moagelaning fa go tlhokega.” Ka 1689, fa go ne go bonala e kete ntwa e tloga e faga kgatlhanong le Fora, go se rate ntwa go ga Ba-Quaker go ne ga etegetsa bothata.

Mo godimo ga moo, go ne ga fitlha diketekete tsa baagi ba basha, ba bontsi jwa bone e neng e se Ba-Quaker mme ba tsaya lefatshe ka dikgoka mo Baamerikeng ba ba tlholegileng koo. Ka jalo, e re ka Ba-Quaker ba ne ba simolola go fokotsega, dikamano le batho ba koo di ne tsa senyega le go feta.

Tsamaiso ya sepolotiki ya Ba-Quaker e ne ya phutlhama gotlhelele fa mmusi le lekgotla la gagwe ba ne ba tsosa ntwa kgatlhanong le merafe ya kwa Delaware le Shawnee ka 1756. Seno se ne sa dira gore Ba-Quaker ba ikgogele morago mo dilong tsa puso mme sa fedisa puso ya bone. Ka jalo, mo e ka nnang dingwaga di le 75 morago ga gore “ditekeletso tse di boitshepo” tsa ga Penn tsa go aga puso di simologile, e ne ya fela.

Fa nako e ntse e tsamaya, tlhagafalo ya bodumedi ya Ba-Quaker le yone e ne ya simolola go fokotsega fa go rata dilo tse di bonalang ga bone go ne go oketsega. Mo-Quaker mongwe yo o bidiwang Samuel Fothergill o ne a re: “E re ka jaanong dikgatlhego tsa bone di ne di le mo lefatsheng leno, [baagi ba Ba-Quaker] ba ne ba sa tlhole ba kgona go ruta bana ba bone melaometheo e bone ka bobone ba neng ba e lebetse.” Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga simolola go nna le makoko.

Penn le batshegetsi ba gagwe ba ka tswa ba ne ba na le maitlhomo a a siameng e bile ba atlegile go sekae; le fa go ntse jalo, e ka tswa e le gore ba ne ba sa tlhaloganye sentle kgotsa ba ile ba itlhokomolosa thuto ya ga Jesu ya gore ene le barutwa ba gagwe ga se “karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Ka jalo, maiteko ape a a dirwang, le fa a ka tswa a dirwa ka maitlhomo a mantle, a go kopanya bodumedi le dipolotiki tsa lefatshe leno, Modimo le Morwawe ba ka se a segofatse. (Jakobe 4:4; 1 Johane 5:19) Ka jalo, a ka se ka a atlega.—Pesalema 127:1.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Gompieno, dikereke di le dintsi tsa Ba-Quaker di na le moruti yo o duelwang yo o tshwarang ditirelo ka tsela e e rulagantsweng.

[Lebokoso mo go tsebe 12]

“BOGOSI JWA ME GA SE KAROLO YA LEFATSHE LENO”

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bua mafoko ao a a mo go Johane 18:36? Re bona karabo fa re tlhaloganya se Bogosi jwa Modimo e leng sone. Bogosi jwa Modimo jo e neng e le setlhogo se Jesu a neng a bua thata ka sone fa a ne a ruta, tota ke puso ya lefatshe kafa tlase ga Jesu Keresete. (Isaia 9:6, 7; Luke 4:43) Go na le gore Bogosi jono bo laole go dirisiwa dipuso tsa batho, bo tla fedisa dipuso tseno mme e tla nna jone puso e le yosi mo lefatsheng. (Daniele 2:44; 7:13, 14) Fa seno se direga go tla bo go direga se Jesu a neng a bua ka sone mo thapelong ya sekao fa a ne a re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Batho ba ba kutlo ba ba tla bong ba busiwa ke Bogosi joo ba tla nna le botshelo jo batho ba ba neng ba na le maitlhomo a mantle ba ba tshwanang le William Penn ba neng ba se kitla le ka motlha ba kgona go dira gore bo nne gone—ba tla nna le botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng e e nang le kagiso.—Luke 23:43; Tshenolo 21:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ba-Quaker ba kopane kwa Philadelphia, ka bo1800

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mo-Quaker yo o bidiwang Mary Dyer a tsewa go ya go bolawa kwa Massachusetts Bay Colony

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Ba-Quaker ba tswa kwa Engelane ka bo1600

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

William Penn a dira tumalano le Baamerika ba ba tlholegileng koo, ka 1682

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

Both pictures: © North Wind Picture Archives

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Boats: © North Wind Picture Archives; treaty: Brown Brothers