O ne O ka Reng?
O ne O ka Reng?
GO DIRAGETSE KAE?
1. Jesu o tsholetswe kae?
Thala mola go dikologa karabo ya gago mo mmapeng ono.
Bethelehema [Sebulone]
Nasaretha
Jerusalema
Bethelehema (Eferatha)
◆ Go bonala Jesu a ne a tsholwa leng?
․․․․․
◆ Ke balepadinaledi ba le kae ba ba neng ba etela Jesu?
․․․․․
◆ Ke mang yo o neng a kaela naledi e e neng ya isa balepadinaledi kwa go Jesu?
․․․․․
▪ Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: A go tla bo go siame go keteka letsatsi la botsalo jwa ga Jesu ka December 25? Ke ka ntlha yang fa o rialo?
GO DIRAGETSE LENG?
Thala mola o o golaganyang tiragalo nngwe le nngwe le ngwaga o o gaufi thata o tiragalo eo e diragetseng ka one.
706 B.C.E. 607 537 455 66 C.E. 70
2. Nehemia 2:5-8, 18
KE NNA MANG?
5. Ke ne ka dirwa semumu ka gonne ke ne ke sa dumele se Gabariele a neng a se bua.
KE NNA MANG?
6. Ke ne ke le moporofeti wa mosadi yo o neng a ya go bona Jesu kwa tempeleng.
TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
Araba dipotso tseno o bo o feleletse ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
Tsebe 11 Batsadi ba ba tlhomang melao e e utlwalang ba etsa Jehofa jang? (Pesalema 32:․․․)
Tsebe 12 Motho yo o sematla o ntsha eng? (Diane 29:․․․)
Tsebe 17 Go ne go dirisiwa eng go tshwantshetsa tumalano e e tlamang motho? (Dipalo 18:․․․)
Tsebe 18 Lengwe la mabaka a go bo re tshwanetse go nna kelotlhoko ka tsela e re dirisang bojalwa ka yone ke lefe? (Isaia 5:․․․)
Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
(Dikarabo di mo tsebeng ya 22)
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Bethelehema (Eferatha).
◆ Kgwedi ya Ethanime (September/October) 2 B.C.E.
◆ Palo e e sa itsiweng.
◆ Go ka direga thata gore e ne e le Satane.
2. 455 B.C.E.
3. 607 B.C.E.
4. 66 C.E.
5. Sekaria.—Luke 1:18-23.
6. Ana.—Luke 2:36-38.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Bottom circle: ‘The Donkey Sanctuary’, Sidmouth, Devon, UK