Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A e Tshwanetse ya Ikanngwa Kgotsa Nnyaa

A e Tshwanetse ya Ikanngwa Kgotsa Nnyaa

Mokwadi mongwe wa diterama tsa Seesemane e bong William Shakespeare o ne a kwala jaana: “O se ka wa ikanya mapolanka a a bodileng.” Ee, pele ga o palama mo godimo ga mapolanka a a mo mokorong o tshwanetse go tlhomamisa pele gore a ga a bola.

MAFOKO a ga Shakespeare a dumalana le mafoko ano a Kgosi e e botlhale ya Iseraele wa bogologolo e bong Solomone: “Yo o sa tlhalefang ke madumelagotlhe, mme letlhale le ela dikgato tsa lone tlhoko.” (Diane 14:15, Beibele ya Tswana Central) Ee, motho yo o sa tlhalefang o tla amogela sengwe le sengwe fela se a se utlwang mme a theye ditshwetso le dikgato tse a di tsayang mo kgakololong e e se nang mosola kgotsa mo dithutong tse di se nang motheo. Go ikanya sengwe le sengwe fela—jaaka go palama mo godimo ga mapolanka a a bodileng—go ka re bakela masetlapelo. O ka nna wa ipotsa gore, ‘A go na le motswedi ope fela wa kaelo o tota re ka o ikanyang?’

Batho ba le dimilione go ralala lefatshe ba ikanya ka botlalo buka nngwe ya bogologolo e e bidiwang Baebele e e Boitshepo. Ba ikaegile ka buka eno gore e ba kaele mo dikgatong tsa bone. Ba thaya ditshwetso tse ba di dirang go ya ka kgakololo ya yone e bile ba dira gore dilo tse ba di dirang di tsamaisane le dithuto tsa yone. A seno se raya gore batho bano ba tsamaya mo godimo ga mapolanka a a bodileng? Karabo ya potso eo e ikaegile thata ka karabo ya potso e nngwe, A go na le mabaka a a utlwalang a go ikanya Baebele? Kgatiso e e kgethegileng eno ya makasine wa Tsogang! e sekaseka bosupi jwa gone.

Boikaelelo jwa kgatiso eno ya makasine wa Tsogang! ga se go go pateletsa gore o amogele ditumelo tsa bodumedi jo bo rileng. Go na le moo, e tlhalosa fela bosupi jo bo nonofileng jo bo ileng jwa tlhatswa dimilione tsa batho pelo gore tota ba ka ikanya Baebele. Fa o sena go bala ditlhogo tse di latelang, o ka nna wa itirela tshwetso ya gore a o tshwanetse go ikanya Baebele.

O tlhoka go tlhatlhoba kgang eno ka kelotlhoko. Mme fa e le gore Baebele ruri ke motswedi wa kaelo o o ikanyegang o o tswang go Mmopi, he, go botlhokwa gore wena le baratiwa ba gago lo sekaseke se e se buang.

Le fa go ntse jalo, sa ntlha mma re sekaseke mabaka mangwe a a tlhomologileng ka Baebele. Gone mme ke buka e e tlhomologileng tota.