Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Dirang Gore re Nne Molemo Kgotsa Bosula?

Ke Eng se se Dirang Gore re Nne Molemo Kgotsa Bosula?

Baebele ya Reng

Ke Eng se se Dirang Gore re Nne Molemo Kgotsa Bosula?

HISITORI e tletse ka dipego tsa letlhoo le tshololo ya madi. Le fa go ntse jalo, mo maemong ano a a utlwisang botlhoko go dirwa ditiro tsa bopelonomi tse di tlhomologileng le go intsha setlhabelo. Ke eng fa motho yo mongwe a nna mmolai yo o setlhogo fa yo mongwe ene a nna motho yo o pelotlhomogi? Ke eng fa ka dinako dingwe batho ba itshwara jaaka diphologolo?

Go sa Itekanelang le Segakolodi

Baebele e bolela jaana ka tlhamalalo: “Dikakanyo tsa pelo ya motho di bosula go tswa bonyaneng jwa gagwe.” (Genesise 8:21, Tswana Central) Ka jalo, bana ba na le go tlhoka tsebe. (Diane 22:15) Go tloga fela fa re tsholwa, rotlhe re na le tshekamelo ya go dira bosula. (Pesalema 51:5) Gore re dire se se siameng go tlhokega maiteko, jaaka fa motho a kgweetsa mokorwana fa go tlhatlogelang gone a lebane le makhubu.

Le fa go ntse jalo, gape re neilwe segakolodi. Boikutlo jono jo re tsholwang ka jone jwa go itse se se siameng le se se sa siamang, bo tlhotlheletsa bontsi jwa rona gore re itshware ka tsela e e siameng. Ka ntlha ya seno, tota le batho ba ba sa rutiwang boitsholo ba ka nna pelonomi. (Baroma 2:14, 15) Le fa go ntse jalo, jaaka go bontshitswe fa godimo, go sekamela ga rona mo go direng se se sa siamang go ka dira gore go tsoge ntwa mo teng ga rona. Ke eng se sengwe gape se se tlhotlheletsang ntwa eno e e mo teng ga rona?

Tikologo e e Senyegileng

Leobu le fetola mmala wa lone gore o tshwane le tikologo e le leng mo go yone. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba tsalanang le dikebekwa, gantsi ba tla tsaya mekgwa ya tsone. Baebele e tlhagisa jaana: “O se ka wa sala mmudubudu morago ka boikaelelo jwa go dira bosula.” (Ekesodo 23:2) Kafa letlhakoreng le lengwe, go itsalanya le ba ba ikanyegang, ba ba ratang tshiamo le ba ba nang le boitsholo jo bontle go re rotloetsa go dira se se molemo.—Diane 13:20.

Le fa go ntse jalo, re ka se ka ra tsaya gore re sireletsegile mo tlhotlheletsong e e bosula, fela ka gonne re sa itsalanye le ba ba dirang bosula. Ka ntlha ya bosaitekanelang jwa rona, bosula bo ka nna mo megopolong ya rona, bo emetse tshono e e siameng gore bo itlhagise. (Genesise 4:7) Mo godimo ga moo, bosula bo ka tsena mo matlong a rona ka metswedi ya tshedimosetso. Metshameko ya bidio, dithulaganyo tsa thelebishene le difilimi di galaletsa ntwa le ditiro tsa go ipusolosetsa. Tota le go lebelela kgotsa go bala dikgang tsa lefatshe kgotsa tsa mo re nnang teng go ka dira gore re se ka ra tlhola re utlwela batho ba ba sotlegang le ba ba mo tlalelong botlhoko.

Ke eng se se bakang gore tikologo e senyege jaana? Baebele e araba jaana: “Lefatshe lotlhe le mo thateng ya yo o bosula.” (1 Johane 5:19, Tswana Central) “Yo o bosula,” yono e bong Satane Diabolo o tlhalosiwa mo Dikwalong e le moaki le mmolai. (Johane 8:44) O anamisa bosula ka go dirisa tlhotlheletso ya lefatshe la gagwe.

Ka ntlha ya mabaka ano otlhe a a tlhotlheletsang maikutlo le ditiro tsa rona, bangwe ba ka nna ba ipolelela gore ga se molato wa bone go bo ba dira ditiro tse di bosula. Mme gone, boammaaruri ke eng? Fela jaaka leotwana la go kgweetsa le laola kwa koloi e yang gone le selaolasekepe se laola sekepe, tlhaloganyo e laola mmele.

Molemo Kgotsa Bosula—Itlhophele

Tiro nngwe le nngwe e e dirwang ka boikaelelo jo bo rileng, e ka tswa e le molemo kgotsa bosula, ya bo e eteletswe pele ke mogopolo o o rileng. Fa o jala megopolo e e siameng le e e molemo o roba matswela a a molemo. Le fa go ntse jalo, fa e le gore dipeo tsa bopelotshetlha di letliwa go gola mo tlhaloganyong, go tla nna le ditiro tse dintsi tse di bosula. (Luke 6:43-45; Jakobe 1:14, 15) Ka jalo, go ka twe motho o siame kgotsa o bosula go ya ka se a se tlhophang.

Se se itumedisang ke gore, Baebele e bontsha gore re ka kgona go ithuta go dira molemo. (Isaia 1:16, 17) Lorato ke maatla a a re tlhotlheletsang go dira se se siameng, e re ka “lorato lo [sa] direle moagelani bosula.” (Baroma 13:10) Fa re leka go bontsha batho lorato, go ka se direge gore re ba direle bosula.

Seo ke se Ray wa kwa Pennsylvania kwa U.S.A., a se ithutileng. E re ka a ne a rutilwe go lwa a sa ntse a le monnye, o ne a fiwa leina la matlhaletso ka bonako ka go bo a ne a rata go lwa. Gape o ne a na le bothata jwa go galefa ka bonako. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go dirisa melaometheo ya Baebele, o ne a dira diphetogo ka bonya ka bonya. Mme seno se ne se se motlhofo ka metlha. Ka dinako tse dingwe, o ne a ikutlwa ka tsela eno e mokwadi wa Baebele e bong Paulo a neng a ikutlwa ka yone: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” (Baroma 7:21) Gone jaanong, morago ga dingwaga tse dintsi tsa go dira maiteko a magolo a go lwa le bothata jono, Ray o kgona go ‘fenya bosula ka molemo.’—Baroma 12:21.

Ke ka ntlha yang fa go le molemo “[go tsamaya] mo tseleng ya batho ba ba molemo”? (Diane 2:20-22) Ka gonne, kgabagare molemo o tla fenya bosula. Baebele e tlhalosa jaana: “Gonne badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa . . . Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:9-11) Modimo o tla tlosa bosula bope fela jo bo leng teng. A bo batho botlhe ba ba lekang ka natla go dira molemo ba emetswe ke isagwe e e itumedisang jang ne!

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● Ke mang yo o ikarabelelang ka se re se dirang?—Jakobe 1:14.

● A go a kgonega go fetola tsela e re dirang dilo ka yone?—Isaia 1:16, 17.

● A bosula bo tla tsamaya bo fela?—Pesalema 37:9, 10; Diane 2:20-22.

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Motho a ka nna yo o siameng kgotsa yo o bosula go ya ka se a se tlhophang