Kafa o ka Lepalepanang le go Kwakwaetsa ka Teng
Kafa o ka Lepalepanang le go Kwakwaetsa ka Teng
“Fa ke kwakwaetsa, ke a tshoga mme ke bo ke kwakwaetsa le go feta. Go ntse jaaka e kete ke mo teng ga khuti e e kwa teng mme ga ke kgone go tswa. Ka lekgetlo lengwe nkile ka ya go bona moithutatlhaloganyo gore a nthuse. O ne a re ke tlhoka go ipatlela kgarebe—ke tlhakanele dikobo le ene gore ke oketse go itshepa ga me! Mme gone ga ke a ka ka boela gape koo. Ke batla fela gore batho ba nkamogele jaaka ke ntse.”—Rafael wa dingwaga di le 32.
AKANYA fela gore go tla bo go ntse jang fa go kopa tekete ya bese fela go dira gore o fufulelwe mme fa o bua, gantsi o palelwa ke go bitsa mafoko, o boeletsa modumo wa lefoko la ntlha. Ke se se diregang ka batho ba ba ka nnang dimilione di le 60 lefatshe ka bophara—a le mongwe mo go ba le 100—ba ba kwakwaetsang. Gantsi ba a sotliwa le go tlhaolwa. Ba ka nna ba bo ba tsewa ba se botlhale thata, ka gonne ba emisetsa mafoko a a thata ka a a motlhofo gore ba kgone go a bitsa.
Ke eng se se bakang go kwakwaetsa? A go ka alafiwa? A go na le sengwe se motho yo o kwakwaetsang a ka se dirang gore a bue ka thelelo? * Batho ba bangwe ba ka dira eng go thusa?
A re Itse Gore go Bakiwa ke Eng?
Batho bangwe ba bogologolo ba ne ba dumela gore go kwakwaetsa go bakiwa ke meya e e bosula, e e neng e tshwanetse go kobiwa. Mo Metlheng ya Bogare, loleme lo ne lo tsewa e le lone lo bakang seno. “Tharabololo” e ne e le eng? Ditshipi tse di bolelo le ditswaiso tse di babang! Mo makgolong a dingwaga moragonyana dingaka tse di arang di ne di sega ditshikana le mesifa ya loleme mme ba ne ba ntsha le dikodu go fodisa go kwakwaetsa. Mme mekgwa e e setlhogo eo e ne ya palelwa yotlhe go fitlhelela maikaelelo a bone.
Dipatlisiso tsa bosheng di akantsha gore go kwakwaetsa go ka tswa go bakiwa ke dilo tse dintsi mme e seng selo se le sengwe fela. Lebaka le lengwe e ka nna tsela e motho a tsibogelang go ngomoga pelo ka yone. Le lengwe e ka tswa e le dijini, ka gonne diperesente di le 60 tsa batho ba ba kwakwaetsang ba na le ba masika ba ba nang le bothata jo bo tshwanang. Mo godimo ga moo, dipatlisiso tse mo go tsone go dirisiwang ditshwantsho tsa boboko di akantsha gore boboko jwa motho yo o kwakwaetsang bo dirisa puo ka tsela e e farologaneng. Dr Nathan Lavid mo bukeng ya gagwe ya Understanding Stuttering a re: Bangwe “ba ka nna ba simolola go bua pele ga boboko bo tlhalosa kafa mafoko a tshwanetseng go bidiwa ka teng.” *
Ka jalo, lebaka le legolo la go bo motho a kwakwaetsa ga se gantsi go amanang le tlhaloganyo, jaaka go ne go kile ga akanngwa. Buka ya No Miracle Cures ya re: “Ka mafoko a mangwe, go kwakwaetsa ga go amiwe ke tumelo mme batho ba ba kwakwaetsang ba ka se ka ba patelediwa gore ba bue sentle ka go tlhotlheletsa megopolo ya bone.” Le fa go ntse jalo, batho ba ba kwakwaetsang, ba ka nna le mathata a tlhaloganyo ka ntlha ya bothata jwa bone. Ka sekai, ba ka nna ba tshaba maemo a a rileng, a a jaaka go bua mo gare ga batho kgotsa mo thelefounong.
Go Thusa Batho ba ba Kwakwaetsang
Se se kgatlhang ke gore, gantsi batho ba ba kwakwaetsang ba kgona go opela, go sebaseba, go bua ba le nosi kgotsa le diphologolo tse ba di ruileng, go bua mmogo le batho ba bangwe, kgotsa go etsa tsela e ba bangwe ba buang ka yone ba kwakwaetsa go sekaenyana fela kgotsa ba sa kwakwaetse gotlhelele. Mo godimo ga moo, diperesente di le 80 tsa bana ba ba kwakwaetsang ba tlogela go kwakwaetsa kwantle ga kalafi. Mme go tweng ka diperesente tse dingwe tse 20?
Gompieno go na le dithulaganyo tsa kalafi ya puo e e ka tokafatsang tsela e motho a buang ka yone. Mekgwa mengwe ya gone e akaretsa go repisa lotlhaa, dipounama le loleme le go hema go tswa mo letswalong. Batho ba ba nnang le bothata jono gape ba rutiwa “tsela e e bonolo ya go simolola,” e e akaretsang go hema ka bokhutshwane go tswa mo letswalong le go ntsha moya o monnye pele ba simolola go bua. Mo godimo ga moo, ba ka nna ba rotloediwa go lelefatsa ditumanosi tsa bone le ditumammogo dingwe. Lobelo lwa puo lo ka okediwa ka bonya ka bonya fa go bua ka thelelo go ntse go tokafala.
Go nna le bokgoni jo bo ntseng jalo go ka nna ga tsaya diura di se kae fela. Mme go atlega go dirisa ditsela tseo fa motho a tlaletswe go ka nna ga tsaya diura di le dintsi tsa go ikatisa.
Thapiso e tshwanetse go simolola motho a le monnye go le kana kang? A go siame go leta fela gore o bone gore a ngwana o tla tlogela go kwakwaetsa ka boene fa a ntse a gola? Dipalo di akantsha gore diperesente tse di kwa tlase ga di le 20 tsa bana ba ba kwakwaetsang ka dingwaga di le tlhano ba tlogela go kwakwaetsa ka bobone. Buka ya No Miracle Cures ya re: “Fa ngwana a le dingwaga di le thataro, go ka se direge gore a tlogele go kwakwaetsa kwantle ga kalafi ya puo.” Buka eo e oketsa ka gore, ka gone, “bana ba ba kwakwaetsang ba tshwanetse go isiwa kwa ngakeng e e tlhatlhobang puo ka bonako ka mo go kgonegang ka teng.” Mo diperesenteng di le 20 tsa bana ba ba tswelelang pele ba kwakwaetsa go fitlha ba nna bagolo, diperesente tse di ka nnang 60 go ya go 80 tsa bone di thusiwa ke kalafi ya puo. *
Leba Dilo ka Tsela e di Ntseng ka Yone
Go ya ka ngaka nngwe ya puo e bong Robert Quesal, yo le ene a kwakwaetsang, go bua ka thelelo
gotlhelele mo maemong otlhe ga se mokgele o batho ba le bantsi ba ba kwakwaetsang ba ka kgonang go o fitlhelela. Rafael, yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, ga a ise a kgone go fenya bothata jono ka mo go feletseng, le fa gone go bua ga gagwe ka thelelo go tokafetse. A re: “Bothata jwa me bo bonala fa ke tshwanetse go bala kgotsa go bua fa gare ga batho kgotsa fa go na le mongwe wa bong bo sele yo montle. Ke ne ke le ditlhong thata ka gonne batho ba ne ba ntshega. Le fa go ntse jalo, gone jaanong, ke lekile go amogela tsela e ke ntseng ka yone le gore ke se ka ka itsaya ke le botlhokwa thata. Ka jalo, gone jaanong fa lefoko lengwe le dira gore ke kwakwaetse, ke kgona go itshegela fela, mme ke bo ke leka go phuthologa le go tswelela.”Mafoko a ga Rafael a tsamaisana le se Stuttering Foundation of America e se bolelang gore “go fenya bothata jwa go kwakwaetsa gantsi go batla gore motho a se ke a tshaba go kwakwaetsa mme se se botlhokwa ke gore a nne a leke ka natla.”
Batho ba bantsi ba ba nang le bothata jono ga ba a bo letla gore bo ba thibele go tshela botshelo jo bo nang le bokao. Bangwe ba ile ba bo ba tuma, go akaretsa mankge wa fisikisi e bong Motlotlegi Isaac Newton, radipolotiki e bong Winston Churchill le modiragatsi wa Moamerika e bong James Stewart. Ba bangwe ba ile ba tlhagolela bokgoni jo bo sa akaretseng puo, jo bo jaaka go tshameka seletswa sengwe, go taka kgotsa go ithuta puo ya diatla. Rona ba re kgonang go bua re sa kwakwaetse re tshwanetse go anaanela maiteko a magolo a batho ba ba kwakwaetsang ba a dirang. Ka jalo a re ba kgothatseng le go ba tshegetsa ka ditsela tsotlhe tse re ka di kgonang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 4 Diperesente tse di fetang 80 tsa batho ba ba kwakwaetsang ke banna.
^ ser. 7 Dikgopolo tsa bosheng malebana le se se bakang go kwakwaetsa le gore ke dikalafi dife tse di tshwanelang, le fa di ka tswa di na le dilo tse di tshwanang ka tsone, di ka tswa di sa dumalane ka metlha. Tsogang! ga e buelele kgopolo kgotsa kalafi epe e e rileng.
^ ser. 13 Ka dinako tse dingwe, batho ba ba neelang kalafi ba ka nna ba akantsha didirisiwa tse di thusang gore o se ka wa kwakwaetsa tse di dirang gore batho ba diege go utlwa se o se buang kgotsa melemo e e fokotsang tlhobaelo e e amanang le go bua.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]
O KA THUSA JANG MOTHO YO O KWAKWAETSANG?
● Dira gore go nne le tikologo e e ritibetseng, e e iketlileng. Mofuta wa botshelo jwa segompieno wa go itlhaganela, o o nang le kgatelelo e kgolo gantsi o oketsa bothata.
● Go na le gore o bolelele motho yo o kwakwaetsang gore a bue ka bonya, mo tlhomele sekao ka go bua ka bonya. Reetsa ka kelotlhoko. O se ka wa mo tsena ganong. O se ka wa feleletsa mafoko a gagwe. Kgwa moya pele ga o araba.
● Tila go mo tshwaya diphoso le go baakanya se a se buang. Bontsha gore o kgatlhegela se a se buang e seng kafa a buang ka teng, ka go mo leba sentle mo matlhong, ka ponalo ya gago ya sefatlhego, ka tsela e o itshikinyang mmele ka yone le ka dikakgelo tsa gago.
● Go kwakwaetsa ga e a tshwanela go nna kgang e go sa buiweng ka yone. Go nyenya ka botsalano le go umaka bothata ka bopelonolo ka dinako tse dingwe go ka nna ga dira gore motho yo o kwakwaetsang a gololesege. Gongwe o ka nna wa bua sengwe se se jaaka seno: “Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go bua se re batlang go se bua.”
● Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, mo tlhomamisetse gore o mo amogela jaaka a ntse.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]
“KA BONYA KE NE KA FOKOTSA GO KWAKWAETSA”
Víctor, yo o neng a kwakwaetsa ka dingwaga di le mmalwa ka nako ya fa go ne go na le mathata a magolo mo lelapeng, o ne a kgona go fenya bothata jwa gagwe jwa puo kwantle ga kalafi. E re ka e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, se se tshwarwang beke nngwe le nngwe mo diphuthegong tsotlhe. Le fa gone sekolo seno se sa direlwa go thusa ka kalafi ya puo, se thusa baithuti gore ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go bua le gore ba kgone go itshepa.
Buka e e dirisiwang e na le setlhogo se se reng Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Kafa tlase ga setlhogo se se reng “Go Lebana le Bothata Jwa go Kwakwaetsa,” buka eno ya re: “Go botlhokwa gore o nne o ntse o leka. . . . Fa e le gore o tlile go neela puo, baakanyetsa sentle. Dira bojotlhe mo go e neeleng ga gago. . . . Fa o simolola go kwakwaetsa fa o ntse o bua, diga lentswe la gago kafa o ka kgonang ka gone o bo o ritibale kafa o ka kgonang ka gone. Repisa mesifa ya ditlhaa tsa gago. Dirisa dipolelo tse dikhutshwane. O se ka wa dirisa mafoko a a tshwanang le ‘eh’ thata.”
A sekolo seno se ile sa thusa Víctor? O gakologelwa jaana: “Ke ne ke tlhoma mogopolo thata mo go se ke ileng go se bua mme e seng gore ke ile go se bua jang, mo e leng gore ke ne ke lebala gore ke na le bothata. Mme gape, ke ne ke boaboeletsa thata se ke neng ke ya go se bua. Ka bonya ke ne ka fokotsa go kwakwaetsa.”