Motlotlo wa Lelapa
Motlotlo wa Lelapa
A e Ne e Le Tshwetso e e Siameng?
Bala Mareko 14:66-72. Jaanong lebelela setshwantsho, mme o bo o kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano.
1. Tiragalo e e mo setshwantshong e diragetse kae?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mareko 14:53, 54.
․․․․․
2. Fa Petere a ne a lemogiwa gore ke molatedi wa ga Jesu, o ne a dira tshwetso efe?
․․․․․
3. Go ile ga diragala eng fa mokoko o sena go lela ka lekgetlo la bobedi?
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
O akanya gore ke ka ntlha yang fa Petere a ile a itshwara ka tsela e a ileng a itshwara ka yone? Wena o ka tila jang go dira phoso e e tshwanang?
O ITSE ENG KA KGOSI JEHOSHAFATE?
4. Jehoshafate o ne a tokafatsa jang tsamaiso ya dikatlholo ya kwa Juda?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 19:5-11.
․․․․․
5. Ke phoso efe e Jehoshafate a neng a e dira?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 18:1-3; 19:1-3.
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
O ka ithuta thuto efe mo go Jehoshafate fa o tlhopha ditsala? NTLHA E E KA THUSANG:
Bala 1 Bakorintha 15:33.
BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 4 Re tshwanetse go intlafatsa mo go eng? 2 Bakorintha 7:․․․
TSEBE 5 Ba le babedi ba ka kgona go dira eng? Moreri 4:․․․
TSEBE 19 Ba ba botlhale ga ba solofele mo go eng? 1 Timotheo 6:․․․
TSEBE 27 O itumela thata fa o dira eng? Ditiro 20:․․․
● Dikarabo di mo tsebeng ya 24
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Mo lolwapeng lwa ntlo ya moperesiti yo mogolo.
2. Petere o ne a swetsa go itatola gore o itse Jesu.
3. Petere o ne a lela.
4. Jehoshafate o ne a tlhoma baatlhodi ba ba boifang Modimo mo metseng le Balefi le baperesiti kwa Jerusalema.
5. O ne a dira kgolagano le Kgosi Ahabe yo o boikepo.