Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Tokafatsa Jang go Itlotla ga Me?

Nka Tokafatsa Jang go Itlotla ga Me?

Basha ba Botsa Jaana

Nka Tokafatsa Jang go Itlotla ga Me?

EE NNYAA

Fa o leba mo seiponeng, ◯ ◯

a o rata se o se bonang?

A o akanya gore o na le bokgoni ◯ ◯

jo bo ka anaanelwang?

A o kgona go emelana lekgatelelo ya balekane? ◯ ◯

A o kgona go itshokela go ◯ ◯

tshwaiwa diphoso ka tsela e e

tshwanetseng? ◯ ◯

A o kgona go itshokela dilo tse ◯ ◯

di seng boammaaruri tse ba

bangwe ba di buang ka wena?

A o ikutlwa o ratiwa? ◯ ◯

A o tlhokomela botsogo jwa gago? ◯ ◯

A o itumelela ba bangwe fa ba atlega? ◯ ◯

A gantsi o ipona o le motho yo o atlegileng? ◯ ◯

Fa o arabile dingwe tsa dipotso tse di fa godimo ka nnyaa, e ka tswa e le gore go inyatsa go go foufaleditse go bona bokgoni jo o nang le jone. Setlhogo seno se tla go thusa go lemoga bokgoni joo gape!

BASHA ba le bantsi ba lwa le go sa tlhomamang ga ditebego le bokgoni jwa bone, le kafa ba lepalepanang le balekane ba bone ka teng. A le wena o wela mo setlhopeng seno? Fa go ntse jalo, go na le ba bantsi ba ba ikutlwang ka tsela e e tshwanang!

“Makoa a me a dira gore moya wa me o nne kwa tlase. Gantsi, ke nna ke itshwayang diphoso thata.”—Leticia. *

“Go sa kgathalesege gore o montle go le kana kang, ka metlha o kopana le bangwe ba ba go gaisang ka ditebego.”—Haley.

“Ke nna ke ipelaela thata fa ke le mo gare ga ba bangwe. Ke tshaba gore ke tla lebiwa jaaka motho yo o se nang mosola.”—Rachel.

Fa e le gore o ikutlwa jaaka batho ba ba tlhalositsweng fa godimo, o se ka wa itlhoboga. O ka kgona go bona thuso. Ela tlhoko dilo tse tharo “tse di tokafatsang tsela ya go itlotla” tse di ka go thusang go iteba ka tsela e e tshwanetseng.

1. Dira Ditsala

Temana ya konokono. “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

Se e se bolelang. Tsala e e molemo e ka nna motshegetsi yo mogolo ka dinako tsa mathata. (1 Samuele 18:1; 19:2) Tota le go akanya fela ka gore go na le mongwe yo o amegang ka wena go ka dira gore o ikutlwe botoka. (1 Bakorintha 16:17, 18) Ka jalo, atamalana le batho ba ba nang le tlhotlheletso e e molemo mo go wena.

“Ditsala tsa mmatota ga di ka ke tsa go tlogela fela o nna o ntse o kgobegile marapo.”—Donnell.

“Ka dinako dingwe selo sa botlhokwa thata ke go itse gore go na le mongwe yo a amegang tota ka wena. Seno se ka dira gore o ikutlwe o le botlhokwa.”—Heather.

Tlhagiso: Tlhomamisa gore ditsala tsa gago di dira gore o nne se tota o leng sone—e seng gore o itire motho yo o seng ene e le fela gore o tshwane le bone. (Diane 13:20; 18:24; 1 Bakorintha 15:33) Go kopanela mo ditirong tse di sa tshwanelang e le fela gore o itumedise ba bangwe go tla dira gore o ikutlwe o nyatsega e bile o dirisitswe.—Baroma 6:21.

Tshono ya gago. Fa tlase fano, kwala leina la tsala ya gago e e ka go thusang go tokafatsa tsela e o itlotlang ka yone.

․․․․․

Ke eng fa o sa dire dithulaganyo tsa go ipha nako le motho yo o mo kwadileng? (Ela tlhoko: Ga go tlhokege gore motho yono a bo a lekana le wena ka dingwaga.)

2. Direla ba Bangwe

Temana ya konokono. “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Se e se bolelang. Fa o thusa ba bangwe, o a ithusa. Jang? Seane sengwe sa Baebele se bolela jaana: “Bopelotshweu bo tla duelwa. Naya mongwe kopi ya metsi mme le wena o tla amogela kopi ya metsi.” (Diane 11:25, Contemporary English Version) Ke boammaaruri gore fa o thusa ba bangwe o tla ikutlwa botoka! *

“Ke akanya ka se nka se direlang ba bangwe mme ke bo ke leka go thusa mongwe mo phuthegong e ke leng mo go yone yo o tlhokang thuso. Go bontsha ba bangwe lorato le go ipha nako le bone go dira gore ke ikutlwe botoka.”—Breanna.

Bodiredi jwa Bokeresete bo a duela ka gonne bo go tlhotlheletsa go tlogela go akanya ka wena o le nosi mme o simolole go akanyetsa batho ba bangwe.”—Javon.

Tlhagiso: O se ka wa thusa ba bangwe fela ka boikaelelo jwa go amogela sengwe mo go bone. (Mathaio 6:2-4) Go aba ka maitlhomo a a sa siamang ga go kake ga go thusa ka sepe. Ka metlha batho ba tla lemoga gore o na le maitlhomo a a phoso!—1 Bathesalonika 2:5, 6.

Tshono ya gago. Akanya ka mongwe yo o kileng wa mo thusa mo nakong e e fetileng. Motho yoo e ne e le mang, mme o ne wa mo direla eng?

․․․․․

O ne wa ikutlwa jang morago ga moo?

․․․․․

Akanya gape ka mongwe o sele yo o ka mo thusang mme o kwale gore o ka mo thusa jang.

․․․․․

3. O se Ka wa Ineela fa o Dirile Diphoso

Temana ya konokono. “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.”—Baroma 3:23.

Se e se bolelang. Boammaaruri ke gore ga o a itekanela. Seno se raya gore go tla nna le dinako dingwe tse ka tsone o tla buang kgotsa le e leng go dira sengwe se se phoso. (Baroma 7:21-23; Jakobe 3:2) Le fa gone o sa kgone go tila go dira diphoso, o ka kgona go laola tsela e o di tsibogelang ka yone. Baebele ya re: “Tota le fa batho ba ba siameng ba ka wa ga supa, ba tla ema gape.”—Diane 24:16, CEV.

“Ka dinako tse dingwe go inyatsa go bakiwa ke go bapisa makoa a rona le bokgoni jwa batho ba bangwe.”—Kevin.

“Mongwe le mongwe o na le dinonofo tse di siameng le tse di sa siamang. Re tshwanetse go itumelela se se siameng mme re bo re lwela go tokafatsa se se sa siamang.”—Lauren.

Tlhagiso: O se ka wa dira gore bosaitekanelang jwa gago e nne seipato sa go dira boleo. (Bagalatia 5:13) Go dira se se sa siamang ka boomo go ka go thibela go bona kamogelo e e botlhokwa thata e o ka nnang le yone—ya ga Jehofa Modimo!—Baroma 1:24, 28.

Tshono ya gago. Fa tlase fano, kwala nonofo e o ka batlang go e tokafatsa.

․․․․․

Kwala letlha la gompieno go bapa le nonofo e o e kwadileng. Dira dipatlisiso tsa kafa o ka tokafatsang ka teng mme o sekaseke kgatelopele ya gago mo lobakeng lwa kgwedi e le nngwe.

Boleng Jwa Gago Jwa Mmatota

Baebele ya re: “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona.” (1 Johane 3:20) Seno se raya gore o kgona go bona sengwe se se botlhokwa mo go wena se wena o sa kgoneng go se bona. A mme gone bosaitekanelang jwa gago bo ka fetola seo? Akanya o na le madi a a kana ka R100 a pampiri a a gagogileng go se kae. A o tla a latlha kgotsa o tla a leba e le a a se nang mosola ka ntlha ya go gagoga goo? Le e seng! E sa ntse e le R100—e gagogile kgotsa e sa gagoga.

Go ntse jalo le ka tsela e Modimo a go lebang ka yone. O lemoga maiteko a gago a go mo itumedisa e bile o a a anaanela, go sa kgathalesege gore wena o a bona a le mannye go le kana kang! Eleruri, Baebele e re tlhomamisetsa gore “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—Bahebera 6:10.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 30 Fa e le gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, akanya ka boipelo jo bogolo jo o ka nnang le jone ka go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi.—Isaia 52:7.

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

O tla dirang fa o simolola go ikutlwa o kgobegile marapo ka gonne

● Balekane ba gago ba go kgala?

● O ikutlwa e kete ga o lepalepane le ba bangwe?

● Go bonala e kete o bona makoa a gago fela?

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

“Motho o kgona gore e re a le montle a bo a ntse a ikutlwa gore ga a montle. Kgotsa motho o ka tswa a se montle thata mme a bo a akanya gore ruri o montle thata. Boikutlo jwa rona ke jone jo bo tla laolang gore re leba kgang eno jang.”—Alyssa

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 27]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Le e leng kago e e nonofileng thata e tlhoka go nonotshiwa, mme ka dinako dingwe, tota le gone go baakanngwa. Gantsi, ke bona kgothatso go tswa mo mafokong a a lorato a tsala ya me kgotsa go nyenya fela go se kae le go tlamparelwa.”

“Mo boemong jwa go sa itumelele dinonofo tse di molemo tse ba bangwe ba nang le tsone, re ka kgona go solegelwa molemo ke dinonofo tsa bone tse di molemo—fela jaaka ba ka solegelwa molemo ke tsa rona.”

[Ditshwantsho]

Aubrey

Lauren

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Boleng jwa madi ga bo fokotsege ka gonne a gagogile. Ka tsela e e tshwanang, boleng jwa gago mo matlhong a Modimo ga bo fokotsege ka go bo o sa itekanela