Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgotlatshekelo Kwa Spain e Tlhomamisa Ditshwanelo Tsa Mmè Tsa go Tlhokomela Bana

Kgotlatshekelo Kwa Spain e Tlhomamisa Ditshwanelo Tsa Mmè Tsa go Tlhokomela Bana

Kgotlatshekelo Kwa Spain e Tlhomamisa Ditshwanelo Tsa Mmè Tsa go Tlhokomela Bana

● O ka ikutlwa jang fa mongwe a re ga o motsadi yo o siameng? Go tweng fa mongwe a ne a ka bolela gore bana ba gago ga ba na bokgoni jwa go dirisana le batho ba bangwe, ga ba kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang le gore botlhale jwa bone bo a tlhaela—a re dilo tseno tsotlhe ke ka ntlha ya tlhotlheletso ya gago?

Rosa López, mmè wa basetsana ba babedi kwa Spain, o ne a iphitlhela a lebane le ditatofatso tse di ntseng jalo fa molekane wa gagwe wa pele wa lenyalo a ne a tsaya kgato kgatlhanong le ene ya go bona tshwanelo ya semolao ya go tlhokomela bana ba bone. Rosa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme yo pele e neng e le molekane wa gagwe o ne a bolela gore ditumelo tsa bodumedi jwa gagwe di ne di na le tlhotlheletso e e sa siamang mo tseleng e basetsana ba bone ba dirisanang le batho ba bangwe ka yone, di ama dithuto tsa bone tsa sekolo le tsela e ba lebang boitsholo ka yone. Fa kgotlatshekelo ya lefelo la bone e gana ditlhaloso tsa gagwe, molekane wa ga Rosa wa pele wa lenyalo o ne a ikuela kwa kgotlatshekelong ya porofense.

Mo kgetsing ya go bona tshwanelo ya semolao ya go tlhokomela bana, tshekatsheko ya boatlhodi e e dirilweng sentle e leka ka natla go nna tekatekano; ga e itshunye nko mo dikganetsanong tsa bodumedi, mo go ka dirang gore go belaelwe bodumedi jwa yo mongwe. Go na le moo, e sekaseka fela dintlha tse di jaaka tseno: Ke eng se se tla solegelang ngwana molemo? A tlhotlheletso ya motsadi yo gone jaanong a nang le tshwanelo ya go mo tlhokomela e kotsi ka tsela nngwe? Ke motsadi ofe yo o tshwanelegang botoka go tlamela ngwana ka dilo tse a di tlhokang?

Go araba dipotso tse di ntseng jalo mo kgetsing ya ga Rosa, kgotlatshekelo e ne ya kopa moithutatlhaloganyo gore a botsolotse bana le batsadi. Go ne ga felela ka eng? Moithutatlhaloganyo o ne a lemoga gore le fa bana ba ne ba tlhokomelwa ke mmaabone ka dingwaga di le thataro, ba ne ba gola sentle mo dikarolong tsotlhe—mo go tsa thuto, mo go dirisaneng sentle le batho ba bangwe le e leng mo lelapeng. Go ya ka se moithutatlhaloganyo a se lemogileng le mo bosuping jo bo tswang mo batsading, moatlhodi ga a ka a bona sepe se se bontshang gore “bana ba gobaditswe ka tsela nngwe mo maikutlong kgotsa mo tseleng e ba dirisanang le batho ba bangwe ka yone ka gonne ba godiseditswe mo bodumeding jwa Basupi ba ga Jehofa.” Moatlhodi gape o ne a swetsa ka gore dipolelo tse di neng di buiwa ke molekane wa ga Rosa wa pele di ne di “sa tlhomama gotlhelele e bile di se na motheo.”

Ka ntlha ya go gobelela kgotsa go utlwa tshedimosetso e e seng boammaaruri, bangwe ba akanya gore bana ba Basupi ba ga Jehofa ba amogiwa “tsela e e tlwaelegileng” ya go gola sentle. Le fa go ntse jalo, bana ba ba godisiwang ka melaometheo ya Baebele ga ba tshwarwe makgwakgwa. Go na le moo, ba thusiwa go nna tekatekano, go nna batho ba ba amegang ka ba bangwe le go nna batho ba ba godileng sentle.—Baefeso 6:4; 2 Timotheo 3:15-17.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Rosa López o ne a newa tshwanelo ya semolao ya go tswelela a tlhokomela basetsana ba gagwe ba babedi