Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leina la Modimo le a Itsisiwe!

Leina la Modimo le a Itsisiwe!

Leina la Modimo le a Itsisiwe!

● Fa o tsamaya go ralala Setlhaketlhake se sentle sa Orleans, go bapa le Toropo ya Quebec kwa Canada, o kgona go bona ka dikago gore baagi ba teng ba ne ba rata bodumedi. Meago ya bogologolo ya dikereke, e e gopotsang batho dinako tsa bogologolo, e sa ntse e bonwa mo thoko ga tsela e e dikologang setlhaketlhake seno mme kgaolo nngwe le nngwe e na le kereke ya yone.

Mo toropong ya Saint-Pierre, go na le kereke ya moago wa selegae ya bogologolo go gaisa tsotlhe kwa Quebec, e e ka tswang e agilwe ka bo1717. Kago eno e gone jaanong e leng ntlo ya dipontsho tsa ditiro tsa botaki, e na le sengwe se se sa tlwaelegang. Mo godimo ga aletare go na le Thaterakeramatone—ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tse di bopang leina la Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng, e bong Jehofa.

Gompieno, ke ka sewelo tota o ka utlwang leina la Modimo le buiwa mo dikerekeng tsa Katoliki, re sa bue sepe ka go le bona le kwadilwe. Lekwalo le le neng la ntshiwa ke Vatican ka 2008 le lone le ne la tlhalosa gore ka taolo ya ga mopapa, leina la Modimo “ga le a tshwanela go dirisiwa kgotsa go umakiwa” mo ditirelong tsa bodumedi tsa Katoliki, mo difeleng kgotsa mo dithapelong tsa bone. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore Jehofa Modimo o batla gore leina la gagwe le “bolelwe mo lefatsheng lotlhe.”—Ekesodo 9:16.

Basupi ba ga Jehofa ba bona fa go itumedisa Modimo go tlhoka se se fetang fela go bontsha leina la gagwe mo teng ga kago. Ngwaga le ngwaga, lefatshe ka bophara, ba dirisa diura tse di fetang dibilione di le 1,5 go ruta batho ka leina la Modimo le ka maikaelelo a gagwe. E bile ba ile ba busetsa leina la Modimo, Jehofa, mo le tshwanetseng go tlhaga teng. Baebele e ba e gatisitseng—Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo—e tsamaisana le ditemana tsa puo ya ntlhantlha, mo leina Jehofa le tlhagelelang gone ka makgetlo a a ka nnang 7 000. Fa e sa le Thanolo ya Lefatshe le Lesha e simolotse go gatisiwa, go fitlha jaanong go gatisitswe dikhopi tse di fetang 165 000 000, ka dipuo di le 83, e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone. Tota mme, fa go tliwa mo leineng la Modimo, Jehofa, potso ga se gore Re na le mabaka afe a go bo re le dirisa? mme ke gore Re na le mabaka afe a go bo re sa le dirise?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Thanolo ya Lefatshe le Lesha, e leina Jehofa le tlhagelelang ka makgetlo a a ka nnang 7 000 mo go yone, e gatisitswe ka dipuo di le 83, e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone