Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Hepatitis B—Mmolai Yo o Sa Lemotshegeng

Hepatitis B—Mmolai Yo o Sa Lemotshegeng

Hepatitis B—Mmolai Yo o Sa Lemotshegeng

“Ke ne ke le dingwaga di le 27, ke sa tswa go nyala mme ke lebega e bile ke ikutlwa ke itekanetse. Ke ne ke dira tiro e e neng e nkgatelela thata mme kafa letlhakoreng le lengwe ke na le maikarabelo a mantsi mo phuthegong ya rona ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke sa itse gore ‘hepatitis B’ e simolotse go senya sebete sa me.”—Dukk Yun.

SEBETE se tlhotlha botlhole jo bo tswang mo mading mme se dira ditiro tse dingwe tse di botlhokwa tse di ka nnang 500. Ke ka lebaka leo hepatitis—go ruruga ga sebete—go ka senyang botsogo jwa motho. Hepatitis e ka bakiwa ke go nwa bojalwa thata kgotsa go tsenwa ke botlhole. Le fa go ntse jalo, gantsi e bakiwa ke dibaerase. Baitsesaense ba ile ba lemoga dibaerase di le tlhano mme ba dumela gore bobotlana go na le tse dingwe tse tharo.—Bona  lebokoso le le fa tlase fano.

E le nngwe fela ya dibaerase tseno tse tlhano—baerase ya hepatitis B (HBV)—e bolaya bobotlana batho ba le 600 000 ka ngwaga fa go bapisiwa le palo ya ba ba swang ka ntlha ya malaria. Batho ba ba fetang dibilione di le pedi—mo e ka nnang nngwetharong ya baagi ba lefatshe—ba ile ba tshwaediwa ke HBV mme bontsi jwa bone ba ile ba fola mo dikgweding di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, mo go ba ba ka nnang dimilione di le 350, bolwetse jono e nnile jo bo sa foleng. Botshelo jwa bone jotlhe, ba ka tswa ba na le matshwao kgotsa nnyaa, ba ka kgona go tshwaetsa batho ba bangwe. *

Kalafi ya dingaka e e simololwang e sa le gale, e ka thusa bangwe go lwantsha HBV e e sa foleng le go sireletsa sebete gore se se ka sa senyega ka tsela e e masisi. Mme batho ba le bantsi ga ba itse gore a ba tshwaeditswe, ka gonne ke mofuta o o kgethegileng fela wa tlhatlhobo ya madi o ka one go ka bonwang HBV. Tota le ditlhatlhobo tsa ka metlha tsa kafa sebete se dirang ka teng di ka bonala di siame. Ka jalo, HBV e ka nna mmolai yo o sa lemotshegeng, yo o tlhaselang kwantle ga tlhagiso. Matshwao a a bonalang sentle a ka nna a se ka a bonala go fitlha dingwaga di le dintsi morago ga gore motho a tshwaediwe. Ka nako eo, cirrhosis kgotsa kankere ya sebete e ka tswa e simologile. Malwetse ano a bolaya motho a le mongwe mo go ba le banè ba ba nang le baerase ya HBV.

“Go Tlile Jang Gore ke Nne le HBV?”

Dukk Yun a re: “Matshwao a me a ile a bonala la ntlha fa ke ne ke le dingwaga di le 30. Ke ne ke na le letshololo, ka jalo ka ya kwa ngakeng ya Sekgoa mme o ne a alafa fela matshwao ao. Morago ga foo ke ne ka ya kwa ngakeng e nngwe ya Mo-Asia, yo o neng a nnaya melemo ya mala le ya mpa. Ga go na epe ya dingaka tseno e e neng ya ntlhatlhobela hepatitis. E re ka letshololo le ne le sa fole, ke ne ka boela kwa ngakeng ya Sekgoa. * O ne a itaya go sekaenyana mo thoko ga mpa ya me mme seo se ne sa dira gore ke utlwe botlhoko. O ne a dira ditlhatlhobo tsa madi go tlhomamisa se a se belaelang—ke ne ke na le baerase ya hepatitis B. Ke ne ke tshogile! Ke ne ke ise ke ko ke tshelwe madi, e bile ke ne ke sa dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”

Fa Dukk Yun a sena go utlwa gore o na le HBV, mosadi wa gagwe, batsadi ba gagwe le bomogolowe le monnawe le bone ba ne ba ya go itlhatlhoba mme botlhe ba ne ba na le masole a mmele a a lwantshang baerase ya HBV. Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng ya bone, thulaganyo ya mebele ya bone ya go lwantsha malwetse e ne e fedisitse baerase eno mo mmeleng. A Dukk Yun o ka tswa a ne a tshwaeditswe ke mongwe wa bone? A botlhe ba ne ba tshwaeditswe ke baerase eno ka tsela e e tshwanang? Ga go na ope yo o tlhomamisegang ka seo. Ee ruri, mo diperesenteng tse di ka nnang 35 tsa batho ba ba nang le baerase eno, ga go itsiwe gore e bakilwe ke eng. Le fa go ntse jalo, se se itsiweng ke gore, motho ga a tshwaediwe ke hepatitis B ka gonne mongwe wa losika a na le yone mme gantsi ga e ke e tshwaetsa motho ka go dirisana le batho ba bangwe kgotsa ka ntlha ya go ja dijo le ba bangwe. Go na le moo, HBV e anamisiwa fa madi kgotsa seedi se sengwe sa mmele se se jaaka peo ya monna, diedi dingwe tse di tswang mo moseleng wa popelo ya mosadi kgotsa mathe a motho yo o tshwaeditsweng, di tsena mo mading a motho yo mongwe ka letlalo le le bulegileng kgotsa mo dikarolong tse di nang le lotha lo lo boleta.

Go tshelwa madi a a tshwaeditsweng go sa ntse go tshwaetsa batho ba le bantsi, segolobogolo kwa dinageng tse kwa go tsone go tlhatlhoba madi go dirwang ka selekanyo se se kwa tlase thata kgotsa go sa dirweng gotlhelele. HBV e tshwaetsa batho ka makgetlo a le 100 go feta HIV, e leng baerase e e bakang AIDS. Tota le selekanyo se sennye thata sa madi a a tshwaeditsweng, a a jaaka a a mo legareng a ka fetisetsa HBV mo mothong yo mongwe mme lerothodi la madi a a omileng le ka nna la tshwaetsa le e leng mo sebakeng sa beke kgotsa go feta. *

Botlhokwa Jwa go e Tlhaloganya

Dukk Yun o gakologelwa jaana: “Fa khampani e ke neng ke bereka kwa go yone e utlwa gore ke na le HBV, ba ne ba ntsenya mo ofising e nnye gore ke nne kgakala le babereki ba bangwe.” Go tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo go tlwaelegile mme go ka tswa go bakiwa ke go sa tlhaloganye gore baerase eno e anama jang. Tota le batho ba ba ka tswang ba itse go le gontsi ka yone ba ka nna ba akanya gore hepatitis B ke hepatitis A, e e tshwaetsang thata mme e sa bake loso thata. Mo godimo ga moo, e re ka HBV e kgona go tshwaetsa motho ka tlhakanelodikobo, tota le batho ba ba nang le boitsholo jo bo siameng ka dinako tse dingwe ba ka belaelwa.

Go sa tlhaloganye le dipelaelo go ka baka mathata a a masisi. Ka sekai, mo mafelong a le mantsi bagolo le bana ba ba nang le baerase eno ba kgaphelwa kwa thoko go sa tlhokege. Baagelani ga ba letlelele bana ba bone go tshameka le bone, dikolo ga di ba amogele mme bathapi ga ba ba hire. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, go tshaba go tlhaolwa, go dira gore batho ba se ka ba ya go itlhatlhobela HBV kgotsa ba tshabe go bua gore ba na le bolwetse jono. Ba bangwe ba tsenya boitekanelo jwa bone le jwa ba malapa a bone mo kotsing go na le gore ba senole boammaaruri. Ka jalo, modikologo o o bolayang wa bolwetse jono o ka tswelela mo dikokomaneng di le dintsi.

Botlhokwa Jwa go Ikhutsa

Dukk Yun o anela jaana: “Le fa gone ngaka ya me e ile ya bolela gore ke tshwanetse go ikhutsa ka botlalo, morago ga dikgwedi di le pedi ke ne ka boela tirong. Ditlhatlhobo tsa madi le tsa CT scan ga di a ka tsa bontsha matshwao ape a cirrhosis, ka jalo, ke ne ke akanya gore ke siame.” Dingwaga di le tharo moragonyana, khampani e Dukk Yun a neng a bereka kwa go yone e ne ya mo fudusetsa kwa toropong e kgolo, kwa botshelo jwa gagwe bo neng jwa ngomola pelo le go feta. E re ka a ne a na le dikoloto tse a tshwanetseng go di duela le lelapa le a tshwanetseng go le tlamela, o ne a tswelela pele a bereka.

Mo dikgweding di le mmalwa, selekanyo sa baerase mo mading a ga Dukk Yun se ne sa tlhatloga mme o ne a simolola go ikutlwa a lapile thata. A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela tiro mme jaanong ke ikwatlhaela go bo ke ile ka bereka thata jaana. Fa nkabo ke ile ka iketla, gongwe nkabo ke sa lwale thata jaana, ke senya sebete sa me le go feta.” Dukk Yun o ithutile thuto e e botlhokwa. Fa e sa le go tloga ka nako eo, o ne a fokotsa tiro e a neng a e dira le ditshenyegelo tsa gagwe. Mo godimo ga moo, lelapa la gagwe lotlhe le ne le dirisana mmogo le ene, mosadi wa gagwe o ile a bo a dira ditironyana tse dinnye go thusa go duela ditshenyegelo.

Go Tshela ka Hepatitis B

Botsogo jwa ga Dukk Yun bo ne jwa tokafala, mme sebete sa gagwe se ne sa tswelela se sa kgone go fetisa madi mme seo sa dira gore kgatelelo ya madi e oketsege. Morago ga dingwaga di le 11, tshikana nngwe mo mometsong wa gagwe e ne ya thubega mme madi a ne a pomponyega go tswa mo mometsong wa gagwe mo go neng ga dira gore a ye kokelong sebaka sa beke. Dingwaga di le nnè moragonyana, o ne a nna le bothata jwa tlhaloganyo. Amonia e ne ya nna ntsi mo bobokong jwa gagwe ka gonne sebete sa gagwe se ne se sa tlhole se kgona go e ntsha yotlhe. Le fa go ntse jalo, kalafi ya dingaka e ne ya baakanya bothata jono mo malatsing a se kae fela.

Gone jaanong Dukk Yun o na le dingwaga di le 54. Fa seemo sa gagwe se ka nna maswe le go feta, ga go na tsela epe e nngwe ya go laola bolwetse jono. Kalafi ya go lwantsha dibaerase ga e kgone go ntsha baerase ka botlalo mo mmeleng mme e ka nna ya baka ditlamorago tse di masisi tse di sa lebelelwang. Tharabololo ya bofelo e ka nna go tsenngwa sebete se sengwe mme lenaane la batho ba ba letileng le leleele thata go feta la ba ba neelanang ka dirwe tsa mmele. Dukk Yun a re: “Nka nna ka swa nako nngwe le nngwe. Mme ga go thuse sepe go tshwenyega ka gone. Ke sa ntse ke tshela, ke na le mo ke robalang teng le lelapa le le molemo. Tota e bile, ka tsela nngwe, seemo sa me se ile sa nthusa mmogo le ba lelapa la me ka ditsela tse ke neng ke sa di lebelela. Ke na le nako e e oketsegileng le ba lelapa la me e bile ke na le nako e e oketsegileng ya go ithuta Baebele. Seno se fokotsa poifo ya me ya go swa ke sa lebelela mme se nthusa gore ke lebelele pele go bona botshelo jo go se kitlang go nna le bolwetse mo go jone.” *

Ka tsela nngwe, e re ka Dukk Yun a na le boikutlo jo bo siameng, ba lelapa la gagwe ba itumelela botshelo mme ene le mosadi wa gagwe le bana ba bone ba bararo, botlhe ba nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete jwa nako e e tletseng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Bolwetse jono bo tsewa e le jo bo sa foleng fa thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e sa fedise baerase eno mo dikgweding di le thataro.

^ ser. 7 Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi.

^ ser. 9 Madi a a tswang mo mothong yo o tshwaeditsweng, a tshwanetse go tlhatswiwa ka bonako le ka botlalo go dirisiwa ditlelafo tse di sireletsang le motswako o o sa tswang go tlhakanngwa wa karolo e le 1 ya jiki le dikarolo di le lesome tsa metsi.

^ ser. 18 Malebana le tsholofelo ya Baebele e e buang ka nako e bolwetse bo tla bong bo seyo ka yone, bona Tshenolo 21:3, 4 le buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Go bona kalafi e sa le gale go ka thusa go thibela tshenyo

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Go tshaba go tlhaolwa go dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba itlhatlhobela HBV kgotsa ba tshabe go bua gore ba na le baerase eno

[Lebokoso mo go tsebe 12, 13]

 KE MOFUTA OFE WA HEPATITIS?

Go na le dibaerase di le tlhano tse go itsegeng gore di baka hepatitis, tse tharo tse di itsegeng thata di tlhalosiwa e le A, B le C. Gape go belaelwa fa go na le dibaerase tse dingwe. Matshwao a mefuta yotlhe ya hepatitis a ka tshwana le matshwao a foluu mme a ka nna a akaretsa kgotsa a se ka a akaretsa jaundice (bolwetse jo bo dirang gore letlalo le matlho a nne serolwana). Batho ba le bantsi, segolobogolo bana, ga ba na matshwao a teng. Ka nako ya fa matshwao a hepatitis B le hepatitis C a bonala, sebete se ka tswa se setse se senyegile thata.

HEPATITIS A VIRUS (HAV)

HAV e fitlhelwa mo mantleng a motho yo o tshwaeditsweng. Baerase eno e ka tswelela e tshela mo metsing a a letswai kgotsa a a seng letswai le mo dikgapetleng tsa aese. Motho a ka tshwaediwa ke HAV ka go

Ja dijo tsa lewatle se di sa apewang tse di tswang mo metsing a a tshwaeditsweng ke mantle a batho kgotsa ka go nwa metsi a a tshwaeditsweng

Go nna le kamano e e gaufi le motho yo o tshwaeditsweng kgotsa go ja dijo le go nwa le motho yoo, kgotsa go dirisa didirisiwa tsa go ja tse a di dirisang

Go sa tlhape diatla ka botlalo fa o tswa mo ntlwaneng, kgotsa fa o sena go tseta lesea le le tshwaeditsweng kgotsa pele ga o apaya dijo

HAV e baka bolwetse jo bo masisi mme gantsi e se jo bo sa foleng. Mo e ka nnang mo maemong otlhe, mmele ka boone o ntsha baerase eno mo dibekeng di se kae kgotsa mo dikgweding di se kae. Ga go na kalafi e e rileng e e kgethegileng fa e se go ikhutsa le go ja dijo tse di nang le dikotla tse di lekaneng. Bojalwa mmogo le diokobatsi tse di imetsang sebete, tse di jaaka acetaminophen, di tshwanetse tsa tilwa go fitlha ngaka e tlhomamisa gore sebete se fodile gotlhelele. Go ka direga gore motho yo o kileng a nna le HAV a se ka a nna le yone gape mme a ka nna le mefuta e mengwe ya hepatitis. Mokento o ka thibela hepatitis A.

HEPATITIS B VIRUS (HBV)

HBV e fitlhelwa mo mading, mo peong ya monna le mo dieding tsa mosele wa popelo ya mosadi mo bathong ba ba tshwaeditsweng. Baerase eno e anama fa diedi tseno di tshwaetsa motho yo mmele wa gagwe o sa kgoneng go lwantsha malwetse. Baerase eno e ka tshwaetsa motho ka

Nako ya fa lesea le tsholwa (mmè a tshwaetsa lesea la gagwe)

Didirisiwa tsa kalafi, tsa kalafi ya meno, tsa tattoo kgotsa tsa go iphunya mmele tse di sa tlhatswiwang sentle ka motswako o o bolayang megare

Go dirisa dinnale tsa batho ba bangwe tse ba di dirisetsang diokobatsi, magare, difeile tsa manala kgotsa di-clipper tsa manala, diborashe tsa meno kgotsa sengwe fela se se ka fetisang tota le fa e le lerothodinyana le lennye la madi ka letshobanyana lepe mo letlalong

Tlhakanelodikobo

Balaodi ba tsa kalafi ba dumela gore HBV ga e anamisiwe ke ditshenekegi kgotsa ka go gotlhola, ka go tshwarana ka diatla, ka go tlamparelana, ka go atlana mo lerameng, ka go anyisa kgotsa ka go ja mmogo, go nwa mmogo, go dirisa di-chopstick mmogo kgotsa didirisiwa dipe fela tsa go ja. Bagolo ba le bantsi ba a fola fa ba na le HBV e e masisi mme ba ka se tlhole ba nna le yone. Bana ba bannye ba mo kotsing e kgolwane ya go tshwaediwa ka tsela e e ka dirang gore ba se ka ba fola. Fa hepatitis B e sa alafiwe, e ka dira gore sebete se se ka sa tlhola se bereka mme motho a bo a swa. Mokento o ka thibela hepatitis B.

HEPATITIS C VIRUS (HCV)

HCV e tshwaetsa fela jaaka HBV mme gantsi e tsena ka go ikenta ka diokobatsi o dirisa dinnale tse di nang le baerase. Ga go na mokento wa hepatitis C. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 46 Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o neela tshedimosetso e e oketsegileng ka hepatitis ka dipuo di le mmalwa mo atereseng eno ya Internet ya www.who.int.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

GO FEDISA MODIKOLOGO WA HBV

Le fa gone HBV e ama batho lefatshe ka bophara, mo e ka nnang diperesente di le 78 tsa ba ba nang le hepatitis B e e masisi ba nna kwa Asia le kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific. Mo karolong e kgolo ya kgaolo eo, motho a le mongwe mo go ba le lesome o na le baerase eno. Bontsi jwa batho ba ba nang le baerase eno ba nna le yone fa ba tsholwa, ba tshwaediwa ke bommaabone kgotsa fa ba sa ntse ba le bannye ba tshwaediwa ke madi a bana ba bangwe a a nang le baerase eno. Kalafi e e molemo e e ka thusang bana ba ba sa tswang go tsholwa le ba bangwe ba ba mo kotsing ya go tsenwa ke baerase eno, ke go thusa go fedisa modikologo ono. * Kwa batho ba ileng ba fiwa mokento gone, selekanyo sa bolwetse jono se ile sa ya kwa tlase thata.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 51 Mokento wa hepatitis o ka dirwa ka dikarolwana tsa madi. Babadi ba ba tshwenyegileng ka seno ba kopiwa go sekaseka setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo kgatisong ya June 15, 2000, ya Tora ya Tebelo le ya October 1, 1994. O ka bona gape tshedimosetso mo tsebe 215 ya buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo,” e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dukk Yun le mosadi wa gagwe le bana ba bone ba bararo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]

© Sebastian Kaulitzki/Alamy