Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefuka la Dragonfly

Lefuka la Dragonfly

A le Ne le Tlhamilwe?

Lefuka la Dragonfly

● Di-dragonfly dingwe di kgona go phaphasela mo moyeng ka metsotswana e le 30 di sa wele kwa tlase. Sephiri sa tsone ke eng? Ke diphuka tsa tsone tse di kgatlhang tse di sa tshwaneng le dipe tse di dirilweng mo madirelong a difofane!

Ela tlhoko: Lefuka la dragonfly le le lotsatsa, le le bonaletsang le menilwe ka dipoliti tse di le thibelang gore le se ka la obega. Baitsesaense ba lemogile gore dipoliti tseno gape di naya dragonfly maatla a a oketsegileng gore e kgone go emelana le maatlakgogedi fa e ntse e phaphasela. Makasine wa New Scientist o bolela jaana: “Seno ke ka gonne moya o o tsenang mo diphatlheng tse di fa gare ga dipoliti o dira gore go nne le mafelo a moya o fetang mo go one ka bonya o bo o dira gore diphuka di se ka tsa ya kwa tlase, fa moya ono o ntse o feta mo go tsone.”

Morago ga go ithuta ka lefuka la dragonfly, moenjenere wa difofane tse di yang kwa lefaufaung, Abel Vargas le badirikaene, ba ne ba swetsa ka gore “diphuka tseno tsa dragonfly di ka thusa thata mo go dirweng ga dikolotsana tse dinnye tse di fofang.” Dikolotsana tseno tse di lekanang le seatla sa motho tse di nang le khamera kgotsa sedirisiwa sengwe, di dirisiwa ka ditsela di le mmalwa tse di botlhokwa, go simolola ka go tsaya tshedimosetso mo mafelong a go nang le dikotsi tsa masetlapelo gone go ya mo go sekasekeng selekanyo sa kgotlelo.

O akanya eng? A lefuka le le lotsatsa le le bonaletsang e bile le na le dipoliti la dragonfly le itlhagetse fela? Kgotsa a le ne le tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kolotsana e e fofang e e dirilweng jaaka “dragonfly” ya boima jwa dimilikerama di le 120, e e bophara jwa disentimetara di le thataro mme e na le diphuka tsa “silicon” tse di sephaphathinyana tse di phaphaselang fa e tsamaisiwa ka motlakase

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Philippe Psaila/Photo Researchers, Inc.