Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dirisana Sentle Jang le Bonkgonne le Bonnake?

Nka Dirisana Sentle Jang le Bonkgonne le Bonnake?

Basha ba Botsa Jaana

Nka Dirisana Sentle Jang le Bonkgonne le Bonnake?

Kamano ya Gago le Bomogoloo le Bomonnao e Ntse Jang?

․․․․․ Ditsala tse dikgolo

․․․․․ Ka dinako tse dintsi re dirisana Sentle

․․․․․ Re a tlotlana

․․․․․ Ka dinako tsotlhe re a lwa

BANA bangwe ba mo gae ba atamalane thata. Ka sekai, Felicia wa dingwaga di le 19 o bolela jaana: “Nnake wa dingwaga tse 16 e bong Irena, ke mongwe wa ditsala tsa me tse dikgolo.” * Le Carly wa dingwaga tse 17, o bolela jaana ka mogolowe wa dingwaga tse 20 e bong Eric: “Re utlwana tota. Ga re ke re lwa.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, ba bantsi ba na le kamano e e tshwanang le ya ga Lauren le Marla. Lauren a re: “Re lwa ka sengwe le sengwe, go sa kgathalesege gore se sennye go le kana kang.” Kgotsa gongwe o ikutlwa jaaka Alice wa dingwaga tse 12 fa a bua ka kgaitsadie wa dingwaga tse 14 e bong Dennis a re: “O a ntsheleka! O phasumela fela mo kamoreng ya me a bo a ‘ikadima’ dilo tsa me a sa nkope. Dennis ga ise a gole!”

A o na le mogoloo kgotsa monnao yo o go selekang? Gone ke boammaaruri gore batsadi ba gago ke bone ba nang le boikarabelo jwa go dira gore dilo di tsamaye sentle mo gae. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae o tla tlhoka go ithuta go dirisana sentle le ba bangwe. O ka ithuta seno fa o sa ntse o le kwa gae.

Akanya ka dikgotlhang tse o nnileng le tsone le morwarrago kgotsa morwadiarrago. Ke eng se lo lwang thata ka sone? Lebelela lenaane le le fa tlase fano mme o tsenye letshwao la ✔ mo mabokosong a a tshwanetseng kgotsa o kwale ka tiragalo nngwe e e go galefisang!

Dilo tse o nang le tsone. Nkgonne kgotsa nnake o “ikadima” dilo tsa me a sa di kope.

Go sa tshwane ga botho. Nkgonne kgotsa nnake o dira dilo ka bogagapa kgotsa a sa akanye kgotsa o leka go laola botshelo jwa me.

Go tlotla dilo le nako ya me. Nkgonne kgotsa nnake o tsena mo kamoreng ya me a sa kokote kgotsa o bala di-e-mail tsa me kgotsa melaetsa ya founo a sa nkope go dira jalo.

Tse dingwe. ․․․․․

Fa mogoloo kgotsa monnao ka metlha a go galefisa—a leka go go bolelela gore o tshwanetse go dira eng kgotsa a sa tlotle dilo le nako ya gago—go ka nna thata gore o tile go kgopisega. Mme seane sa Baebele sa re: “Go tamola nko go ntsha madi, go tlhotlheletsa bogale gone go tlisa komano.” (Diane 30:33) Fa o boloka sekgopi, go ka felela ka go phatloga ka bogale, fela jaaka go tamola nko ya gago go ka baka gore madi a tswe. Mme seno se tla gakatsa bothata fela. (Diane 26:21) O ka thibela jang gore go selekega go se ka ga felela ka ngangisano e e bogale? Kgato ya ntlha ke go lemoga se tota e leng bothata.

A ke Se se Diragalang Kgotsa ke Bothata?

Mathata fa gare ga bana ba motho a tshwana le dipeisi. Bosupi jo bo bonalang jwa peisi ke seso se se maswe mme se ka tswa se bakiwa ke go tshwaediwa ke megare go go sa lemotshegeng. Ka mo go tshwanang, kgotlhang e e bogale ya bana ba motho gantsi ke bosupi fela jwa gore go na le bothata bongwe jo bo sa lemotshegeng.

O ka alafa peisi ka go e tamola. Le fa go ntse jalo, o tla bo o alafa fela seso se se bonalang mme o ka nna wa dira gore go sale lebadi kgotsa wa gakatsa go tshwaediwa. Tsela e e molemo ke gore o alafe se se dirang gore o tshwaediwe mme o thibele gore go se ka ga tswa diso tse dingwe. Go a tshwana le fa go tla mo bothateng jo o nang le jone le bomogoloo kgotsa bomonnao. Ithute go lemoga se se bakang bothata mme o tla kgona go tlodisa se se diragalang matlho mme o lepalepane le se tota e leng bothata. Mme gape o tla kgona go dirisa kgakololo eno ya ga Kgosi Solomone yo o botlhale, yo o neng a kwala jaana: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.”—Diane 19:11.

Ka sekai, Alice, yo o umakilweng kwa godimo, o ne a bolela jaana ka kgaitsadie e bong Dennis: “O phasumela fela mo kamoreng ya me a bo a ‘ikadima’ dilo tsa me a sa kope.” Seno ke se se diragalang. Mme gone, o akanya gore bothata tota ke eng? Gongwe bo ka tswa bo amana le tlotlo. *

Alice o ne a ka rarabolola bothata jono ka go bolelela Dennis gore a se ka a tlhola a tsena mo kamoreng ya gagwe kgotsa a dirisa dilo tsa gagwe. Mme tharabololo eno e ka bontsha fela gore o ikutlwa jang ka se se diragalang mme gongwe e ka gakatsa kgotlhang. Le fa go ntse jalo, fa Alice a ne a ka tlhatswa Dennis pelo gore a tlotle dilo le nako ya gagwe, kwantle ga pelaelo kamano ya bone e ne e tla tokafala.

Ithute go Rarabolola Kgotsa go Tila Dikgotlhang

Gone ke boammaaruri gore go lemoga se se bakang bothata jo o nang le jone le mogoloo kgotsa monnao, ke karolo fela ya go rarabolola bothata. O ka dira eng go rarabolola bothata mme o tile go nna le kgotlhang e nngwe gape mo nakong e e tlang? Leka go latela dikgato tse di latelang tse thataro.

1. Dumalanang ka melao mengwe ya motheo. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.” (Diane 15:22) Go go thusa gore o se ka wa betwa ke pelo, leba kwa morago kwa go se o neng wa lemoga gore ke sone se se bakileng kgotlhang fa gare ga gago le mogoloo kgotsa monnao. Bona gore a lo ka dira melao mengwe e lotlhe lo dumalanang ka yone e e ka rarabololang bothata jwa lona. Ka sekai, fa e le gore lo na le kgotlhang ka ntlha ya dilo tse lo nang le tsone, Molao 1 e ka nna: “Ka metlha, kopa pele ga o tsaya selo sa yo mongwe.” Molao 2 e ka nna: “Tlotla tshwanelo ya ga mogoloo kgotsa monnao ya go re, ‘Nnyaa, o ka se ka wa dirisa selo seo.’” Fa lo dira melao eno, akanyang ka taelo eno ya ga Jesu: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Ka tsela eno, o tla dira melao e wena mmogo le mogoloo kgotsa monnao lo ka e latelang. Mme go tswa foo, lo bo lo tlotla le batsadi ba lona ka tshwetso e lo e dirileng go bona gore a ba dumalana le tumalano ya lona.—Baefeso 6:1.

2. Le wena latela melao eo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute? Wena, yo o rerang o re ‘O se ka wa utswa,’ a o a utswa?” (Baroma 2:21) O ka dirisa jang molaomotheo oo? Ka sekai, fa o batla gore mogoloo kgotsa monnao a tlotle dilo le nako ya gago, ka tsela e e tshwanang le wena o tlhoka go kokota pele ga o tsena mo kamoreng ya gagwe kgotsa pele ga o bala di-e-mail tsa gagwe kgotsa melaetsa ya founo.

3. O se ka wa itlhaganelela go kgopisega. Ke eng fa e le kgakololo e e molemo? Ka gonne seane sengwe sa Baebele sa re: “Ke dimatla fela tse di kgopisegang ka bonako e bile di boloka sekgopi.” (Moreri 7:9, Contemporary English Version) Fa e le gore o kgopisega motlhofo, ga o kitla o itumelela botshelo. Ee, mogoloo kgotsa monnao o tla dira kgotsa a bue dilo tse di go kgopisang. Mme ipotse jaana: ‘A nkile ka mo dira sengwe se se ntseng jalo mo nakong e e fetileng?’ (Mathaio 7:1-5) Jenny o bolela jaana: “Fa ke ne ke le dingwaga di le 13, ke ne ke akanya gore megopolo ya me ke yone e e botlhokwa thata mme e tshwanetse go reediwa. Jaanong nnake wa mosetsana o mo seemong se se tshwanang. Ka jalo, ke leka gore ke se ka ka kgopisiwa ke dilo tse a di buang.”

4. Itshwarele mme o lebale. Mathata a a masisi a tlhoka go buiwa le go rarabololwa. Mme gone, a o tshwanetse go sekisetsa mogoloo kgotsa monnao phoso nngwe le nngwe e a e dirang? Jehofa Modimo o a itumela fa o iketleeleditse go ‘itlhokomolosa tlolo.’ (Diane 19:11) Alison wa dingwaga tse 19 a re: “Nna le nnake e bong Rachel, ka metlha re kgona go rarabolola dikgotlhang tsa rona. Rotlhe re itlhaganelela go kopa maitshwarelo mme re bo re tlhalosa se re akanyang gore se ka tswa se bakile kgotlhang. Ka dinako tse dingwe ke diega go dira tshwetso go fitlha mo letsatsing le le latelang gore ke nne le nako e e oketsegileng ya go akanya ka yone. Gantsi, mo letsatsing le le latelang ke a bo ke lebetse ka se se diragetseng mme ke bona go sa tlhokege gore ke bue ka gone.”

5. Akaretsa batsadi ba lona gore e nne batsereganyi. Fa wena le mogoloo kgotsa monnao lo sa kgone go rarabolola kgang nngwe ya botlhokwa, batsadi ba lona ba ka lo thusa go dira kagiso. (Baroma 14:19) Le fa go ntse jalo, gakologelwang gore fa lo kgona go rarabolola kgotlhang lo sa akaretse batsadi ba lona ke sesupo sa gore lo godile.

6. Anaanela dinonofo tse di molemo tsa bomogoloo kgotsa bomonnao. Bomogoloo le bomonnao ba ka tswa ba na le dinonofo tse o di ratang. Kwala selo se le sengwe se o se anaanelang ka mongwe le mongwe wa bone.

Leina Se ke se anaanelang

․․․․․ ․․․․․

Go na le gore o nne o akantse ka diphoso tsa bomogoloo kgotsa bomonnao, ke eng fa o sa batle tshono ya go ba bolelela se o se ratang ka bone?—Pesalema 130:3; Diane 15:23.

Boammaaruri jwa botshelo: Fa o tswa mo gae, ka dinako dingwe o tla bo o dikologilwe ke batho ba ba go selekang—ba o berekang le bone le ba bangwe ba ba se nang maitseo, ba ba sa kgathaleng le ba ba bogagapa. Legae ke lefelo le o ka ithutang go lepalepana ka kagiso le dikgwetlho tse di ntseng jalo. Fa o na le morwarrago kgotsa morwadiarrago yo go leng thata go dirisana le ene, nna le pono e e siameng. Mogoloo kgotsa Monnao yoo a ka go thusa gore o nne le bokgoni jo bo botlhokwa mo botshelong!

Baebele e dumela gore ga se ka dinako tsotlhe mogoloo kgotsa monnao a ka nnang molekane wa gago yo o gaufi. (Diane 18:24) Mme o ka nonotsha botsala jwa gago le bomogoloo kgotsa bomonnao fa lo ‘tswelela lo itshokelana,’ tota le fa ba go naya lebaka le le utlwalang “la go ngongorega.” (Bakolosa 3:13) Fa o dira jalo, bomogoloo le bomonnao ba ka se go seleke go le kalo. Mme le wena o ka se ba galefise go le kalo!

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 20 Go bona thuso e e oketsegileng, bona  lebokoso le le fa tlase fano.

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

● Ke eng fa go le botlhokwa go lemoga pharologanyo fa gare ga se se diragalang le se se bakang bothata?

● Ke efe ya dikgato tse thataro tse di fa godimo e o tlhokang go berekela thata mo go yone?

[Lebokoso mo go tsebe 27]

 LEMOGA SE TOTA E LENG BOTHATA

A o batla go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go lemoga se se bakang bothata fa gare ga gago le bomogoloo le bomonnao? Fa e le gore go ntse jalo, bala setshwantsho sa ga Jesu sa morwa yo o neng a tswa mo gae mme a senya boswa jwa gagwe.—Luke 15:11-32.

Ela tlhoko thata kafa morwa yo mogolo a neng a itshwara ka teng fa morwarraagwe yo mmotlana a ne a boela gae. Mme o bo o araba dipotso tse di latelang.

Ke tiragalo efe e e neng ya tlhotlheletsa morwa yo mogolo gore a itshware ka tsela e a neng a itshwara ka yone?

O akanya gore tota bothata e ne e le eng?

Rraabone o ne a leka go rarabolola jang bothata joo?

Morwa yo mogolo o ne a tlhoka go dira eng gore a rarabolole bothata?

Jaanong akanya ka kgotlhang ya bosheng e o neng wa nna le yone le mogoloo kgotsa monnao. Mme o bo o kwala dikarabo tsa gago go bapa le dipotso tseno.

Ke eng se se bakileng kgotlhang eo?

O akanya gore bothata tota e ka tswa e le eng?

Ke melao efe ya motheo e lo ka dumalanang ka yone e e ka lo thusang go rarabolola bothata jono le go thibela dikgotlhang tse di oketsegileng?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Ke batla go nna tsala ya bonnake ba basetsana botshelo jwa me jotlhe, ka jalo, ke tshwanetse go simolola go dira jalo gone jaanong.”

“Re dira dilo mmogo re le lelapa mme seo se re thusa go nna seoposengwe. Ga re tlhole re ngangisana thata jaaka re ne re tle re dire pele.”

“Ka ditsela dingwe re farologane thata fela jaaka bosigo le motshegare. Le fa go ntse jalo, nnake o tlhomologile tota. Nka se mo ananye ka sepe!”

“Fa bonnake ba ka bo ba seyo, dilo tse di molemo tse ke di gopolang di ka bo di seyo. Nka raya batho ba ba nang le bomogoloabone le bomonnaabone ke re, ‘Ba anaaneleng!’”

[Ditshwantsho]

Tia

Bianca

Samantha

Marilyn

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Mathata fa gare ga bana ba motho a tshwana le dipeisi—gore o a fedise o tlhoka go rarabolola se tota se a bakang, e seng go tlhoma mogopolo fela mo go se se diragalang