Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Manoko a Macadamia—A Kwa Australia a a Rategang Thata

Manoko a Macadamia—A Kwa Australia a a Rategang Thata

Manoko a Macadamia—A Kwa Australia a a Rategang Thata

MOITHUTADIMELA e bong Walter Hill o ne a lebile mothusi wa gagwe yo mmotlana a tshogile. Mosimanyana yono o ne a sa tswa go ja manoko a mofuta wa setlhare se se sa tswang go bonwa se se golang kwa dikgweng tsa dipula tsa boboatsatsi tsa borwabotlhaba jwa Queensland, kwa Australia. Hill o ne a utlwile gore manoko ano a botlhole. Mme mosimanyana ga a ka a lwala e bile ga a ka a swa. Go na le moo, o ne a utlwa manoko ano a le monate. Ka jalo, Hill le ene o ne a a leka mme a utlwa gore tota a monate. Go ise go ye kae, morago ga moo, o ne a simolola go abela ditsala tsa gagwe le baithutadimela ba bangwe go ralala lefatshe matlhogela ano a macadamia. *

Gompieno, morago ga dingwaga di ka nna 150, manoko a macadamia a ratiwa lefatshe ka bophara—mme e le ka lebaka le le utlwalang. Kgatiso ya Chronica Horticulturae e tlhalosa jaana: “Manoko a macadamia a tsewa e le a a monate go gaisa mo lefatsheng ka ntlha ya moutlwalo wa one o o monate, o o gautsegang, le mmala wa one o o bosetlhanyana jo bo tseneletseng jo bo dirang gore a tlhomologe.” Ga go gakgamatse go bo manoko a macadamia e le sejalo se se jewang se se golang sentle go gaisa dijalo tse di tlholegang kwa Australia!

Manoko a a Thata go Thubega

Ditlhare tse di nnang di le ditala tsa macadamia di gola sentle mo lobopong lo lo kwa botlhaba jwa dikgwa tsa boboatsatsi tsa kwa Australia. Mo mefuteng e le robongwe, e le mebedi ya yone e ntsha manoko a a jewang, a a nang le makape a a ditlhale ka fa ntle; a a nang le kgapetla e e kgolokwe e e mmala o o borokwa jo bo sa tsenelelang le kgeru e e mmala o o bosetlhanyana jo bo tseneletseng.

Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go thuba kgapetla eno e e thata. * Baaborijene ba ne ba dirisa matlapa go di thuba. Mosimolodi wa temo ya ditlhare tsa maungo e bong John Waldron o ne a dirisa hamore le sethulelo. O ne a dirisa dithulusu tseno tse e seng tsa sepe go thuba manoko a a ka nnang dimilione di le robedi mo lobakeng lwa dingwaga tse di fetang 50. A metšhini e ne e tla kgona go dira tiro eno? Mefuta ya ntlhantlha ya metšhini eno e ne e sa amogelesege ka gonne e ne e senya dikgeru. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya go ile ga dirwa metšhini e e botoka thata.

Go ile ga nna le bothata jo bongwe gape mo go godiseng manoko a mangwe. Gantsi fa manoko a a tswang mo ditlhareng tse di siameng a ne a jalwa, a ne a ntsha dikungo tsa boleng jo bo kwa tlase. Mme maiteko a go lomela a ne a retela. E re ka ba ne ba lebane le mathata ano, temo ya bone e ba neng ba e direla go rekisa e ile ya ema ka nakwana—go fitlha Ba-Hawaii ba rarabolola bothata jono. Ba ne ba dira kgatelopele e e neng e tlhokega. Ka ntlha ya seno, go ise go ye kae ke fa ba setse ba anamisa diperesente di le 90 tsa manoko a macadamia a a neng a jalwa mo lefatsheng. Ga go gakgamatse go bo a ile a bidiwa manoko a Hawaii.

Mme ka dingwaga tsa bo1960, balemi ba kwa Australia “ba ne ba simolola go tlhoma mogopolo thata mo temong ya manoko a macadamia,” ba dirisa se ba se ithutileng kwa Hawaii. Ka ntlha ya seno, mmaraka o ne wa gola thata mo e leng gore gone jaanong Australia e anamisa mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa manoko a macadamia a a jalwang mo lefatsheng. Gape a jalwa mo Afrika, kwa Asia le kwa Amerika Bogare.

Go Etela Polasi Nngwe Kwa Australia

Andrew o na le polasi ya manoko a macadamia gaufi le toropo ya Lismore, kwa New South Wales. Andrew o ne a tlhalosa jaana: “Re jala mefuta e e farologaneng ya manoko a macadamia mo meleng e le mmalwa gore ditlhare di fetisetse mmudula kwa ditlhareng tse dingwe.” Tsogang! e ne ya utlwa gore mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa ditlhare tse di dimilione di le dintsi tse di jadilweng kwa Australia, ke mefuta e e farologaneng ya maemo a a kwa godimo e e tlhophilweng ke bajadi ba Ba-Hawaii. Le fa go ntse jalo, gone jaanong bajadi ba kwa Australia ba dirisa ditlhare tsa macadamia tse di golang kwa sekgweng go tokafatsa mefuta e e leng teng.

Fa re ne re leba ditlhare, re ne ra bona manoko a akgega jaaka dibolonyana mo matlhareng a a kitlaneng. Manoko ano a butswa morago ga dikgwedi di le thataro a bo a wela fa fatshe. Re ne ra lemoga gore manoko mangwe a a oleng a ne a na le maroba. Andrew o ne a re: “Magotlo a kgona go phunya dikgapetla tseno ka meno mo metsotswaneng e le robedi. Dikolobe tsa naga le tsone di rata manoko a macadamia.” Fa re ntse re tsamaya mo moleng wa ditlhare, Andrew o ne a ema mme a raga monoko o o neng o tsene mo mmung go se kae. Mme ka monyenyo o mogolo a re: “Ke bolokile disente di le tharo.” Balemi ba le bantsi ba kokoanya manoko ba dirisa metšhini e e dirilweng ka tsela e e kgethegileng e e nang le tanka le meno a makhutshwane a polasitiki go kokoanya manoko a a oleng. Morago ga foo, manoko ano a a obolwa le go tlhaolwa kwa polasing a bo a isiwa kwa madirelong gore a ntshiwe dikgapetla le go tlhatlhoba boleng jwa one mme a bo a romelwa kwa bareking.

A Monate e Bile A na Le Dikotla!

Fa re konela loeto lwa rona, re ne ra tsaya manoko mme ra tsamaya re ntse re a phura—moutlwalo wa one o e keteng mashi, o ne wa dira gore re ikgore melomo. Mme gone a manoko a macadamia a na le dikotla? Tshedimosetso e e kwadilweng ke puso malebana le manoko a macadamia ya re, mafura a a fitlhelwang mo manokong (segolobogolo mafura a a siameng) “gantsi a feta diperesente di le 72, e leng selekanyo se se kwa godimo go gaisa se se fitlhelwang mo manokong a mangwe a a nang le mafura.” Go ya ka dipatlisiso tsa bosheng, go ja manoko ka tekatekano tota go ka fokotsa go nna le kholeseterole e e kwa tlase e e kotsi le di-triglyceride e bile go ka fokotsa kgatelelo e e kwa godimo ya madi.

Batho ba rata manoko a macadamia mo tšhokoleteng, mo dibisikiting kgotsa mo aesekeriming. Ba bangwe ba a rata a gadikilwe, a tshetswe letswai kgotsa ba a ja fela a sa apewa. Go sa kgathalesege gore ba a rata a ntse jang, batho ba le bantsi ba nna ba ipoeletsa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Dingwaga pelenyana, babatlisisi e bong Cunningham (1828) le Leichhardt (1843), ba ile ba kokoanya manoko a macadamia, mme ba ne ba baya disampole tseno mo bobolokelong ba sa tlhalose gore ke tsa eng. Ka 1857, modirimmogo le Hill e bong Ferdinand von Mueller, moithutadimela wa kwa Melbourne, o ne a reelela setlhopha sa ditlhare tsa Macadamia ka tsala ya gagwe e kgolo e bong Dr. John Macadam.

^ ser. 6 Dikgapetla tse di thubilweng tsa manoko a macadamia di thata mo e leng gore di dira didirisiwa tse di gotlhang tsa maemo a a kwa godimo.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

DIKGAPETLA DI DIRISIWA GO FETLHA MOTLAKASE

Dikgapetla tseno tse di thata tsa manoko a macadamia di na le setukisi sa boleng jo bo tshwanang le jwa magala a a borokwa. Ka jalo, khampani e e fetlhang motlakase ya kwa Australia e dirisa matlakala a dikgapetla tseno go fetlha motlakase o o dirisiwang kwa madirelong a manoko le o o dirisiwang ke batho botlhe. Lefelo le go fetlhiwang motlakase kwa go lone, ke lone la ntlha kwa Australia go dirisa matlakala go fetlha motlakase mme gore le tswelele le ntsha motlakase o o oketsegileng go ikaegile ka gore balemi ba ba oketsegileng ba ntshe setukisi seno.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Balemi ba Australia ba jala ditlhare tse disha di le dikete ngwaga le ngwaga

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]

All photos pages 22 and 23: Australian Macadamia Society