Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tumelo le go Akanyetsa Mabaka di a Tsamaisana?

A Tumelo le go Akanyetsa Mabaka di a Tsamaisana?

Baebele ya Reng

A Tumelo le go Akanyetsa Mabaka di a Tsamaisana?

MOFILOSOFI wa kwa Boritane e bong A. C. Grayling o kwala jaana: “Tumelo ke sengwe se se sa dumalaneng le go akanyetsa mabaka.” Mafoko a gagwe a tlhalosa boikutlo jwa bakwadi ba le bantsi le bafilosofi ba le bantsi ba go ralala makgolo a dingwaga ba ileng ba bolela gore go nna le tumelo le go akanyetsa mabaka ga go tsamaisane.

Ditumelo di le dintsi tsa bodumedi ga di a theiwa mo mabakeng. Mme akanya ka seno: Dilo di le dintsi tse di dumelwang tsa saense di ile tsa itshupa di se boammaaruri. A dilo tsotlhe tse di dumelwang tsa saense ga di boammaaruri kgotsa ga di a theiwa mo mabakeng? Ke eng fa re tshwanetse go leba ditumelo tsa bodumedi ka tsela e e farologaneng? Tota e bile, tumelo e e tlhalosiwang mo Baebeleng, ga se e e bonwang kwantle ga kitso mme go na le moo, e theilwe thata mo kitsong le mo mabakeng a a utlwalang sentle. Fa o ntse o sekaseka gore go nna le tumelo ya mmatota go akaretsa eng, bona kafa tumelo ya mmatota le go nna le mabaka go tsamaisanang ka teng.

Tumelo ya Mmatota ke Eng?

Ka sekai, Baebele ya re, gore kobamelo ya gago e ‘amogelesege mo Modimong,’ e tshwanetse ya nna “tirelo e e boitshepo ka maatla a gago a go akanya.” Ka mafoko a mangwe, o tshwanetse go obamela Modimo “ka tsela e e tshwanelang batho ba ba akanyang.” (Baroma 12:1; The Jerusalem Bible) Ka jalo, tumelo e e tlhalosiwang mo Baebeleng ga se selo se motho a nnang le sone kwantle ga go akanya kgotsa e le selo sa boeleele se se tshwanang le tumelo e motho a nnang le yone ka bonako fela, jaaka bangwe ba e tlhalosa. E bile ga se go dumela sengwe le sengwe. Go na le moo, ke sengwe se o se akanyeditseng ka kelotlhoko—se se felelang ka gore o ikanye Modimo le Lefoko la gagwe, le le theilweng thata mo mabakeng.

Gone ke boammaaruri gore fa e le gore o batla go tlhalosa mabaka sentle, o tlhoka go nna le tshedimosetso e e boammaaruri. Tota le dithulaganyo tsa maemo a a kwa godimo tsa khomputara tse di theilweng mo melaometheong e e nitameng ya mabaka a a utlwalang, di tla ntsha tshedimosetso e e gakgamatsang fa di tsentswe tshedimosetso e e seng boammaaruri. Ka tsela e e tshwanang, boleng jwa tumelo ya gago bo tla ikaega thata ka se o se utlwang kgotsa ka gore tshedimosetso e o e filweng e ikanyega go le kana kang. Ka mo go tshwanelang, Baebele e bolela gore “tumelo e latela selo se se utlwilweng.”—Baroma 10:17.

Selo se se botlhokwa thata se se batlegang gore motho a nne le tumelo ke ‘kitso e e leng yone ya boammaaruri.’ (1 Timotheo 2:4) Baebele ya re ke “boammaaruri” fela ‘jo bo tla go gololang,’ mo ditumelong tse di tsietsang, e ka tswa e le tsa saense kgotsa tsa bodumedi. (Johane 8:32) Baebele e go tlhagisa gore o se ka wa dumela “lefoko lengwe le lengwe.” (Diane 14:15) Go na le moo, e bolela gore o tshwanetse go ‘tlhomamisa ka dilo tsotlhe’—kgotsa go sekaseka gore a dilo tse o di utlwang di boammaaruri pele o dumela mo go tsone. (1 Bathesalonika 5:21) Ke eng fa o tshwanetse go dira dipatlisiso le go sekaseka dilo tse o di dumelang? Ka gonne tumelo e e theilweng mo maakeng ke tsietso fela. Batho bangwe ba ba neng ba na le megopolo e e bulegileng ba motse wa bogologolo wa kwa Berea, ba ile ba tlhoma sekao se se molemo sa go batlisisa tumelo ya mmatota. Le fa gone batho bano ruri ba ne ba batla go dumela se barongwa ba Bakeresete ba neng ba se ba ruta, ba ne ba dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:11.

Go Nna le Tumelo mo Baebeleng

Mme go tweng fa e le gore ga o tlhomamisege gore Baebele e a ikanyega? O ka dira jang gore o tlhatswege pelo gore a ke motswedi wa kitso ya boammaaruri? Gone mme, o dira jang gore o tshepe batho? Ga go na pelaelo gore o dira seo ka go ba itse botoka—ka go lebelela gore ba itshwara jang ka nako e e rileng le go bona gore boitshwaro jwa bone bo felela jang. Ke eng fa o sa dire se se tshwanang le ka Baebele? *

Baebele e tlhalosa tumelo ya mmatota e le “go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Ga go na pelaelo gore, go na le go nna seeleele, motho yo o nang le tumelo ya mmatota o dumela mo go se a se dumelang ka go sekaseka ka kelotlhoko tshedimosetso yotlhe e e leng teng. Go akanya ka tshedimosetso eo go dira gore motho a tlhatswege pelo gore tota le dilo tse di sa kgoneng go bonwa ka matlho a mmatota, ke tsa mmatota.

Mme go tweng fa e le gore dilo tse o di ithutang di thulana le dilo dingwe tse o sa bolong go di dumela? A o tshwanetse go di itlhokomolosa fela? Le e seng. Go ka nna le dinako tse ka tsone go utlwalang gore o sekaseke bosupi jo bo nonofileng jo go bonalang bo thulana le se o se dumelang. Mo Baebeleng, Modimo o solofetsa gore o tla duela batho ba ba tlhoafetseng, ba ba batlang boammaaruri ka go dira gore ba nne le kitso, temogo le bokgoni jwa go akanya.—Diane 2:1-12.

Mofuta wa tumelo o motho a nnang le one o o theilweng mo go se Baebele e se rutang o tsamaisana le go akanyetsa mabaka. Wena o na le tumelo ya mofuta ofe? Batho ba le bantsi ba “gotsitse” ditumelo tsa bone tsa bodumedi mme ga ba ise ba ko ba di sekaseke ka tlhoafalo go bona gore a go na le mabaka a a utlwalang a go dumela mo go tsone. Le fa go ntse jalo, ga se go bontsha lenyatso fa o sekaseka se o se dumelang gore ‘o iponele’ gore a tsela e o akanyang ka yone e tsamaisana le Lefoko la Modimo. (Baroma 12:2) Baebele e re rotloetsa go “[tlhatlhoba] dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.” (1 Johane 4:1) Fa o dira jalo, o tla kgona go ‘iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o go batlang lebaka la tsholofelo e e mo go wena,’ le fa ba bangwe ba belaela dilo tse o di dumelang.—1 Petere 3:15.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Fa o batla go bona tshedimosetso e o ka e ikanyang malebana le Baebele, kwalela bagatisi ba makasine ono.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● A Baebele e re kgoba marapo gore re se ka ra akanyetsa mabaka?—Baroma 12:1, 2.

● Ke kitso ya mofuta ofe e e leng botlhokwa gore o nne le tumelo ya mmatota?—1 Timotheo 2:4.

● Re ka ithuta eng malebana le kafa Baebele e tlhalosang tumelo ka teng?—Bahebera 11:1.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Modimo o segofatsa motho yo o batlang boammaaruri ka tlhoafalo