Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matlonyana a Mantle a Kwa Istanbul

Matlonyana a Mantle a Kwa Istanbul

Matlonyana a Mantle a Kwa Istanbul

● Dirobe tsa dinonyane tse di dirilweng ka logong di bonwa mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Ke mafelo a a tshwanetseng a mo go one dinonyane di ka kgonang go ja, go thuthafala, go aga dintlhaga le go itshireletsa kgatlhanong le dibatana le maemo a bosa. Kwa Istanbul, dirobe tsa dinonyane di dirilwe gore di lebege e kete dikago tse dikgolo. Tse dingwe di tshwana le matlo a magolo; mme tse dingwe di tshwana le mafelo a Bamoselema a kobamelo kgotsa matlo a segosi. * Matlonyana ano a itsege e le dirobe tsa maphoi, matlo a magolo a dinonyane le e leng matlo a segosi a dithaga.

Dirobe tsa bogologolo go gaisa ke tse di agilweng bobotlana ka lekgolo la bo15 la dingwaga mme di agilwe ka mokgwa o o botswerere le fa gone di ne di agilwe ka mokgwa o o tlwaelegileng wa nako eo. Ke meago e e agilweng ka tsela e e sa raraanang mme mo masimologong a lekgolo la bo18 la dingwaga, dirobe di ne tsa nna mafelo a mantle a bonno le a maemo a a kwa godimo a dinonyane. Mangwe a matlonyana ano a ne a na le diele tsa metsi le tsa dijo, diphashiti le e leng mathudi. Gantsi matlonyana ano a ne a beilwe ka fa letlhakoreng le le bonang letsatsi thata la moago mme gape a ne a naya dinonyane tshireletsego mo phefong—kgakala thata le dikatse, dintša le batho. Ka dinako dingwe, dirobe tseno di ne di sa direlwe dinonyane fela mme gape e ne e le mokgabiso o o neng o akareditswe mo polaneng ya moago. Dirobe di ka bonwa mo matlhakoreng a meago e megolo le e mennye ya mafelo a kobamelo a Bamoseleme le mo dipompong tse batho botlhe ba nwang metsi mo go tsone, mo dilaeboraring, mo maborogong le mo magaeng a batho.

Ka maswabi, matlonyana ao a ile a senngwa ke maemo a bosa, fa a mangwe a sentswe ka boomo ke batho ba ba sa anaaneleng boleng jwa one. Dirobe tsa dinonyane di nna di ntse di fokotsega ka bonya ka bonya. Le fa go ntse jalo, fa o ka etela Istanbul mme o rata meago ya bogologolo, leka go bona gore a o ka kgona go bona dikagonyana tseno tse dintle tse di mo mathuding. E re ka jaanong o itse gore ke eng, go bona matlonyana ano go tla dira gore loeto lwa gago kwa toropong eno lo nne monate le go feta.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Le fa di bonala e le meago ya mmatota, ga se gantsi dirobe tseno di agiwang gore di tshwane le meago e e rileng.