Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?

Bala Johane 6:5-13. Ke dilo dife di le tharo mo setshwantshong seno tse di leng phoso? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano mme o bo o feleletsa setshwantsho ka go tsenya mebala.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Jesu o ne a dira gore barutwa ba gagwe ba phuthe eng mme ka ntlha yang? Seno se go ruta eng ka ga Jesu? O ka dira eng gore o tile go senya?

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Balang pego ya Baebele mmogo. Fa go kgonega, dirang gore motho a le mongwe a bale karolo ya moanedi, wa bobedi karolo ya ga Jesu, wa boraro karolo ya ga Filipo mme wa bonè karolo ya ga Anderea.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 1 JOSHUA

DIPOTSO

A. Joshua le mophato wa gagwe wa sesole o ne wa diga jang mabota a Jeriko?

B. Feleletsa mafoko ano a ga Joshua: “Mme nna le ba ntlo ya me, . . . ”

C. Joshua o ne a itsege ka maina afe a mangwe?

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 1500 B.C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

Ba ne ba tswa kwa Egepeto ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng

EGEPETO

LEFATSHE LE LE SOLOFEDITSWENG

JOSHUA

DINTLHA KA GA

Morwa Nune. E ne e le modiredi wa ga Moshe mme moragonyana a tlhomiwa gore a etelele Iseraele pele. (Ekesodo 33:11; Duteronome 34:9; Joshua 1:1, 2) Joshua o ne a etelela batho ba Modimo pele ka bopelokgale go ya go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. O ne a ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa, a ikobela kaelo ya gagwe mme a mo direla ka boikanyegi.

DIKARABO

A. Ba ne ba ikobela Modimo ka go gwanta ba dikologa motse.—Joshua 6:1-27.

B. “. . . re tla direla Jehofa.”—Joshua 24:15.

C. Hoshea le Jehoshua.—Dipalo 13:8, 16.

Batho le Dinaga

4. Leina la me ke Victor. Ke na le dingwaga di le supa mme ke nna kwa Malawi, e e kwa Afrika. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Malawi? A ke ba le 750, 7 500 kgotsa ba le 75 000?

5. Ke khutlo efe e e bontshang gore ke nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Malawi.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

● Dikarabo tsa tsebe 30 le 31 di mo tsebe 22

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. Go tshwanetse ga bo go na le mosimanyana e seng mosetsana yo o tshwereng dijo.

2. Mo boemong jwa diapole di le tlhano, go tshwanetse ga bo go na le dinkgwe di le tlhano.

3. Mo boemong jwa diako di le pedi tsa mmidi go tshwanetse ga nna le ditlhapi di le pedi.

4. 75 000.

5. C.